1 Corinthians 3 (BOTLNT)

1 Bakaulengwe ba ba rategang, ke ntse ke bua le lona jaaka ekete lo santse lo le bana mo bo-tshelong jwa Sekeresete, ba ba sa latelang Morena, mme lo latela dikeletso tsa lona; ga ke ka ke ka bua le lona jaaka fa ke ka bua le Bakeresete ba ba nonofileng, ba ba tletseng Mowa O O Boitshepo. 2 Ke tshwanetse go lo otla ka mashi e seng ka dijo tse di thata, gonne ga lo ka ke lwa kgona go di sila. Mme le jaanong lo santse lo tshwanetswe ke go otlwa ka mashi. 3 Gonne lo santse lo le Bakeresete ba ba botlana, ba lo laolwang ke dikeletso tsa lona; e seng tsa Modimo. Fa lo huhegelana mme lo ikaba ka ditlhopha tse di omanang, a se ga se supe gore lo sa le bananyana, lo batla tsela e e leng ya lona? Le fa go ntse jalo, lo dira jaaka batho ba eseng ba Morena gotlhelele. 4 Mme ke foo, lo omana ka gore a ke mogolo go feta Apolose, ebile lo kgaoganya phuthego. A se ga se supe gore lo godile go le gonnye mo Moreneng? 5 Nna ke mang, mme Apolose ene ke mang mo e leng gore re ka tsosa kgang? Ka goreng, gonne re batlhanka ba Modimo fela, mongwe le mongwe wa rona o na le dinonofo tse di faphegileng, mme ka thuso ya rona lo dumetse. 6 Tiro ya me e ne e le go jala peo mo dipelong tsa lona, mme tiro ya ga Apolose e ne e le go e nosetsa, mme e ne e le Modimo fela, e seng rona, o o godisitseng peo mo dipelong tsa lona. 7 Motho yo o jalang kgotsa yo o nosetsang ga a botlhokwa thata, mme Modimo o botlhokwa gonne ke one o o godisang dilo. 8 Apolose le nna re badiri mmogo ka maikaelelo a a tshwanang, le fa mongwe le mongwe wa rona a tlaa duelelwa tiro ya gagwe e a e dirileng ka bonatla. 9 Re badiri mmogo le Modimo. Lona lo tshimo ya Modimo, ebile; lo kago ya Modimo e seng ya rona. 10 Modimo mo bopelonoming jwa one o nthutile gore ke ka nna moitseanape wa moagi jang. Ke tlhomile motheo mme Apolose o agile mo go one. Mme yo o agang mo motheong o tshwanetse go tlhokomela thata. 11 Gonne ga go na ope yo o ka tlhomang motheo ope wa boammaaruri go gaisa o re setseng re na nao, ebong Jesu Keresete. 12 Mme go na le mekgwa e le mentsi thata e e ka dirisiwang go aga mo motheong oo. Bangwe ba dirisa Gauta le Selefera le maje a a phatsimang; bangwe ba aga ka dikgong, le bojang, kgotsa ka lotlhaka! 13 Mme go tlaa tla lobaka lwa tlhatlhobo ka letsatsi la ga Keresete la Katlholo go bona mofuta wa didirisiwa tse moagi mongwe le mongwe o di dirisitseng. Tiro ya mongwe le mongwe e tlaa tsenngwa mo gare ga molelo go re botlhe ba tle ba bone gore a e tlaa tshegetsa selekanyo sa yone kgotsa nnyaa, le gore go bonwe ka fa go dirilweng ka teng. 14 Ke gone ka moo modiri mongwe le mongwe yo o agileng mo motheong ka didirisiwa tsa dikago tse di siameng, le yo tiro ya gagwe e santseng e eme, o tlaa bona tuelo ya gagwe. 15 Mme fa ntlo e o e agileng ee sha, o tlaa nna le tatlhegelo e kgolo. Ene ka boene o tlaa bolokwa, mme o tlaa bolokwa jaaka motho yo o falolang mo kgabong ya molelo. 16 A ga lo lemoge gore lotlhe lo ntlo ya Modimo, le gore Mowa wa Modimo o nna mo go lona mo tlung ya one? 17 Fa mongwe a leswafatsa kgotsa a senya legae la Modimo, Modimo o tlaa mo senya. Gonne legae la Modimo le itshepile le phepa, mme ke lona legae leo. 18 Lesang go itsietsa. Fa lo ikaya lo le botlhale jo bo feteletseng, jaaka go lejwa ka fa ponong ya maemo a lefatshe le, go ka nna botoka go beela mo gotlhe fa thoko mme lwa nna dieleele go na le gore lo bo lese bo lo busetsa kwa morago mo botlhaleng jwa boammaarruri jo bo tswang kwa godimo. 19 Gonne botlhale jwa lefatshe ke boeleele mo Modimong. Jaaka mo lokwalong lwa ga Jobe gotwe, Modimo o dirisa botlhale jwa motho go mo tshwara; o kgotswa mo “botlhaleng” jwa gagwe mme a we. 20 Gape, mo lokwalong lwa Dipesalema re boleletswe gore Morena o itse sentle ka botlalo gore mogopolo wa motho o akanya jang, le boeleele le go tlhoka ga one. 21 Jalo se ikgantsheng ka go sala morago batlhalefi ba lefatshe le. Gonne Modimo o setse o lo neile sengwe le sengwe se lo se tlhokang. 22 O lo neile Paulo le Apolose le Petere go nna bathusi ba lona. O lo neile lefatshe lotlhe go le dirisa, le botshelo le lone loso ke batlhanka ba lona. O lo neile tsa motlha ono le tsotlhe tsa o o tlang. Tsotlhe ke tsa lona, 23 ebile lo ba ga Keresete, mme Keresete ke wa Modimo.

In Other Versions

1 Corinthians 3 in the ANGEFD

1 Corinthians 3 in the ANTPNG2D

1 Corinthians 3 in the AS21

1 Corinthians 3 in the BAGH

1 Corinthians 3 in the BBPNG

1 Corinthians 3 in the BBT1E

1 Corinthians 3 in the BDS

1 Corinthians 3 in the BEV

1 Corinthians 3 in the BHAD

1 Corinthians 3 in the BIB

1 Corinthians 3 in the BLPT

1 Corinthians 3 in the BNT

1 Corinthians 3 in the BNTABOOT

1 Corinthians 3 in the BNTLV

1 Corinthians 3 in the BOATCB

1 Corinthians 3 in the BOATCB2

1 Corinthians 3 in the BOBCV

1 Corinthians 3 in the BOCNT

1 Corinthians 3 in the BOECS

1 Corinthians 3 in the BOGWICC

1 Corinthians 3 in the BOHCB

1 Corinthians 3 in the BOHCV

1 Corinthians 3 in the BOHLNT

1 Corinthians 3 in the BOHNTLTAL

1 Corinthians 3 in the BOICB

1 Corinthians 3 in the BOILNTAP

1 Corinthians 3 in the BOITCV

1 Corinthians 3 in the BOKCV

1 Corinthians 3 in the BOKCV2

1 Corinthians 3 in the BOKHWOG

1 Corinthians 3 in the BOKSSV

1 Corinthians 3 in the BOLCB

1 Corinthians 3 in the BOLCB2

1 Corinthians 3 in the BOMCV

1 Corinthians 3 in the BONAV

1 Corinthians 3 in the BONCB

1 Corinthians 3 in the BONLT

1 Corinthians 3 in the BONUT2

1 Corinthians 3 in the BOPLNT

1 Corinthians 3 in the BOSCB

1 Corinthians 3 in the BOSNC

1 Corinthians 3 in the BOVCB

1 Corinthians 3 in the BOYCB

1 Corinthians 3 in the BPBB

1 Corinthians 3 in the BPH

1 Corinthians 3 in the BSB

1 Corinthians 3 in the CCB

1 Corinthians 3 in the CUV

1 Corinthians 3 in the CUVS

1 Corinthians 3 in the DBT

1 Corinthians 3 in the DGDNT

1 Corinthians 3 in the DHNT

1 Corinthians 3 in the DNT

1 Corinthians 3 in the ELBE

1 Corinthians 3 in the EMTV

1 Corinthians 3 in the ESV

1 Corinthians 3 in the FBV

1 Corinthians 3 in the FEB

1 Corinthians 3 in the GGMNT

1 Corinthians 3 in the GNT

1 Corinthians 3 in the HARY

1 Corinthians 3 in the HNT

1 Corinthians 3 in the IRVA

1 Corinthians 3 in the IRVB

1 Corinthians 3 in the IRVG

1 Corinthians 3 in the IRVH

1 Corinthians 3 in the IRVK

1 Corinthians 3 in the IRVM

1 Corinthians 3 in the IRVM2

1 Corinthians 3 in the IRVO

1 Corinthians 3 in the IRVP

1 Corinthians 3 in the IRVT

1 Corinthians 3 in the IRVT2

1 Corinthians 3 in the IRVU

1 Corinthians 3 in the ISVN

1 Corinthians 3 in the JSNT

1 Corinthians 3 in the KAPI

1 Corinthians 3 in the KBT1ETNIK

1 Corinthians 3 in the KBV

1 Corinthians 3 in the KJV

1 Corinthians 3 in the KNFD

1 Corinthians 3 in the LBA

1 Corinthians 3 in the LBLA

1 Corinthians 3 in the LNT

1 Corinthians 3 in the LSV

1 Corinthians 3 in the MAAL

1 Corinthians 3 in the MBV

1 Corinthians 3 in the MBV2

1 Corinthians 3 in the MHNT

1 Corinthians 3 in the MKNFD

1 Corinthians 3 in the MNG

1 Corinthians 3 in the MNT

1 Corinthians 3 in the MNT2

1 Corinthians 3 in the MRS1T

1 Corinthians 3 in the NAA

1 Corinthians 3 in the NASB

1 Corinthians 3 in the NBLA

1 Corinthians 3 in the NBS

1 Corinthians 3 in the NBVTP

1 Corinthians 3 in the NET2

1 Corinthians 3 in the NIV11

1 Corinthians 3 in the NNT

1 Corinthians 3 in the NNT2

1 Corinthians 3 in the NNT3

1 Corinthians 3 in the PDDPT

1 Corinthians 3 in the PFNT

1 Corinthians 3 in the RMNT

1 Corinthians 3 in the SBIAS

1 Corinthians 3 in the SBIBS

1 Corinthians 3 in the SBIBS2

1 Corinthians 3 in the SBICS

1 Corinthians 3 in the SBIDS

1 Corinthians 3 in the SBIGS

1 Corinthians 3 in the SBIHS

1 Corinthians 3 in the SBIIS

1 Corinthians 3 in the SBIIS2

1 Corinthians 3 in the SBIIS3

1 Corinthians 3 in the SBIKS

1 Corinthians 3 in the SBIKS2

1 Corinthians 3 in the SBIMS

1 Corinthians 3 in the SBIOS

1 Corinthians 3 in the SBIPS

1 Corinthians 3 in the SBISS

1 Corinthians 3 in the SBITS

1 Corinthians 3 in the SBITS2

1 Corinthians 3 in the SBITS3

1 Corinthians 3 in the SBITS4

1 Corinthians 3 in the SBIUS

1 Corinthians 3 in the SBIVS

1 Corinthians 3 in the SBT

1 Corinthians 3 in the SBT1E

1 Corinthians 3 in the SCHL

1 Corinthians 3 in the SNT

1 Corinthians 3 in the SUSU

1 Corinthians 3 in the SUSU2

1 Corinthians 3 in the SYNO

1 Corinthians 3 in the TBIAOTANT

1 Corinthians 3 in the TBT1E

1 Corinthians 3 in the TBT1E2

1 Corinthians 3 in the TFTIP

1 Corinthians 3 in the TFTU

1 Corinthians 3 in the TGNTATF3T

1 Corinthians 3 in the THAI

1 Corinthians 3 in the TNFD

1 Corinthians 3 in the TNT

1 Corinthians 3 in the TNTIK

1 Corinthians 3 in the TNTIL

1 Corinthians 3 in the TNTIN

1 Corinthians 3 in the TNTIP

1 Corinthians 3 in the TNTIZ

1 Corinthians 3 in the TOMA

1 Corinthians 3 in the TTENT

1 Corinthians 3 in the UBG

1 Corinthians 3 in the UGV

1 Corinthians 3 in the UGV2

1 Corinthians 3 in the UGV3

1 Corinthians 3 in the VBL

1 Corinthians 3 in the VDCC

1 Corinthians 3 in the YALU

1 Corinthians 3 in the YAPE

1 Corinthians 3 in the YBVTP

1 Corinthians 3 in the ZBP