John 21 (BOTLNT)

1 Mme ya re morago Jesu a bonala gape kwa barutweng fa thoko ga Lecha la Galalea. Go ne ga diragala jaana: 2 Setlhopha sa rona se ne se le teng koo, Simone Petere, Thomase “Lewelana” Nathaniele wa Kana mo Galalea, mokaulengwe Jakobe le nna le barutwa ba bangwe ba babedi. 3 Simone Petere a re, “Ke ya go tshwara ditlhapi,” le rona rotlhe ra re, “Re tsamaya nao.” Re ne ra dira jalo, mme ra seka ra tshwara sepe bosigo jotlhe. 4 Mme ya re ka makuku ra bona monna a eme mo moshaweng mme ra seka ra bona gore ke mang. 5 A botsa a re, “A go na le ditlhapi, basimane?” Mme ra mo fetola ra re, “Nnyaa.” 6 Mme a re raya a re, “Latlhelang lotloa lwa lona ka fa letsogong le legolo la mokoro, mme lo tlaa di tshwara di le dintsi!” Ra dira jalo, mme ra seka ra kgona go goga lotloa ka ntlha ya bokete jwa ditlhapi, di ne di le dintsi thata! 7 Mme ka raya Petere ka re, “Ke Morena!” Erile fela foo, Simone Petere a apara seaparo sa gagwe (gonne o ne a se tsotse go fitlhelela kwa lothekeng). Mme a itatlhela mo metsing (a shapela kwa lotshitshing). 8 Mme rona ra sala mo mokorong ra gogela lotloa lo lo tletseng kwa moshaweng o o neng o ka nna dikgato di le makgolo a mararo. 9 Erile fa re goroga koo, ra fitlhela molelo o gotsitswe, ditlhapi di besitswe, ebile go na le senkgwe. 10 Mme Jesu a re raya a re, “Lereng dingwe tsa ditlhapi tse lo di tshwereng.” 11 Mme Simone Petere a tswela kwa ntle mme a gogela lotloa kwa lotshitshing. Ka bala e le ditlhapi di le lekgolo le masome a matlhano le boraro; mme le fa go ntse jalo lotloa lo ne lo sa kgagoga! 12 Mme Jesu a re raya a re, “Tlang kwano re tle go fitlhola.” Mme ga go na ope wa rona yo o neng a tshwenyega go mmotsa gore a ke Morena tota, gonne re ne re tlhomamisa gore ke ene. 13 Mme Jesu a ya le rona rotlhe a re fa senkgwe le ditlhapi. 14 Le e ne e le lekgetho la boraro Jesu a bonala mo go rona a sena go rula. 15 Morago ga sefitlholo Jesu a raya Simone Petere a re, “Simone, morwa Johane, a o nthata go gaisa ba bangwe ba?” Petere a fetola a re, “Ee, O a itse gore ke tsala ya gago.” Mme Jesu a mo raya a re, “Go siame hudisa dikwanyana tsa me.” 16 Mme Jesu a boelela potso a re: “Simone morwa Johane, a o nthata tota?” Petere a re, “Ee, Morena, oa itse gore ke tsala ya gago.” Mme Jesu a mo raya a re, “Tlhokomela dinku tsa me.” 17 Gape gape a mmotsa a re, “Simone, morwa Johane, a o tsala ya me tota?” Petere a hutsafala ka ntlha ya tsela e Jesu o neng a botsa potso e lwa boraro ka yone. Mme a mo fetola a re, “Morena, o itse pelo ya me, O itse gore ke tsala ya gago.” Mme Jesu a mo raya a re, “Hudisa dikwanyana tsa me. 18 Erile o sa le monana, o ne o kgona go dira ka fa o ratang ka teng, o ya gongwe le gongwe kwa o go ratang, mme fa o setse o tsofetse, o tlaa otlolola mabogo a gago mme ba bangwe ba tlaa go goga ba go isa kwa o sa rateng go ya teng.” 19 Jesu o ne a bua jalo go mo itsise loso lo a tlaa lo swang go galaletsa Modimo. Mme Jesu a mo raya a re, “Ntshala morago.” 20 Petere a retologa mme a bona morutwa yo Jesu o mo ratang a mo setse morago, ene yo a neng a le fela fa dijong ka nako ele gotla go botsa Jesu a re, “Morena, ke ofe wa rona yo o tla go okang?” 21 Petere a botsa Jesu a re, “Go tlaa diragalang ka ga gagwe, Morena? O tlaa swa loso lo lo ntseng jang?” 22 Jesu a mo fetola a re, “Fa e le gore ke batla gore a tshele go fitlhelela ke boa, moo go go ama ka eng? Wena ntshala morago.” 23 Mme monahune oo wa anama mo bakaulengweng gore morutwa yoo ga a na go swa! Mme seo e ne e se se Jesu o se rayang! O ne a rile, “Fa ke batla gore a tshele go fitlhelela ke tla, go go ama ka eng?” 24 Ke nna morutwa yoo! Ke bonye ditiragalo tse mme ke di kwadile fano. Mme rotlhe re itse gore polelo ya me ya dilo tse e boammaaruri. 25 Mme ke bona gore fa ditiragalo tse dingwe mo botshelong jwa ga Jesu di ne di kwadilwe, lefatshe lotlhe le ne le ka se ka lekana go tshola dikwalo tseo tsotlhe!

In Other Versions

John 21 in the ANGEFD

John 21 in the ANTPNG2D

John 21 in the AS21

John 21 in the BAGH

John 21 in the BBPNG

John 21 in the BBT1E

John 21 in the BDS

John 21 in the BEV

John 21 in the BHAD

John 21 in the BIB

John 21 in the BLPT

John 21 in the BNT

John 21 in the BNTABOOT

John 21 in the BNTLV

John 21 in the BOATCB

John 21 in the BOATCB2

John 21 in the BOBCV

John 21 in the BOCNT

John 21 in the BOECS

John 21 in the BOGWICC

John 21 in the BOHCB

John 21 in the BOHCV

John 21 in the BOHLNT

John 21 in the BOHNTLTAL

John 21 in the BOICB

John 21 in the BOILNTAP

John 21 in the BOITCV

John 21 in the BOKCV

John 21 in the BOKCV2

John 21 in the BOKHWOG

John 21 in the BOKSSV

John 21 in the BOLCB

John 21 in the BOLCB2

John 21 in the BOMCV

John 21 in the BONAV

John 21 in the BONCB

John 21 in the BONLT

John 21 in the BONUT2

John 21 in the BOPLNT

John 21 in the BOSCB

John 21 in the BOSNC

John 21 in the BOVCB

John 21 in the BOYCB

John 21 in the BPBB

John 21 in the BPH

John 21 in the BSB

John 21 in the CCB

John 21 in the CUV

John 21 in the CUVS

John 21 in the DBT

John 21 in the DGDNT

John 21 in the DHNT

John 21 in the DNT

John 21 in the ELBE

John 21 in the EMTV

John 21 in the ESV

John 21 in the FBV

John 21 in the FEB

John 21 in the GGMNT

John 21 in the GNT

John 21 in the HARY

John 21 in the HNT

John 21 in the IRVA

John 21 in the IRVB

John 21 in the IRVG

John 21 in the IRVH

John 21 in the IRVK

John 21 in the IRVM

John 21 in the IRVM2

John 21 in the IRVO

John 21 in the IRVP

John 21 in the IRVT

John 21 in the IRVT2

John 21 in the IRVU

John 21 in the ISVN

John 21 in the JSNT

John 21 in the KAPI

John 21 in the KBT1ETNIK

John 21 in the KBV

John 21 in the KJV

John 21 in the KNFD

John 21 in the LBA

John 21 in the LBLA

John 21 in the LNT

John 21 in the LSV

John 21 in the MAAL

John 21 in the MBV

John 21 in the MBV2

John 21 in the MHNT

John 21 in the MKNFD

John 21 in the MNG

John 21 in the MNT

John 21 in the MNT2

John 21 in the MRS1T

John 21 in the NAA

John 21 in the NASB

John 21 in the NBLA

John 21 in the NBS

John 21 in the NBVTP

John 21 in the NET2

John 21 in the NIV11

John 21 in the NNT

John 21 in the NNT2

John 21 in the NNT3

John 21 in the PDDPT

John 21 in the PFNT

John 21 in the RMNT

John 21 in the SBIAS

John 21 in the SBIBS

John 21 in the SBIBS2

John 21 in the SBICS

John 21 in the SBIDS

John 21 in the SBIGS

John 21 in the SBIHS

John 21 in the SBIIS

John 21 in the SBIIS2

John 21 in the SBIIS3

John 21 in the SBIKS

John 21 in the SBIKS2

John 21 in the SBIMS

John 21 in the SBIOS

John 21 in the SBIPS

John 21 in the SBISS

John 21 in the SBITS

John 21 in the SBITS2

John 21 in the SBITS3

John 21 in the SBITS4

John 21 in the SBIUS

John 21 in the SBIVS

John 21 in the SBT

John 21 in the SBT1E

John 21 in the SCHL

John 21 in the SNT

John 21 in the SUSU

John 21 in the SUSU2

John 21 in the SYNO

John 21 in the TBIAOTANT

John 21 in the TBT1E

John 21 in the TBT1E2

John 21 in the TFTIP

John 21 in the TFTU

John 21 in the TGNTATF3T

John 21 in the THAI

John 21 in the TNFD

John 21 in the TNT

John 21 in the TNTIK

John 21 in the TNTIL

John 21 in the TNTIN

John 21 in the TNTIP

John 21 in the TNTIZ

John 21 in the TOMA

John 21 in the TTENT

John 21 in the UBG

John 21 in the UGV

John 21 in the UGV2

John 21 in the UGV3

John 21 in the VBL

John 21 in the VDCC

John 21 in the YALU

John 21 in the YAPE

John 21 in the YBVTP

John 21 in the ZBP