Acts 10 (BOTLNT)

1 Mme mo Kaesarea go ne go nna mo eteledipele wa mophato wa ntwa ya Seroma gotwe Korenelio, e le molaodi wa mophato wa Itale. 2 E ne e le motho yo o ratang Modimo, a bile a o tlotla thata, le ba ntlo ya gagwe ba ne ba ntse jalo. O ne a aba ka mowa o o gololesegileng a bile a le motho wa thapelo. 3 Tshokologo nngwe ya letsatsi ya re a santse a ntse, ka nako e ka nna ya boraro, a bona ponatshegelo, mme mo ponatshegelong e, a bona moengele wa Modimo a tla kwa go ene a re, “Korenelio”. 4 Korenelio a re, “O batlang Morena!” Moengele a fetola a re, “Dithapelo tsa gago le dimpho tsa gago Modimo o di bonye. 5 5-6 Jaanong roma banna bangwe kwa Jopa go ya go batla mongwe yo o bidiwang Simone Petere, yo o nnang le Simone wa mosuga matlalo, go bapa le lotshitshi lwa lewatle, mme lo mo kope gore a lo etele.” 7 Erile moengele a sena go tsamaya, Korenelio a bitsa batlhanka ba ntlo ya gagwe ba le babedi le motlhabani yo o boifang Modimo, mongwe wa ba ba ikanyegang, 8 mme a ba bolelela se se diragetseng a bo a ba roma kwa Jopa. 9 9-10 Erile letsatsi le le latelang, fa ba atamela motse, Petere a tlhatlogela kwa godimo ga ntlo ya gagwe go rapela. Go ne go le motshegare ebile o ne a tshwerwe ke tlala, mme erile dijo tsa motshegare di sa ntse di baakanngwa a bona ponatshegelo. 11 O ne a bona legodimo le bulega, mme a bona letsela le legolo le lepeleditswe ka dinaka tsa lone tse nne, le fitlha fa fatshe. 12 Mme mo letseleng go ne go le diphologolo tsa mefuta yotlhe, dinoga le dinonyane (tse di idiwang Bajuta go di ja). 13 Mme lentswe la mo raya la re, “Tsamaya o bolaye o je nngwe ya tsone e o e batlang.” 14 Petere a fetola a re, “Nnyaa, Morena, ga ke ise nke ke je diphologolo tse di ntseng jaana mo botshelong jwa me, gonne di a idiwa ka melao ya rona ya Sejuta.” 15 Lentswe la bua gape, la re, “Se ganetsanye le Modimo! Fa o re selo se tshwanetse go jewa go raya gore se siame.” 16 Mme ponatshegelo e ya direga gararo. Mme letsela la boela gape kwa legodimong. 17 Petere o ne a akabala thata gore ponatshegelo e ka ne e raya eng? O ne a tshwanetse go dirang? Mme jaana banna ba ba romilweng ke Korenelio ba ne ba bone ntlo e, mme ba bo ba eme kwa ntle fa kgorong, 18 ba botsa gore a ntlo e ke yone e Simone Petere o nnang mo go yone. 19 Mme erile Petere a sa ntse a hakgamaletse ponatshegelo, Mowa O O Boitshepo wa mo raya wa re, “Banna ba bararo ba tsile kwa go wena. 20 Fologela kwa tlase o kopane le bone mme o tsamaye nabo. Sengwe le sengwe se siame, ke ba romile.” 21 Jalo Petere a fologa, mme a re, “Ke nna yo lo mmatlang. Jaanong ke eng se lo se batlang.” 22 Mme jalo ba mmolelela kaga Korenelio molaodi wa Mo-Roma yo o siameng wa Modimo, yo o neng a itsege thata mo Bajuteng le jaaka moengele a ne a mo laetse go ya go bitsa Petere go tla go mmolelela se Modimo o batlang a se dira. 23 Mme Petere a ba amogela a bo a ba fa boroko sigong joo. Letsatsi le le tlang a tsamaya nabo, ba na le (badumedi) ba ba tswang Jopa. 24 Ba goroga mo Kaesarea letsatsi le le latelang, mme Korenelio o ne a ba letile a bile a biditse ba losika lwa gagwe le ditsala tsa gagwe tsa botlhokwa go nna le Petere. 25 Erile fa Petere a tsena mo ga gagwe, Korenelio a wela fa fatshe fa pele ga gagwe a mo obamela. 26 Mme Petere a re, “Ema! Le nna ka nosi ke motho!” 27 Mme a ema ba buisanya ka sebakanyana ba bo ba ya kwa ba bangwe ba neng ba phuthegetse teng. 28 Mme Petere a ba raya a re, “Lo a itse gore go kgatlhanong, le melao ya Sejuta gore ke tsene mo lolwapeng lwa Modichaba. Mme Modimo o mpontshitse mo ponatshegelong gore ke seka ka ba ka lebela ope kwa tlase. 29 Mme ka tla fela jaaka ke bidiwa. Jaanong mpolelelang se lo se batlang.” 30 Mme Korenelio a fetola a re, “Malatsi a mane a a fetileng ke ne ke rapela jaaka gale ka nako e ya maitseboa, fa ka tshoganetso monna a ema fa pele ga me a apere seaparo se se galalelang! 31 Mme a nthaya a re, ‘Korenelio, thapelo tsa gago di utlwetse le dimpho tsa gago di lemogilwe ke Modimo! 32 Jaanong roma banna bangwe kwa Jopa go itsise Simone Petere, yo o nnang mo motseng wa ga Simone, wa mosuga matlalo, fa lotshitshing lwa lewatle.’ 33 Mme ke ne ka re o ye go bidiwa, mme o dirile sentle ka go tla ka bonako. Jaanong ke rona ba, re letile fa pele ga Morena, re batla go itse se o se go boleletseng go se re bolelela!” 34 Mme Petere a fetola a re, “Ke bona sentle gore Bajuta ga se bone fela ba Modimo o ba ratang! 35 Mo chabeng nngwe le nngwe o na le ba ba mo obamelang ba bile ba dira dilo tse di siameng mme mo go ene ba a amogelesega. 36 36-37 Ke tlhomamisa gore lo utlwile kaga Mafoko a a Molemo a batho ba Iseraele, gore go na le kagiso mo Modimong ka Jesu, Mesia, yo e leng Morena wa (lobopo) lotlhe. Molaetsa o, o aname le Judea yotlhe, o simolotswe ke Johane wa Mokolobetsi mo Galalea. 38 Mme ga go belaesege go itse gore Jesu wa Nasaretha o ne a tlodiwa ke Modimo ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo, mme o ne a tsamaya a dira molemo a bile a fodisa botlhe ba ba neng ba na le mewa e e maswe, gonne Modimo o ne o na nae. 39 “Mme rona baaposetoloi re basupi ba tsotlhe tse o di dirileng mo Iseraele yotlhe le mo Jerusalema kwa o neng a bolaelwa teng mo sefapaanong. 40 40-41 Mme Modimo o ne wa mo tshedisa gape morago ga malatsi a mararo, mme wa mmontsha basupi bangwe ba Modimo o neng o sale o ba tlhopha pele, e seng mongwe le mongwe, mme e leng rona ba re neng ree ja re ba ree nwa nae a sena go tsoga mo baswing. 42 Mme o ne a re roma go ya go rera Mafoko a a Molemo gongwe le gongwe le go supa gore Jesu o beilwe go nna Moatlhodi wa botlhe, baswi le batshedi. 43 Mme le baporofiti botlhe ba kwadile ka ga gagwe, ba re mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene o tlaa itshwarelwa dibe ka leina la gagwe.” 44 Mme erile Petere a sa ntse a bua dilo tse Mowa O O Boitshepo wa fologela mo go botlhe ba ba neng ba reeditse! 45 Mme Bajuta ba ba neng ba tsile le Petere ba ne ba hakgamala gore neo ya Mowa O O Boitshepo e ka newa le Badichaba! 46 46-47 Mme go ne go ka se ka ga nna le pelaelo, gonne ba ba utlwile ba bua ka diteme ba bile ba galaletsa Modimo. Petere o ne a botsa a re, “A mongwe o ka gana gore ke ba kolobetse, ka gore jaanong ba amogetse Mowa O O Boitshepo fela jaaka re ne ra o amogela?” 48 Mme o ne a dira jalo, a ba kolobetsa mo leineng la ga Jesu, Mesia. Morago Korenelio a mo kopa go nna le bone malatsinyana.

In Other Versions

Acts 10 in the ANGEFD

Acts 10 in the ANTPNG2D

Acts 10 in the AS21

Acts 10 in the BAGH

Acts 10 in the BBPNG

Acts 10 in the BBT1E

Acts 10 in the BDS

Acts 10 in the BEV

Acts 10 in the BHAD

Acts 10 in the BIB

Acts 10 in the BLPT

Acts 10 in the BNT

Acts 10 in the BNTABOOT

Acts 10 in the BNTLV

Acts 10 in the BOATCB

Acts 10 in the BOATCB2

Acts 10 in the BOBCV

Acts 10 in the BOCNT

Acts 10 in the BOECS

Acts 10 in the BOGWICC

Acts 10 in the BOHCB

Acts 10 in the BOHCV

Acts 10 in the BOHLNT

Acts 10 in the BOHNTLTAL

Acts 10 in the BOICB

Acts 10 in the BOILNTAP

Acts 10 in the BOITCV

Acts 10 in the BOKCV

Acts 10 in the BOKCV2

Acts 10 in the BOKHWOG

Acts 10 in the BOKSSV

Acts 10 in the BOLCB

Acts 10 in the BOLCB2

Acts 10 in the BOMCV

Acts 10 in the BONAV

Acts 10 in the BONCB

Acts 10 in the BONLT

Acts 10 in the BONUT2

Acts 10 in the BOPLNT

Acts 10 in the BOSCB

Acts 10 in the BOSNC

Acts 10 in the BOVCB

Acts 10 in the BOYCB

Acts 10 in the BPBB

Acts 10 in the BPH

Acts 10 in the BSB

Acts 10 in the CCB

Acts 10 in the CUV

Acts 10 in the CUVS

Acts 10 in the DBT

Acts 10 in the DGDNT

Acts 10 in the DHNT

Acts 10 in the DNT

Acts 10 in the ELBE

Acts 10 in the EMTV

Acts 10 in the ESV

Acts 10 in the FBV

Acts 10 in the FEB

Acts 10 in the GGMNT

Acts 10 in the GNT

Acts 10 in the HARY

Acts 10 in the HNT

Acts 10 in the IRVA

Acts 10 in the IRVB

Acts 10 in the IRVG

Acts 10 in the IRVH

Acts 10 in the IRVK

Acts 10 in the IRVM

Acts 10 in the IRVM2

Acts 10 in the IRVO

Acts 10 in the IRVP

Acts 10 in the IRVT

Acts 10 in the IRVT2

Acts 10 in the IRVU

Acts 10 in the ISVN

Acts 10 in the JSNT

Acts 10 in the KAPI

Acts 10 in the KBT1ETNIK

Acts 10 in the KBV

Acts 10 in the KJV

Acts 10 in the KNFD

Acts 10 in the LBA

Acts 10 in the LBLA

Acts 10 in the LNT

Acts 10 in the LSV

Acts 10 in the MAAL

Acts 10 in the MBV

Acts 10 in the MBV2

Acts 10 in the MHNT

Acts 10 in the MKNFD

Acts 10 in the MNG

Acts 10 in the MNT

Acts 10 in the MNT2

Acts 10 in the MRS1T

Acts 10 in the NAA

Acts 10 in the NASB

Acts 10 in the NBLA

Acts 10 in the NBS

Acts 10 in the NBVTP

Acts 10 in the NET2

Acts 10 in the NIV11

Acts 10 in the NNT

Acts 10 in the NNT2

Acts 10 in the NNT3

Acts 10 in the PDDPT

Acts 10 in the PFNT

Acts 10 in the RMNT

Acts 10 in the SBIAS

Acts 10 in the SBIBS

Acts 10 in the SBIBS2

Acts 10 in the SBICS

Acts 10 in the SBIDS

Acts 10 in the SBIGS

Acts 10 in the SBIHS

Acts 10 in the SBIIS

Acts 10 in the SBIIS2

Acts 10 in the SBIIS3

Acts 10 in the SBIKS

Acts 10 in the SBIKS2

Acts 10 in the SBIMS

Acts 10 in the SBIOS

Acts 10 in the SBIPS

Acts 10 in the SBISS

Acts 10 in the SBITS

Acts 10 in the SBITS2

Acts 10 in the SBITS3

Acts 10 in the SBITS4

Acts 10 in the SBIUS

Acts 10 in the SBIVS

Acts 10 in the SBT

Acts 10 in the SBT1E

Acts 10 in the SCHL

Acts 10 in the SNT

Acts 10 in the SUSU

Acts 10 in the SUSU2

Acts 10 in the SYNO

Acts 10 in the TBIAOTANT

Acts 10 in the TBT1E

Acts 10 in the TBT1E2

Acts 10 in the TFTIP

Acts 10 in the TFTU

Acts 10 in the TGNTATF3T

Acts 10 in the THAI

Acts 10 in the TNFD

Acts 10 in the TNT

Acts 10 in the TNTIK

Acts 10 in the TNTIL

Acts 10 in the TNTIN

Acts 10 in the TNTIP

Acts 10 in the TNTIZ

Acts 10 in the TOMA

Acts 10 in the TTENT

Acts 10 in the UBG

Acts 10 in the UGV

Acts 10 in the UGV2

Acts 10 in the UGV3

Acts 10 in the VBL

Acts 10 in the VDCC

Acts 10 in the YALU

Acts 10 in the YAPE

Acts 10 in the YBVTP

Acts 10 in the ZBP