1 Corinthians 11 (BOTLNT)

1 Mme lo tshwanetse go latela sekao sa me, fela jaaka ke latela sa ga Keresete. 2 Ke a itumela, bakaulengwe ba ba rategang, ka gore lo ntse lo gakologelwa ebile lo dira dilo tsotlhe tse ke lo di rutileng. 3 Mme go na le sengwe se ke batlang go lo gakolola kaga sone: gore mosadi o kafa tlase ga taolo ya monna wa gagwe, monna wa gagwe o ka fa tlase ga taolo ya ga Keresete, Keresete ene o ka fa tlase ga taolo ya Modimo. 4 Ke gone ka moo, fa monna a gana go rola hutshe fa a rapela kgotsa a rera, o tlontlolola Keresete. 5 Mme ke gone ka moo mosadi yo o rapelang kgotsa a porofesa mo pepeneneng a sa rwala sepe mo tlhogong o tlontlolola monna wa gagwe (gonne go rwala ga gagwe ke sesupo sa gore o ka fa tlase ga taolo ya monna.) 6 Ee, fa a gana go rwala tukwi, o tshwanetse go beola moriri wa gagwe otlhe mme fa go tlhabisa ditlhong gore mosadi a beolwe, jalo o tshwanetse go rwala sengwe mo tlhogong. 7 Mme monna ga a a tshwanela go rwala sepe mo tlhogong (fa a obamela Modimo), gonne monna ke setshwano le kgalalelo ya Modimo; mme mosadi ke kgalalelo ya monna. 8 Monna wa ntlha ga a tswa mo mosading, mme mosadi wa ntlha ene o dule mo monneng. 9 Le Adamo, monna wa ntlha, o ne a sa direlwa thuso ya ga Efa, mme Efa o ne a diretswe Adamo. 10 Jalo mosadi o tshwa-netse go bipa tlhogo ya gagwe e le sesupo sa gore o ka fa tlase ga taolo ya monna, e le lebaka la gore baengele ba mo lemoge ba bo ba mo itumelele. 11 Mme gakologelwang gore mo leanong la Modimo banna le basadi ba a tlhokana. 12 Gonne le fa mosadi wa ntlha a dule mo monneng, banna botlhe ba tsetswe ke basadi go tloga foo, mme banna le basadi ba tswa mo Modimong Mmopi wa bone. 13 Lona ka bo lona lo akanya jang kaga selo se? A go siame gore mosadi a rapele mo pepeneneng a sa bipa tlhogo? 14 14-15 A ga se gore le yone tlholego e re ruta gore ditlhogo tsa basadi di tshwanetse go bipiwa? Gonne basadi ba ikgantsha ka meriri ya bone e meleele, fa monna yo o moriri moleele o mo tlhabisa ditlhong. 16 Mme fa mongwe a batla go ganetsa kaga mo, gotlhe mo ke ka go buang ke gore ga re rute sepe se sele go na le se, gore mosadi o tshwanetse go ipipa tlhogo fa a rapela kgotsa a porofesa mo phuthegong, mme diphuthego tsotlhe di ikutlwa ka mokgwa o le mongwe kaga se. 17 Se sengwe mo thulaganyong ya me ya dilo tse ke lo kwalelang ka ga tsone ke sengwe se ke se ka keng ka dumalana le sone. Gonne go utlwala jaaka e ka re go kopana ga lona mo selalelong go dira bosula go na le tshiamo. 18 Mongwe le mongwe o aga a mpolelela kaga kganetsanyo e e nnang mo dikopanong tse, le dikgaogano tse di tsogang magareng ga lona ebile ke setse ke rata go dumela. 19 Mme ke gopola gore lo utlwa mo go le botlhokwa mo e leng gore lona ba lo agang lo siame lo tlaa itse lo bo lo gakologelwa! 20 Fa lo kopana lotlhe go ja, ga se Selalelo sa Morena se lo se jang, 21 mme ke sa lona. Gonne ke boleletswe gore mongwe le mongwe o itlhaganelela go phamola dijo tsotlhe tse a ka di kgonang go na le go letela go di kgaogana le ba bangwe, jalo yo mongwe a tlhaelwe mme a tsamaye ka tlala fa ba bangwe ba nole ba tagilwe. 22 Ke eng? A mo ke boammaaruri tota? A ga lo kake lwa a ja lwa nwa kwa malapeng a lona, go tila go nyenyefatsa phuthego le go tlhabisa bahumanegi ditlhong ba ba se ka keng ba tlisa dijo. Ke tshwanetse go reng kaga dilo tse? A lo batla ke lo galaletsa? Ga ke dire jalo! 23 Gonne se ke se Morena ka boene o se buileng ka Lomati lwa gagwe, mme ke lo boleletse pele: Gore mo bosigong jo Judase o mo okileng ka jone, Jesu o ne a tsaya senkgwe, 24 mme ya re a sena go se lebogela mo Modimong, a se ngathoganya a se neela barutwa ba gagwe a re, “Tsayang se lo je. Se ke mmele wa me, o ke lo o nayang. Dirang se gore lo nkgakologelwe”. 25 Ka mokgwa o o tshwanang, a tsaya senwelo sa mofine morago ga selalelo a re, “Senwelo se ke kgolagano e ncha fa gare ga Modimo le lona, se se tlhomamisitsweng sa bo sa tsamaisiwa ka madi a me. Dirang se gore lo nkgopole ka nako tsotlhe fa lo se nwa”. 26 Gonne ka nako tsotlhe fa lo o ja senkgwe se lo bo lo nwa senwelo se, lo bolela molaetsa wa loso lwa Morena, gore o lo swetse. Dirang se go fitlhelela a tla gape. 27 Jalo fa mongwe a a ja senkgwe se a bo a a nwa mo senwelong se sa Morena a sa tshwanela, o leofela mmele le madi a Morena. 28 Ke gone ka moo motho o tshwanetseng go itshekatsheka ka kelotlhoko pele ga a a ja senkgwe a bo a a nwa mo senwelong. 29 Gonne fa a a ja senkgwe se a bo a a nwa mo senwelong a sa tshwanela, a sa akanye kaga mmele wa ga Keresete le go re o rayang, o a bo a inwela ebile a ijela tshekiso; gonne o tshameka ka loso lwa Morena. 30 Ke gone ka mo bontsi jwa lona lo leng bokoa ebile lo lwala, mme bangwe ba setse ba sule. 31 Mme fa lo itshekatsheka ka kelotlhoko pele ga lo o ja ga lo kitla lo atlholwa kgotsa lo otlhaiwa. 32 Le fa go ntse jalo fa re atlholwa re bo re otlhaiwa ke Morena, ke gore ga re kitla re senngwa le lefatshe lotlhe. 33 Jalo, bakaulengwe ba ba rategang, fa lo phuthaganela sejo sa Morena, ebong tirelo ya Selalelo, letelang ba bangwe; 34 fa mongwe a tshwerwe ke tlala thata o tshwanetse go ja kwa lapeng gore a se ka a itlisetsa kwatlhao fa lo phuthega lotlhe. Ke tlaa buisana le lona kaga dilo tse dingwe morago ga ke goroga.

In Other Versions

1 Corinthians 11 in the ANGEFD

1 Corinthians 11 in the ANTPNG2D

1 Corinthians 11 in the AS21

1 Corinthians 11 in the BAGH

1 Corinthians 11 in the BBPNG

1 Corinthians 11 in the BBT1E

1 Corinthians 11 in the BDS

1 Corinthians 11 in the BEV

1 Corinthians 11 in the BHAD

1 Corinthians 11 in the BIB

1 Corinthians 11 in the BLPT

1 Corinthians 11 in the BNT

1 Corinthians 11 in the BNTABOOT

1 Corinthians 11 in the BNTLV

1 Corinthians 11 in the BOATCB

1 Corinthians 11 in the BOATCB2

1 Corinthians 11 in the BOBCV

1 Corinthians 11 in the BOCNT

1 Corinthians 11 in the BOECS

1 Corinthians 11 in the BOGWICC

1 Corinthians 11 in the BOHCB

1 Corinthians 11 in the BOHCV

1 Corinthians 11 in the BOHLNT

1 Corinthians 11 in the BOHNTLTAL

1 Corinthians 11 in the BOICB

1 Corinthians 11 in the BOILNTAP

1 Corinthians 11 in the BOITCV

1 Corinthians 11 in the BOKCV

1 Corinthians 11 in the BOKCV2

1 Corinthians 11 in the BOKHWOG

1 Corinthians 11 in the BOKSSV

1 Corinthians 11 in the BOLCB

1 Corinthians 11 in the BOLCB2

1 Corinthians 11 in the BOMCV

1 Corinthians 11 in the BONAV

1 Corinthians 11 in the BONCB

1 Corinthians 11 in the BONLT

1 Corinthians 11 in the BONUT2

1 Corinthians 11 in the BOPLNT

1 Corinthians 11 in the BOSCB

1 Corinthians 11 in the BOSNC

1 Corinthians 11 in the BOVCB

1 Corinthians 11 in the BOYCB

1 Corinthians 11 in the BPBB

1 Corinthians 11 in the BPH

1 Corinthians 11 in the BSB

1 Corinthians 11 in the CCB

1 Corinthians 11 in the CUV

1 Corinthians 11 in the CUVS

1 Corinthians 11 in the DBT

1 Corinthians 11 in the DGDNT

1 Corinthians 11 in the DHNT

1 Corinthians 11 in the DNT

1 Corinthians 11 in the ELBE

1 Corinthians 11 in the EMTV

1 Corinthians 11 in the ESV

1 Corinthians 11 in the FBV

1 Corinthians 11 in the FEB

1 Corinthians 11 in the GGMNT

1 Corinthians 11 in the GNT

1 Corinthians 11 in the HARY

1 Corinthians 11 in the HNT

1 Corinthians 11 in the IRVA

1 Corinthians 11 in the IRVB

1 Corinthians 11 in the IRVG

1 Corinthians 11 in the IRVH

1 Corinthians 11 in the IRVK

1 Corinthians 11 in the IRVM

1 Corinthians 11 in the IRVM2

1 Corinthians 11 in the IRVO

1 Corinthians 11 in the IRVP

1 Corinthians 11 in the IRVT

1 Corinthians 11 in the IRVT2

1 Corinthians 11 in the IRVU

1 Corinthians 11 in the ISVN

1 Corinthians 11 in the JSNT

1 Corinthians 11 in the KAPI

1 Corinthians 11 in the KBT1ETNIK

1 Corinthians 11 in the KBV

1 Corinthians 11 in the KJV

1 Corinthians 11 in the KNFD

1 Corinthians 11 in the LBA

1 Corinthians 11 in the LBLA

1 Corinthians 11 in the LNT

1 Corinthians 11 in the LSV

1 Corinthians 11 in the MAAL

1 Corinthians 11 in the MBV

1 Corinthians 11 in the MBV2

1 Corinthians 11 in the MHNT

1 Corinthians 11 in the MKNFD

1 Corinthians 11 in the MNG

1 Corinthians 11 in the MNT

1 Corinthians 11 in the MNT2

1 Corinthians 11 in the MRS1T

1 Corinthians 11 in the NAA

1 Corinthians 11 in the NASB

1 Corinthians 11 in the NBLA

1 Corinthians 11 in the NBS

1 Corinthians 11 in the NBVTP

1 Corinthians 11 in the NET2

1 Corinthians 11 in the NIV11

1 Corinthians 11 in the NNT

1 Corinthians 11 in the NNT2

1 Corinthians 11 in the NNT3

1 Corinthians 11 in the PDDPT

1 Corinthians 11 in the PFNT

1 Corinthians 11 in the RMNT

1 Corinthians 11 in the SBIAS

1 Corinthians 11 in the SBIBS

1 Corinthians 11 in the SBIBS2

1 Corinthians 11 in the SBICS

1 Corinthians 11 in the SBIDS

1 Corinthians 11 in the SBIGS

1 Corinthians 11 in the SBIHS

1 Corinthians 11 in the SBIIS

1 Corinthians 11 in the SBIIS2

1 Corinthians 11 in the SBIIS3

1 Corinthians 11 in the SBIKS

1 Corinthians 11 in the SBIKS2

1 Corinthians 11 in the SBIMS

1 Corinthians 11 in the SBIOS

1 Corinthians 11 in the SBIPS

1 Corinthians 11 in the SBISS

1 Corinthians 11 in the SBITS

1 Corinthians 11 in the SBITS2

1 Corinthians 11 in the SBITS3

1 Corinthians 11 in the SBITS4

1 Corinthians 11 in the SBIUS

1 Corinthians 11 in the SBIVS

1 Corinthians 11 in the SBT

1 Corinthians 11 in the SBT1E

1 Corinthians 11 in the SCHL

1 Corinthians 11 in the SNT

1 Corinthians 11 in the SUSU

1 Corinthians 11 in the SUSU2

1 Corinthians 11 in the SYNO

1 Corinthians 11 in the TBIAOTANT

1 Corinthians 11 in the TBT1E

1 Corinthians 11 in the TBT1E2

1 Corinthians 11 in the TFTIP

1 Corinthians 11 in the TFTU

1 Corinthians 11 in the TGNTATF3T

1 Corinthians 11 in the THAI

1 Corinthians 11 in the TNFD

1 Corinthians 11 in the TNT

1 Corinthians 11 in the TNTIK

1 Corinthians 11 in the TNTIL

1 Corinthians 11 in the TNTIN

1 Corinthians 11 in the TNTIP

1 Corinthians 11 in the TNTIZ

1 Corinthians 11 in the TOMA

1 Corinthians 11 in the TTENT

1 Corinthians 11 in the UBG

1 Corinthians 11 in the UGV

1 Corinthians 11 in the UGV2

1 Corinthians 11 in the UGV3

1 Corinthians 11 in the VBL

1 Corinthians 11 in the VDCC

1 Corinthians 11 in the YALU

1 Corinthians 11 in the YAPE

1 Corinthians 11 in the YBVTP

1 Corinthians 11 in the ZBP