1 John 3 (BOTLNT)

1 Bonang ka fa Rraarona wa legodimo a re ratang ka teng, gonne o re letla go bidiwa bana ba gagwe, akanyang ka gone, re bana ba gagwe tota! Mme ka batho ba le bantsi ba sa itse Modimo, ka tlholego ga ba tlhaloganye gore re bana ba One. 2 Ee, ditsala tse di rategang, re setse re le bana ba Modimo gone jaanong jaana, ebile ga re kake ra akanyetsa gore go tlaa nna jang kwa morago. Mme re itse se, gore fa a tla re tshwana nae, gonne re tlaa mmona fela jaaka a ntse. 3 Mme mongwe le mongwe yo o dumelang se, ka botlalo, o tlaa leka go nna phepa gonne Keresete o phepa. 4 Mme ba ba tswelelang ka go leofa ba kgatlhanong le Modimo, gonne sebe sengwe le sengwe se dirwa kgatlhanong le keletso ya Modimo. 5 Ebile lo itse gore o ne a nna motho gore a tle a tlose dibe tsa rona, le gore ga gona boleo mo go ene, thato ya Modimo ga e ke e tlhokafala mo go ene. 6 Mme jalo fa re nna mo go ene re mo obamela, re tlaa bo re sa leofe ka tsela epe; mme kaga ba ba tswelelang ba leofa, ba tshwanetse go lemoga se: gore ba leofa ka ntlha ya gore ga ba ise ba ke ba bo ba mo itse kgotsa ba nne ba gagwe. 7 Ao bana ba me ba ba rategang, se letleng ope go lo tsietsa kaga se: fa lo dira se se molemo ka malatsi otlhe, ke ka ntlha ya gore lo molemo, fela jaaka a ntse. 8 Mme fa lo tswelela lo leofa, go supa gore lo ba ga Satane, yo o saleng e re a simolola go leofa a bo a nna fela mo boleong. Mme Morwa Modimo o tletse go senya tsone ditiro tse tsa ga diabolo. 9 Motho yo o tsaletsweng mo go ba ntlo ya Modimo ga a leofe, gonne jaanong botshelo jwa Modimo bo mo go ene: jalo ga a kake a nna a tswelela ka go leofa, gonne botshelo jo bosha bo tsetswe mo go ene ebile bo a mo laola, o tsetswe sesha. 10 Jaanong re ka bolela gore ngwana wa Modimo ke ofe le gore yo e leng wa ga Satane ke ofe. Le fa e le mang yo o tshelang botshelo jwa sebe ebile a sa rate mogagabo o supa gore ga se wa ba ntlo ya Modimo; 11 gonne molaetsa o o tsileng mo go rona go tswa tshimologong wa re re ratane. 12 Ga re a tshwanela go nna jaaka Kaene, yo a neng a nna wa ga Satane a bo a bolaya monnawe? O mmolaetse eng? Ke ka ntlha ya gore Kaene o ne a ntse a dira bosula ebile a itse sentle gore botshelo jwa ga monnawe bo botoka go na le jwa gagwe. 13 Ke gone se hakgamaleng ditsala tse di rategang fa lefatshe le lo ila. 14 Fa re rata Bakeresete ba bangwe, go supa gore re golotswe mo moleteng re filwe botshelo ja bo sa khutleng. Mme motho yo o senang lorato mo go ba bangwe o emetswe ke loso lo lo kwa pele. 15 Le fa e le mang yo o ilang Mokeresete ka ene ke mmolai tota mo pelong; mme lo itse gore ga go na mmolai ope yo botshelo ja bosakhutleng bo leng mo go ene. 16 Re itse gore lorato lwa boammaaruri ke eng ka go tsaya malebela mo go re sweleng ga ga Keresete e le sesupo. Mme le rona re tshwanetse go ntshetsa ba ga rona ba Bakeresetse matshelo a rona setlhabelo. 17 Mme fa mongwe yo o tshwanetseng go bo e le Mokeresete tota a na le madi a a lekanyeng gore a mo tshedise sentle, go bo go diragala gore a bone mogagabo yo o tlhokang, mme a bo a sa mo thuse, lorato lwa Modimo lo ka nna jang mo go ene. 18 Bananyana, re khutliseng go nna re bua puo ya molomo fela re re re rata batho; a re ba rateng ka boammaaruri, re bo re go supe ka ditiro tsa rona. 19 Hong re tlaa itse tota ka ditiro tsa rona gore re ka fa lotlhakoreng lwa Modimo, le matswalo a rona a tlaa sedimosega, le fa re ema fa pele ga Morena. 20 Mme fa re na le matswalo a a sa siamang re bo re ikutlwa gore re dirile molato, Morena o tlaa ikutlwa fela jalo ka rona gonne o itse sengwe le sengwe se re se dirang. 21 Mme ditsala tse di rategang, fa matswalo a rona a siame, re ka tla kwa Moreneng ka go tlhomamisa le go ikanya, 22 gore re amogele sengwe le sengwe se re se lopang gonne re a mo obamela ebile re dira dilo tse di mo itumedisang. 23 Mme se ke sone se Modimo o reng re se dire: re dumele mo leineng la Morwaone Jesu Keresete, re bo re ratane. 24 Ba ba dirang se Modimo o se buang, ba nna le Modimo mme le One o nna nabo, re itse gore se ke boammaaruri gonne Mowa O O Boitshepo o o o re neileng o re bolelela jalo.

In Other Versions

1 John 3 in the ANGEFD

1 John 3 in the ANTPNG2D

1 John 3 in the AS21

1 John 3 in the BAGH

1 John 3 in the BBPNG

1 John 3 in the BBT1E

1 John 3 in the BDS

1 John 3 in the BEV

1 John 3 in the BHAD

1 John 3 in the BIB

1 John 3 in the BLPT

1 John 3 in the BNT

1 John 3 in the BNTABOOT

1 John 3 in the BNTLV

1 John 3 in the BOATCB

1 John 3 in the BOATCB2

1 John 3 in the BOBCV

1 John 3 in the BOCNT

1 John 3 in the BOECS

1 John 3 in the BOGWICC

1 John 3 in the BOHCB

1 John 3 in the BOHCV

1 John 3 in the BOHLNT

1 John 3 in the BOHNTLTAL

1 John 3 in the BOICB

1 John 3 in the BOILNTAP

1 John 3 in the BOITCV

1 John 3 in the BOKCV

1 John 3 in the BOKCV2

1 John 3 in the BOKHWOG

1 John 3 in the BOKSSV

1 John 3 in the BOLCB

1 John 3 in the BOLCB2

1 John 3 in the BOMCV

1 John 3 in the BONAV

1 John 3 in the BONCB

1 John 3 in the BONLT

1 John 3 in the BONUT2

1 John 3 in the BOPLNT

1 John 3 in the BOSCB

1 John 3 in the BOSNC

1 John 3 in the BOVCB

1 John 3 in the BOYCB

1 John 3 in the BPBB

1 John 3 in the BPH

1 John 3 in the BSB

1 John 3 in the CCB

1 John 3 in the CUV

1 John 3 in the CUVS

1 John 3 in the DBT

1 John 3 in the DGDNT

1 John 3 in the DHNT

1 John 3 in the DNT

1 John 3 in the ELBE

1 John 3 in the EMTV

1 John 3 in the ESV

1 John 3 in the FBV

1 John 3 in the FEB

1 John 3 in the GGMNT

1 John 3 in the GNT

1 John 3 in the HARY

1 John 3 in the HNT

1 John 3 in the IRVA

1 John 3 in the IRVB

1 John 3 in the IRVG

1 John 3 in the IRVH

1 John 3 in the IRVK

1 John 3 in the IRVM

1 John 3 in the IRVM2

1 John 3 in the IRVO

1 John 3 in the IRVP

1 John 3 in the IRVT

1 John 3 in the IRVT2

1 John 3 in the IRVU

1 John 3 in the ISVN

1 John 3 in the JSNT

1 John 3 in the KAPI

1 John 3 in the KBT1ETNIK

1 John 3 in the KBV

1 John 3 in the KJV

1 John 3 in the KNFD

1 John 3 in the LBA

1 John 3 in the LBLA

1 John 3 in the LNT

1 John 3 in the LSV

1 John 3 in the MAAL

1 John 3 in the MBV

1 John 3 in the MBV2

1 John 3 in the MHNT

1 John 3 in the MKNFD

1 John 3 in the MNG

1 John 3 in the MNT

1 John 3 in the MNT2

1 John 3 in the MRS1T

1 John 3 in the NAA

1 John 3 in the NASB

1 John 3 in the NBLA

1 John 3 in the NBS

1 John 3 in the NBVTP

1 John 3 in the NET2

1 John 3 in the NIV11

1 John 3 in the NNT

1 John 3 in the NNT2

1 John 3 in the NNT3

1 John 3 in the PDDPT

1 John 3 in the PFNT

1 John 3 in the RMNT

1 John 3 in the SBIAS

1 John 3 in the SBIBS

1 John 3 in the SBIBS2

1 John 3 in the SBICS

1 John 3 in the SBIDS

1 John 3 in the SBIGS

1 John 3 in the SBIHS

1 John 3 in the SBIIS

1 John 3 in the SBIIS2

1 John 3 in the SBIIS3

1 John 3 in the SBIKS

1 John 3 in the SBIKS2

1 John 3 in the SBIMS

1 John 3 in the SBIOS

1 John 3 in the SBIPS

1 John 3 in the SBISS

1 John 3 in the SBITS

1 John 3 in the SBITS2

1 John 3 in the SBITS3

1 John 3 in the SBITS4

1 John 3 in the SBIUS

1 John 3 in the SBIVS

1 John 3 in the SBT

1 John 3 in the SBT1E

1 John 3 in the SCHL

1 John 3 in the SNT

1 John 3 in the SUSU

1 John 3 in the SUSU2

1 John 3 in the SYNO

1 John 3 in the TBIAOTANT

1 John 3 in the TBT1E

1 John 3 in the TBT1E2

1 John 3 in the TFTIP

1 John 3 in the TFTU

1 John 3 in the TGNTATF3T

1 John 3 in the THAI

1 John 3 in the TNFD

1 John 3 in the TNT

1 John 3 in the TNTIK

1 John 3 in the TNTIL

1 John 3 in the TNTIN

1 John 3 in the TNTIP

1 John 3 in the TNTIZ

1 John 3 in the TOMA

1 John 3 in the TTENT

1 John 3 in the UBG

1 John 3 in the UGV

1 John 3 in the UGV2

1 John 3 in the UGV3

1 John 3 in the VBL

1 John 3 in the VDCC

1 John 3 in the YALU

1 John 3 in the YAPE

1 John 3 in the YBVTP

1 John 3 in the ZBP