Galatians 1 (BOTLNT)

1 1-2 Lokwalo lo lo tswa kwa go nna Paulo morongwa le Bakeresete ba bangwe fano botlhe. Ke kwalela: Diphuthego tsa Galatia. Ga ke a bilediwa go nna morongwa wa Modimo ke setlhopha sengwe kgotsa boemedi bongwe jwa lefatshe. Pitso ya me e tswa kwa go Jesu Keresete ka sebele, le kwa go Rara yo o mo tsositseng mo baswing. 3 A kagiso le tshegofatso tse di tswang kwa go Modimo Rara le Morena Jesu Keresete di nne le lona. 4 O swetse dibe tsa rona fela jaaka Modimo Rara wa rona a rulagantse, a bo a re falotsha mo lefatsheng leno le le bosula le re nnang mo go lone. 5 A kgalalelo yotlhe e nne go Modimo ka metlha yotlhe ya bosakhutleng. Amen. 6 Ke a hakgamala fa lo akofa lo furalela Mo-dimo, o mo loratong le kutlwelo-botlhoko ya one o lo laleditseng go nna le seabe mo botshelong jo bosakhutleng jo o bo abang ka Keresete; lo setse lo sala “tsela e sele morago go ya legodimong,” e tota e sa yeng kwa legodimong gotlhelele. 7 Gonne ga gona tsela epe e sele kwa ntle ga e re e lo kaetseng; lo tsiediwa ke ba ba sokamisang ebile ba fetola boammaaruri kaga Keresete. 8 A diphutso tsa Modimo di wele le fa e le mang, le nna tota, yo o ka rerang ka tsela nngwe fela ya go bolokwa go na le e re lo boleletseng ka ga yone; ee, fa moengele a tswa legodimong a bo a rera molaetsa mongwe fela, a phutso ya Modimo e mo wele. 9 Ke ipoeletsa gape ke re: fa mongwe a rera Mafoko a a Molemo a sele kwa ntle ga a lo a amogetseng, a petso ya Modimo e mo wele. 10 Lo ka bona gore ga ke leke go lo itumedisa ka puo e e monate le e e gapang maikutlo fela; nnyaa, ke leka go itumedisa Modimo. Fa ke ne ke santse ke leka go itumedisa batho ke ne ke ka seka ka nna motlhanka wa ga Keresete. 11 Ditsala tse di rategang, ke ikana ka tlhwaafalo ka re tsela e e yang legodimong e ke e rerang, ga e a thaega mo mogopolonyaneng kgotsa mo torong ya motho. 12 Gonne molaetsa wa me ga o tswe mo go ope fa e se Jesu Keresete a le esi, yo o mpoleletseng gore ke bue eng. Ga go na motho ope yo o nthutileng. 13 Lo itse gore ke ne ke ntse jang fa ke santse ke setse tumelo ya Sejuta morago, le ka fa ke neng ke le pelo-mpe ka teng mo Bakereseteng, ke ba tsoma ebile ke leka ka bojotlhe jwa me go ba bolaya botlhe. 14 Ke ne ke le mongwe wa bagolwane ba tumelo ya Sejuta mo mophatong wa balekane ba me ba malatsi ao mo lefatsheng ka fa ke neng ke ka kgona ka teng go sala morago melao yotlhe e megologolo ya ngwao ya tumelo ya me. 15 Mme sengwe sa diragala! Gonne le pele ga ke tsalwa Modimo o ne o intlhophetse, wa ba wa mpitsa: ana ke tshiamo le tshegofatso e ntle thatajang, 16 go senola Morwa one mo go nna gore ke tle ke ye kwa go Badichaba ke ba bontshe Mafoko a a Molemo kaga Jesu. Erile fa mo gotlhe go ntiragalela ga ke ise ke re gone fela foo ke ye go go rerisanya le ope; 17 ga ke ise ke ko ke tlhatlogele kwa Jerusalema go rerisanya le ba e neng e le baaposetoloi pele ga me. Nnyaa, ke ne ka ya kwa dikakeng tsa Arabia, ka bo ka boela kwa motsing wa Damaseko. 18 Erile dingwaga di le tharo di sena go feta ka ya kwa Jerusalema ke le mo loetong ke etela Petoro, mme ka nna koo le ene malatsi a le lesome le botlhano. 19 Mme moaposetoloi yo mongwe yo ke neng ka rakana nae ka lobaka loo e ne e le Jakobe monnawe Morena wa rona. 20 (Reetsang se ke se buang, gonne ke lo bolelela boammaaruri jo fa pele ga Modimo tota. Se ke se se neng sa diragala tota ga ke lo aketse). 21 Erile morago ga loeto lo ka ya kwa Siria le Kilikia. 22 Mme Bakeresete mo Judea ba ne ba santse ba sa itse sebopego sa me. 23 Se ba neng ba se itse fela e ne e le puo ya batho e e reng, “Yo o neng a le mmaba wa rona, jaanong o rera tumelo e a neng a leka go e nyeletsa.” 24 Mme ba galaletsa Modimo ka ntlha ya me.

In Other Versions

Galatians 1 in the ANGEFD

Galatians 1 in the ANTPNG2D

Galatians 1 in the AS21

Galatians 1 in the BAGH

Galatians 1 in the BBPNG

Galatians 1 in the BBT1E

Galatians 1 in the BDS

Galatians 1 in the BEV

Galatians 1 in the BHAD

Galatians 1 in the BIB

Galatians 1 in the BLPT

Galatians 1 in the BNT

Galatians 1 in the BNTABOOT

Galatians 1 in the BNTLV

Galatians 1 in the BOATCB

Galatians 1 in the BOATCB2

Galatians 1 in the BOBCV

Galatians 1 in the BOCNT

Galatians 1 in the BOECS

Galatians 1 in the BOGWICC

Galatians 1 in the BOHCB

Galatians 1 in the BOHCV

Galatians 1 in the BOHLNT

Galatians 1 in the BOHNTLTAL

Galatians 1 in the BOICB

Galatians 1 in the BOILNTAP

Galatians 1 in the BOITCV

Galatians 1 in the BOKCV

Galatians 1 in the BOKCV2

Galatians 1 in the BOKHWOG

Galatians 1 in the BOKSSV

Galatians 1 in the BOLCB

Galatians 1 in the BOLCB2

Galatians 1 in the BOMCV

Galatians 1 in the BONAV

Galatians 1 in the BONCB

Galatians 1 in the BONLT

Galatians 1 in the BONUT2

Galatians 1 in the BOPLNT

Galatians 1 in the BOSCB

Galatians 1 in the BOSNC

Galatians 1 in the BOVCB

Galatians 1 in the BOYCB

Galatians 1 in the BPBB

Galatians 1 in the BPH

Galatians 1 in the BSB

Galatians 1 in the CCB

Galatians 1 in the CUV

Galatians 1 in the CUVS

Galatians 1 in the DBT

Galatians 1 in the DGDNT

Galatians 1 in the DHNT

Galatians 1 in the DNT

Galatians 1 in the ELBE

Galatians 1 in the EMTV

Galatians 1 in the ESV

Galatians 1 in the FBV

Galatians 1 in the FEB

Galatians 1 in the GGMNT

Galatians 1 in the GNT

Galatians 1 in the HARY

Galatians 1 in the HNT

Galatians 1 in the IRVA

Galatians 1 in the IRVB

Galatians 1 in the IRVG

Galatians 1 in the IRVH

Galatians 1 in the IRVK

Galatians 1 in the IRVM

Galatians 1 in the IRVM2

Galatians 1 in the IRVO

Galatians 1 in the IRVP

Galatians 1 in the IRVT

Galatians 1 in the IRVT2

Galatians 1 in the IRVU

Galatians 1 in the ISVN

Galatians 1 in the JSNT

Galatians 1 in the KAPI

Galatians 1 in the KBT1ETNIK

Galatians 1 in the KBV

Galatians 1 in the KJV

Galatians 1 in the KNFD

Galatians 1 in the LBA

Galatians 1 in the LBLA

Galatians 1 in the LNT

Galatians 1 in the LSV

Galatians 1 in the MAAL

Galatians 1 in the MBV

Galatians 1 in the MBV2

Galatians 1 in the MHNT

Galatians 1 in the MKNFD

Galatians 1 in the MNG

Galatians 1 in the MNT

Galatians 1 in the MNT2

Galatians 1 in the MRS1T

Galatians 1 in the NAA

Galatians 1 in the NASB

Galatians 1 in the NBLA

Galatians 1 in the NBS

Galatians 1 in the NBVTP

Galatians 1 in the NET2

Galatians 1 in the NIV11

Galatians 1 in the NNT

Galatians 1 in the NNT2

Galatians 1 in the NNT3

Galatians 1 in the PDDPT

Galatians 1 in the PFNT

Galatians 1 in the RMNT

Galatians 1 in the SBIAS

Galatians 1 in the SBIBS

Galatians 1 in the SBIBS2

Galatians 1 in the SBICS

Galatians 1 in the SBIDS

Galatians 1 in the SBIGS

Galatians 1 in the SBIHS

Galatians 1 in the SBIIS

Galatians 1 in the SBIIS2

Galatians 1 in the SBIIS3

Galatians 1 in the SBIKS

Galatians 1 in the SBIKS2

Galatians 1 in the SBIMS

Galatians 1 in the SBIOS

Galatians 1 in the SBIPS

Galatians 1 in the SBISS

Galatians 1 in the SBITS

Galatians 1 in the SBITS2

Galatians 1 in the SBITS3

Galatians 1 in the SBITS4

Galatians 1 in the SBIUS

Galatians 1 in the SBIVS

Galatians 1 in the SBT

Galatians 1 in the SBT1E

Galatians 1 in the SCHL

Galatians 1 in the SNT

Galatians 1 in the SUSU

Galatians 1 in the SUSU2

Galatians 1 in the SYNO

Galatians 1 in the TBIAOTANT

Galatians 1 in the TBT1E

Galatians 1 in the TBT1E2

Galatians 1 in the TFTIP

Galatians 1 in the TFTU

Galatians 1 in the TGNTATF3T

Galatians 1 in the THAI

Galatians 1 in the TNFD

Galatians 1 in the TNT

Galatians 1 in the TNTIK

Galatians 1 in the TNTIL

Galatians 1 in the TNTIN

Galatians 1 in the TNTIP

Galatians 1 in the TNTIZ

Galatians 1 in the TOMA

Galatians 1 in the TTENT

Galatians 1 in the UBG

Galatians 1 in the UGV

Galatians 1 in the UGV2

Galatians 1 in the UGV3

Galatians 1 in the VBL

Galatians 1 in the VDCC

Galatians 1 in the YALU

Galatians 1 in the YAPE

Galatians 1 in the YBVTP

Galatians 1 in the ZBP