Hebrews 11 (BOTLNT)

1 Tumelo ke eng? Ke tsholofelo e e tlhomameng ya gore se re se batlang se tlaa diragala. Ke tlhomamiso ya gore se re se solofetseng se re letetse, le fa re sa se bone ka matlho a senama. 2 Batho ba Modimo mo malatsing a bogologolo ba ne ba itsege ka ntlha ya tumelo ya bone. 3 Ka tumelo, ka go dumela Modimo, re itse gore lefatshe le dinaledi, tota a ke re dilo tsotlhe, di dirilwe ka taolo ya Modimo; le gore di dirilwe ka dilo tse di sa bonweng. 4 E ne e le ka ntlha ya tumelo gore Abele a reetse Modimo a bo a ntsha setlhabelo se se neng sa itumedisa Modimo go gaisa sa ga Kaene. Modimo o ne wa amogela Abele wa bo wa supa jalo ka go amogela mpho ya gagwe; mme le fa Abele a sa bolo go swa, re santse re ka ithuta dithuto mo go ene ka go ikanya Modimo. 5 Enoke le ene o ne a ikanya Modimo, mme ka moo Modimo o ne wa mo tseela kwa legodimong a sa swa, ka tshoganetso o ne a tsamaya gonne Modimo o ne wa mo tsaya. Pele ga tiragalo e, Modimo o ne o rile o itumetse thata jang ka Enoke. 6 Ga o kake wa itumdisa Modimo kwa ntle ga tumelo, kwa ntle ga go ikaega mo go One. Le fa e le mang yo o batlang go tla kwa Modimong o tshwanetse go dumela gore go na le Modimo le gore o duela ba ba o batlang ka boammaaruri. 7 Noa le ene e ne e le mongwe yo o neng a ikanya Modimo. Erile a utlwa tlhagiso ya Modimo ka malatsi a a tlang, Noa a o dumela le fa go ne go sena sekai sepe sa morwalela, mme kwa ntle ga go senya nako a aga araka (ntlo e e kokobalang) mme a boloka ba ntlo ya gagwe. Ka go dumela mo Modimong Noa o ne a supa boleo jwa lefatshe lotlhe le go sa dumeleng ga lone, le le ganneng go reetsa, mme ka ntlha ya tumelo ya gagwe o ne a nna mongwe wa ba Modimo o ba amogetseng. 8 Aberahame o ne a ikanya Modimo, mme erile Modimo o mo raya o re a huduge mo ga gabo a ye kgakala kwa lefatsheng le lengwe le o le mo solofeditseng, Aberahame a dumela. A tsamaya, a sa itse tota le kwa a neng a ya teng. 9 Mme erile le a goroga kwa lefatsheng le Modimo o le mo solofeditseng, a nna mo megoping (ditante) jaaka moeti fela, jaaka Isake le Jakobe ba le bone Modimo o ba solofeditseng jaaka Aberahame. 10 Aberahame o ne a dira jaana gonne o ne a letetse Modimo ka tlhomamiso go mo lere kwa lefelong le le nonofileng la selegodimo le modiri le moagi wa lone e leng Modimo. 11 Sara, le ene o ne a na le tumelo, mme ka ntlha ya yone tumelo e, o ne a bona nonofo ya go nna le ngwana ntswa a ne a tsofetse, gonne o ne a lemoga gore Modimo o o mo solofeditseng, o tlaa diragatsa tsholofetso ya one. 12 Ke gone ka moo chaba yotlhe e duleng mo go Aberahame, yo o neng a tsofetse thata go ka nna le e leng ngwana a le mongwe fela, tota chaba e e nang le didikadike tsa batho tse di senang palo, ba bontsi jwa bone bo lekanang le dinaledi tsa legodimo le motllhaba wa lotshitshi lwa lewatle. 13 Batho ba ba tumelo ba ke ba umakileng, ba sule ba ise ba amogele gotlhe mo Modimo o neng o go ba solofeditse; mme ba ne ba go bona go ba letetse kwa pele mme ba itumela, gonne ba ne ba dumela gore lefatshe leno ga se legae la bone tota mme e le baeng fela mo go lone. 14 Mme go bonala fela sentle gore e ne e re fa ba bua jalo, ba bo ba solofetse legae la bone tota kwa legodimong. 15 Fa ba ne ba rata, ba ka bo ba ne ba boela kwa morago kwa dilong tse di molemo tsa lefatshe leno. 16 Mme ga ba a ka ba dira jalo. Ba ne ba tshelela legodimo. Jaanong Modimo ga o tlhajwe ke ditlhong go bidiwa Modimo wa bone, gonne o ba agetse motse wa selegodimo. 17 Erile o santse o mo leka, Aberahame o ne a nna a ikanya Modimo le ditsholofetso tsa one, mme ke gone a ntsha Isake morwawe tshupelo, a bo a ipaakanyetsa go mmolaela mo sebesong sa ditlhabelo; 18 ee, go bolaya le e leng Isake, yo ka ene Modimo o neng o solofeditse go naya Aberahame chaba yotlhe ya losika lwa gagwe! 19 O ne a dumela gore fa Isake a ka swa Modimo o tlaa mo tsosa mo losong; mme ke sone se tota se neng sa diragala seo, gonne mo mogopolong wa ga Aberahame, Isake o ne a tshwanetse go swa, mme o ne a tsoga mo losong! 20 E ne e le ka tumelo mo Isake a neng a itse gore Modimo o tlaa naya bomorwawe ba babedi masego, ka lobaka lo lo tlang, ebong Jakobe le Esau. 21 Ka tumelo erile Jakobe a setse a tsofetse ebile a tloga a a swa, a segofatsa bomorwa Josefe boo-babedi fa a ema ka dinao a rapela, a itshegeleditse ka thobane ya gagwe. 22 Gape e ne e le ka tumelo mo Josefe erileng a tla a tloga a a swa, a bua ka tlhomamiso gore Modimo o tlaa ntsha batho ba Iseraele mo Egepeto; o ne a tlhomamisa kgololo ya bone mo e leng gore o ne a ba raya a re ba mo solofetse go tsaya marapo a gagwe fa ba tsamaya. 23 Batsadi ba ga Moshe le bone ba ne ba na le tumelo. Erile fa ba bona gore Modimo o ba file ngwana yo o sa tlwaelesegang, ba ikanya Modimo gore o tlaa mmoloka mo losong lo kgosi e lo laotseng, mme ba mo fitlha dikgwedi di le tharo, ebile ba sa boife. 24 24-25 E ne e le ka tumelo mo Moshe erileng a gola, a gana go tsewa jaaka setlogolwana sa kgosi, mme a itlhophela go boga le batho ba Modimo mo boemong jwa go ja monate wa dikgatlhego tsa boleo ka lobakanyana. 26 O ne a bona gore go botoka go bogela Keresete yo o solofetsweng go na le go rua mahumo otlhe a Egepeto, gonne o ne a solofetse tuelo e kgolo e Modimo o neng o tlaa e mo naya. 27 Gape e ne e le ka ntlha ya gore o ne a ikanya Modimo mo a ileng a tswa mo lefatsheng la Egepeto a sa boife bogale jwa kgosi. Moshe o ne a nna a tsamaya; go ne go bonala ekete o bona Modimo o na le ene teng koo. 28 Gape e ne e le ka ntlha ya gore o ne a dumela gore Modimo o tlaa boloka batho ba one jaaka a ba laotse go bolaya kwana, ka fa Modimo o neng o ba laotse go dira ka teng le go kgatsha madi mo mepakong ya dikgoro tsa matlo a bone, gore Moengele yo o boitshegang wa Loso wa Modimo a se ka a ama ngwana ope wa ntlha wa mosimane mo malapeng ao, jaaka o ne wa dira mo Baegepetong. 29 Batho ba Iseraela ba ne ba ikanya Modimo ba bo ba ralala Lewatle le Lehibidu jaaka o ka re ba tsamaya mo mmung o o omeletseng. Mme erile Baegepeto ba ba neng ba ba setse morago ba leka go le kgabaganya, ba nwela botlhe. 30 E ne e le tumelo e e neng ya ribegetsa dithako tsa Jeriko batho ba Iseraela ba sena go di dikologa malatsi a supa, jaaka Modimo o ne o ba laotse. 31 Ka tumelo Rahabe wa seaka o ne a seka a swa le botlhe ba bangwe mo motseng wa ga bone fa ba ne ba gana go reetsa Modimo, gonne o ne a dumela Modimo le thata ya One, gonne o ne a amogela ditlhola ka kagiso. 32 Mme he, ke santse ke tlhoka go bua go le kae? Go ka tsaya nako e telele thata go boelela dipolelo tsa tumelo ya ga Gideone le Baraka le Samesone le Jefethe le Dafide le Samuele le baporofiti botlhe. 33 Batho ba botlhe ba ne ba ikanya Modimo mme ka ntlha ya go o ikanya ba fenya dintwa, ba diga dipuso, ba busa batho ba bone sentle, mme ba amogela se Modimo o neng o se ba solofeditse; ba ne ba sireletsega mo go gagolakweng ke ditau mo mengobong; 34 le mo boubelong, Bangwe ka tumelo ya bone, ba falotse mo losong lwa chaka. Bangwe ba ne ba nonotshiwa gape morago ga bokoa jwa bone le bolwetse. Ba bangwe ba ne ba fiwa nonofo e kgolo mo ntweng; ba ne ba dira gore mephato ya ntwa e sie e ba tshabe. 35 Mme basadi bangwe, ka tumelo, ba amogela ba ga bone ba ba rategang, ba ba neng ba sule. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ikanya Modimo, mme ba betswa go fitlhelela ba a swa. Ba itlhophela go swa go na le go furalela Modimo gore ba gololesege, ba tshepha gore ba tlaa tsogela botshelong jo bo botoka moragonyana. 36 Bangwe ba ne ba tshegwa, ba fatolwa mekwatla ka dithupa, mme ba bangwe ba ne ba golegelelwa ka dikeetane mo dikgolegelong. 37 37-38 Bangwe ba sule ba kgobotlediwa ka maje ba bangwe ka go fatoganngwa ka dishaga; ba bangwe ba ne ba solofediwa kgololo fa ba ne ba ka itatola tumelo ya bone, morago ga moo ba ne ba bolawa ka chaka. Bangwe ba ne ba tsamaya ba apere matlalo a dinku le dipodi, ba kgarakgatshega mo dikakeng le mo dithabeng, ba iphitlha mo mengobong le mo dikgageng. Ba ne ba bolawa ke tlala, ba lwala, ba tshwerwe setlhogo, e le batho ba lefatshe le sa ba tshwanelang. 39 Mme batho ba ba tumelo, le fa ba ne ba ikanya Modimo ebile ba ne ba gapa maikutlo a One, ga go na ope wa bone yo o neng a amogela tsotlhe tse Modimo o neng o di solofeditse; 40 gonne Modimo o ne o batla gore ba iketle gore le bone ba tle ba nne le seabe mo dituelong tse di botoka tse di sa fetogeng tse re di baakanyeditsweng.

In Other Versions

Hebrews 11 in the ANGEFD

Hebrews 11 in the ANTPNG2D

Hebrews 11 in the AS21

Hebrews 11 in the BAGH

Hebrews 11 in the BBPNG

Hebrews 11 in the BBT1E

Hebrews 11 in the BDS

Hebrews 11 in the BEV

Hebrews 11 in the BHAD

Hebrews 11 in the BIB

Hebrews 11 in the BLPT

Hebrews 11 in the BNT

Hebrews 11 in the BNTABOOT

Hebrews 11 in the BNTLV

Hebrews 11 in the BOATCB

Hebrews 11 in the BOATCB2

Hebrews 11 in the BOBCV

Hebrews 11 in the BOCNT

Hebrews 11 in the BOECS

Hebrews 11 in the BOGWICC

Hebrews 11 in the BOHCB

Hebrews 11 in the BOHCV

Hebrews 11 in the BOHLNT

Hebrews 11 in the BOHNTLTAL

Hebrews 11 in the BOICB

Hebrews 11 in the BOILNTAP

Hebrews 11 in the BOITCV

Hebrews 11 in the BOKCV

Hebrews 11 in the BOKCV2

Hebrews 11 in the BOKHWOG

Hebrews 11 in the BOKSSV

Hebrews 11 in the BOLCB

Hebrews 11 in the BOLCB2

Hebrews 11 in the BOMCV

Hebrews 11 in the BONAV

Hebrews 11 in the BONCB

Hebrews 11 in the BONLT

Hebrews 11 in the BONUT2

Hebrews 11 in the BOPLNT

Hebrews 11 in the BOSCB

Hebrews 11 in the BOSNC

Hebrews 11 in the BOVCB

Hebrews 11 in the BOYCB

Hebrews 11 in the BPBB

Hebrews 11 in the BPH

Hebrews 11 in the BSB

Hebrews 11 in the CCB

Hebrews 11 in the CUV

Hebrews 11 in the CUVS

Hebrews 11 in the DBT

Hebrews 11 in the DGDNT

Hebrews 11 in the DHNT

Hebrews 11 in the DNT

Hebrews 11 in the ELBE

Hebrews 11 in the EMTV

Hebrews 11 in the ESV

Hebrews 11 in the FBV

Hebrews 11 in the FEB

Hebrews 11 in the GGMNT

Hebrews 11 in the GNT

Hebrews 11 in the HARY

Hebrews 11 in the HNT

Hebrews 11 in the IRVA

Hebrews 11 in the IRVB

Hebrews 11 in the IRVG

Hebrews 11 in the IRVH

Hebrews 11 in the IRVK

Hebrews 11 in the IRVM

Hebrews 11 in the IRVM2

Hebrews 11 in the IRVO

Hebrews 11 in the IRVP

Hebrews 11 in the IRVT

Hebrews 11 in the IRVT2

Hebrews 11 in the IRVU

Hebrews 11 in the ISVN

Hebrews 11 in the JSNT

Hebrews 11 in the KAPI

Hebrews 11 in the KBT1ETNIK

Hebrews 11 in the KBV

Hebrews 11 in the KJV

Hebrews 11 in the KNFD

Hebrews 11 in the LBA

Hebrews 11 in the LBLA

Hebrews 11 in the LNT

Hebrews 11 in the LSV

Hebrews 11 in the MAAL

Hebrews 11 in the MBV

Hebrews 11 in the MBV2

Hebrews 11 in the MHNT

Hebrews 11 in the MKNFD

Hebrews 11 in the MNG

Hebrews 11 in the MNT

Hebrews 11 in the MNT2

Hebrews 11 in the MRS1T

Hebrews 11 in the NAA

Hebrews 11 in the NASB

Hebrews 11 in the NBLA

Hebrews 11 in the NBS

Hebrews 11 in the NBVTP

Hebrews 11 in the NET2

Hebrews 11 in the NIV11

Hebrews 11 in the NNT

Hebrews 11 in the NNT2

Hebrews 11 in the NNT3

Hebrews 11 in the PDDPT

Hebrews 11 in the PFNT

Hebrews 11 in the RMNT

Hebrews 11 in the SBIAS

Hebrews 11 in the SBIBS

Hebrews 11 in the SBIBS2

Hebrews 11 in the SBICS

Hebrews 11 in the SBIDS

Hebrews 11 in the SBIGS

Hebrews 11 in the SBIHS

Hebrews 11 in the SBIIS

Hebrews 11 in the SBIIS2

Hebrews 11 in the SBIIS3

Hebrews 11 in the SBIKS

Hebrews 11 in the SBIKS2

Hebrews 11 in the SBIMS

Hebrews 11 in the SBIOS

Hebrews 11 in the SBIPS

Hebrews 11 in the SBISS

Hebrews 11 in the SBITS

Hebrews 11 in the SBITS2

Hebrews 11 in the SBITS3

Hebrews 11 in the SBITS4

Hebrews 11 in the SBIUS

Hebrews 11 in the SBIVS

Hebrews 11 in the SBT

Hebrews 11 in the SBT1E

Hebrews 11 in the SCHL

Hebrews 11 in the SNT

Hebrews 11 in the SUSU

Hebrews 11 in the SUSU2

Hebrews 11 in the SYNO

Hebrews 11 in the TBIAOTANT

Hebrews 11 in the TBT1E

Hebrews 11 in the TBT1E2

Hebrews 11 in the TFTIP

Hebrews 11 in the TFTU

Hebrews 11 in the TGNTATF3T

Hebrews 11 in the THAI

Hebrews 11 in the TNFD

Hebrews 11 in the TNT

Hebrews 11 in the TNTIK

Hebrews 11 in the TNTIL

Hebrews 11 in the TNTIN

Hebrews 11 in the TNTIP

Hebrews 11 in the TNTIZ

Hebrews 11 in the TOMA

Hebrews 11 in the TTENT

Hebrews 11 in the UBG

Hebrews 11 in the UGV

Hebrews 11 in the UGV2

Hebrews 11 in the UGV3

Hebrews 11 in the VBL

Hebrews 11 in the VDCC

Hebrews 11 in the YALU

Hebrews 11 in the YAPE

Hebrews 11 in the YBVTP

Hebrews 11 in the ZBP