Luke 16 (BOTLNT)

1 Mme Jesu a bolelela barutwa ba gagwe polelo e: “Monna wa mohumi o kile a hira molebeledi go tlhokomela dilo tsa gagwe mme ka bonako ga utlwala fa molebeledi a sa ikanyege. 2 Mme mong wa gagwe a mmitsa a mo raya a re, Ke eng se ke se utlwang ka go nkutswela ga gago? Baakanya pego ya gago, gonne o tshwanetse go tlogela tiro. 3 “Mme molebeledi a ithaya a re, ‘Ke tlaa dirang? Fano ke feditse mme ga ke na nonofo ya go tsamaya ke epa mesele, le gone go kopa go ntlhabisa ditlhong. 4 Ke itse selo se fela! Gore ke tlaa nna le ditsala tse dintsi go ntlhokomela fa ke tswa mo tirong.’ 5 5-6 “Mme a laletsa mongwe le mongwe yo o neng a kolota mong wa gagwe go tla go buisana nae. A botsa wa ntlha a re, ‘O mo kolota bokae?’ Monna a fetola a re, ‘Molato wa me ke selekanyo sa dinkgwana di le makgolo a ferabobedi le masome a matlhano a lookwane.’ Molebeledi a mo raya a re, ‘Ee, tumalano e o e kwadileng ke e: e senye o kwale e e leng bontlha bongwe jwa yone.’ 7 “Mme a botsa monna yo mongwe a re, ‘Wena o mo kolota bokae?’ A fetola a re, ‘Sekete sa dikgetse tsa mabele. Mme molebeledi a re tsaya lokwalo lwa gago o kwale o re, di makgolo a ferabobedi.’ 8 “Monna wa mohumi a tshwanelwa ke go baka molebeledi yo o bolotsana ka go dira botlhale jo bo kalo. Mme ke boammaaruri gore banni ba lefatshe le, ba tlhalefile thata [mo go sa ikanyegeng]! go gaisa batho ba Modimo. 9 Mme a ke tshwanetse go lo raya ke re lo dire jalo, go reka botsalano ka go tsietsa? A mo go tlaa lo tlhomamisetsa go tsena ga lona mo legaeng la bosakhutleng kwa legodimong? 10 Nnyaa! Gonne fa lo sa ikanyege mo dilong tse di potlana, ga lo ka ke lwa ikanyega mo go tse di kgolo. Fa lo dira tsietso e potlana, ga lo ka ke lwa ikanyega mo dilong tse dikgolo. 11 Mme fa lo sa ikanyege kaga mahumo a lefatshe, ke mang yo o tlaa lo ikanyang mo mahumong a boammaaruri a legodimo? 12 Mme fa lo sa ikanyege ka madi a batho ba bangwe, lo ka ikanyega jang ka madi a e leng a lona. 13 “Gonne le fa e le wena kgotsa mongwe fela ga go ope yo o ka direlang barena ba babedi. O tlaa ila yo mongwe mme o rate yo mongwe, kgotsa go nne ka mokgwa mongwe o sele. O tla nna mafolofolo ka yo mongwe mme o nyatse yo mongwe. Ga o ka ke wa direla Modimo le madi!” 14 Mme Bafarasai, ba ba ratang madi thata, ba mo sotla ka ntlha ya mo gotlhe. 15 Mme a ba raya a re, “Lo apara tshiamo ya lona mo pepeneneng, mme Modimo o itse bosula jwa dipelo tsa lona. Go ipaya ga lona jaaka ekete lo siame go lo tlisetsa tlotlo mo bathong, mme ke makgapha fa pele ga Modimo. 16 Go tla go fitlha mo motlheng o Johane wa Mokolobetsi o neng a simolola go rera ka one, melao ya ga Moshe le ya Baporofiti e ne e le yone e e lo kaelang. Mme Johane a lo itsise kaga: Mafoko a a Molemo gore bogosi jwa Modimo bo tlaa tla ka bonako. Mme bontsintsi jwa ba ba eletsang ba itshukunyetsa mo go jone. 17 Mme moo ga go reye gore molao o senyegetswe ke thata le fa e le ka ntlhanyana epe. O nonofile ebile ga o na botshikhinngo fela jaaka legodimo le lefatshe. 18 “Mme jalo fa mongwe a tlhala mosadi wa gagwe a nyala o sele o dira boaka, mme yo o nyalang mosadi yo o tlhadilweng le ene o dira boaka”. 19 Hong Jesu a re, “Gonne go ne go na le monna mongwe wa mohumi, yo o neng a apara sentle a nna mo letlepung mo monateng ka letsatsi le letsatsi. 20 Mme ya re ka letsatsi lengwe Lasaro, wa mokopi, yo o neng a le dintho, a lala fa kgorong ya gagwe. 21 E ne e tle e re a rapame foo a laletse masalela a a wang mo lomating lwa bojelo jwa monna wa mohumi, dintsa di latswe dintho tsa gagwe. 22 Mme ya re kwa bofelong mokopi a swa mme a tsewa ke baengele go ya go nna le Aberahame mo felong ga baswi ba ba siameng. Mme monna wa mohumi le ene a swa a fitlhwa, 23 mme mowa wa gagwe wa ya moleting. E rile fa a le koo, mo tlhokofatsong a lebela Lasaro a le kgakala a na le Aberahame. 24 “Mme a goa a re Rre Aberahame, Nkutlwela botlhoko! romela Lasaro kwano fela gore a ine ntlha ya monwana wa gagwe mo metsing go ntsidifatsa loleme, gonne ke mo tlhokofatsong e e maswe mo dikgabung tse. 25 “Mme Aberahame a mo raya a re, ‘Morwaaka, gakologelwa gore erile mo botshelong jwa gago o ne o na le sengwe le sengwe se o se batlang, mme Lasaro o ne a sena sepe. Jaanong o fano o a gomodiwa mme wena o mo tlhokofatsong. 26 Gape kwa ntle ga moo, go na le phata e tona e e senang bolekeletso, e e re kgaoganyang, mme mongwe yo o batlang go tla kwa go wena a tswa fano o kganelwa ke losi lwa yone; le gone ga go ope yo o ka kgabaganyetsang ka kwano go rona’. 27 “Mme monna wa mohumi a re, ‘Ao, Rre Aberahame, tswee-tswee mo romele kwa legaeng la ga rre, 28 gonne go na le bana ba ga rre ba le batlhano ba basimane, go ba tlhagisa kaga felo fano ga tlhokofatso e e botlhoko gore ba se ka ba tla fano fa ba a swa.’ 29 “Mme Aberahame a re, ‘Dikwalo di ba tlhagisitse gangwe le gape. Bomorwarrago ba ka di bala ka nako nngwe le nngwe e ba e ratang’. 30 “Mme monna wa mohumi a fetola a re, ‘Nnyaa Rre Aberahame ga ba kitla ba itshwenya ka go di bala. Mme fa mongwe a rometswe kwa go bone a tswa mo baswing ke gone ba ka sokologang mo dibeng tsa bone.’ 31 “Hong Aberahame a mo fetola a re, ‘Fa ba sa reetsa Moshe le baporofiti ga ba kitla ba reetsa le fa mongwe a ka tsoga mo baswing.’ ”

In Other Versions

Luke 16 in the ANGEFD

Luke 16 in the ANTPNG2D

Luke 16 in the AS21

Luke 16 in the BAGH

Luke 16 in the BBPNG

Luke 16 in the BBT1E

Luke 16 in the BDS

Luke 16 in the BEV

Luke 16 in the BHAD

Luke 16 in the BIB

Luke 16 in the BLPT

Luke 16 in the BNT

Luke 16 in the BNTABOOT

Luke 16 in the BNTLV

Luke 16 in the BOATCB

Luke 16 in the BOATCB2

Luke 16 in the BOBCV

Luke 16 in the BOCNT

Luke 16 in the BOECS

Luke 16 in the BOGWICC

Luke 16 in the BOHCB

Luke 16 in the BOHCV

Luke 16 in the BOHLNT

Luke 16 in the BOHNTLTAL

Luke 16 in the BOICB

Luke 16 in the BOILNTAP

Luke 16 in the BOITCV

Luke 16 in the BOKCV

Luke 16 in the BOKCV2

Luke 16 in the BOKHWOG

Luke 16 in the BOKSSV

Luke 16 in the BOLCB

Luke 16 in the BOLCB2

Luke 16 in the BOMCV

Luke 16 in the BONAV

Luke 16 in the BONCB

Luke 16 in the BONLT

Luke 16 in the BONUT2

Luke 16 in the BOPLNT

Luke 16 in the BOSCB

Luke 16 in the BOSNC

Luke 16 in the BOVCB

Luke 16 in the BOYCB

Luke 16 in the BPBB

Luke 16 in the BPH

Luke 16 in the BSB

Luke 16 in the CCB

Luke 16 in the CUV

Luke 16 in the CUVS

Luke 16 in the DBT

Luke 16 in the DGDNT

Luke 16 in the DHNT

Luke 16 in the DNT

Luke 16 in the ELBE

Luke 16 in the EMTV

Luke 16 in the ESV

Luke 16 in the FBV

Luke 16 in the FEB

Luke 16 in the GGMNT

Luke 16 in the GNT

Luke 16 in the HARY

Luke 16 in the HNT

Luke 16 in the IRVA

Luke 16 in the IRVB

Luke 16 in the IRVG

Luke 16 in the IRVH

Luke 16 in the IRVK

Luke 16 in the IRVM

Luke 16 in the IRVM2

Luke 16 in the IRVO

Luke 16 in the IRVP

Luke 16 in the IRVT

Luke 16 in the IRVT2

Luke 16 in the IRVU

Luke 16 in the ISVN

Luke 16 in the JSNT

Luke 16 in the KAPI

Luke 16 in the KBT1ETNIK

Luke 16 in the KBV

Luke 16 in the KJV

Luke 16 in the KNFD

Luke 16 in the LBA

Luke 16 in the LBLA

Luke 16 in the LNT

Luke 16 in the LSV

Luke 16 in the MAAL

Luke 16 in the MBV

Luke 16 in the MBV2

Luke 16 in the MHNT

Luke 16 in the MKNFD

Luke 16 in the MNG

Luke 16 in the MNT

Luke 16 in the MNT2

Luke 16 in the MRS1T

Luke 16 in the NAA

Luke 16 in the NASB

Luke 16 in the NBLA

Luke 16 in the NBS

Luke 16 in the NBVTP

Luke 16 in the NET2

Luke 16 in the NIV11

Luke 16 in the NNT

Luke 16 in the NNT2

Luke 16 in the NNT3

Luke 16 in the PDDPT

Luke 16 in the PFNT

Luke 16 in the RMNT

Luke 16 in the SBIAS

Luke 16 in the SBIBS

Luke 16 in the SBIBS2

Luke 16 in the SBICS

Luke 16 in the SBIDS

Luke 16 in the SBIGS

Luke 16 in the SBIHS

Luke 16 in the SBIIS

Luke 16 in the SBIIS2

Luke 16 in the SBIIS3

Luke 16 in the SBIKS

Luke 16 in the SBIKS2

Luke 16 in the SBIMS

Luke 16 in the SBIOS

Luke 16 in the SBIPS

Luke 16 in the SBISS

Luke 16 in the SBITS

Luke 16 in the SBITS2

Luke 16 in the SBITS3

Luke 16 in the SBITS4

Luke 16 in the SBIUS

Luke 16 in the SBIVS

Luke 16 in the SBT

Luke 16 in the SBT1E

Luke 16 in the SCHL

Luke 16 in the SNT

Luke 16 in the SUSU

Luke 16 in the SUSU2

Luke 16 in the SYNO

Luke 16 in the TBIAOTANT

Luke 16 in the TBT1E

Luke 16 in the TBT1E2

Luke 16 in the TFTIP

Luke 16 in the TFTU

Luke 16 in the TGNTATF3T

Luke 16 in the THAI

Luke 16 in the TNFD

Luke 16 in the TNT

Luke 16 in the TNTIK

Luke 16 in the TNTIL

Luke 16 in the TNTIN

Luke 16 in the TNTIP

Luke 16 in the TNTIZ

Luke 16 in the TOMA

Luke 16 in the TTENT

Luke 16 in the UBG

Luke 16 in the UGV

Luke 16 in the UGV2

Luke 16 in the UGV3

Luke 16 in the VBL

Luke 16 in the VDCC

Luke 16 in the YALU

Luke 16 in the YAPE

Luke 16 in the YBVTP

Luke 16 in the ZBP