1 Timothy 3 (BOTLNT)

1 Mme ke boammaaruri gore fa motho a batla go nna modisa wa phuthego, o eletsa tiro e e molemo. 2 Gonne modisa wa phuthego (moruti) o tshwanetse ya bo e le motho yo botshelo jwa gagwe bo sa belaetseng. O tshwanetse go nna le mosadi a le mongwe fela, e le modiri yo o tlhaga, yo o dirisang tlhaloganyo yo o matsetseleko a bile a le ditiro di ntle. O tshwanetse go itumelela go amogela baeng mo lapeng la gagwe a bile a kgona go ruta Lefoko la Modimo sentle. 3 Ga aa tshwanela go bo a le letagwa kgotsa moomani, mme o tshwanetse go nna bonolo le bopelonomi, a sa rate madi. 4 Ba ntlo ya gagwe ba tshwanetse go nna le maitseo, e le bana ba ba utlwang ka bonako le ka tshisimogo. 5 Gonne fa monna a sa ka ke a aga maitseo a ba ntlo ya gagwe, o ka thusa phuthego yotlhe jang? 6 Moruti ga a a tshwanela go bo e le Mokeresete yo mosha mo tumelong, gonne o ka tloga a ikgantsha ka go tlhophiwa ka bonako, mme maikgantsho a tla pele ga go wa. (Go wa ga ga Satane ke sekai). 7 Gape, o tshwanetse go kaiwa ka tshiamo ke batho ba ba kwa ntle ga phuthego, ba e seng Bakeresete, e se re kgotsa Satane a mo digela mo serung ka go mmaya melato e mentsi, mme a mo tlogele a sa gololesega go etelela phuthego ya gagwe pele. 8 Batiakoni le bone ba tshwanetse go nna le tshiamo e e ntseng fela jalo, e le banna ba ba iketlileng jaaka baruti. Ga ba a tshwanela go bo e le matagwa le digagapa mo mading. 9 Ba tshwanetse go nna tlhwaafalo, balatedi ba ba pelo dingwe fela ba ga Keresete, yo e leng motswedi o o fitlhegileng wa tumelo ya bone. 10 Pele ga ba kopiwa go nna Batiakoni, ba tshwanetse go newa ditiro dingwe mo phuthegong e le go bona maitsholo (maitseo) a bone le nonofo, mme fa ba dira sentle, ke gone ba ka tlhophiwang go nna Batiakoni. 11 Basadi ba bone ba tshwanetse go nna masisi, e se matagwa, e se basebi, mme ba ikanyega mo dilong tsotlhe tse ba di dirang. 12 Motiakoni mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le mosadi a le mongwe ebile o tshwanetse go nna le lolwapa lo lo itumedisang lo lo nang le kutlo. 13 Batiakoni ba ba dirang sentle ba tlaa duelwa ka tlotlo ke ba bangwe le go godisa boikanyo le bopelokgale jwa bone mo go ikanyeng Morena. 14 Ke lo kwalela dilo tse jaanong, le fa ke solofela go nna le lona ka bonako, 15 gore e re fa ke sa tle ka lobakanyana lo itse mofuta wa batho ba lo tshwanetseng go ba tlhopha go nna badiredi ba phuthego ya Modimo o o tshelang, e e nang le boammaaruri jo bo tletseng jwa Modimo. 16 Go boammaaruri tota gore go tshelela Modimo ga go motlhofo. Mme karabo e mo go Keresete, yo o tsileng mo lefatsheng a le mo setshwanong sa motho, yo o supegileng a sena selabe a bile a itshekile mo Moweng wa gagwe, yo o diretsweng ke baengele, a rerwa mo dichabeng, a amogelwa ke batho gongwe le gongwe mme a amogelwa gape mo kgalalelong ya gagwe kwa legodimong.

In Other Versions

1 Timothy 3 in the ANGEFD

1 Timothy 3 in the ANTPNG2D

1 Timothy 3 in the AS21

1 Timothy 3 in the BAGH

1 Timothy 3 in the BBPNG

1 Timothy 3 in the BBT1E

1 Timothy 3 in the BDS

1 Timothy 3 in the BEV

1 Timothy 3 in the BHAD

1 Timothy 3 in the BIB

1 Timothy 3 in the BLPT

1 Timothy 3 in the BNT

1 Timothy 3 in the BNTABOOT

1 Timothy 3 in the BNTLV

1 Timothy 3 in the BOATCB

1 Timothy 3 in the BOATCB2

1 Timothy 3 in the BOBCV

1 Timothy 3 in the BOCNT

1 Timothy 3 in the BOECS

1 Timothy 3 in the BOGWICC

1 Timothy 3 in the BOHCB

1 Timothy 3 in the BOHCV

1 Timothy 3 in the BOHLNT

1 Timothy 3 in the BOHNTLTAL

1 Timothy 3 in the BOICB

1 Timothy 3 in the BOILNTAP

1 Timothy 3 in the BOITCV

1 Timothy 3 in the BOKCV

1 Timothy 3 in the BOKCV2

1 Timothy 3 in the BOKHWOG

1 Timothy 3 in the BOKSSV

1 Timothy 3 in the BOLCB

1 Timothy 3 in the BOLCB2

1 Timothy 3 in the BOMCV

1 Timothy 3 in the BONAV

1 Timothy 3 in the BONCB

1 Timothy 3 in the BONLT

1 Timothy 3 in the BONUT2

1 Timothy 3 in the BOPLNT

1 Timothy 3 in the BOSCB

1 Timothy 3 in the BOSNC

1 Timothy 3 in the BOVCB

1 Timothy 3 in the BOYCB

1 Timothy 3 in the BPBB

1 Timothy 3 in the BPH

1 Timothy 3 in the BSB

1 Timothy 3 in the CCB

1 Timothy 3 in the CUV

1 Timothy 3 in the CUVS

1 Timothy 3 in the DBT

1 Timothy 3 in the DGDNT

1 Timothy 3 in the DHNT

1 Timothy 3 in the DNT

1 Timothy 3 in the ELBE

1 Timothy 3 in the EMTV

1 Timothy 3 in the ESV

1 Timothy 3 in the FBV

1 Timothy 3 in the FEB

1 Timothy 3 in the GGMNT

1 Timothy 3 in the GNT

1 Timothy 3 in the HARY

1 Timothy 3 in the HNT

1 Timothy 3 in the IRVA

1 Timothy 3 in the IRVB

1 Timothy 3 in the IRVG

1 Timothy 3 in the IRVH

1 Timothy 3 in the IRVK

1 Timothy 3 in the IRVM

1 Timothy 3 in the IRVM2

1 Timothy 3 in the IRVO

1 Timothy 3 in the IRVP

1 Timothy 3 in the IRVT

1 Timothy 3 in the IRVT2

1 Timothy 3 in the IRVU

1 Timothy 3 in the ISVN

1 Timothy 3 in the JSNT

1 Timothy 3 in the KAPI

1 Timothy 3 in the KBT1ETNIK

1 Timothy 3 in the KBV

1 Timothy 3 in the KJV

1 Timothy 3 in the KNFD

1 Timothy 3 in the LBA

1 Timothy 3 in the LBLA

1 Timothy 3 in the LNT

1 Timothy 3 in the LSV

1 Timothy 3 in the MAAL

1 Timothy 3 in the MBV

1 Timothy 3 in the MBV2

1 Timothy 3 in the MHNT

1 Timothy 3 in the MKNFD

1 Timothy 3 in the MNG

1 Timothy 3 in the MNT

1 Timothy 3 in the MNT2

1 Timothy 3 in the MRS1T

1 Timothy 3 in the NAA

1 Timothy 3 in the NASB

1 Timothy 3 in the NBLA

1 Timothy 3 in the NBS

1 Timothy 3 in the NBVTP

1 Timothy 3 in the NET2

1 Timothy 3 in the NIV11

1 Timothy 3 in the NNT

1 Timothy 3 in the NNT2

1 Timothy 3 in the NNT3

1 Timothy 3 in the PDDPT

1 Timothy 3 in the PFNT

1 Timothy 3 in the RMNT

1 Timothy 3 in the SBIAS

1 Timothy 3 in the SBIBS

1 Timothy 3 in the SBIBS2

1 Timothy 3 in the SBICS

1 Timothy 3 in the SBIDS

1 Timothy 3 in the SBIGS

1 Timothy 3 in the SBIHS

1 Timothy 3 in the SBIIS

1 Timothy 3 in the SBIIS2

1 Timothy 3 in the SBIIS3

1 Timothy 3 in the SBIKS

1 Timothy 3 in the SBIKS2

1 Timothy 3 in the SBIMS

1 Timothy 3 in the SBIOS

1 Timothy 3 in the SBIPS

1 Timothy 3 in the SBISS

1 Timothy 3 in the SBITS

1 Timothy 3 in the SBITS2

1 Timothy 3 in the SBITS3

1 Timothy 3 in the SBITS4

1 Timothy 3 in the SBIUS

1 Timothy 3 in the SBIVS

1 Timothy 3 in the SBT

1 Timothy 3 in the SBT1E

1 Timothy 3 in the SCHL

1 Timothy 3 in the SNT

1 Timothy 3 in the SUSU

1 Timothy 3 in the SUSU2

1 Timothy 3 in the SYNO

1 Timothy 3 in the TBIAOTANT

1 Timothy 3 in the TBT1E

1 Timothy 3 in the TBT1E2

1 Timothy 3 in the TFTIP

1 Timothy 3 in the TFTU

1 Timothy 3 in the TGNTATF3T

1 Timothy 3 in the THAI

1 Timothy 3 in the TNFD

1 Timothy 3 in the TNT

1 Timothy 3 in the TNTIK

1 Timothy 3 in the TNTIL

1 Timothy 3 in the TNTIN

1 Timothy 3 in the TNTIP

1 Timothy 3 in the TNTIZ

1 Timothy 3 in the TOMA

1 Timothy 3 in the TTENT

1 Timothy 3 in the UBG

1 Timothy 3 in the UGV

1 Timothy 3 in the UGV2

1 Timothy 3 in the UGV3

1 Timothy 3 in the VBL

1 Timothy 3 in the VDCC

1 Timothy 3 in the YALU

1 Timothy 3 in the YAPE

1 Timothy 3 in the YBVTP

1 Timothy 3 in the ZBP