2 Corinthians 10 (BOTLNT)

1 Ke a lo kopa Ee, Nna Paulo, ke kopa ka boikokobetso, fela jaaka Keresete a ne a tlaa dira. Le fa bangwe ba lona ba re, “Dikwalo tsa ga Paulo di supa bopelokgale thata fa a le kgakala, mme fa a tsena fano o boifa go tsholetsa lentswe la gagwe!” 2 Ke solofela gore ga nke go tlhokega gore ke lo supegetse fa ke tla gore ke ka nna bogale go le kae. Ga ke batle go diragatsa leano la me le ke nang nalo kgatlhanong le bangwe ba lona ba go bonalang ba akanya gore ditiro le mafoko a me ke tsa motho fela. 3 Ke boammaaruri gore ke motho fela yo o bokoa, mme ga ke dirise maano a setho le mekgwa ya sone go fenya dintwa. 4 Ke dirisa ditlhabano tsa Modimo tse dikgolo, e seng tse di dirilweng ke batho, go fenya dithata tsa ga Diabolo. 5 Ditlhabano tse di ka fenya dikganetsanyo tse di tletseng boikgodiso tse di kgathanong le Modimo le dipotana dingwe le dingwe tse di ka agiwang go kgoreletsa batho go mmona. Ka ditlhabano tse, ke ka gapa dirukhutlhi, ka bo ka di busetsa mo Modimong, ka bo ka di fetola go nna batho ba dikeletso tsa dipelo tsa bone di obamelang Keresete. 6 Ke tlaa dirisa ditlhabano tse mo serukhutlhing sengwe le sengwe se se setseng ke sena go dirisa ditlhabano mo go lona, lo bo lo ineela mo go Keresete. 7 Molato mo go lona ke gore ke lebega ke le bokoa ebile ke sena nonofo, gonne ga lo lebe kwa botebong; le fa go ntse jalo fa mongwe a ka re o na le nonofo, le taolo ya ga Keresete ke nna ke ka buang jalo. 8 Ke ka lebega ke ikgantsha thata go feta jaaka ke tshwanetse go ikgantsha kaga taolo ya me mo go lona, taolo ya go lo thusa, e seng go lo utlwisa botlhoko, mme ke tlaa diragatsa sengwe le sengwe se ke se buileng. 9 Ke bua jaana gore lo se ka lwa akanya gore ke tsosa modumo fela fa ke lo omanya mo dikwalong tsa me. 10 Bangwe ba re, “Se tshwenyegeng ka dikwalo tsa gagwe. O utlwala a le selo sengwe, mme gotlhe ke modumo fela. Fa a tsena fa lo tlaa bona gore ga go na sepe se segolo ka ga gagwe, ebile ga lo ise lo ke lo utlwe moreri yo o bokoa jaaka ene”. 11 Ka nako e, go tla ga me mo go lona go tlaa nna bogale fela jaaka dikwalo tsa me di ntse mo go lona! 12 Oo, se tshwenyegeng, ga ke ka ke ka re ke siame jaaka banna ba, ba ba lo bolelelang gore ba siame go le kae! Molato wa bone ke gore ba itshwantsha fela le ba bangwe, ebile ba lepalepane le megopolonyana ya bone. A boeleele! 13 Mme ga re kitla re ipelafatsa ka nonofo e re senang nayo. Maikemisetso a rona ke go gatela kwa leanong le Modimo o re le beetseng, mme leano le balela le go dira ga rona le lona le koo. 14 Ga reye kgakala thata fa re re re na le taolo mo go lona, gonne ke rona ba ntlha go tla go lo bolelela Mafoko a a Molemo kaga Keresete. 15 Ga se jaaka e ka re re ne re leka go batla go lebogelwa tiro e mongwe o sele o e dirileng mo go lona. Mme re solofela gore tumelo ya lona e tlaa gola, e ntse e le mo selekanyong se re se beetsweng, tiro ya rona mo go lona e tlaa okediwa thata. 16 Mme morago ga moo, re tlaa kgona go rera Mafoko a a Molemo mo metseng e mengwe e e kgakala le lona, kwa go senang ope yo o dirang gone; ke gone ga go kitla go nna le kgogakgogano kaga go nna mo tshimong ya yo mongwe. 17 Jaaka dikwalo di bua di re, “Fa mongwe a ipelafatsa, a a ipelafatse kaga se Morena o se dirileng e seng kaga bo ga gagwe.” 18 Fa mongwe a ipelafatsa ka bo ga gagwe le kaga bontle jwa se o se dirileng, ga go lebosege. Mme fa Morena a mmaka, moo go pharologanyo!

In Other Versions

2 Corinthians 10 in the ANGEFD

2 Corinthians 10 in the ANTPNG2D

2 Corinthians 10 in the AS21

2 Corinthians 10 in the BAGH

2 Corinthians 10 in the BBPNG

2 Corinthians 10 in the BBT1E

2 Corinthians 10 in the BDS

2 Corinthians 10 in the BEV

2 Corinthians 10 in the BHAD

2 Corinthians 10 in the BIB

2 Corinthians 10 in the BLPT

2 Corinthians 10 in the BNT

2 Corinthians 10 in the BNTABOOT

2 Corinthians 10 in the BNTLV

2 Corinthians 10 in the BOATCB

2 Corinthians 10 in the BOATCB2

2 Corinthians 10 in the BOBCV

2 Corinthians 10 in the BOCNT

2 Corinthians 10 in the BOECS

2 Corinthians 10 in the BOGWICC

2 Corinthians 10 in the BOHCB

2 Corinthians 10 in the BOHCV

2 Corinthians 10 in the BOHLNT

2 Corinthians 10 in the BOHNTLTAL

2 Corinthians 10 in the BOICB

2 Corinthians 10 in the BOILNTAP

2 Corinthians 10 in the BOITCV

2 Corinthians 10 in the BOKCV

2 Corinthians 10 in the BOKCV2

2 Corinthians 10 in the BOKHWOG

2 Corinthians 10 in the BOKSSV

2 Corinthians 10 in the BOLCB

2 Corinthians 10 in the BOLCB2

2 Corinthians 10 in the BOMCV

2 Corinthians 10 in the BONAV

2 Corinthians 10 in the BONCB

2 Corinthians 10 in the BONLT

2 Corinthians 10 in the BONUT2

2 Corinthians 10 in the BOPLNT

2 Corinthians 10 in the BOSCB

2 Corinthians 10 in the BOSNC

2 Corinthians 10 in the BOVCB

2 Corinthians 10 in the BOYCB

2 Corinthians 10 in the BPBB

2 Corinthians 10 in the BPH

2 Corinthians 10 in the BSB

2 Corinthians 10 in the CCB

2 Corinthians 10 in the CUV

2 Corinthians 10 in the CUVS

2 Corinthians 10 in the DBT

2 Corinthians 10 in the DGDNT

2 Corinthians 10 in the DHNT

2 Corinthians 10 in the DNT

2 Corinthians 10 in the ELBE

2 Corinthians 10 in the EMTV

2 Corinthians 10 in the ESV

2 Corinthians 10 in the FBV

2 Corinthians 10 in the FEB

2 Corinthians 10 in the GGMNT

2 Corinthians 10 in the GNT

2 Corinthians 10 in the HARY

2 Corinthians 10 in the HNT

2 Corinthians 10 in the IRVA

2 Corinthians 10 in the IRVB

2 Corinthians 10 in the IRVG

2 Corinthians 10 in the IRVH

2 Corinthians 10 in the IRVK

2 Corinthians 10 in the IRVM

2 Corinthians 10 in the IRVM2

2 Corinthians 10 in the IRVO

2 Corinthians 10 in the IRVP

2 Corinthians 10 in the IRVT

2 Corinthians 10 in the IRVT2

2 Corinthians 10 in the IRVU

2 Corinthians 10 in the ISVN

2 Corinthians 10 in the JSNT

2 Corinthians 10 in the KAPI

2 Corinthians 10 in the KBT1ETNIK

2 Corinthians 10 in the KBV

2 Corinthians 10 in the KJV

2 Corinthians 10 in the KNFD

2 Corinthians 10 in the LBA

2 Corinthians 10 in the LBLA

2 Corinthians 10 in the LNT

2 Corinthians 10 in the LSV

2 Corinthians 10 in the MAAL

2 Corinthians 10 in the MBV

2 Corinthians 10 in the MBV2

2 Corinthians 10 in the MHNT

2 Corinthians 10 in the MKNFD

2 Corinthians 10 in the MNG

2 Corinthians 10 in the MNT

2 Corinthians 10 in the MNT2

2 Corinthians 10 in the MRS1T

2 Corinthians 10 in the NAA

2 Corinthians 10 in the NASB

2 Corinthians 10 in the NBLA

2 Corinthians 10 in the NBS

2 Corinthians 10 in the NBVTP

2 Corinthians 10 in the NET2

2 Corinthians 10 in the NIV11

2 Corinthians 10 in the NNT

2 Corinthians 10 in the NNT2

2 Corinthians 10 in the NNT3

2 Corinthians 10 in the PDDPT

2 Corinthians 10 in the PFNT

2 Corinthians 10 in the RMNT

2 Corinthians 10 in the SBIAS

2 Corinthians 10 in the SBIBS

2 Corinthians 10 in the SBIBS2

2 Corinthians 10 in the SBICS

2 Corinthians 10 in the SBIDS

2 Corinthians 10 in the SBIGS

2 Corinthians 10 in the SBIHS

2 Corinthians 10 in the SBIIS

2 Corinthians 10 in the SBIIS2

2 Corinthians 10 in the SBIIS3

2 Corinthians 10 in the SBIKS

2 Corinthians 10 in the SBIKS2

2 Corinthians 10 in the SBIMS

2 Corinthians 10 in the SBIOS

2 Corinthians 10 in the SBIPS

2 Corinthians 10 in the SBISS

2 Corinthians 10 in the SBITS

2 Corinthians 10 in the SBITS2

2 Corinthians 10 in the SBITS3

2 Corinthians 10 in the SBITS4

2 Corinthians 10 in the SBIUS

2 Corinthians 10 in the SBIVS

2 Corinthians 10 in the SBT

2 Corinthians 10 in the SBT1E

2 Corinthians 10 in the SCHL

2 Corinthians 10 in the SNT

2 Corinthians 10 in the SUSU

2 Corinthians 10 in the SUSU2

2 Corinthians 10 in the SYNO

2 Corinthians 10 in the TBIAOTANT

2 Corinthians 10 in the TBT1E

2 Corinthians 10 in the TBT1E2

2 Corinthians 10 in the TFTIP

2 Corinthians 10 in the TFTU

2 Corinthians 10 in the TGNTATF3T

2 Corinthians 10 in the THAI

2 Corinthians 10 in the TNFD

2 Corinthians 10 in the TNT

2 Corinthians 10 in the TNTIK

2 Corinthians 10 in the TNTIL

2 Corinthians 10 in the TNTIN

2 Corinthians 10 in the TNTIP

2 Corinthians 10 in the TNTIZ

2 Corinthians 10 in the TOMA

2 Corinthians 10 in the TTENT

2 Corinthians 10 in the UBG

2 Corinthians 10 in the UGV

2 Corinthians 10 in the UGV2

2 Corinthians 10 in the UGV3

2 Corinthians 10 in the VBL

2 Corinthians 10 in the VDCC

2 Corinthians 10 in the YALU

2 Corinthians 10 in the YAPE

2 Corinthians 10 in the YBVTP

2 Corinthians 10 in the ZBP