Matthew 28 (BOTLNT)

1 Mme ya re phakela mo mosong wa Tshipi, fa bosigo jwa tshipi boo sa, Marea Magatalena le Maria yo mongwe ba ya kwa phupung. 2 Ka tshoganetso ga nna thoromo ya lefatshe e kgolo; gonne moengele wa Morena o na a fologa kwa legodimong mme a pitikololela lentswe fa thoko ga phupu mme a nna mo godimo ga lone. 3 Sefatlhogo sa gagwe sa bo se phatsima jaaka logadima, le diaparo tsa gagwe tsa bo di le bosweu jo bo fatlhang. 4 Balebeledi ba roromisiwa ke letshogo fa ba mmona, mme ba idibala mo o neng o ka re ba sule. 5 Mme moengele a bua le basadi a re, “Se boifeng!” Ke itse gore lo batla Jesu yo o neng a bapotswe, 6 mme ga a yo fano! Gonne o rudile fela jaaka a boletse. Tsenang lo bone fa mmele wa gagwe o neng o namaletse gone. 7 Mme jaanong, itlhaganeleng lo ye go itsise barutwa ba gagwe gore o tsogile mo baswing le gore o ya kwa Galalea go rakana nabo teng. Ke one molaetsa wa me o ke o lo nayang. 8 Basadi ba akofa ba tloga fa phupung ba tshogile gape ba itumetse thata, mme ba itlhaganelela go batla barutwa go ba bolelela molaetsa wa moengele. 9 Mme ya re ba santse ba siane, ka tshoganetso Jesu a ba kgatlhantsha! A re, “Dumelang!”. Ba wela fa fatshe fa pele ga gagwe ba mo tshwara dinao ba mo obamela. 10 Mme Jesu a ba raya a re, “Se boifeng! Yang go raya bana ba ga Rre lo re ba itlhaganelele kwa Galalea go nkgatlhantsha teng.” 11 Ya re basadi ba santse ba le mo tseleng e e yang motseng, bangwe ba mapodisi a Tempele ba ba neng ba disitse phupu ba ya kwa baperesiting ba bagolo go ba bolelela se se diragetseng. 12 12-13 Phuthego ya baeteledipele botlhe ba Sejuda ya kuiwa, ga dumalanwa gore mapodisi a rekwe ka madi gore ba re erile ba robetse barutwa ba ga Jesu ba tla bosigo mme ba utswa mmele wa gagwe. 14 Mme phuthego ya ba solofetsa ya re, “Fa molaodi a ka utlwa ka ga kgang e, re tlaa lo sireletsa mme sengwe le sengwe se tlaa siama.” 15 Jalo mapodisi a dumalana go rekwa ka madi, mme ba bua se ba neng ba se rutilwe. Polelo ya bone ya anama mo Bajudeng, le gompieno e sa ntse e dumelwa. 16 Mme barutwa ba ba lesome le motso ba ya Galalea, ba ya thabeng e Jesu a neng a rile ba tlaa mo fitlhela teng. 17 Mme koo ba feta ba rakana nae mme ba mo obamela; mme bangwe ba bone ba bo ba sa tlhomamise gore a ke ene Jesu tota! 18 A raya barutwa ba gagwe a re, “Ke neilwe taolo yotlhe kwa Legodimong le mo lefatshing. 19 Ke gone tsamayang mme lo dire barutwa mo merafeng yotlhe, lo ba kolobetse mo ineng la ga Rara le la Morwa le la Mowa o o Boitshepo. 20 Mme ke gone lo rute barutwa ba basha ba go tshegetsa ditaolo tsotlhe tse ke di lo neileng; mme lo tlhomamise Gore ke na le lona ka malatsi otlhe le go ya bokhutlong jwa lefatshe.”

In Other Versions

Matthew 28 in the ANGEFD

Matthew 28 in the ANTPNG2D

Matthew 28 in the AS21

Matthew 28 in the BAGH

Matthew 28 in the BBPNG

Matthew 28 in the BBT1E

Matthew 28 in the BDS

Matthew 28 in the BEV

Matthew 28 in the BHAD

Matthew 28 in the BIB

Matthew 28 in the BLPT

Matthew 28 in the BNT

Matthew 28 in the BNTABOOT

Matthew 28 in the BNTLV

Matthew 28 in the BOATCB

Matthew 28 in the BOATCB2

Matthew 28 in the BOBCV

Matthew 28 in the BOCNT

Matthew 28 in the BOECS

Matthew 28 in the BOGWICC

Matthew 28 in the BOHCB

Matthew 28 in the BOHCV

Matthew 28 in the BOHLNT

Matthew 28 in the BOHNTLTAL

Matthew 28 in the BOICB

Matthew 28 in the BOILNTAP

Matthew 28 in the BOITCV

Matthew 28 in the BOKCV

Matthew 28 in the BOKCV2

Matthew 28 in the BOKHWOG

Matthew 28 in the BOKSSV

Matthew 28 in the BOLCB

Matthew 28 in the BOLCB2

Matthew 28 in the BOMCV

Matthew 28 in the BONAV

Matthew 28 in the BONCB

Matthew 28 in the BONLT

Matthew 28 in the BONUT2

Matthew 28 in the BOPLNT

Matthew 28 in the BOSCB

Matthew 28 in the BOSNC

Matthew 28 in the BOVCB

Matthew 28 in the BOYCB

Matthew 28 in the BPBB

Matthew 28 in the BPH

Matthew 28 in the BSB

Matthew 28 in the CCB

Matthew 28 in the CUV

Matthew 28 in the CUVS

Matthew 28 in the DBT

Matthew 28 in the DGDNT

Matthew 28 in the DHNT

Matthew 28 in the DNT

Matthew 28 in the ELBE

Matthew 28 in the EMTV

Matthew 28 in the ESV

Matthew 28 in the FBV

Matthew 28 in the FEB

Matthew 28 in the GGMNT

Matthew 28 in the GNT

Matthew 28 in the HARY

Matthew 28 in the HNT

Matthew 28 in the IRVA

Matthew 28 in the IRVB

Matthew 28 in the IRVG

Matthew 28 in the IRVH

Matthew 28 in the IRVK

Matthew 28 in the IRVM

Matthew 28 in the IRVM2

Matthew 28 in the IRVO

Matthew 28 in the IRVP

Matthew 28 in the IRVT

Matthew 28 in the IRVT2

Matthew 28 in the IRVU

Matthew 28 in the ISVN

Matthew 28 in the JSNT

Matthew 28 in the KAPI

Matthew 28 in the KBT1ETNIK

Matthew 28 in the KBV

Matthew 28 in the KJV

Matthew 28 in the KNFD

Matthew 28 in the LBA

Matthew 28 in the LBLA

Matthew 28 in the LNT

Matthew 28 in the LSV

Matthew 28 in the MAAL

Matthew 28 in the MBV

Matthew 28 in the MBV2

Matthew 28 in the MHNT

Matthew 28 in the MKNFD

Matthew 28 in the MNG

Matthew 28 in the MNT

Matthew 28 in the MNT2

Matthew 28 in the MRS1T

Matthew 28 in the NAA

Matthew 28 in the NASB

Matthew 28 in the NBLA

Matthew 28 in the NBS

Matthew 28 in the NBVTP

Matthew 28 in the NET2

Matthew 28 in the NIV11

Matthew 28 in the NNT

Matthew 28 in the NNT2

Matthew 28 in the NNT3

Matthew 28 in the PDDPT

Matthew 28 in the PFNT

Matthew 28 in the RMNT

Matthew 28 in the SBIAS

Matthew 28 in the SBIBS

Matthew 28 in the SBIBS2

Matthew 28 in the SBICS

Matthew 28 in the SBIDS

Matthew 28 in the SBIGS

Matthew 28 in the SBIHS

Matthew 28 in the SBIIS

Matthew 28 in the SBIIS2

Matthew 28 in the SBIIS3

Matthew 28 in the SBIKS

Matthew 28 in the SBIKS2

Matthew 28 in the SBIMS

Matthew 28 in the SBIOS

Matthew 28 in the SBIPS

Matthew 28 in the SBISS

Matthew 28 in the SBITS

Matthew 28 in the SBITS2

Matthew 28 in the SBITS3

Matthew 28 in the SBITS4

Matthew 28 in the SBIUS

Matthew 28 in the SBIVS

Matthew 28 in the SBT

Matthew 28 in the SBT1E

Matthew 28 in the SCHL

Matthew 28 in the SNT

Matthew 28 in the SUSU

Matthew 28 in the SUSU2

Matthew 28 in the SYNO

Matthew 28 in the TBIAOTANT

Matthew 28 in the TBT1E

Matthew 28 in the TBT1E2

Matthew 28 in the TFTIP

Matthew 28 in the TFTU

Matthew 28 in the TGNTATF3T

Matthew 28 in the THAI

Matthew 28 in the TNFD

Matthew 28 in the TNT

Matthew 28 in the TNTIK

Matthew 28 in the TNTIL

Matthew 28 in the TNTIN

Matthew 28 in the TNTIP

Matthew 28 in the TNTIZ

Matthew 28 in the TOMA

Matthew 28 in the TTENT

Matthew 28 in the UBG

Matthew 28 in the UGV

Matthew 28 in the UGV2

Matthew 28 in the UGV3

Matthew 28 in the VBL

Matthew 28 in the VDCC

Matthew 28 in the YALU

Matthew 28 in the YAPE

Matthew 28 in the YBVTP

Matthew 28 in the ZBP