Ephesians 3 (BOTLNT)
1 Nna Paulo, motlhanka wa ga Keresete, ke fano mo kgolegelong ka ntlha ya lona, ka go rera gore le lona Badichaba lo bontlha bongwe jwa ntlo ya Modimo. 2 2-3 Ga go belaesege lo setse lo itse gore Modimo o nneetse tiro e e faphegileng e ya go supa kutlwelo botlhoko mo go lona Badichaba, jaaka ke buile pele ka bokhutshwane mo lokwalong longwe lwa dikwalo tsa me. Modimo ka sebele o nkaetse leano le la one la bosaitsiweng la gore Badichaba le bone ba balelwa mo bopelonoming jwa one. 4 Ke bua jaana go lo tlhalosetsa ka fa ke itseng dilo tse ka teng. 5 Mo metlheng ya bogologolo Modimo ga o ise o ke o tlhakanele leano le, le batho ba one, mme jaanong o le senoletse baaposetoloi le baporofiti ba one ka Mowa O O Boitshepo. 6 Mme bosaitsiweng ke jo: gore Badichaba ba tlaa nna le seabe se se lekanang le sa Bajuta mo dikhumong tsotlhe tse di ruilweng ke barwa-Modimo; botlhe ba lalediwa go nna ba phuthego ya one, mme gotlhe ga ditsholofetso tsa Modimo tsa matlhogonolo a magolo ka Keresete ke ga bone botlhe fa ba amogela Mafoko a a Molemo kaga Keresete le se a se ba diretseng. 7 Modimo o nneetse tshwanelo e e hakgamatsang e ya go bolelela mongwe le mongwe leano le la one; gape o nneetse nonofo ya one le botlhale jo bo faphegileng go le tlhalosa ka fa tshwanelong. 8 A lo ko lo akanyeng! Le fa ke sa dira sepe se se dirang gore ke le tshwanele, gape le fa nna ke le Mokeresete yo e seng wa sepe bogolo go botlhe, le fa go ntse jalo ke nna yo ke neng ka tlhophelwa tiro e, e e itumedisang, e e faphegileng ya go bolelela Badichaba Mafoko a Boitumelo a mahumo a a sa feleng a ba ka a bonang ka Keresete; 9 le go tlhalosetsa mongwe le mongwe gore Modimo ke Mmoloki le wa Badichaba, fela jaaka ene yo o dirileng dilo tsotlhe a ne a rulaganya mo sephiring go tswa tshimologong. 10 Mme tota maikaelelo a one e ne e le eng? E ne e le go supegetsa batshwara-marapo botlhe ba legodimo ka fa Modimo o leng botlhale ka teng fa botlhe ba lolwapa lwa One, Bajuta le Badichaba, ka go tshwana, ba lomagantswe mmogo mo phuthegong ya one, 11 fela jaaka o ne o sa bolo go rulaganya go dira ka Jesu Keresete Morena wa rona. 12 Jaanong re ka tla mo Modinong kwa ntle ga poifo, re tlhomamisa kamogelo ya one e e tletseng boitumelo fa re tla ka Keresete ebile re mo ikanya. 13 Ke gone tswee-tswee se lapisiweng dipelo ke se ba se ntirang kwano. Ke bogela lona mme lo tshwa-netse go ikutlwa e le tlotlo mo go lona lwa ba lwa tsenya marapo dinameng. 14 14-15 Fa ke akanya kaga botlhale le megopolo ya leano la one ke khubama ka mangole ke rapela Rara wa ba ntlo e kgolo yotlhe ya Modimo, bangwe ba bone ba setse ba le kwa legodimong mme ba bangwe ba fano mo lefatsheng, 16 gore mo dikhumong tsa one tse di galalelang tse di senang selekanyo, o tlaa lo naya nonofo e kgolo e e ka fa teng ka Mowa wa One O O Boitshepo. 17 Mme ke rapela gore Keresete a nne ka kgololesego mo dipelong tsa lona, a nna mo go lona jaaka lo mo ikanya. A medi ya lona e tsenelele kwa teng mo loratong lwa Modimo lo lo hakgamatsang; 18 18-19 gape lo bo lo kgone go ikutlwela le go tlhaloganya, bana ba Modimo botlhe ba tshwanetse, kana lorato lwa gagwe lo boleele bo kae, lo bophara bo kae, lo boteng bo le kae, le gone lo kwa godimo jang; mme gore lo itemogele lorato lo ka bo lona, le fa lo le bogolo go le kalo mo lo ka sekeng lwa bona bofelelo ja lone kgotsa go tlhaloganya ka botlalo. Mme kwa bokhutlong lo tlaa tladiwa ka Modimo ka sebele. 20 Jaanong a kgalalelo e nne go Modimo o ka nonofo ya one e kgolo e e dirang mo go rona, o kgonang go dira go le gotona go na le jaaka re ne re ka kopa kgotsa le go akanya ka ga gone go feta dithapelo tsa rona tse dikgolo thata mo go senang selekanyo, dikeletso tse di molemo, dikakanyo, kgotsa ditsholofelo. 21 A o newe kgalalelo ka bosakhutleng mo dingwageng tse di sa khutleng ka ntlha ya leina la Morena la poloko ya phuthego ka Jesu Keresete.
In Other Versions
Ephesians 3 in the ANGEFD
Ephesians 3 in the ANTPNG2D
Ephesians 3 in the AS21
Ephesians 3 in the BAGH
Ephesians 3 in the BBPNG
Ephesians 3 in the BBT1E
Ephesians 3 in the BDS
Ephesians 3 in the BEV
Ephesians 3 in the BHAD
Ephesians 3 in the BIB
Ephesians 3 in the BLPT
Ephesians 3 in the BNT
Ephesians 3 in the BNTABOOT
Ephesians 3 in the BNTLV
Ephesians 3 in the BOATCB
Ephesians 3 in the BOATCB2
Ephesians 3 in the BOBCV
Ephesians 3 in the BOCNT
Ephesians 3 in the BOECS
Ephesians 3 in the BOGWICC
Ephesians 3 in the BOHCB
Ephesians 3 in the BOHCV
Ephesians 3 in the BOHLNT
Ephesians 3 in the BOHNTLTAL
Ephesians 3 in the BOICB
Ephesians 3 in the BOILNTAP
Ephesians 3 in the BOITCV
Ephesians 3 in the BOKCV
Ephesians 3 in the BOKCV2
Ephesians 3 in the BOKHWOG
Ephesians 3 in the BOKSSV
Ephesians 3 in the BOLCB
Ephesians 3 in the BOLCB2
Ephesians 3 in the BOMCV
Ephesians 3 in the BONAV
Ephesians 3 in the BONCB
Ephesians 3 in the BONLT
Ephesians 3 in the BONUT2
Ephesians 3 in the BOPLNT
Ephesians 3 in the BOSCB
Ephesians 3 in the BOSNC
Ephesians 3 in the BOVCB
Ephesians 3 in the BOYCB
Ephesians 3 in the BPBB
Ephesians 3 in the BPH
Ephesians 3 in the BSB
Ephesians 3 in the CCB
Ephesians 3 in the CUV
Ephesians 3 in the CUVS
Ephesians 3 in the DBT
Ephesians 3 in the DGDNT
Ephesians 3 in the DHNT
Ephesians 3 in the DNT
Ephesians 3 in the ELBE
Ephesians 3 in the EMTV
Ephesians 3 in the ESV
Ephesians 3 in the FBV
Ephesians 3 in the FEB
Ephesians 3 in the GGMNT
Ephesians 3 in the GNT
Ephesians 3 in the HARY
Ephesians 3 in the HNT
Ephesians 3 in the IRVA
Ephesians 3 in the IRVB
Ephesians 3 in the IRVG
Ephesians 3 in the IRVH
Ephesians 3 in the IRVK
Ephesians 3 in the IRVM
Ephesians 3 in the IRVM2
Ephesians 3 in the IRVO
Ephesians 3 in the IRVP
Ephesians 3 in the IRVT
Ephesians 3 in the IRVT2
Ephesians 3 in the IRVU
Ephesians 3 in the ISVN
Ephesians 3 in the JSNT
Ephesians 3 in the KAPI
Ephesians 3 in the KBT1ETNIK
Ephesians 3 in the KBV
Ephesians 3 in the KJV
Ephesians 3 in the KNFD
Ephesians 3 in the LBA
Ephesians 3 in the LBLA
Ephesians 3 in the LNT
Ephesians 3 in the LSV
Ephesians 3 in the MAAL
Ephesians 3 in the MBV
Ephesians 3 in the MBV2
Ephesians 3 in the MHNT
Ephesians 3 in the MKNFD
Ephesians 3 in the MNG
Ephesians 3 in the MNT
Ephesians 3 in the MNT2
Ephesians 3 in the MRS1T
Ephesians 3 in the NAA
Ephesians 3 in the NASB
Ephesians 3 in the NBLA
Ephesians 3 in the NBS
Ephesians 3 in the NBVTP
Ephesians 3 in the NET2
Ephesians 3 in the NIV11
Ephesians 3 in the NNT
Ephesians 3 in the NNT2
Ephesians 3 in the NNT3
Ephesians 3 in the PDDPT
Ephesians 3 in the PFNT
Ephesians 3 in the RMNT
Ephesians 3 in the SBIAS
Ephesians 3 in the SBIBS
Ephesians 3 in the SBIBS2
Ephesians 3 in the SBICS
Ephesians 3 in the SBIDS
Ephesians 3 in the SBIGS
Ephesians 3 in the SBIHS
Ephesians 3 in the SBIIS
Ephesians 3 in the SBIIS2
Ephesians 3 in the SBIIS3
Ephesians 3 in the SBIKS
Ephesians 3 in the SBIKS2
Ephesians 3 in the SBIMS
Ephesians 3 in the SBIOS
Ephesians 3 in the SBIPS
Ephesians 3 in the SBISS
Ephesians 3 in the SBITS
Ephesians 3 in the SBITS2
Ephesians 3 in the SBITS3
Ephesians 3 in the SBITS4
Ephesians 3 in the SBIUS
Ephesians 3 in the SBIVS
Ephesians 3 in the SBT
Ephesians 3 in the SBT1E
Ephesians 3 in the SCHL
Ephesians 3 in the SNT
Ephesians 3 in the SUSU
Ephesians 3 in the SUSU2
Ephesians 3 in the SYNO
Ephesians 3 in the TBIAOTANT
Ephesians 3 in the TBT1E
Ephesians 3 in the TBT1E2
Ephesians 3 in the TFTIP
Ephesians 3 in the TFTU
Ephesians 3 in the TGNTATF3T
Ephesians 3 in the THAI
Ephesians 3 in the TNFD
Ephesians 3 in the TNT
Ephesians 3 in the TNTIK
Ephesians 3 in the TNTIL
Ephesians 3 in the TNTIN
Ephesians 3 in the TNTIP
Ephesians 3 in the TNTIZ
Ephesians 3 in the TOMA
Ephesians 3 in the TTENT
Ephesians 3 in the UBG
Ephesians 3 in the UGV
Ephesians 3 in the UGV2
Ephesians 3 in the UGV3
Ephesians 3 in the VBL
Ephesians 3 in the VDCC
Ephesians 3 in the YALU
Ephesians 3 in the YAPE
Ephesians 3 in the YBVTP
Ephesians 3 in the ZBP