Mark 10 (BOTLNT)

1 Erile a tloga mo Kaperanama a ya ntlheng ya Borwa kwa melelwaneng ya Judea le mo kgaolong ya botlhabatsatsi jwa Noka ya Jorodane. Fela jaaka gale ga bo go le matshutitshuti a batho mme a ba ruta. 2 Bangwe ba Bafarasai ba tla kwa go ene ba mmotsa ba re, “A o letlelela tlhalo?” le fa go ntse jalo ba ne ba leka go mo lalela. 3 Jesu a ba botsa a re, “Moshe o ne a reng ka ga tlhalo?” 4 Ba araba ba re, “O rile e siame.” O rile, “Se se tlhokafalang ke gore monna a kwalele mosadi lokwalo lwa tlhalo.” 5 Jesu a ba botsa a re, “Mme o ne a buelang jalo? Ke tla lo bolelela gore ke ka ntlha yang fa a ne a bua jalo. Ke ka ntlha ya boikepo jwa bopeloethata jwa lona. 6 6-7 Mme tota ga se ka fa tseleng ya Modimo, gonne e rile mo tshimologong O dirile monna le mosadi go ba kopanya go nnela ruri mo nyalong; ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, 8 mme ene le mosadi wa gagwe ba kopane gore ba se nne bobedi, fa e se bongwe fela. 9 Mme ke gone go seng ope yo o tshwanetseng go kgaoganya se Modimo o se kopantseng.” 10 Ya re morago, a le nosi le barutwa ba gagwe mo tlung, ba lere kgang eo. 11 Mme a ba raya a re, “Fa monna a tlhala mosadi wa gagwe a nyala o sele, o a mo akafalela. 12 Mme fa mosadi a tlhala monna wa gagwe a nyalwa gape, le ene o dira boaka.” 13 E rile ka nako nngwe fa bomma-bana ba lere bana ba bone kwa go Jesu gore a ba segofatse, barutwa ba ba leleka, ba ba raya ba re ba seka ba mo tshwenya. 14 Mme e rile Jesu a bona se se diragalang o ne a seka a itumedisiwa ke barutwa ba gagwe mme a ba raya a re, “Lesang bana ba tle kwa go nna, gonne Bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jalo. Se ba lelekeng! 15 Ke lo bolelela ka tlhoafalo jaaka ke itse gore fa mongwe a gana go tla mo Modimong jaaka ngwana yo monnye ga a kitla a letlelelwa go tsena mo Bogosing jwa One.” 16 Hong a tsaya bana ka mabogo a gagwe a ba baya diatla a ba segofatsa. 17 E rile fa a simolola go tsaya loeto, monna mongwe a tla a tabogela kwa go ene a khubama ka mangole a re, “Moruti yo o molemo, ke tshwanetse gore ke direng go tsena kwa legodimong?” 18 Jesu a mmotsa a re, “Ke ka ntlha yang fa o mpitsa mosiami? 19 Mme mo karabong ya potso ya gago o itse ditaolo tse di reng, o seka wa bolaya, o seka wa dira boaka, o seka wa utswa, o seka wa bua maaka, o seka wa tsietsa, tlotla rrago le mmago.” 20 Monna a araba a re, “Moruti, ga ke ise ke ko ke tlole le fa e le o le mongwe fela wa melao eo.” 21 Mme Jesu a ikutlwa a rata monna yo fa a mo leba, a mo raya a re, “O tlhoka selo se le sengwe fela, tsamaya o ye go rekisa dilo tsotlhe tse o nang natso mme o tseye madi o a abele bahumanegi mme o tlaa nna le khumo kwa legodimong, mme o tle o ntshale morago.” 22 Mme sefatlhogo sa monna sa sulafala, a tsamaya ka kutlobotlhoko, gonne o ne a humile thata. 23 Jesu a mo lebelela a tsamaya, hong a retologa a raya barutwa ba gagwe a re, “Ga go motlhofo gore mohumi a tsene mo Bogosing jwa Modimo!” 24 Mme mafoko a, a ba gakgamatsa. Hong Jesu a boelela mafoko a gape a re, “Bana ba ba rategang, go thata jang mo go ba ba ikantseng dikhumo go tsena mo Bogosing jwa Modimo. 25 Go motlhofo mo kammeleng go tsena ka leroba la nnale go na le mohumi go tsena mo Bogosing jwa Modimo.” 26 Mme go ne ga nna thata, gore barutwa ba dumele mafoko ao. Hong ba botsa ba re, “Mme he, e be e le mang mo lefatsheng yo o ka bolokwang fa mohumi a sa bolokwe?” 27 Jesu a ba tsepega matlho a re, “Kwa ntle ga Modimo go retetse. Mme mo Modimong sengwe le sengwe se a direga.” 28 Hong Petere a simolola go bolela kaga tsotlhe tse ene le barutwa ba bangwe ba di tlogetseng a re, “Re tlogetse sengwe le sengwe go go sala morago.” 29 Mme Jesu a araba a re, “Mma ke go tlhomamisetse gore ga go na ope yo o tlogetseng sepe, ebong legae, bokgaitsadie, bomorwa rraagwe, mmaagwe, rraagwe, bana kgotsa dithoto tsa gagwe, ka ntlha ya go nthata le go bolelela ba bangwe kaga mafoko a me a a Molemo, 30 yo o se kitlang a newa ga lekgolo go menagane, ebong magae, bomorwa rraagwe, bokgaitsadie, le bo mmaagwe, bana le masimo di na le dipogisego! Tse tsotlhe e tlaa nna tsa gagwe mo lefatsheng leno le mo go le le tlang o tlaa bona botshelo jo bo sa khutleng. 31 Bontsi jwa batho ba ba bonalang e ka re ba tlhokwa jaanong jaana ba tlaa nna ba ba botlana ka nako eo, mme ba bantsi ba ba bonalang ba le ba botlana fano ba tlaa nna bagolo ka nako eo.” 32 Mme ya re ba le mo tseleng ba ya Jerusalema, Jesu a ba eteletse pele barutwa ba gagwe ba mo setse morago ba tlelwa ke poifo. Hong Jesu a ba tseela kwa thoko, a simolola gape go ba tlhalosetsa gotlhe mo go tlaa mo diragalelang fa ba goroga kwa Jerusalema. 33 A ba raya a re, “E tlaa re re tsena teng. Nna, Mesia ke tlaa tshwarwa ke isiwa fa pele ga baperesiti ba bagolo le bagolwane ba Bajuta ba ba tlaa nkatlholelang loso ba bo ba neele Baroma go mpolaya. 34 Ba tlaa ntshotla, ba nkgwele mathe ba mpetse ka dithupa tsa bone; mme morago ga malatsi a mararo ke tlaa rula.” 35 Hong Jakobe le Johane, bomorwa Sebede, ba tla ba bua le ene ka lentswe le le kwa tlase ba re, “Morena, re batla gore o re direle ka fa re batlang ka teng.” 36 Mme a ba botsa a re, “Lo batla ke lo direla eng?” 37 Ba mo raya ba re, “Re batla go nna mo ditilong tsa bogosi re bapa nao mo bogosing jwa gago, yo mongwe ka fa letsogong la gago le legolo yo mongwe ka fa letsogong la gago la molema!” 38 Mme Jesu a araba a re, “Ga lo itse se lo se lopang! A lo nonofile go nwa mo senwelong se se botlhoko sa khutsafalo se ke tshwanetseng go nwa mo go sone? Kgotsa go kolobediwa ka kolobetso ya pogisego e ke tshwanetseng go kolobediwa ka yone?” 39 Ba mo raya ba re, “Ee, re nonofile!” Mme Jesu a re, “Lo tlaa nwa mo senwelong se ke nwang mo go sone lo bo lo kolobediwa ka kolobetso ya me e ke kolobeditsweng ka yone, 40 mme ga ke na thata ya go lo baya mo ditilong tsa bogosi go bapa le sa me. Ba ba tshwanetseng ba setse ba go baakanyeditswe.” 41 Fa ba bangwe ba barutwa ba tla go lemoga se Jakobe le Johane ba se lopileng, ba kgotswa thata. 42 Hong Jesu a ba biletsa kwa go ene mme a re, “Lo a itse fa dikgosi le banna ba bagolo ba lefatshe ba laola batho; 43 mme mo go lona go pharologanyo. Le fa e le mang yo o ratang go nna mogolo mo go lona o tshwanetse go nna motlhanka wa lona. 44 Mme le fa e le mang yo o ratang go ka nna mogolo mo go botlhe o tshwanetse go nna motlhanka wa botlhe. 45 Gonne le nna tota, Mesia, ga ke fano go tla go direlwa fa e se go thusa ba bangwe, le go ntsha botshelo jwa me gore e nne thekololo ya batho ba le bantsi.” 46 Mme ba fitlha kwa Jeriko. Ya re morago fa ba tloga mo motseng bontsi jwa batho jo bogolo jwa ba sala morago. Hong ga diragala gore monna wa sefofu wa mokopi yo o bidiwang Baratimaio (morwa Timaio) a ba a ntse fa thoko ga tsela fa Jesu a feta. 47 Mme e rile fa Baratimaio a utlwa gore Jesu wa Nasaretha o gaufi a simolola go goa, a re, “Jesu Morwa Dafide, nkutlwela botlhoko!” 48 Mme batho bangwe ba mo kgalemela ba re, “Didimala!” Mme a goa segolo bogolo gangwe le gape a re, “Ao! Morwa Dafide, nkutlwela botlhoko!” 49 Erile Jesu a mo utlwa a ema foo mo tseleng, mme a re, “Mo reyeng lo re a tle kwano.” Hong ba bitsa monna wa sefofu. Ba re, “Heela wena yo o letlhogonolo, tla Jesu o a go bitsa.” 50 Hong Baratimaio a apola seaparo sa gagwe se segologolo a se latlhela kwa thoko, a tlola a tla kwa go Jesu. 51 Jesu a mmotsa a re, “O batla ke go direla eng?” Monna wa sefofu a araba a re, “Moruti, ke batla go bona.” 52 Jesu a mo raya a re, “Gotlhe go siame, go diragetse. Tumelo ya gago e go fodisitse.” E rile gone fela foo monna wa sefofu a bona, a sala Jesu morago mo tseleng!

In Other Versions

Mark 10 in the ANGEFD

Mark 10 in the ANTPNG2D

Mark 10 in the AS21

Mark 10 in the BAGH

Mark 10 in the BBPNG

Mark 10 in the BBT1E

Mark 10 in the BDS

Mark 10 in the BEV

Mark 10 in the BHAD

Mark 10 in the BIB

Mark 10 in the BLPT

Mark 10 in the BNT

Mark 10 in the BNTABOOT

Mark 10 in the BNTLV

Mark 10 in the BOATCB

Mark 10 in the BOATCB2

Mark 10 in the BOBCV

Mark 10 in the BOCNT

Mark 10 in the BOECS

Mark 10 in the BOGWICC

Mark 10 in the BOHCB

Mark 10 in the BOHCV

Mark 10 in the BOHLNT

Mark 10 in the BOHNTLTAL

Mark 10 in the BOICB

Mark 10 in the BOILNTAP

Mark 10 in the BOITCV

Mark 10 in the BOKCV

Mark 10 in the BOKCV2

Mark 10 in the BOKHWOG

Mark 10 in the BOKSSV

Mark 10 in the BOLCB

Mark 10 in the BOLCB2

Mark 10 in the BOMCV

Mark 10 in the BONAV

Mark 10 in the BONCB

Mark 10 in the BONLT

Mark 10 in the BONUT2

Mark 10 in the BOPLNT

Mark 10 in the BOSCB

Mark 10 in the BOSNC

Mark 10 in the BOVCB

Mark 10 in the BOYCB

Mark 10 in the BPBB

Mark 10 in the BPH

Mark 10 in the BSB

Mark 10 in the CCB

Mark 10 in the CUV

Mark 10 in the CUVS

Mark 10 in the DBT

Mark 10 in the DGDNT

Mark 10 in the DHNT

Mark 10 in the DNT

Mark 10 in the ELBE

Mark 10 in the EMTV

Mark 10 in the ESV

Mark 10 in the FBV

Mark 10 in the FEB

Mark 10 in the GGMNT

Mark 10 in the GNT

Mark 10 in the HARY

Mark 10 in the HNT

Mark 10 in the IRVA

Mark 10 in the IRVB

Mark 10 in the IRVG

Mark 10 in the IRVH

Mark 10 in the IRVK

Mark 10 in the IRVM

Mark 10 in the IRVM2

Mark 10 in the IRVO

Mark 10 in the IRVP

Mark 10 in the IRVT

Mark 10 in the IRVT2

Mark 10 in the IRVU

Mark 10 in the ISVN

Mark 10 in the JSNT

Mark 10 in the KAPI

Mark 10 in the KBT1ETNIK

Mark 10 in the KBV

Mark 10 in the KJV

Mark 10 in the KNFD

Mark 10 in the LBA

Mark 10 in the LBLA

Mark 10 in the LNT

Mark 10 in the LSV

Mark 10 in the MAAL

Mark 10 in the MBV

Mark 10 in the MBV2

Mark 10 in the MHNT

Mark 10 in the MKNFD

Mark 10 in the MNG

Mark 10 in the MNT

Mark 10 in the MNT2

Mark 10 in the MRS1T

Mark 10 in the NAA

Mark 10 in the NASB

Mark 10 in the NBLA

Mark 10 in the NBS

Mark 10 in the NBVTP

Mark 10 in the NET2

Mark 10 in the NIV11

Mark 10 in the NNT

Mark 10 in the NNT2

Mark 10 in the NNT3

Mark 10 in the PDDPT

Mark 10 in the PFNT

Mark 10 in the RMNT

Mark 10 in the SBIAS

Mark 10 in the SBIBS

Mark 10 in the SBIBS2

Mark 10 in the SBICS

Mark 10 in the SBIDS

Mark 10 in the SBIGS

Mark 10 in the SBIHS

Mark 10 in the SBIIS

Mark 10 in the SBIIS2

Mark 10 in the SBIIS3

Mark 10 in the SBIKS

Mark 10 in the SBIKS2

Mark 10 in the SBIMS

Mark 10 in the SBIOS

Mark 10 in the SBIPS

Mark 10 in the SBISS

Mark 10 in the SBITS

Mark 10 in the SBITS2

Mark 10 in the SBITS3

Mark 10 in the SBITS4

Mark 10 in the SBIUS

Mark 10 in the SBIVS

Mark 10 in the SBT

Mark 10 in the SBT1E

Mark 10 in the SCHL

Mark 10 in the SNT

Mark 10 in the SUSU

Mark 10 in the SUSU2

Mark 10 in the SYNO

Mark 10 in the TBIAOTANT

Mark 10 in the TBT1E

Mark 10 in the TBT1E2

Mark 10 in the TFTIP

Mark 10 in the TFTU

Mark 10 in the TGNTATF3T

Mark 10 in the THAI

Mark 10 in the TNFD

Mark 10 in the TNT

Mark 10 in the TNTIK

Mark 10 in the TNTIL

Mark 10 in the TNTIN

Mark 10 in the TNTIP

Mark 10 in the TNTIZ

Mark 10 in the TOMA

Mark 10 in the TTENT

Mark 10 in the UBG

Mark 10 in the UGV

Mark 10 in the UGV2

Mark 10 in the UGV3

Mark 10 in the VBL

Mark 10 in the VDCC

Mark 10 in the YALU

Mark 10 in the YAPE

Mark 10 in the YBVTP

Mark 10 in the ZBP