Mark 16 (BOTLNT)
1 1-2 Mme mo maitseboeng a a latelang, fa Sabata e setse e fetile, Marea Magatalena le Salome le Marea mmaagwe Jakobe ba tsamaya ba ya go reka ditlolo go tlotsa setopo sa ga Jesu. Mo maphakeleng a magolo a letsatsi le le latelang fa letsatsi le tlhaba, ba tsaya ditlolo tseo ba ya natso kwa phupung. 3 Mo tseleng ba bo ba ntse ba buisanya ka gore ba tlaa feta ba tlosa jang letlapa le legolo fa kgorong ya phupu. 4 Mme ya re ba goroga ba leba ba bona gore letlapa le legolo le le bokete thata, le ne le setse le tlositswe mme kgoro ya lebitla ya bo e setse e bulegile! 5 Hong ba tsena mo phupung, mme mo letsogong le legolo ga bo go ntse lekau le apere diaparo tse di tshweu. Mme basadi ba gamarega. 6 Mme moengele a re, “Se boifeng. A ga lo batle Jesu wa Monasara yo o neng a bapotswe? Ga a yo fa! Bonang fa mmele wa gagwe o neng o robaditswe teng. 7 Jaanong tsamayang lo ise molaetsa o kwa barutweng ba gagwe le kwa go Petere lo re: Jesu o lo eteletse pele go ya Galalea; lo tlaa mmona gone, fela jaaka a lo boleletse pele ga aa swa!” 8 Basadi ba taboga ba tswa fa phupung, ba roroma ba tshogile thata mo ba neng ba palelwa ke go bua. 9 E ne e le maphakela ka letsatsi la Tshipi mo mosong fa Jesu a tsoga mo baswing, mme motho wa ntlha go mmona e ne e le Marea Magatalena, mosadi yo Jesu o kileng a kgoromeletsa ntle mewa e e maswe e supa mo go ene. 10 10-11 Hong a fitlhela barutwa ba lela ka kutlobotlhoko mme a ba bolelela gore o bonye Jesu, le gore o tshedile. Mme ga ba a ka ba mo dumela! 12 Morago ga letsatsi leo a iponatsa mo go ba babedi ba ba neng ba tsamaya ba tswa Jerusalema ba ya kwa nageng, mme ga ba a ka ba mo lemoga lwa ntlha ka gore o ne a fetogile setshwano. 13 Mme ya re kwa bofelong fa ba lemoga gore ke mang, ba tabogela kwa Jerusalema go ya go bolelela ba bangwe, mme ga se ka ga nna le yo o ba dumelang. 14 Kwa moragonyana a iponatsha mo barutweng ba ba lesome le motso ba sa ntse ba a ja. Mme a ba omanyetsa thata go tlhoka go dumela ga bone, ka botlhogo-e-thata jwa bone le go gana go dumela ba ba mmonyeng a sena go tsoga. 15 Mme a ba raya a re, “Lo tshwanetse go ya mo lefatsheng lotlhe lwa rerela mongwe le mongwe Mafoko a a Molemo, gongwe le gongwe. 16 Ba ba dumelang ba bo ba kolobediwa ba tlaa bolokwa. Mme ba ba ganang go dumela ba tlaa sekisiwa. 17 Mme ba ba dumelang ba tlaa dirisa thata ya me go kgoromeletsa ntle mewa e e maswe, ba tlaa bua dipuo tse di ncha. 18 Ba tlaa nna le thata ya go tshwara dinoga ba babalesegile, mme fa ba a nwa le fa e le eng se se bolayang ga se kitla se ba utlwisa botlhoko: Ba tlaa kgona go baya balwetse diatla ba ba fodisa.” 19 Erile Morena Jesu a sena go fetsa go bua le bone, a tsholelediwa kwa legodimong a ya go nna ka fa letsogong le legolo la Modimo. 20 Mme barutwa ba tswa ba ya gongwe le gongwe ba rera, mme Morena a bo a na le bone, a tlhomamisa se ba se buang ka dikgakgamatso tse di diragalang morago ga melaetsa ya bone.
In Other Versions
Mark 16 in the ANGEFD
Mark 16 in the ANTPNG2D
Mark 16 in the AS21
Mark 16 in the BAGH
Mark 16 in the BBPNG
Mark 16 in the BBT1E
Mark 16 in the BDS
Mark 16 in the BEV
Mark 16 in the BHAD
Mark 16 in the BIB
Mark 16 in the BLPT
Mark 16 in the BNT
Mark 16 in the BNTABOOT
Mark 16 in the BNTLV
Mark 16 in the BOATCB
Mark 16 in the BOATCB2
Mark 16 in the BOBCV
Mark 16 in the BOCNT
Mark 16 in the BOECS
Mark 16 in the BOGWICC
Mark 16 in the BOHCB
Mark 16 in the BOHCV
Mark 16 in the BOHLNT
Mark 16 in the BOHNTLTAL
Mark 16 in the BOICB
Mark 16 in the BOILNTAP
Mark 16 in the BOITCV
Mark 16 in the BOKCV
Mark 16 in the BOKCV2
Mark 16 in the BOKHWOG
Mark 16 in the BOKSSV
Mark 16 in the BOLCB
Mark 16 in the BOLCB2
Mark 16 in the BOMCV
Mark 16 in the BONAV
Mark 16 in the BONCB
Mark 16 in the BONLT
Mark 16 in the BONUT2
Mark 16 in the BOPLNT
Mark 16 in the BOSCB
Mark 16 in the BOSNC
Mark 16 in the BOVCB
Mark 16 in the BOYCB
Mark 16 in the BPBB
Mark 16 in the BPH
Mark 16 in the BSB
Mark 16 in the CCB
Mark 16 in the CUV
Mark 16 in the CUVS
Mark 16 in the DBT
Mark 16 in the DGDNT
Mark 16 in the DHNT
Mark 16 in the DNT
Mark 16 in the ELBE
Mark 16 in the EMTV
Mark 16 in the ESV
Mark 16 in the FBV
Mark 16 in the FEB
Mark 16 in the GGMNT
Mark 16 in the GNT
Mark 16 in the HARY
Mark 16 in the HNT
Mark 16 in the IRVA
Mark 16 in the IRVB
Mark 16 in the IRVG
Mark 16 in the IRVH
Mark 16 in the IRVK
Mark 16 in the IRVM
Mark 16 in the IRVM2
Mark 16 in the IRVO
Mark 16 in the IRVP
Mark 16 in the IRVT
Mark 16 in the IRVT2
Mark 16 in the IRVU
Mark 16 in the ISVN
Mark 16 in the JSNT
Mark 16 in the KAPI
Mark 16 in the KBT1ETNIK
Mark 16 in the KBV
Mark 16 in the KJV
Mark 16 in the KNFD
Mark 16 in the LBA
Mark 16 in the LBLA
Mark 16 in the LNT
Mark 16 in the LSV
Mark 16 in the MAAL
Mark 16 in the MBV
Mark 16 in the MBV2
Mark 16 in the MHNT
Mark 16 in the MKNFD
Mark 16 in the MNG
Mark 16 in the MNT
Mark 16 in the MNT2
Mark 16 in the MRS1T
Mark 16 in the NAA
Mark 16 in the NASB
Mark 16 in the NBLA
Mark 16 in the NBS
Mark 16 in the NBVTP
Mark 16 in the NET2
Mark 16 in the NIV11
Mark 16 in the NNT
Mark 16 in the NNT2
Mark 16 in the NNT3
Mark 16 in the PDDPT
Mark 16 in the PFNT
Mark 16 in the RMNT
Mark 16 in the SBIAS
Mark 16 in the SBIBS
Mark 16 in the SBIBS2
Mark 16 in the SBICS
Mark 16 in the SBIDS
Mark 16 in the SBIGS
Mark 16 in the SBIHS
Mark 16 in the SBIIS
Mark 16 in the SBIIS2
Mark 16 in the SBIIS3
Mark 16 in the SBIKS
Mark 16 in the SBIKS2
Mark 16 in the SBIMS
Mark 16 in the SBIOS
Mark 16 in the SBIPS
Mark 16 in the SBISS
Mark 16 in the SBITS
Mark 16 in the SBITS2
Mark 16 in the SBITS3
Mark 16 in the SBITS4
Mark 16 in the SBIUS
Mark 16 in the SBIVS
Mark 16 in the SBT
Mark 16 in the SBT1E
Mark 16 in the SCHL
Mark 16 in the SNT
Mark 16 in the SUSU
Mark 16 in the SUSU2
Mark 16 in the SYNO
Mark 16 in the TBIAOTANT
Mark 16 in the TBT1E
Mark 16 in the TBT1E2
Mark 16 in the TFTIP
Mark 16 in the TFTU
Mark 16 in the TGNTATF3T
Mark 16 in the THAI
Mark 16 in the TNFD
Mark 16 in the TNT
Mark 16 in the TNTIK
Mark 16 in the TNTIL
Mark 16 in the TNTIN
Mark 16 in the TNTIP
Mark 16 in the TNTIZ
Mark 16 in the TOMA
Mark 16 in the TTENT
Mark 16 in the UBG
Mark 16 in the UGV
Mark 16 in the UGV2
Mark 16 in the UGV3
Mark 16 in the VBL
Mark 16 in the VDCC
Mark 16 in the YALU
Mark 16 in the YAPE
Mark 16 in the YBVTP
Mark 16 in the ZBP