2 Corinthians 6 (BOTLNT)

1 Mme jaaka badiri le Modimo re lo kopa gore lo se phaile molaetsa o o hakgamatsang wa bopelonomi jo bogolo ja Modimo. 2 Gonne Modimo wa re, “Selelo sa lona se tsile mo go nna ka nako e e tshwanetseng, fa dikgoro tsa kamogelo di ne di atlhame. Ke lo thusitse ka letsatsi le poloko e neng e abiwa ka lone.” Gone jaanong Modimo o ipaakanyeditse go lo amogela. Gompieno o ipaakanyeditse go lo boloka. 3 Re leka go tshela ka tsela e e siameng gore ope a se ka a dira molato kgotsa a boela kwa morago mo go batleng Morena ka tsela e re dirang ka yone, gore ope a se ka a re bona molato a ba a o baya mo Moreneng. 4 Mme tota, mo go sengwe le sengwe se re se dirang, re leka go supa gore re baruti ba boamaaruri ba Modimo. Ka bobelotelele re itshokela pogiso le mathata matshwenyego a mefuta yotlhe. 5 Re iteilwe, ra tsenngwa mo dikgolegelong, ra lebagana le bo nko-di-aboga, ra dira thata, ra nna re lebeletse mo masigong re sa robale, ra ba ra ikitsa dijo. 6 Re itshupile go nna se re se ipitsang ka matshelo otlhe a rona le ka go tlhaloganya Efangele le ka bobelotelele jwa rona. Re ntse re le tshiamo le boamaaruri jwa lorato le go tladiwa ka Mowa O O Boitshepo. 7 Re ntse re le boammaaruri ka nonofo ya Modimo e re thusa mo go tsotlhe tse re di dirang. Ditlhabano tsotlhe tsa motho yo o boifang Modimo, ditlhabano tsa phemelo, le ditlhabano tsa go tlhasela, e ntse e le tsa rona. 8 Re emetse Morena ka boammaaruri le fa bangwe ba re tlotla kgotsa ba re nyatsa, le fa ba re tshwaya diphoso kgotsa ba re baka. Re a ikanyega, mme ba re bitsa baaki. 9 Lefatshe le a re itlhokomolosa, mme re itsiwe ke Modimo; re tshela gaufi le loso, mme ke rona ba, re santse re itekanetse. Re ne ra bolaesega mme ra bolokesega mo losong. 10 Dipelo tsa rona di botlhoko, mme le fa gontse jalo re na le boitumelo jwa Morena. Re humanegile, mme re abela ba bangwe dimpho tse di kgolo tse di humileng tsa semowa. Ga re a itsholela sepe, mme le fa go ntse jalo re itumelela sengwe le sengwe. 11 Oo, ditsala tsa me tsa Korintha! “Ke lo boleletse maikutlo ame otlhe; ke lo rata ka pelo yame yotlhe”. 12 Botsididi jo bo sa leng teng mo gare ga rona ga se ka ntlha ya tlhaelo epe ya lorato ka fa ntlheng ya me, mme ka gore lorato lwa lona lo lo nnye thata jalo ga lo nkame go ntsenya mo teng. 13 Ke bua le lona jaa-nong jaaka ekete lo bana ba e leng ba me. Re buleleng dipelo tsa lona! Re supegetseng lorato! 14 Lo se tlhakane le ba ba sa rateng Morena, gonne batho ba Modimo ba ka tlhakanela eng le baleofi? Lesedi le ka nna jang le lefifi? 15 Mme ke bokopano bofe jo bo ka nnang mo gare ga ga Keresete le Diabolo. Mokeresete o ka nna le botsalano jang le motho yo o sa dumeleng. 16 Mme go ka nna le bokopano bofe fa gare ga Tempele ya Modimo le medimo ya disetwa? Gonne lo Tempele ya Modimo, legae la Modimo o o tshelang, mme Modimo o buile kaga lona jaana wa re, “Ke tlaa nna mo go bone, ke bo ke tsamaya mo go bone, mme ba tlaa nna batho bame le nna ke tlaa nna Modimo wa bone.” 17 Ke gone ka mo Morena o boileng a re, “Ba leseng; ikgaoganyeng le bone; lo se ka lwa ama dilo tsa bone tse di maswe (makgapha), mme ke tlaa lo amogela, 18 Ke tlaa nna Rraalona, le lona lo tlaa nna bomorwaake le bo-morwadiake.”

In Other Versions

2 Corinthians 6 in the ANGEFD

2 Corinthians 6 in the ANTPNG2D

2 Corinthians 6 in the AS21

2 Corinthians 6 in the BAGH

2 Corinthians 6 in the BBPNG

2 Corinthians 6 in the BBT1E

2 Corinthians 6 in the BDS

2 Corinthians 6 in the BEV

2 Corinthians 6 in the BHAD

2 Corinthians 6 in the BIB

2 Corinthians 6 in the BLPT

2 Corinthians 6 in the BNT

2 Corinthians 6 in the BNTABOOT

2 Corinthians 6 in the BNTLV

2 Corinthians 6 in the BOATCB

2 Corinthians 6 in the BOATCB2

2 Corinthians 6 in the BOBCV

2 Corinthians 6 in the BOCNT

2 Corinthians 6 in the BOECS

2 Corinthians 6 in the BOGWICC

2 Corinthians 6 in the BOHCB

2 Corinthians 6 in the BOHCV

2 Corinthians 6 in the BOHLNT

2 Corinthians 6 in the BOHNTLTAL

2 Corinthians 6 in the BOICB

2 Corinthians 6 in the BOILNTAP

2 Corinthians 6 in the BOITCV

2 Corinthians 6 in the BOKCV

2 Corinthians 6 in the BOKCV2

2 Corinthians 6 in the BOKHWOG

2 Corinthians 6 in the BOKSSV

2 Corinthians 6 in the BOLCB

2 Corinthians 6 in the BOLCB2

2 Corinthians 6 in the BOMCV

2 Corinthians 6 in the BONAV

2 Corinthians 6 in the BONCB

2 Corinthians 6 in the BONLT

2 Corinthians 6 in the BONUT2

2 Corinthians 6 in the BOPLNT

2 Corinthians 6 in the BOSCB

2 Corinthians 6 in the BOSNC

2 Corinthians 6 in the BOVCB

2 Corinthians 6 in the BOYCB

2 Corinthians 6 in the BPBB

2 Corinthians 6 in the BPH

2 Corinthians 6 in the BSB

2 Corinthians 6 in the CCB

2 Corinthians 6 in the CUV

2 Corinthians 6 in the CUVS

2 Corinthians 6 in the DBT

2 Corinthians 6 in the DGDNT

2 Corinthians 6 in the DHNT

2 Corinthians 6 in the DNT

2 Corinthians 6 in the ELBE

2 Corinthians 6 in the EMTV

2 Corinthians 6 in the ESV

2 Corinthians 6 in the FBV

2 Corinthians 6 in the FEB

2 Corinthians 6 in the GGMNT

2 Corinthians 6 in the GNT

2 Corinthians 6 in the HARY

2 Corinthians 6 in the HNT

2 Corinthians 6 in the IRVA

2 Corinthians 6 in the IRVB

2 Corinthians 6 in the IRVG

2 Corinthians 6 in the IRVH

2 Corinthians 6 in the IRVK

2 Corinthians 6 in the IRVM

2 Corinthians 6 in the IRVM2

2 Corinthians 6 in the IRVO

2 Corinthians 6 in the IRVP

2 Corinthians 6 in the IRVT

2 Corinthians 6 in the IRVT2

2 Corinthians 6 in the IRVU

2 Corinthians 6 in the ISVN

2 Corinthians 6 in the JSNT

2 Corinthians 6 in the KAPI

2 Corinthians 6 in the KBT1ETNIK

2 Corinthians 6 in the KBV

2 Corinthians 6 in the KJV

2 Corinthians 6 in the KNFD

2 Corinthians 6 in the LBA

2 Corinthians 6 in the LBLA

2 Corinthians 6 in the LNT

2 Corinthians 6 in the LSV

2 Corinthians 6 in the MAAL

2 Corinthians 6 in the MBV

2 Corinthians 6 in the MBV2

2 Corinthians 6 in the MHNT

2 Corinthians 6 in the MKNFD

2 Corinthians 6 in the MNG

2 Corinthians 6 in the MNT

2 Corinthians 6 in the MNT2

2 Corinthians 6 in the MRS1T

2 Corinthians 6 in the NAA

2 Corinthians 6 in the NASB

2 Corinthians 6 in the NBLA

2 Corinthians 6 in the NBS

2 Corinthians 6 in the NBVTP

2 Corinthians 6 in the NET2

2 Corinthians 6 in the NIV11

2 Corinthians 6 in the NNT

2 Corinthians 6 in the NNT2

2 Corinthians 6 in the NNT3

2 Corinthians 6 in the PDDPT

2 Corinthians 6 in the PFNT

2 Corinthians 6 in the RMNT

2 Corinthians 6 in the SBIAS

2 Corinthians 6 in the SBIBS

2 Corinthians 6 in the SBIBS2

2 Corinthians 6 in the SBICS

2 Corinthians 6 in the SBIDS

2 Corinthians 6 in the SBIGS

2 Corinthians 6 in the SBIHS

2 Corinthians 6 in the SBIIS

2 Corinthians 6 in the SBIIS2

2 Corinthians 6 in the SBIIS3

2 Corinthians 6 in the SBIKS

2 Corinthians 6 in the SBIKS2

2 Corinthians 6 in the SBIMS

2 Corinthians 6 in the SBIOS

2 Corinthians 6 in the SBIPS

2 Corinthians 6 in the SBISS

2 Corinthians 6 in the SBITS

2 Corinthians 6 in the SBITS2

2 Corinthians 6 in the SBITS3

2 Corinthians 6 in the SBITS4

2 Corinthians 6 in the SBIUS

2 Corinthians 6 in the SBIVS

2 Corinthians 6 in the SBT

2 Corinthians 6 in the SBT1E

2 Corinthians 6 in the SCHL

2 Corinthians 6 in the SNT

2 Corinthians 6 in the SUSU

2 Corinthians 6 in the SUSU2

2 Corinthians 6 in the SYNO

2 Corinthians 6 in the TBIAOTANT

2 Corinthians 6 in the TBT1E

2 Corinthians 6 in the TBT1E2

2 Corinthians 6 in the TFTIP

2 Corinthians 6 in the TFTU

2 Corinthians 6 in the TGNTATF3T

2 Corinthians 6 in the THAI

2 Corinthians 6 in the TNFD

2 Corinthians 6 in the TNT

2 Corinthians 6 in the TNTIK

2 Corinthians 6 in the TNTIL

2 Corinthians 6 in the TNTIN

2 Corinthians 6 in the TNTIP

2 Corinthians 6 in the TNTIZ

2 Corinthians 6 in the TOMA

2 Corinthians 6 in the TTENT

2 Corinthians 6 in the UBG

2 Corinthians 6 in the UGV

2 Corinthians 6 in the UGV2

2 Corinthians 6 in the UGV3

2 Corinthians 6 in the VBL

2 Corinthians 6 in the VDCC

2 Corinthians 6 in the YALU

2 Corinthians 6 in the YAPE

2 Corinthians 6 in the YBVTP

2 Corinthians 6 in the ZBP