2 Corinthians 8 (BOTLNT)
1 Mme jaanong ke batla go lo bolelela se Modimo mo tshegofatsong ya one o se diretseng diphuthego mo Masedonia. 2 Le fa ba ne ba feta mo matshwenyegong a magolo le dinako tse di thata, ba tlhakantse boitumelojwa bone jo bo hakgamatsang le lehuma la bone, mme ka ntlha ya go dira jalo ga penologa letlotlo la go aba ga bone. 3 Ba ne ba sa abe fela mo ba ka go kgonang mme ba ne ba aba mo go ntsi; ebile ke ka supa gore ba ne ba batla go dira jalo e seng ka ntlha ya go ba tshwenya ga me. 4 Ba re kopile go tsaya madi gore ba tle ba a tlhakanele mo boitumelong jwa go thusa Bakeresete mo Jerusalema. 5 Mo go tsone tsotlhe, ba fetile mo re neng re go solofetse, gonne tiro ya bone ya ntlha e ne e le go ikopanya le Morena le rona, mo ditaelong dingwe le dingwe tse Modimo o ka bong o di ba neile ka rona. 6 Ba ne ba na le kgatlhego thata kaga gone gore re bo re kgothaditse Tito, yo o kgothaditseng go aba ga lona mo tshimologong, go lo etela le go lo kgothatsa go fetsa seabe sa lona mo tirelong e ya go aba. 7 Lona batho ba lo koo go na le baeteledipele ka ditsela tse dintsi, lona le tumelo e kgolo, bareri ba bantsi ba ba siameng, thuto e ntsi, tlhwaafalo e kgolo le lorato mo go rona. Jaanong ke batla lo nna baeteledipele mo neong ya go aba ka bopelonomi. 8 Ga ke lo neye taolo, ga ke re lo e dire, mme bangwe ba a e eletsa. Se ke tsela e le nngwe go supa gore lorato lwa lona ke lwa boammaaruri, gore lo feta mafoko fela. 9 Lo itse ka fa Morena wa rona Jesu Keresete o neng a le lorato le bonolo ka teng: Le fa a ne a humile thata, ka ntlha ya go lo thusa o ne a humanega thata, gore ka go humanega ga gagwe a lo humise. 10 Ke batla go ntsha mogopolo wa gore lo fetse tse lo simolotseng go di dira mo ngwageng e e fetileng, gonne lo ne lo se ba ntlha go bua mogopolo o, mme lo ba ntlha go simolola go dira sengwe kaga one. 11 Ka lo simolotse ka tlhwaafalo e kgolo, lo tshwanetse go fetsa tiro e fela ka boitumelo, lo aba se lo ka se abang mo go se lo nang naso. A mogopolo wa lona o o simologileng ka tlhwaafalo o lekalekane le tiro ya lona ya boammaaruri jaanong. 12 Fa tota lo tlhwaafaletse go aba, jalo ga go botlhokwa gore lo aba go le kae. Modimo o batla lo aba se lo nang naso, e seng se lo senang naso. 13 Mme ga ke reye gore ba ba amogelang dimpho tsa lona ba thube kobo segole (iketlo) ka ditshenyegelo tsa lona, 14 mme lo tshwanetse lo abelane nabo. Gone jaanong lo na le mo go ntsi, lo ka ba thusa; ka nako e nngwe ba ka abelana le lona fa lo tlhoka. 15 Ka tsela e mongwe le mongwe o tlaa nna le sengwe le sengwe se a se tlhokang. 16 Ke leboga Modimo ka gore o neile Tito tlhwaafalo mo go lona e ke nang nayo. 17 O itumelela go latela mogopolo wa me gore a lo etele gape, mme ke solofela gore o ka ba a tsile, gonne o tlhwaafaletse go lo bona! 18 Ke mo romela le mokaulengwe yo o itsegeng sentle, yo o bakwang thata e le Moreri wa Mafoko a a Molemo mo diphuthegong tsotlhe. 19 Mme tota, monna yo o tlhophilwe ke diphuthego go tsamaya le nna go isa mpho ya Jerusalema. Se se tlaa galaletsa Morena se bo se supa tlhwaafalo ya rona go thusa ba bangwe. 20 Ka go tsamaya mmogo re tlaa bo re itshireletsa mo dipelaelong dingwe le dingwe, gonne re eletsa gore ope a se ka a re bona molato ka mokgwa o re tshotseng mpho e kgolo e ka one. 21 Modimo o a itse gore re a ikanyega, mme ke batla gore mongwe le mongwe le ene a itse. Ke gone ka moo re dirileng thulaganyo e. 22 Mme ke santse ke lo romelela mokaulengwe yo mongwe, yo re mo itseng go tswa mo maitemogelong gore ke Mokeresete yo o tsepameng. O na le kgatlhego, fa a lebelela loeto lo, ka gore ke mmoleletse gotlhe kaga tlhwaafalo ya lona ya go thusa. 23 Fa mongwe a botsa gore Tito ke mang, lo re ke modiri ka nna, mothusi wa me mo go lo thuseng, mme lo ka nna lwa re bakaulengwe ba bangwe ba babedi ba emetse diphuthego fano, ke dikai tse di galalelang tsa ba e leng ba Morena. 24 Tswee-tswee supang lorato lwa lona mo go nna mo banneng ba, mme lo ba direle gotlhe mo ke ikgantshitseng ka gone gore lo tlaa go dira.
In Other Versions
2 Corinthians 8 in the ANGEFD
2 Corinthians 8 in the ANTPNG2D
2 Corinthians 8 in the AS21
2 Corinthians 8 in the BAGH
2 Corinthians 8 in the BBPNG
2 Corinthians 8 in the BBT1E
2 Corinthians 8 in the BDS
2 Corinthians 8 in the BEV
2 Corinthians 8 in the BHAD
2 Corinthians 8 in the BIB
2 Corinthians 8 in the BLPT
2 Corinthians 8 in the BNT
2 Corinthians 8 in the BNTABOOT
2 Corinthians 8 in the BNTLV
2 Corinthians 8 in the BOATCB
2 Corinthians 8 in the BOATCB2
2 Corinthians 8 in the BOBCV
2 Corinthians 8 in the BOCNT
2 Corinthians 8 in the BOECS
2 Corinthians 8 in the BOGWICC
2 Corinthians 8 in the BOHCB
2 Corinthians 8 in the BOHCV
2 Corinthians 8 in the BOHLNT
2 Corinthians 8 in the BOHNTLTAL
2 Corinthians 8 in the BOICB
2 Corinthians 8 in the BOILNTAP
2 Corinthians 8 in the BOITCV
2 Corinthians 8 in the BOKCV
2 Corinthians 8 in the BOKCV2
2 Corinthians 8 in the BOKHWOG
2 Corinthians 8 in the BOKSSV
2 Corinthians 8 in the BOLCB
2 Corinthians 8 in the BOLCB2
2 Corinthians 8 in the BOMCV
2 Corinthians 8 in the BONAV
2 Corinthians 8 in the BONCB
2 Corinthians 8 in the BONLT
2 Corinthians 8 in the BONUT2
2 Corinthians 8 in the BOPLNT
2 Corinthians 8 in the BOSCB
2 Corinthians 8 in the BOSNC
2 Corinthians 8 in the BOVCB
2 Corinthians 8 in the BOYCB
2 Corinthians 8 in the BPBB
2 Corinthians 8 in the BPH
2 Corinthians 8 in the BSB
2 Corinthians 8 in the CCB
2 Corinthians 8 in the CUV
2 Corinthians 8 in the CUVS
2 Corinthians 8 in the DBT
2 Corinthians 8 in the DGDNT
2 Corinthians 8 in the DHNT
2 Corinthians 8 in the DNT
2 Corinthians 8 in the ELBE
2 Corinthians 8 in the EMTV
2 Corinthians 8 in the ESV
2 Corinthians 8 in the FBV
2 Corinthians 8 in the FEB
2 Corinthians 8 in the GGMNT
2 Corinthians 8 in the GNT
2 Corinthians 8 in the HARY
2 Corinthians 8 in the HNT
2 Corinthians 8 in the IRVA
2 Corinthians 8 in the IRVB
2 Corinthians 8 in the IRVG
2 Corinthians 8 in the IRVH
2 Corinthians 8 in the IRVK
2 Corinthians 8 in the IRVM
2 Corinthians 8 in the IRVM2
2 Corinthians 8 in the IRVO
2 Corinthians 8 in the IRVP
2 Corinthians 8 in the IRVT
2 Corinthians 8 in the IRVT2
2 Corinthians 8 in the IRVU
2 Corinthians 8 in the ISVN
2 Corinthians 8 in the JSNT
2 Corinthians 8 in the KAPI
2 Corinthians 8 in the KBT1ETNIK
2 Corinthians 8 in the KBV
2 Corinthians 8 in the KJV
2 Corinthians 8 in the KNFD
2 Corinthians 8 in the LBA
2 Corinthians 8 in the LBLA
2 Corinthians 8 in the LNT
2 Corinthians 8 in the LSV
2 Corinthians 8 in the MAAL
2 Corinthians 8 in the MBV
2 Corinthians 8 in the MBV2
2 Corinthians 8 in the MHNT
2 Corinthians 8 in the MKNFD
2 Corinthians 8 in the MNG
2 Corinthians 8 in the MNT
2 Corinthians 8 in the MNT2
2 Corinthians 8 in the MRS1T
2 Corinthians 8 in the NAA
2 Corinthians 8 in the NASB
2 Corinthians 8 in the NBLA
2 Corinthians 8 in the NBS
2 Corinthians 8 in the NBVTP
2 Corinthians 8 in the NET2
2 Corinthians 8 in the NIV11
2 Corinthians 8 in the NNT
2 Corinthians 8 in the NNT2
2 Corinthians 8 in the NNT3
2 Corinthians 8 in the PDDPT
2 Corinthians 8 in the PFNT
2 Corinthians 8 in the RMNT
2 Corinthians 8 in the SBIAS
2 Corinthians 8 in the SBIBS
2 Corinthians 8 in the SBIBS2
2 Corinthians 8 in the SBICS
2 Corinthians 8 in the SBIDS
2 Corinthians 8 in the SBIGS
2 Corinthians 8 in the SBIHS
2 Corinthians 8 in the SBIIS
2 Corinthians 8 in the SBIIS2
2 Corinthians 8 in the SBIIS3
2 Corinthians 8 in the SBIKS
2 Corinthians 8 in the SBIKS2
2 Corinthians 8 in the SBIMS
2 Corinthians 8 in the SBIOS
2 Corinthians 8 in the SBIPS
2 Corinthians 8 in the SBISS
2 Corinthians 8 in the SBITS
2 Corinthians 8 in the SBITS2
2 Corinthians 8 in the SBITS3
2 Corinthians 8 in the SBITS4
2 Corinthians 8 in the SBIUS
2 Corinthians 8 in the SBIVS
2 Corinthians 8 in the SBT
2 Corinthians 8 in the SBT1E
2 Corinthians 8 in the SCHL
2 Corinthians 8 in the SNT
2 Corinthians 8 in the SUSU
2 Corinthians 8 in the SUSU2
2 Corinthians 8 in the SYNO
2 Corinthians 8 in the TBIAOTANT
2 Corinthians 8 in the TBT1E
2 Corinthians 8 in the TBT1E2
2 Corinthians 8 in the TFTIP
2 Corinthians 8 in the TFTU
2 Corinthians 8 in the TGNTATF3T
2 Corinthians 8 in the THAI
2 Corinthians 8 in the TNFD
2 Corinthians 8 in the TNT
2 Corinthians 8 in the TNTIK
2 Corinthians 8 in the TNTIL
2 Corinthians 8 in the TNTIN
2 Corinthians 8 in the TNTIP
2 Corinthians 8 in the TNTIZ
2 Corinthians 8 in the TOMA
2 Corinthians 8 in the TTENT
2 Corinthians 8 in the UBG
2 Corinthians 8 in the UGV
2 Corinthians 8 in the UGV2
2 Corinthians 8 in the UGV3
2 Corinthians 8 in the VBL
2 Corinthians 8 in the VDCC
2 Corinthians 8 in the YALU
2 Corinthians 8 in the YAPE
2 Corinthians 8 in the YBVTP
2 Corinthians 8 in the ZBP