Ephesians 1 (BOTLNT)

1 Ditsala tsa me tsa Bakeresete mo Efeso tse di rategang, tse ka malatsi otlhe di ikanyegang mo Moreneng: ke nna Paulo yo ke lo kwalelang, yo ke tlhophilweng ke Modimo go nna morongwa wa ga Jesu Keresete. 2 A masego a gagwe le kagiso a nne le lona, a lo a romeletsweng ke Modimo Rraetsho le Jesu Keresete Morena wa rona. 3 Mme re galaletsa Modimo thata jang, Ra-Morena wa rona ebong Jesu Keresete, yo o re segofaditseng ka lesego lengwe le lengwe mo legodimong ka gobo re le ba ga Keresete. 4 Erile bogologolo, le pele ga o dira lefatshe, Modimo o ne wa re itlhophela go nna baone tota, ka se Keresete o neng a tlaa se re direla; o ne wa ikaelela go re itshepisa mo matlhong a One, re sena molato ope rona ba re emeng fa pele ga one re apere lorato lwa one. 5 Leano la one le le sa fetogeng e ntse ka malatsi otlhe e le go re dira ba lelwapa la One ka go roma Jesu Keresete go tla go re swela. Mme o ne o dira jaana ka gore o ne o batla go dira jalo! 6 Jaanong a pako yotlhe e nne go Modimo ka ntlha ya bopelonomi jwa one jo bo hakgamatsang mo go rona, le botsalano jo o re bo neileng ka ntlha ya go bo re le ba Morwaa One yo o rategang thata. 7 Jalo he, bopelonomi jwa One bo a penologa mo go rona gonne o ne wa tlosa dibe tsotlhe tsa rona ka madi a Morwaa One, yo re bolokwang ka ene; 8 gape o re neseditse khumo ya tshegofatso ya One, gonne o re tlhaloganya sentle thata ebile o itse se se re siametseng ka dinako tsotlhe. 9 Modimo o re boleletse lebaka la sephiri sa One sa go romela Keresete, leano la kutlwelobotlhoko le o sa bolong go le akanya; 10 mme maikaelelo a One e ne e le a: gore e re fa lobaka lo setse lo siame o re phuthe rotlhe gongwe le gongwe kwa re leng teng, mo legodimong kgotsa mo lefatsheng, go nna le one mo go Keresete, ka bosakhutleng. 11 Segolo jang ka ntlha ya se Keresete a se dirileng, re nnile dimpho tsa Modimo tse o di itulelang, mme ka ele bontlhabongwe jwa leano la bogosi re sale re tlhophiwa go nna ba One go tswa tshimologong, mme dilo tsotlhe di diragala fela jaaka o sale o ikaeletse bogologolo. 12 Maikaelelo a Modimo mo go lone leano le, e ne e le gore re galaletse Modimo re bo re o neye kgalalelo ka ntlha ya go re direla dilo tse dikgolo tse, rona ba re neng ra nna ba ntlha go re direla dilo tse di kgolo tse, rona ba re neng ra nna ba ntlha go ikanya Keresete. 13 Mme ka ntlha ya se Keresete o se dirileng, le lona lotlhe ba bangwe, ba lo utlwileng Mafoko a a Molemo a ka fa lo ka bolokwang ka teng, lwa ba lwa ikanya Keresete, lo ne lwa tshwaiwa ke Mowa O O Boitshepo gore lo ba ga Keresete, o e rileng bogologolo ra o solofediwa rotlhe rona Bakeresete. 14 Go nna teng ga gagwe mo go rona ke tlhomamiso ya Modimo gore tota o tlaa re neela gotlhe mo o go re solofeditseng; mme sekano sa mowa O O Boitshepo mo go rona se raya gore Modimo o setse o re rekile, le gore o tlhomamisa go re busetsa kwa go one. Ke lone fela lebaka le lengwe le re tshwanetseng go galaletsa Modimo wa rona wa kgalalelo ka lone. 15 Ke gone ka mo e leng gore, fa e sale fela e re ke sena go utlwalela kaga tumelo ya lona e e nonofileng mo go Morena Jesu le kaga lorato lo lo nang nalo mo Bakereseteng gongwe le gongwe, 16 16-17 ga ke ise ke ko ke khutle go leboga Modimo kaga lona. Ke lo rapelela gangwe le gape, ke kopa Mo-dimo, Rara yo o galalelang wa Morena wa rona Jesu Keresete, go lo naya botlhale go bona sentle le go tlhaloganya tota gore Jesu ke mang le gotlhe mo o go lo diretseng. 18 Ke rapelela gore dipelo tsa lona di tlale lesedi gore lo tle lo bone sengwe sa malatsi a a saleng kwa pele se a se lo bileditseng go nna le seabe mo go sone. Ke batla gore lo lemoge gore Modimo o humile gonne rona ba re leng ba ga Keresete re ba one. 19 Ke rapelela gore lo simolole go tlhaloganya ka fa nonofo ya One e leng kgolo ka teng go thusa ba ba dumelang mo go One. Mme e ntse ke yone fela nonofo e kgolo eo, 20 e e tsositseng Keresete mo baswing ya mmaya mo lefelong la tlotlo ka fa lebogong le legolo la Modimo mo legodimong, 21 kwa godimo-dimo thata go feta kgosi le fa e ka ne e le efe kgotsa mmusi kgotsa molaodi yo o sa fetolweng kgotsa moeteledipele. Ee, tlotlo ya gagwe e galalela thata go feta le fa e le ya ga mang mo lefatsheng leno kgotsa mo lefatsheng le le tlang. 22 Mme Modimo o beile dilo tsotlhe ka fa tlase ga dinao tsa gagwe wa bo wa mo dira Tlhogo kgolo ya phuthego, 23 e e leng mmele wa gagwe, e e tladitsweng ka ene, Motlhodi le Moabi wa dilo tsotlhe gongwe le gongwe.

In Other Versions

Ephesians 1 in the ANGEFD

Ephesians 1 in the ANTPNG2D

Ephesians 1 in the AS21

Ephesians 1 in the BAGH

Ephesians 1 in the BBPNG

Ephesians 1 in the BBT1E

Ephesians 1 in the BDS

Ephesians 1 in the BEV

Ephesians 1 in the BHAD

Ephesians 1 in the BIB

Ephesians 1 in the BLPT

Ephesians 1 in the BNT

Ephesians 1 in the BNTABOOT

Ephesians 1 in the BNTLV

Ephesians 1 in the BOATCB

Ephesians 1 in the BOATCB2

Ephesians 1 in the BOBCV

Ephesians 1 in the BOCNT

Ephesians 1 in the BOECS

Ephesians 1 in the BOGWICC

Ephesians 1 in the BOHCB

Ephesians 1 in the BOHCV

Ephesians 1 in the BOHLNT

Ephesians 1 in the BOHNTLTAL

Ephesians 1 in the BOICB

Ephesians 1 in the BOILNTAP

Ephesians 1 in the BOITCV

Ephesians 1 in the BOKCV

Ephesians 1 in the BOKCV2

Ephesians 1 in the BOKHWOG

Ephesians 1 in the BOKSSV

Ephesians 1 in the BOLCB

Ephesians 1 in the BOLCB2

Ephesians 1 in the BOMCV

Ephesians 1 in the BONAV

Ephesians 1 in the BONCB

Ephesians 1 in the BONLT

Ephesians 1 in the BONUT2

Ephesians 1 in the BOPLNT

Ephesians 1 in the BOSCB

Ephesians 1 in the BOSNC

Ephesians 1 in the BOVCB

Ephesians 1 in the BOYCB

Ephesians 1 in the BPBB

Ephesians 1 in the BPH

Ephesians 1 in the BSB

Ephesians 1 in the CCB

Ephesians 1 in the CUV

Ephesians 1 in the CUVS

Ephesians 1 in the DBT

Ephesians 1 in the DGDNT

Ephesians 1 in the DHNT

Ephesians 1 in the DNT

Ephesians 1 in the ELBE

Ephesians 1 in the EMTV

Ephesians 1 in the ESV

Ephesians 1 in the FBV

Ephesians 1 in the FEB

Ephesians 1 in the GGMNT

Ephesians 1 in the GNT

Ephesians 1 in the HARY

Ephesians 1 in the HNT

Ephesians 1 in the IRVA

Ephesians 1 in the IRVB

Ephesians 1 in the IRVG

Ephesians 1 in the IRVH

Ephesians 1 in the IRVK

Ephesians 1 in the IRVM

Ephesians 1 in the IRVM2

Ephesians 1 in the IRVO

Ephesians 1 in the IRVP

Ephesians 1 in the IRVT

Ephesians 1 in the IRVT2

Ephesians 1 in the IRVU

Ephesians 1 in the ISVN

Ephesians 1 in the JSNT

Ephesians 1 in the KAPI

Ephesians 1 in the KBT1ETNIK

Ephesians 1 in the KBV

Ephesians 1 in the KJV

Ephesians 1 in the KNFD

Ephesians 1 in the LBA

Ephesians 1 in the LBLA

Ephesians 1 in the LNT

Ephesians 1 in the LSV

Ephesians 1 in the MAAL

Ephesians 1 in the MBV

Ephesians 1 in the MBV2

Ephesians 1 in the MHNT

Ephesians 1 in the MKNFD

Ephesians 1 in the MNG

Ephesians 1 in the MNT

Ephesians 1 in the MNT2

Ephesians 1 in the MRS1T

Ephesians 1 in the NAA

Ephesians 1 in the NASB

Ephesians 1 in the NBLA

Ephesians 1 in the NBS

Ephesians 1 in the NBVTP

Ephesians 1 in the NET2

Ephesians 1 in the NIV11

Ephesians 1 in the NNT

Ephesians 1 in the NNT2

Ephesians 1 in the NNT3

Ephesians 1 in the PDDPT

Ephesians 1 in the PFNT

Ephesians 1 in the RMNT

Ephesians 1 in the SBIAS

Ephesians 1 in the SBIBS

Ephesians 1 in the SBIBS2

Ephesians 1 in the SBICS

Ephesians 1 in the SBIDS

Ephesians 1 in the SBIGS

Ephesians 1 in the SBIHS

Ephesians 1 in the SBIIS

Ephesians 1 in the SBIIS2

Ephesians 1 in the SBIIS3

Ephesians 1 in the SBIKS

Ephesians 1 in the SBIKS2

Ephesians 1 in the SBIMS

Ephesians 1 in the SBIOS

Ephesians 1 in the SBIPS

Ephesians 1 in the SBISS

Ephesians 1 in the SBITS

Ephesians 1 in the SBITS2

Ephesians 1 in the SBITS3

Ephesians 1 in the SBITS4

Ephesians 1 in the SBIUS

Ephesians 1 in the SBIVS

Ephesians 1 in the SBT

Ephesians 1 in the SBT1E

Ephesians 1 in the SCHL

Ephesians 1 in the SNT

Ephesians 1 in the SUSU

Ephesians 1 in the SUSU2

Ephesians 1 in the SYNO

Ephesians 1 in the TBIAOTANT

Ephesians 1 in the TBT1E

Ephesians 1 in the TBT1E2

Ephesians 1 in the TFTIP

Ephesians 1 in the TFTU

Ephesians 1 in the TGNTATF3T

Ephesians 1 in the THAI

Ephesians 1 in the TNFD

Ephesians 1 in the TNT

Ephesians 1 in the TNTIK

Ephesians 1 in the TNTIL

Ephesians 1 in the TNTIN

Ephesians 1 in the TNTIP

Ephesians 1 in the TNTIZ

Ephesians 1 in the TOMA

Ephesians 1 in the TTENT

Ephesians 1 in the UBG

Ephesians 1 in the UGV

Ephesians 1 in the UGV2

Ephesians 1 in the UGV3

Ephesians 1 in the VBL

Ephesians 1 in the VDCC

Ephesians 1 in the YALU

Ephesians 1 in the YAPE

Ephesians 1 in the YBVTP

Ephesians 1 in the ZBP