Luke 5 (BOTLNT)

1 Mme ya re ka letsatsi lengwe a rera mo lotshitshing lwa lecha la Genesareta, bontsintsi jo bogolo jwa batho jwa kokoanela mo go ene go reetsa Lefoko la Modimo. 2 Mme a lebela mekoro e mebedi e e senang sepe e eme fa thoko ga metse fa batshwari ba ditlhapi ba tlhatswa matloa a bone. 3 Erile Jesu a tsena mo go mongwe wa mekoro, a raya Simone mong wa mokoro o mongwe a re, a o suteletse kwa pelenyana mo metsing gore a tle a nne mo go one a bue le batho a le mo teng. 4 Erile a sena go fetsa go bua, a raya Simone a re, “Jaanong tsamaela fa go boteng o lese matloa a gago mme o tlaa tshwara ditlhapi di le dintsi!” 5 Mme Simone a fetola a re, “Morena,” re dirile thata bosigo jotlhe mme ra se ka ra tshwara sepe, mme fa o rialo re tlaa leka gape. 6 Mme ka nako e matloa a bone a ne a tlala thata mo e leng gore a ne a simolola go gagoga! 7 Mme go goa ga bone ba batla thuso ga tlisa bangwe ka bone mo mokorong o mongwe mme ka bonako mekoro yotlhe ya bo e tletse ditlhapi mo e ka nwelang. 8 Erile Simone Petere a lemoga se se diragetseng a itigela ka mangole fa pele ga ga Jesu mme a re, “Ao, Morena, tswee-tswee, re tlogele ke moleofi yo mogolo go ka nna le wena.” 9 Gonne o ne a gakgamaditswe thata ke selekanyo se ba se tshwereng jaaka ba bangwe ba ba neng ba na le bone. 10 Le bapati ba bangwe le bone bo Jakobe le Johane, bomorwa Sebede. Mme Jesu a fetola a re, “Se tshwenyege! go simolola gompieno lo tlaa tshwara mewa ya batho!” 11 Mme ya re ka bonako fa ba fologa mo mekorong ba tlogela tsotlhe ba tsamaya le ene. 12 Mme ka letsatsi lengwe mo motsaneng mongwe o a neng a o etela, teng koo ga bo go le monna yo o neng a na le lepero le le sa foleng. Erile a bona Jesu a itigela fa fatshe fa pele ga gagwe, a oba sefatlhogo a kopa gore a fodisiwe. A re, “Morena, fa o rata o ka mphodisa.” 13 Hong Jesu a otlolola seatla a ama monna yoo mme a re, “Go ntse jalo ke a rata, fola!” Mme lepero la mo tlogela ka bonako. 14 Mme Jesu a mo laela gore a tsamaye ka bofefo a sa bolelele ope se se diragetseng le go ya go tlhatlhojwa ke moperesiti wa Sejuta. Mme Jesu a mo raya a re, “Ntsha setlhabelo se ka molao wa ga Moshe se batlwang mo baleperweng ba ba fodisitsweng. Se se tlaa supegetsa mongwe le mongwe gore o fodile.” 15 Hong polelo ya nonofo ya gagwe ya anama ka bonako mme kokoano e kgolo ya batho ya tla go utlwa a ruta le go fodisiwa malwetse a bone. 16 Mme Jesu o ne a tle a ngwangwaelele kwa nageng go ya go rapela. 17 Ka letsatsi lengwe fa a ntse a ruta, bangwe ba molao ba bo ba ntse gaufi nae. (Go ne go bonala fa batho ba ba ne ba tswa mo metsaneng mengwe le mengwe ya Galalea otlhe le Judea, le mo Jerusalema). Mme nonofo ya phodiso ya Morena e ne e le mo go ene. 18 18-19 Mme bonang! banna bangwe ba tlaa ba tshotse monna yo o suleng mofama a robetse mo phateng. Ba leka go itshukela mo gare ga bontsintsi jwa batho go ya kwa go Jesu mme ba se ka ba mmona. Jalo ba tlhatlogela mo ditlhomesong fa godimo ga gagwe, ba tlosa makote a a neng a khurumetse ditlhomeso mme ba baya fa fatshe monna yo o lwalang mo bontsintsing jwa batho, a ntse a robetse mo phateng, fa pele ga ga Jesu! 20 Mme ya re Jesu a bona tumelo ya bone, a raya monna a re, “Tsala ya me, dibe tsa gago di itshwaretswe!” 21 Mme Bafarasai le baruti ba molao ba botsanya ba re, “Motho yo o ikgopola a le eng?” O a tlhapatsa! E mang fa e se Modimo yo o ka itshwarelang dibe. 22 Jesu a ba a setse a itsile se ba se akantseng, mme a fetola a re, “Ke eng fa e le tlhapatso? 23 A go thata go itshwarela dibe tsa gagwe go na le go mo fodisa?” 24 Jaanong ke tlaa supa thata ya me go itshwarela sebe ka go supa nonofo ya me ka go fodisa bolwetse. Mme a raya monna yo o suleng mofama a re, “Ema o menaganye phate ya gago o ye gae.” 25 Mme ya re ka bonako, fa mongwe le mongwe a lebeletse, monna a nanoga a tsaya phate ya gagwe a ya gae a baka Modimo. 26 Mme mongwe le mongwe yo o neng a le foo a tshwarwa ke kgakge le letshogo. Mme ba baka Modimo, ba boaboela gangwe le gape ba re, “Re bone dilo tse di gakgamatsang gompieno.” 27 Mme morago ya re Jesu a tswa mo motseng a bona mokgethisi ka sekao sa gale sa go tsietsa a ntse fa bokgethelong. Leina la monna yo e ne e le Lefi, Jesu a mo raya a re, “Tla o nne mongwe wa barutwa ba me!” 28 Mme Lefi, a tlogela sengwe le sengwe a nanoga a tsamaya le ene. 29 Mme ka bonako Lefi a dira modiro mo legaeng la gagwe a o direla Jesu e le moeng yo o tlotlegang. Ba le bantsi ba ditsala tsa ga Lefi tsa bakgethisi le baeti ba bangwe ba ne ba le teng. 30 Mme Bafarasai le baruti ba molao ba ngongoregela barutwa ba ga Jesu ka go ja le baleofi ba mofuta oo. 31 Mme Jesu a ba araba a re, “Ke molwetse yo o tlhokang ngaka eseng ba ba itekanetseng, 32 Tiro ya me ke go laletsa baleofi gore ba sokologe mo dibeng tsa bone, eseng go senya nako ya me ka ba ba ikgopolang gore ba setse ba siame thata.” 33 Ngongorego e nngwe e ne e le ya gore barutwa ba ga Jesu ba dira modiro mo boemong jwa go ikitsa dijo, fa barutwa ba ga Johane le ba Bafarasai bone ba aga ba itima dijo ebile ba rapela. Ba re, “Ke eng fa barutwa ba gago bone ba a nwa ba a ja?” 34 Jesu a botsa a re, “A batho ba ba itumelang ba ka ikitsa go ja? A balalediwa ba lenyalo ba ka tshwarwa ke tlala fa ba le mo moketeng le monyadi? 35 Mme nako e tlaa tla e monyadi o tlaa bolawang ka yone; ke gone ba se kitlang ba batla go ja.” 36 Hong Jesu a dirisa setshwantsho se: a re, “Ga go na ope yo o gagolang sebata sa seaparo se sesha go bitiya seaparo se segologolo, gonne seaparo se sesha se tlaa bo se sentswe, mme seaparo se segologolo se tlaa lebega se le maswe ka ntlha ya sebata se sesha mo go sone. 37 Mme ga go ope yo o ka tshelang seno sa mofine se sesha mo teng ga dinkgwana tse di kgologolo, gonne seno se sesha se tlaa phunya dinkgwana mme di tsholole mofine. 38 Mofine o mosha o tshwanetse go tshelwa mo dinkgwaneng tse disha. 39 Mme ga go ope yo e a reng a sena go nwa mofine o mogologolo a eletse o mosha. Mme batho ba re ditsela tsa bogologolo di botoka.”

In Other Versions

Luke 5 in the ANGEFD

Luke 5 in the ANTPNG2D

Luke 5 in the AS21

Luke 5 in the BAGH

Luke 5 in the BBPNG

Luke 5 in the BBT1E

Luke 5 in the BDS

Luke 5 in the BEV

Luke 5 in the BHAD

Luke 5 in the BIB

Luke 5 in the BLPT

Luke 5 in the BNT

Luke 5 in the BNTABOOT

Luke 5 in the BNTLV

Luke 5 in the BOATCB

Luke 5 in the BOATCB2

Luke 5 in the BOBCV

Luke 5 in the BOCNT

Luke 5 in the BOECS

Luke 5 in the BOGWICC

Luke 5 in the BOHCB

Luke 5 in the BOHCV

Luke 5 in the BOHLNT

Luke 5 in the BOHNTLTAL

Luke 5 in the BOICB

Luke 5 in the BOILNTAP

Luke 5 in the BOITCV

Luke 5 in the BOKCV

Luke 5 in the BOKCV2

Luke 5 in the BOKHWOG

Luke 5 in the BOKSSV

Luke 5 in the BOLCB

Luke 5 in the BOLCB2

Luke 5 in the BOMCV

Luke 5 in the BONAV

Luke 5 in the BONCB

Luke 5 in the BONLT

Luke 5 in the BONUT2

Luke 5 in the BOPLNT

Luke 5 in the BOSCB

Luke 5 in the BOSNC

Luke 5 in the BOVCB

Luke 5 in the BOYCB

Luke 5 in the BPBB

Luke 5 in the BPH

Luke 5 in the BSB

Luke 5 in the CCB

Luke 5 in the CUV

Luke 5 in the CUVS

Luke 5 in the DBT

Luke 5 in the DGDNT

Luke 5 in the DHNT

Luke 5 in the DNT

Luke 5 in the ELBE

Luke 5 in the EMTV

Luke 5 in the ESV

Luke 5 in the FBV

Luke 5 in the FEB

Luke 5 in the GGMNT

Luke 5 in the GNT

Luke 5 in the HARY

Luke 5 in the HNT

Luke 5 in the IRVA

Luke 5 in the IRVB

Luke 5 in the IRVG

Luke 5 in the IRVH

Luke 5 in the IRVK

Luke 5 in the IRVM

Luke 5 in the IRVM2

Luke 5 in the IRVO

Luke 5 in the IRVP

Luke 5 in the IRVT

Luke 5 in the IRVT2

Luke 5 in the IRVU

Luke 5 in the ISVN

Luke 5 in the JSNT

Luke 5 in the KAPI

Luke 5 in the KBT1ETNIK

Luke 5 in the KBV

Luke 5 in the KJV

Luke 5 in the KNFD

Luke 5 in the LBA

Luke 5 in the LBLA

Luke 5 in the LNT

Luke 5 in the LSV

Luke 5 in the MAAL

Luke 5 in the MBV

Luke 5 in the MBV2

Luke 5 in the MHNT

Luke 5 in the MKNFD

Luke 5 in the MNG

Luke 5 in the MNT

Luke 5 in the MNT2

Luke 5 in the MRS1T

Luke 5 in the NAA

Luke 5 in the NASB

Luke 5 in the NBLA

Luke 5 in the NBS

Luke 5 in the NBVTP

Luke 5 in the NET2

Luke 5 in the NIV11

Luke 5 in the NNT

Luke 5 in the NNT2

Luke 5 in the NNT3

Luke 5 in the PDDPT

Luke 5 in the PFNT

Luke 5 in the RMNT

Luke 5 in the SBIAS

Luke 5 in the SBIBS

Luke 5 in the SBIBS2

Luke 5 in the SBICS

Luke 5 in the SBIDS

Luke 5 in the SBIGS

Luke 5 in the SBIHS

Luke 5 in the SBIIS

Luke 5 in the SBIIS2

Luke 5 in the SBIIS3

Luke 5 in the SBIKS

Luke 5 in the SBIKS2

Luke 5 in the SBIMS

Luke 5 in the SBIOS

Luke 5 in the SBIPS

Luke 5 in the SBISS

Luke 5 in the SBITS

Luke 5 in the SBITS2

Luke 5 in the SBITS3

Luke 5 in the SBITS4

Luke 5 in the SBIUS

Luke 5 in the SBIVS

Luke 5 in the SBT

Luke 5 in the SBT1E

Luke 5 in the SCHL

Luke 5 in the SNT

Luke 5 in the SUSU

Luke 5 in the SUSU2

Luke 5 in the SYNO

Luke 5 in the TBIAOTANT

Luke 5 in the TBT1E

Luke 5 in the TBT1E2

Luke 5 in the TFTIP

Luke 5 in the TFTU

Luke 5 in the TGNTATF3T

Luke 5 in the THAI

Luke 5 in the TNFD

Luke 5 in the TNT

Luke 5 in the TNTIK

Luke 5 in the TNTIL

Luke 5 in the TNTIN

Luke 5 in the TNTIP

Luke 5 in the TNTIZ

Luke 5 in the TOMA

Luke 5 in the TTENT

Luke 5 in the UBG

Luke 5 in the UGV

Luke 5 in the UGV2

Luke 5 in the UGV3

Luke 5 in the VBL

Luke 5 in the VDCC

Luke 5 in the YALU

Luke 5 in the YAPE

Luke 5 in the YBVTP

Luke 5 in the ZBP