Acts 17 (BOTLNT)

1 Mme ba ralala metse ya Amfipolisa le Apolonia mme ba tla mo Thesalonia, kwa go neng go na le ntlo ya thuto ya Sejuta teng. 2 Jaaka e ne e le tlwaelo ya ga Paulo, a tsena mo teng a rera, mme ya re ka go latelana ga bo Sabata ba le bararo a bulela batho dikwalo, 3 a tlhalosetsa batho diporofeso ka pogo ya ga Mesia le ka tsogo ya gagwe mo baswing, a ba a tlhomamisa gore Jesu ke Mesia. 4 Bangwe ba ba neng ba reeditse ba ne ba kgonwa ke molaetsa wa Lefoko mme ba sokologa ba inaakanya le Paulo le Silase mmogo le badumedi ba Bagerika ba banna ba le bantsi, le basadi ba motse ba ba tlotlegang ba le bantsi. 5 Mme baeteledipele ba Bajuta ba ne ba fufega mme ba tlhotlheletsa batho ba ba senang molemo (dimatla) mo motseng go dira lesomo la go simolola mokubukubu. Ba ne ba tlhasela bonno jwa ga Jasone, ba loga leano la go isa Paulo le Silase kwa tlung ya tsheko go otlhaiwa. 6 Erile ba sa ba fitlhele koo, ba gogela Jasone kwa ntle le badumedi bangwe, mme ba ba tlisa fa pele ga lekgotla. Ba goa ba re, “Paulo le Silase ba fetotse lefatshe lotlhe, jaanong ba fano ba dubaka motse wa rona, 7 mme Jasone o ba letleletse go tsena mo tlung ya gagwe. Botlhe ba molato wa go tsogologela puso, gonne ba bolela fa go na le kgosi nngwe, e go tweng Jesu mo boemong jwa ga Kaesarea.” 8 8-9 Mme batho ba motse, le baatlhodi, ba ne ba tshwenyega thata ka mafoko a, mme ba ba lesa ba tsamaya fela ba sena go ba duedisa madi a go sekela kwa ntle. 10 Mme bosigo joo Bakeresete ba akofa ba tshabisetsa Paulo le Silase kwa Berea, mme jaaka gale, ba ya kwa tlung ya thuto go ya go rera. 11 Mme batho ba Berea ba ne ba tlhaloganya go na le ba ba kwa Thesalonika, ba ne ba reetsa molaetsa ka boitumelo. Ba ne ba batlisisa mo dikwalong letsatsi le letsatsi go bona gore a se se builweng ke Paulo le Silase ke Boammaaruri. 12 Lwa bofelo bangwe ba bone ba le bantsi ba ne ba dumela, mmogo le basadi ba ba tlotlegang ba Bagerika le banna ba le bantsi le bone ba dumela. 13 Mme erile fa Bajuta mo Thesalonika ba utlwa gore Paulo o ne a rera kwa Berea, ba ya teng go ya go tsosa mokubukubu. 14 Ka bonako badumedi ba tshabisetsa Paulo kwa lewatleng, fa Silase le Timotheo bone ba sala. 15 Ba ba neng ba patile Paulo ba ne ba tsamaya nae go ya kwa Athena, mme ba boela kwa Berea ka molaetsa o o yang kwa go Silase le Timotheo gore ba itlhaganelele go kopana nae. 16 Mme erile fa Paulo a sa ntse a ba letetse mo Athena, a tshwenyega thata ka go bona medimo ya disetwa gongwe le gongwe mo motseng. 17 O ne a ya kwa tempeleng go ya go buisanya le Bajuta le Badichaba ba ba neng ba kgatlhegela go obamela Modimo, mme a bua letsatsi le letsatsi mo patlelong le botlhe ba ba neng ba le foo. 18 Mme ba kopana le batlhalefi bangwe ba Bapikuria le Basetoika. Erile fa a ba bolelela kaga Jesu le kaga tsogo ya gagwe ba re, “Ke molori,” kgotsa, “O leka go dirisa tumelo ya seeng.” 19 Mme ba ne ba mo laletsa kwa patlelong ya Thaba ya Marase ba re, “Tla o re bolelele thata ka ga tumelo e ncha e, 20 gonne o bua dilo tse di hakgamatsang mme re batla go utlwa mo gogolo.” 21 (Ke tshwanetse go tlhalosa gore Baathena mmogo le baeng ba ba mo Athena ba ne ba lebega ba senya nako ya bone yotlhe ba buisanya ka ga megopolo e mesha)! 22 Mme Paulo erile fa a ema fa pele ga bone kwa Areapago a ba raya a re, “Batho ba Athena ke lemoga fa lo le badumedi, 23 gonne erile ke ntse ke tsamaya ke ne ka bona dibeso di le dintsi tsa lona, mme nngwe ya tsone e ne e kwadilwe go twe. ‘Go Modimo o o sa itseweng.’ Lo ntse lo o obamela lo sa itse gore ke mang, mme gompieno ke batla go lo bolelela ka ga one. 24 “O dirile lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone, mme jaaka e le Morena wa legodimo le lefatshe, ga o nne mo ditempeleng tse di dirilweng ke batho. 25 Le gone diatla tsa batho ga di ka ke tsa direla ditlhoko tsa one se o se tlhokang, ga o tlhoke sepe! One ka bo one o naya botshelo ebile o tshedisa sengwe le sengwe gape o diragatsa sengwe le sengwe se se tlhokegang. 26 O bopile batho botlhe ba lefatshe go tswa mo mothong a le mongwe Adamo, mme wa phatlalatsa dichaba mo lefatsheng. O itsile pele gore ke dife tse di tshwanetseng go tsholetsega le go wa, le gore leng. O emisitse melelwane ya tsone. 27 “Maikaelelo a one mo go tse tsotlhe ke gore batho ba tshwanetse go batla Modimo, le gore motlhaope ba bone tsela e e yang kwa go one ba o bone, ntswa o se kgakala le ope wa rona. 28 Gonne mo go one re a tshela ebile re a tsamaya! re bile re teng ka one! Jaaka mongwe wa bakwadi ba lona ba maboko a boletse a re, ‘Re bana ba Modimo!’ 29 Fa se e le boammaaruri, ga re a tshwanela go gopola Modimo jaaka modimo o o dirilweng ka gauta kana selefera kgotsa o betlilwe ka lentswe. 30 Mme Modimo o ne wa itshokela botlhoka-kitso jwa motho mo lobakeng lo lo fetileng kaga dilo tse, mme jaanong o laola mongwe le mongwe gore a latlhe medimo ya gagwe mme a obamele one fela. 31 Gonne o tlhophile letsatsi la go sekisa lefatshe ka tshiamo ka monna yo o mo losong.” 32 Erile fa ba utlwa Paulo a bua kaga tsogo ya motho yo o neng a sule, bangwe ba tshega, mme ba bangwe ba re, “Re batla gore re tle re utlwe gape kaga gone.” 33 Mme moo ga fetsa puisanyo ya bone le Paulo, 34 mme bangwe ba se kae ba ikopanya nae ba nna badumedi. Mongwe mo go bone e ne e le Dionisio wa lekgotla la motse le mosadi mongwe yo o neng a bidiwa Damarise, le ba bangwe.

In Other Versions

Acts 17 in the ANGEFD

Acts 17 in the ANTPNG2D

Acts 17 in the AS21

Acts 17 in the BAGH

Acts 17 in the BBPNG

Acts 17 in the BBT1E

Acts 17 in the BDS

Acts 17 in the BEV

Acts 17 in the BHAD

Acts 17 in the BIB

Acts 17 in the BLPT

Acts 17 in the BNT

Acts 17 in the BNTABOOT

Acts 17 in the BNTLV

Acts 17 in the BOATCB

Acts 17 in the BOATCB2

Acts 17 in the BOBCV

Acts 17 in the BOCNT

Acts 17 in the BOECS

Acts 17 in the BOGWICC

Acts 17 in the BOHCB

Acts 17 in the BOHCV

Acts 17 in the BOHLNT

Acts 17 in the BOHNTLTAL

Acts 17 in the BOICB

Acts 17 in the BOILNTAP

Acts 17 in the BOITCV

Acts 17 in the BOKCV

Acts 17 in the BOKCV2

Acts 17 in the BOKHWOG

Acts 17 in the BOKSSV

Acts 17 in the BOLCB

Acts 17 in the BOLCB2

Acts 17 in the BOMCV

Acts 17 in the BONAV

Acts 17 in the BONCB

Acts 17 in the BONLT

Acts 17 in the BONUT2

Acts 17 in the BOPLNT

Acts 17 in the BOSCB

Acts 17 in the BOSNC

Acts 17 in the BOVCB

Acts 17 in the BOYCB

Acts 17 in the BPBB

Acts 17 in the BPH

Acts 17 in the BSB

Acts 17 in the CCB

Acts 17 in the CUV

Acts 17 in the CUVS

Acts 17 in the DBT

Acts 17 in the DGDNT

Acts 17 in the DHNT

Acts 17 in the DNT

Acts 17 in the ELBE

Acts 17 in the EMTV

Acts 17 in the ESV

Acts 17 in the FBV

Acts 17 in the FEB

Acts 17 in the GGMNT

Acts 17 in the GNT

Acts 17 in the HARY

Acts 17 in the HNT

Acts 17 in the IRVA

Acts 17 in the IRVB

Acts 17 in the IRVG

Acts 17 in the IRVH

Acts 17 in the IRVK

Acts 17 in the IRVM

Acts 17 in the IRVM2

Acts 17 in the IRVO

Acts 17 in the IRVP

Acts 17 in the IRVT

Acts 17 in the IRVT2

Acts 17 in the IRVU

Acts 17 in the ISVN

Acts 17 in the JSNT

Acts 17 in the KAPI

Acts 17 in the KBT1ETNIK

Acts 17 in the KBV

Acts 17 in the KJV

Acts 17 in the KNFD

Acts 17 in the LBA

Acts 17 in the LBLA

Acts 17 in the LNT

Acts 17 in the LSV

Acts 17 in the MAAL

Acts 17 in the MBV

Acts 17 in the MBV2

Acts 17 in the MHNT

Acts 17 in the MKNFD

Acts 17 in the MNG

Acts 17 in the MNT

Acts 17 in the MNT2

Acts 17 in the MRS1T

Acts 17 in the NAA

Acts 17 in the NASB

Acts 17 in the NBLA

Acts 17 in the NBS

Acts 17 in the NBVTP

Acts 17 in the NET2

Acts 17 in the NIV11

Acts 17 in the NNT

Acts 17 in the NNT2

Acts 17 in the NNT3

Acts 17 in the PDDPT

Acts 17 in the PFNT

Acts 17 in the RMNT

Acts 17 in the SBIAS

Acts 17 in the SBIBS

Acts 17 in the SBIBS2

Acts 17 in the SBICS

Acts 17 in the SBIDS

Acts 17 in the SBIGS

Acts 17 in the SBIHS

Acts 17 in the SBIIS

Acts 17 in the SBIIS2

Acts 17 in the SBIIS3

Acts 17 in the SBIKS

Acts 17 in the SBIKS2

Acts 17 in the SBIMS

Acts 17 in the SBIOS

Acts 17 in the SBIPS

Acts 17 in the SBISS

Acts 17 in the SBITS

Acts 17 in the SBITS2

Acts 17 in the SBITS3

Acts 17 in the SBITS4

Acts 17 in the SBIUS

Acts 17 in the SBIVS

Acts 17 in the SBT

Acts 17 in the SBT1E

Acts 17 in the SCHL

Acts 17 in the SNT

Acts 17 in the SUSU

Acts 17 in the SUSU2

Acts 17 in the SYNO

Acts 17 in the TBIAOTANT

Acts 17 in the TBT1E

Acts 17 in the TBT1E2

Acts 17 in the TFTIP

Acts 17 in the TFTU

Acts 17 in the TGNTATF3T

Acts 17 in the THAI

Acts 17 in the TNFD

Acts 17 in the TNT

Acts 17 in the TNTIK

Acts 17 in the TNTIL

Acts 17 in the TNTIN

Acts 17 in the TNTIP

Acts 17 in the TNTIZ

Acts 17 in the TOMA

Acts 17 in the TTENT

Acts 17 in the UBG

Acts 17 in the UGV

Acts 17 in the UGV2

Acts 17 in the UGV3

Acts 17 in the VBL

Acts 17 in the VDCC

Acts 17 in the YALU

Acts 17 in the YAPE

Acts 17 in the YBVTP

Acts 17 in the ZBP