1 Corinthians 10 (BOTLNT)

1 Gonne ga re a tshwanela go lebala, bakaulengwe ba ba rategang, se se diragaletseng batho ba ga rona mo sekakeng bogologolo. Modimo o ne wa ba etelela pele ka leru le le neng le tsamaya kwa pele ga bone; mme o ne wa ba ralatsa botlhe sentle metsi a Lewatle je Lehibidu. 2 Se se ka nna sa bidiwa e le “kolobetso” ya bone, —ba kolobeditswe botlhe mo lewatleng le mo lerung! —jaaka balatedi ba ga Moshe, boineelo jwa bone mo go ene jaaka moeteledi-pele wa lona. 3 3-4 Mme ka kgakgamatso wa ba romelela dijo go ja le metsi go nwa gone kwa sekakeng; ba ne ba a nwa metsi a Keresete o ba a neileng. O ne a le teng a na le bone jaaka Lefika le le nonofileng la thudiso ya semowa. 5 Le fa go ntse jalo bontsi jwa bone botlhe ba ne ba se ka ba utlwa Modimo, mme o ne a ba nyeletsa mo sekakeng. 6 Mo thutong e re tlhagisiwa gore ga re a tshwanela go eletsa dilo tse di bosula jaaka ba ne ba dira, 7 le eseng go obamela medimo ya disetwa jaaka ba ne ba dira. (Dikwalo di re bolelela gore, “batho ba ne ba nna fa fatshe go ja le go nwa mme ba tloga ba nanoga ba bina,” ba obamela namane ya gauta), modimo wa sesetwa. 8 Thuto e nngwwe ya rona ke kaga se se neng sa direga fa bangwe ba bone ba leofa le basadi ba banna ba bangwe, mme dikete di le masome a mabedi le boraro tsa a swa ka letsatsi. 9 Mme se leke bobelotelele jwa Morena, ba ne ba dira jalo, mme ba a swa, ba bolawa ke malomo a noga. 10 Le gone o se ka wa ngongoregela Modimo le tirisano ya one le wena, jaaka bangwe ba bone ba ne ba dira, gonne ke gone ka moo Modimo o ileng wa romela moengele wa one go ba nyeletsa botlhe. 11 Dilo tse tsotlhe di ba diragaletse e le dikai, jaaka dithuto tsa boitlamo mo go rona go re tlhagisa gore re seka ra dira jaaka bone; dilo tse di kwadilwe gore re tle re bale kaga bone le go ithuta mo go bone mo malatsing ano a bofelo jaaka lefatshe le le gaufi le bokhutlo jwa lone. 12 Jalo itlhokomeleng. Fa lo akanya, lo re, “Oo, ga nka ke ka tlhola ke tshwara jalo gape”, a se e nne tlhagiso mo go lona. Gonne le lona lo ka wela mo sebeng. 13 Mme gakologelwang se, dikeletso tse di bosula tse di tlang mo botshelong jwa lona ga se sepe se sesha le se se pharologanyo. Ba le bantsi ba ne ba lebagana le mathata a a ntseng fela jalo pele ga lona. Mme ga go na thaelo epe e e sa kganelesegeng. Lo ka tshepa Modimo go kganela thaelo gore e se ka ya nna le thata mo lo sa ka keng lwa e fenya, gonne Morena o solofeditse se, mme o tlaa diragatsa se a se buileng. O tlaa lo supegetsa ka fa lo ka falolang nonofo ya thaelo ka gone gore lo kgone go itshoka kgatlhanong le yone. 14 Jalo ditsala tse di rategang, tshabang kobamelo nngwe le nngwe ya medimo ya disetwa. 15 Lo batho ba ba botlhale. Bonang ka bo lona gore a se ke tlogang ke se bua ke boammaaruri. 16 Fa re kopela senwelo sa mofine tshegofatso fa Lomating lwa Morena, a se ga se reye gore, botlhe ba ba se nwang ba tlhakanela tshegofatso ya madi a ga Keresete? Mme fa re ngathoganya senkgwe se go ja mmogo, se se supa gore rotlhe re tlhakanetse dithuso mo mmeleng wa gagwe. 17 Ga go re sepe gore re kae foo, rotlhe re ja mo senkgweng se le sengwe fela, go supa gore rotlhe re ditokololo tsa mmele o le mongwe wa ga Keresete. 18 Mme batho ba Sejuta botlhe ba ba jang ditlhabelo ba kopa nngwa ka yone tiro eo. 19 Keleka go reng? A ka re medimo ya disetwa o baheitane ba e leretseng ditlhabelo e a tshela ka boammaaruri le gore ke medimo tota, le gore a ditlhabelo tse di na le tlhwatlhwa nngwe? Nnyaa, ga ke rialo. 20 Se ke se buang ke gore batho ba ba ntshetsang medimo e ya disetwa dijo, ba ikopantse mmogo mo go direleng mewa e e maswe ditlhabelo, tota e seng Modimo. Mme ga ke rate ope wa lona a nna le kabelo epe le mewa e e maswe fa loo ja dijo tse di tshwanang le tsa baheitane, tse di diretsweng mewa e e maswe. 21 Ga lo kake lwaa nwa senwelo fa lomating lwa bojelo lwa Morena le fa go lwa ga Satane. Ga lo kake lwaa ja senkgwe fa lomating lwa Morena le fa lomating lwa ga Satane. 22 Ke eng? A o leka Morena go go galefela. A o nonofile go mo feta? 23 O gololesegile go ja dijo tse di abetsweng medimo ya disetwa fa o batla go di ja; ga se kgatlhano le molao wa Modimo go ja dijo tse di ntseng jalo, mme ga go reye gore o tswelele pele go go dira. Go ka nna ga letlelesega, mme ga go kake ga nna botoka ga ba ga nna le thuso epe. 24 Se ikakanyetse fela ka bo wena. Leka go akanyetsa motho yo mongwe le ene, le se se mo siametseng. 25 Se lo tshwanetseng go se dira ke se: Jaang nama nngwe le nngwe e lo e batlang e e rekisiwang kwa matlhabelong. Se botseng gore a e ka ne e abetswe medimo ya disetwa, e se re kgotsa karabo ya lo koafatsa. 26 Gonne lefatshe le sengwe le sengwe se se molemo mo go lone ke sa Morena ebile ke sa gago go se akola. 27 Fa mongwe yo e seng Mokeresete a go kopa go ya dijong nae, tswelelang amogela taletso fa o batla. Ja sengwe le sengwe se se mo lomating lwa bojelo o se ka wa botsa dipotso dipe kaga sone. Mme ga o nke o itse go re a di diretswe medimo ya disetwa kgotsa nnyaa, le gone ga o kitla o nna le segakolodi se se bokoa morago ga o di ja. 28 Mme fa mongwe a go tlhagisa gore nama e e abetswe medimo ya disetwa jalo se e je ka ntlha ya motho yo o go boleletseng, le ka segakolodi sa gagwe. 29 Mo lebakeng le, maikutlo a gagwe kaga tsone ke selo sa botlhokwa, e seng a gago. Mme o ka botsa gore ka go reng, a ke tshwanetse go kaelwa le go laolelwa ka se mongwe a se akanyang? 30 Fa ke ka leboga Modimo ka dijo mme ke di itumelela ke eng fa mongwe a ka letlelelwa go senya sengwe le sengwe fela ka gore o akanya gore ga se a siama? 31 Go siame, ke tlaa lo bolelela gore ke eng. Ke ka gore o tshwanetse go dira sengwe le sengwe mo kgalaletsong ya Modimo, le e leng go ja le go nwa ga gago. 32 Jalo se nne sekgopi mo go ope, le fa e ka bo e le Bajuta, kgotsa Badichaba kgotsa Bakeresete. 33 Seo ke leano le ke le latelang le nna. Ke leka go itumedisa mongwe le mongwe mo go sengwe le sengwe se ke se dirang, e seng go dira se ke se ratang kgotsa se se ntshwanetseng, fa e se se se siametseng ba bangwe, gore ba tle ba bolokwe.

In Other Versions

1 Corinthians 10 in the ANGEFD

1 Corinthians 10 in the ANTPNG2D

1 Corinthians 10 in the AS21

1 Corinthians 10 in the BAGH

1 Corinthians 10 in the BBPNG

1 Corinthians 10 in the BBT1E

1 Corinthians 10 in the BDS

1 Corinthians 10 in the BEV

1 Corinthians 10 in the BHAD

1 Corinthians 10 in the BIB

1 Corinthians 10 in the BLPT

1 Corinthians 10 in the BNT

1 Corinthians 10 in the BNTABOOT

1 Corinthians 10 in the BNTLV

1 Corinthians 10 in the BOATCB

1 Corinthians 10 in the BOATCB2

1 Corinthians 10 in the BOBCV

1 Corinthians 10 in the BOCNT

1 Corinthians 10 in the BOECS

1 Corinthians 10 in the BOGWICC

1 Corinthians 10 in the BOHCB

1 Corinthians 10 in the BOHCV

1 Corinthians 10 in the BOHLNT

1 Corinthians 10 in the BOHNTLTAL

1 Corinthians 10 in the BOICB

1 Corinthians 10 in the BOILNTAP

1 Corinthians 10 in the BOITCV

1 Corinthians 10 in the BOKCV

1 Corinthians 10 in the BOKCV2

1 Corinthians 10 in the BOKHWOG

1 Corinthians 10 in the BOKSSV

1 Corinthians 10 in the BOLCB

1 Corinthians 10 in the BOLCB2

1 Corinthians 10 in the BOMCV

1 Corinthians 10 in the BONAV

1 Corinthians 10 in the BONCB

1 Corinthians 10 in the BONLT

1 Corinthians 10 in the BONUT2

1 Corinthians 10 in the BOPLNT

1 Corinthians 10 in the BOSCB

1 Corinthians 10 in the BOSNC

1 Corinthians 10 in the BOVCB

1 Corinthians 10 in the BOYCB

1 Corinthians 10 in the BPBB

1 Corinthians 10 in the BPH

1 Corinthians 10 in the BSB

1 Corinthians 10 in the CCB

1 Corinthians 10 in the CUV

1 Corinthians 10 in the CUVS

1 Corinthians 10 in the DBT

1 Corinthians 10 in the DGDNT

1 Corinthians 10 in the DHNT

1 Corinthians 10 in the DNT

1 Corinthians 10 in the ELBE

1 Corinthians 10 in the EMTV

1 Corinthians 10 in the ESV

1 Corinthians 10 in the FBV

1 Corinthians 10 in the FEB

1 Corinthians 10 in the GGMNT

1 Corinthians 10 in the GNT

1 Corinthians 10 in the HARY

1 Corinthians 10 in the HNT

1 Corinthians 10 in the IRVA

1 Corinthians 10 in the IRVB

1 Corinthians 10 in the IRVG

1 Corinthians 10 in the IRVH

1 Corinthians 10 in the IRVK

1 Corinthians 10 in the IRVM

1 Corinthians 10 in the IRVM2

1 Corinthians 10 in the IRVO

1 Corinthians 10 in the IRVP

1 Corinthians 10 in the IRVT

1 Corinthians 10 in the IRVT2

1 Corinthians 10 in the IRVU

1 Corinthians 10 in the ISVN

1 Corinthians 10 in the JSNT

1 Corinthians 10 in the KAPI

1 Corinthians 10 in the KBT1ETNIK

1 Corinthians 10 in the KBV

1 Corinthians 10 in the KJV

1 Corinthians 10 in the KNFD

1 Corinthians 10 in the LBA

1 Corinthians 10 in the LBLA

1 Corinthians 10 in the LNT

1 Corinthians 10 in the LSV

1 Corinthians 10 in the MAAL

1 Corinthians 10 in the MBV

1 Corinthians 10 in the MBV2

1 Corinthians 10 in the MHNT

1 Corinthians 10 in the MKNFD

1 Corinthians 10 in the MNG

1 Corinthians 10 in the MNT

1 Corinthians 10 in the MNT2

1 Corinthians 10 in the MRS1T

1 Corinthians 10 in the NAA

1 Corinthians 10 in the NASB

1 Corinthians 10 in the NBLA

1 Corinthians 10 in the NBS

1 Corinthians 10 in the NBVTP

1 Corinthians 10 in the NET2

1 Corinthians 10 in the NIV11

1 Corinthians 10 in the NNT

1 Corinthians 10 in the NNT2

1 Corinthians 10 in the NNT3

1 Corinthians 10 in the PDDPT

1 Corinthians 10 in the PFNT

1 Corinthians 10 in the RMNT

1 Corinthians 10 in the SBIAS

1 Corinthians 10 in the SBIBS

1 Corinthians 10 in the SBIBS2

1 Corinthians 10 in the SBICS

1 Corinthians 10 in the SBIDS

1 Corinthians 10 in the SBIGS

1 Corinthians 10 in the SBIHS

1 Corinthians 10 in the SBIIS

1 Corinthians 10 in the SBIIS2

1 Corinthians 10 in the SBIIS3

1 Corinthians 10 in the SBIKS

1 Corinthians 10 in the SBIKS2

1 Corinthians 10 in the SBIMS

1 Corinthians 10 in the SBIOS

1 Corinthians 10 in the SBIPS

1 Corinthians 10 in the SBISS

1 Corinthians 10 in the SBITS

1 Corinthians 10 in the SBITS2

1 Corinthians 10 in the SBITS3

1 Corinthians 10 in the SBITS4

1 Corinthians 10 in the SBIUS

1 Corinthians 10 in the SBIVS

1 Corinthians 10 in the SBT

1 Corinthians 10 in the SBT1E

1 Corinthians 10 in the SCHL

1 Corinthians 10 in the SNT

1 Corinthians 10 in the SUSU

1 Corinthians 10 in the SUSU2

1 Corinthians 10 in the SYNO

1 Corinthians 10 in the TBIAOTANT

1 Corinthians 10 in the TBT1E

1 Corinthians 10 in the TBT1E2

1 Corinthians 10 in the TFTIP

1 Corinthians 10 in the TFTU

1 Corinthians 10 in the TGNTATF3T

1 Corinthians 10 in the THAI

1 Corinthians 10 in the TNFD

1 Corinthians 10 in the TNT

1 Corinthians 10 in the TNTIK

1 Corinthians 10 in the TNTIL

1 Corinthians 10 in the TNTIN

1 Corinthians 10 in the TNTIP

1 Corinthians 10 in the TNTIZ

1 Corinthians 10 in the TOMA

1 Corinthians 10 in the TTENT

1 Corinthians 10 in the UBG

1 Corinthians 10 in the UGV

1 Corinthians 10 in the UGV2

1 Corinthians 10 in the UGV3

1 Corinthians 10 in the VBL

1 Corinthians 10 in the VDCC

1 Corinthians 10 in the YALU

1 Corinthians 10 in the YAPE

1 Corinthians 10 in the YBVTP

1 Corinthians 10 in the ZBP