2 Peter 2 (BOTLNT)

1 Mme go ne go na le baporofiti ba tsietso mo malatsing ao, fela jaaka go tlaa nna le baruti ba tsietso mo go lona. Mme ka botlhale jwa bone ba tlaa bolela maaka kaga Modimo, ba fularela le e leng Morena wa bone yo o ba rekileng; mme ga bone e tlaa nna bokhutlo jo bo bofefo jo bo boitshegang. 2 Ba le bantsi ba tlaa latela thuto ya bone e e bosula ya gore boaka ga bo molato. Mme ka ntlha ya bone Keresete le ditsela tsa gagwe di tlaa sotlwa. 3 Baruti ba, ka ntlha ya bohatlha jwa bone, ba tlaa lo bolelela sengwe fela gore ba tseye madi a lona. Mme Modimo o ba atlhotse bogologolo mme tshenyego ya bone e mo tseleng e a tla. 4 Gonne Modimo ga o a ka wa rekegela le e leng baengele ba ba neng ba leofa, mme o ne wa ba latlhela mo moleteng, ba gokeletswe mo dikgageng tse di lefifi go fitlhelela letsatsi la katlholo. 5 Mme ga o a ka wa rekegela batho ba bogologolo mo morwaleleng fa e se Noa fela, motho yo o esi yo o neng a buelela Modimo le ba ntlo ya gagwe ba supa. Mo lobakeng loo, Modimo o ne wa nyeletsa lefatshe lotlhe le batho ba ba sa boifeng Modimo ka morwalela o mogolo. 6 Kwa morago wa fetola metse ya Sodoma le Gomora dithotobolo tsa melora wa bo wa e tlosa mo ponong ya lefatshe, wa ba dira sekao sa botlhe ba ba sa boifeng Modimo gore ba lebe kwa morago mme ba boife. 7 7-8 Go ntse go ntse jalo Modimo wa falotsha Lote mo Sodoma ka ntlha ya gore e ne e le mosiami, a utlwisiwa botlhoko ke bosula jo bo maswe jo a neng a bo bona gongwe le gongwe mo tikologong ya gagwe malatsi ka go tlhatlologana. 9 Jalo Modimo o ka falotsha nna le wena mo dithaelong tse di re dikaganyeditseng, mme wa tswelela ka go otlhaya ba ba sa o boifeng go fitlhelela letsatsi la bofelo la katlholo le tla. 10 O setlhogo bogolo mo go ba ba tsamayang mo bosulengjwa bone, le mo dikakanyong tsa dithato tsa bone, le ba ba ikgogomosang ebile ba le bodipa, ba sa boife go nyatsa Bagalaledi, le fa e le go ba sisimoga, 11 le fa baengele ba ba kwa legodimong ba ba emang fa pele ga Morena, ebile ba nonofile thata go gaisa baruti ba ba tsietso, ba se ke ba bua ka lonyatso mabapi le ba ba bosula ba. 12 Mme baruti ba tsietso ba dieleele, ga ba botoka bope go na le diphologolo. Ba dira sengwe le sengwe se ba ikutlwang ba se rata; ba tsaletswe go tshwarwa fela le go bolawa, ba nyatsa nonofo e e boitshegang ya bobipo e ba itseng go le gonnye fela ka yone; mme ba tlaa nyelediwa mmogo le mewa e e maswe yotlhe le dinonofo tsa molete. 13 Eo ke yone tuelo e baruti ba ba tlaa e bonang ka ntlha ya dibe tsa bone. Gonne ba nna mo botlhapelweng jo bo maswe ja letsatsi le letsatsi. Ba tlhabisa ditlhong ebile ba leswe mo go lona, ba lo tsietsa ka go tshela mo sebeng ka ntlha e nngwe ba tlhakana le lona mo medirong jaaka ekete ke batho ba ba ikanyegang. 14 Ga go na mosadi ope yo o ka falolang tebo ya bone ya boleo, mme ka boaka gone, ga ba ke ba kgotsofala. Ba hepisa basadi ba ba sa tiang mo tumelong, ba ithutile go nna bohula; mme ba atlhotswe ebile ba hutsitswe. 15 Ba dule mo tseleng mme ba latlhegile jaaka Balame, morwa Beore, yo o neng a ratile madi a o neng a ka a bona ka go dira tshiamololo. 16 Balame o ne a emisiwa mo tseleng ya gagwe ya boeleele fa tonki ya gagwe e bua nae ka lentswe la setho, e mo omanya e mo kgalemela. 17 Batho ba ga ba na mosola ba tshwana fela le metswedi ya metse e e kgadileng, ba solofetsa go le go ntsi mme ba sa tlise sepe; ga ba a nitama fela jaaka leru le le kgwekgweediwang ke matsubutsubu a diphefo. Ba sekisitswe go ya meleteng ya lefifi la bosakhutleng. 18 Ba ipelafatsa ka maleo a bone le phenyo. Mme ba dirisa dithata tsa bone jaaka seru sa bone ba hepisetsa; ba ba falotseng botshelo jo bo maswe joo mo sebeng gape. 19 Ba ba raya ba re, “Ga lo a bolokwa ka go nna tshiamo; lo ka nna lwa bolokwa ka go tlhoka tshiamo. Dirang se lo se ratang, lo gololesege.” Mme bone baruti ba ba ba nayang “kgololesego” e e mo molaong ke bone batlhanka ba boleo le tshenyego. Gonne motho ke motlhanka wa se se mo laolang. 20 Mme fa motho a falotse mekgwa e e bosula ya lefatshe ka go ithuta ka ga Morena le Mmoloki wa rona Jesu Keresete, mme a bo a ithatheletsa ka sebe a bo a nna motlhanka wa sone gape, o maswe bogolo go gaisa jaaka a ne a ntse pele. 21 Go ne go ka nna botoka fa a ne a ise a ke a itse ka Keresete gotlhelele go na le go ithuta ka ga gagwe mme morago ga moo a bo a fapoga melao e e boitshepo e o e neetsweng. 22 Mogologolo a re, “Ntsa e boela mo matlhatseng a yone, mme kolobe e tlhapisediwa fela go bowa e bidikama mo morageng gape.” Go ntse fela jalo le mo go ba ba boelang mo dibeng tsa bone gape.

In Other Versions

2 Peter 2 in the ANGEFD

2 Peter 2 in the ANTPNG2D

2 Peter 2 in the AS21

2 Peter 2 in the BAGH

2 Peter 2 in the BBPNG

2 Peter 2 in the BBT1E

2 Peter 2 in the BDS

2 Peter 2 in the BEV

2 Peter 2 in the BHAD

2 Peter 2 in the BIB

2 Peter 2 in the BLPT

2 Peter 2 in the BNT

2 Peter 2 in the BNTABOOT

2 Peter 2 in the BNTLV

2 Peter 2 in the BOATCB

2 Peter 2 in the BOATCB2

2 Peter 2 in the BOBCV

2 Peter 2 in the BOCNT

2 Peter 2 in the BOECS

2 Peter 2 in the BOGWICC

2 Peter 2 in the BOHCB

2 Peter 2 in the BOHCV

2 Peter 2 in the BOHLNT

2 Peter 2 in the BOHNTLTAL

2 Peter 2 in the BOICB

2 Peter 2 in the BOILNTAP

2 Peter 2 in the BOITCV

2 Peter 2 in the BOKCV

2 Peter 2 in the BOKCV2

2 Peter 2 in the BOKHWOG

2 Peter 2 in the BOKSSV

2 Peter 2 in the BOLCB

2 Peter 2 in the BOLCB2

2 Peter 2 in the BOMCV

2 Peter 2 in the BONAV

2 Peter 2 in the BONCB

2 Peter 2 in the BONLT

2 Peter 2 in the BONUT2

2 Peter 2 in the BOPLNT

2 Peter 2 in the BOSCB

2 Peter 2 in the BOSNC

2 Peter 2 in the BOVCB

2 Peter 2 in the BOYCB

2 Peter 2 in the BPBB

2 Peter 2 in the BPH

2 Peter 2 in the BSB

2 Peter 2 in the CCB

2 Peter 2 in the CUV

2 Peter 2 in the CUVS

2 Peter 2 in the DBT

2 Peter 2 in the DGDNT

2 Peter 2 in the DHNT

2 Peter 2 in the DNT

2 Peter 2 in the ELBE

2 Peter 2 in the EMTV

2 Peter 2 in the ESV

2 Peter 2 in the FBV

2 Peter 2 in the FEB

2 Peter 2 in the GGMNT

2 Peter 2 in the GNT

2 Peter 2 in the HARY

2 Peter 2 in the HNT

2 Peter 2 in the IRVA

2 Peter 2 in the IRVB

2 Peter 2 in the IRVG

2 Peter 2 in the IRVH

2 Peter 2 in the IRVK

2 Peter 2 in the IRVM

2 Peter 2 in the IRVM2

2 Peter 2 in the IRVO

2 Peter 2 in the IRVP

2 Peter 2 in the IRVT

2 Peter 2 in the IRVT2

2 Peter 2 in the IRVU

2 Peter 2 in the ISVN

2 Peter 2 in the JSNT

2 Peter 2 in the KAPI

2 Peter 2 in the KBT1ETNIK

2 Peter 2 in the KBV

2 Peter 2 in the KJV

2 Peter 2 in the KNFD

2 Peter 2 in the LBA

2 Peter 2 in the LBLA

2 Peter 2 in the LNT

2 Peter 2 in the LSV

2 Peter 2 in the MAAL

2 Peter 2 in the MBV

2 Peter 2 in the MBV2

2 Peter 2 in the MHNT

2 Peter 2 in the MKNFD

2 Peter 2 in the MNG

2 Peter 2 in the MNT

2 Peter 2 in the MNT2

2 Peter 2 in the MRS1T

2 Peter 2 in the NAA

2 Peter 2 in the NASB

2 Peter 2 in the NBLA

2 Peter 2 in the NBS

2 Peter 2 in the NBVTP

2 Peter 2 in the NET2

2 Peter 2 in the NIV11

2 Peter 2 in the NNT

2 Peter 2 in the NNT2

2 Peter 2 in the NNT3

2 Peter 2 in the PDDPT

2 Peter 2 in the PFNT

2 Peter 2 in the RMNT

2 Peter 2 in the SBIAS

2 Peter 2 in the SBIBS

2 Peter 2 in the SBIBS2

2 Peter 2 in the SBICS

2 Peter 2 in the SBIDS

2 Peter 2 in the SBIGS

2 Peter 2 in the SBIHS

2 Peter 2 in the SBIIS

2 Peter 2 in the SBIIS2

2 Peter 2 in the SBIIS3

2 Peter 2 in the SBIKS

2 Peter 2 in the SBIKS2

2 Peter 2 in the SBIMS

2 Peter 2 in the SBIOS

2 Peter 2 in the SBIPS

2 Peter 2 in the SBISS

2 Peter 2 in the SBITS

2 Peter 2 in the SBITS2

2 Peter 2 in the SBITS3

2 Peter 2 in the SBITS4

2 Peter 2 in the SBIUS

2 Peter 2 in the SBIVS

2 Peter 2 in the SBT

2 Peter 2 in the SBT1E

2 Peter 2 in the SCHL

2 Peter 2 in the SNT

2 Peter 2 in the SUSU

2 Peter 2 in the SUSU2

2 Peter 2 in the SYNO

2 Peter 2 in the TBIAOTANT

2 Peter 2 in the TBT1E

2 Peter 2 in the TBT1E2

2 Peter 2 in the TFTIP

2 Peter 2 in the TFTU

2 Peter 2 in the TGNTATF3T

2 Peter 2 in the THAI

2 Peter 2 in the TNFD

2 Peter 2 in the TNT

2 Peter 2 in the TNTIK

2 Peter 2 in the TNTIL

2 Peter 2 in the TNTIN

2 Peter 2 in the TNTIP

2 Peter 2 in the TNTIZ

2 Peter 2 in the TOMA

2 Peter 2 in the TTENT

2 Peter 2 in the UBG

2 Peter 2 in the UGV

2 Peter 2 in the UGV2

2 Peter 2 in the UGV3

2 Peter 2 in the VBL

2 Peter 2 in the VDCC

2 Peter 2 in the YALU

2 Peter 2 in the YAPE

2 Peter 2 in the YBVTP

2 Peter 2 in the ZBP