2 Corinthians 11 (BOTLNT)

1 Ke solofela gore lo tlaa nna pelotelele le nna fa ke ntse ke bua jaaka seeleele jaana. Ntetlang go bua se se mo pelong ya me. 2 Ke lo tlhwaafaletse ka tlhwaafalo ya Modimo, ke tlhwaafaletse gore lorato lwa lona e nne lwa ga Keresete a le nosi, fela jaaka kgarebane e e itshekileng e bolokela monna a le mongwe lorato lwa yone, yo e tlang nnang ene monna wa gagwe. 3 Mme ke a boifa, ke tshaba gore ka tsela nngwe lo tlaa timediwa mo boitshekong jwa lona mo Moreneng, fela jaaka Efa a ne a tsiediwa ke Satane mo tshimong ya Edene. 4 Lo lebega lo tsietsega ka bonako: lo dumela sengwe le sengwe se mongwe fela o se lo bolelelang le fa a rera kaga Jesu yo mongwe go na le yo re mo rerang, kgotsa mewa e e farologaneng go na le Mowa O O Boitshepo o lo o amogetseng, kgotsa a lo supegetsa tsela e sele ya go bolokwa. Lo dumela gotlhe. 5 Le fa go ntse jalo, ga ke bone gore “Barongwa ba ba hakgamatsang” ba ba ipitsang gore ba tswa kwa Modimong, ga ba nkgaise ka gope. 6 Fa ke le sebui se se bokoa, mme ke itse se ke buang kaga sone, jaaka ke akanya gore lo gopola jalo jaanong, gonne re go tlhomamisitse gangwe le gape. 7 A ke kile ka dira phoso ka ingotla go dira gore lo ntebele kwa tlase ka ntlha ya gore ke lo reretse Mafoko a Modimo a a Molemo kwa ntle ga go lo kopa sepe. 8 8-9 Mo boemong jwa moo ke “thopile” diphuthego tse dingwe ka go tsaya se ba neng ba se nthomeletse mme ka se dirisa fa ke santse ke na le lona, gore ke tle ke lo direle kwa ntle ga tuelo epe. Mme fa moo go setse go fetile mme ke tshwerwe ke tlala, ke ne ke ntse ke sa lo kope sepe, gonne Bakeresete ba ba neng ba tswa kwa Masedonia ba ntletse mpho e nngwe. Ga ke ise nke ke lo kope le fa e le ledi ebile ga ke kitla ke dira jalo. 10 Ke solofetsa se ka selekanyo sengwe le sengwe sa boammaaruri jo ke nang najo, gore ke tlaa bolelela mongwe le mongwe mo Akaia ka gone! 11 Ka ntlha ya eng? A ke ka ntlha ya gore lwa re ga ke lo rate? Modimo o a itse gore ke a lo rata. 12 Mme ke tlaa go dira gore ke tlhokise ba ba ipelafatsang seipato sa gore ba dira tiro ya Modimo jaaka re e dira. 13 Modimo ga o a roma batho bao gotlhelele; ke “batsietsi” ba ba lo tsietsang gore lo gopole gore ke baaposetoloi ba ga Keresete. 14 Le fa go ntse jalo ga ke hakgamale! Satane o ka iphetola moengele wa lesedi, 15 jalo ga go hakgamatse gore batlhanka ba gagwe ba ka dira jalo le bone, ba bonale jaaka baruti ba Modimo. Kwa bokhutlong ba tlaa amogela kotlhao nngwe le nngwe e e tshwanelang ditiro tsa bone tsa boikepo. 16 Gape ke a lo kopa, se gopoleng gore ke latlhile botlhale jwa me go bua jaana; mme le fa lo gopola jalo, ntheetsang, nna seeleele, sematla, fa le nna ke ipelafatsa go se kae jaaka ba dira. 17 Go ikgantsha mo go ntseng jalo ga se sengwe se Morena o se ntaoletseng go se dira, gonne ke dira jaaka seeleele se se senang tlhaloganyo. 18 Le fa go ntse jalo batho bao ba tsweletse ka go lo bolelela gore ba ditswerere go le kae, le nna ke tlaa tswelela jalo. 19 19-20 (Lo gopola gore lo botlhale thata, le fa go ntse jalo lo reetsa dieleele tseo; ka boitumelo; ga lo re sepe fa di lo dira makgoba a tsone di bo di tsaya sengwe le sengwe se lo nang naso, ba lo ja ntsoma, di lo faphamola sefatlhogo. 21 Ketlhabiwa ke ditlhong gore ke re ga ke a nonofa mme ke le pelokgale jalo! Mme le fa e le eng se ba ka ipelafatsang ka sone, ke bua jaaka seeleele gape, ke ka ipelafatsa ka sone le nna). 22 Ba ikgantsha gore ke Bahebera, a ke bone? Ee, le nna ke Mohebera, ebile ba re ke Baiseraele, batho ba ba itlhophetsweng ke Modimo? Le nna ke Moiseraele. Ebile ba re ke bo morwa Aberahame? Ee, le nna ke morwawe. 23 Ba re ba direla Keresete? Mme ke mo diretse go feta! (A ke kile ka ipelafatsa jaana?) Ke dirile thata, ke golegilwe gantsinyana, ke iteilwe mo go senang palo, mme ka lebagana le loso gantsintsi. 24 Makgetho a matlhano a a farologanyeng, Bajuta ba ntiteile dithupa di le masome a mararo le boferabongwe. 25 Ke iteilwe ka dithobane gararo. Ka kgobotlediwa ka maje gangwe fela. Ka thubegelwa ke sekepe gararo, ka tlhola mo lewatleng bosigo jotlhe le letsatsi le le latelang. 26 Ke tsamaile maeto a maleele a a lapisang ebile ke tsenye mo kotsing ya merwalela gantsi, mo bothukuthing, le mo go bagaetsho, Bajuta, le mo diatleng tsa Badichaba. Ke ne ka lebagana le dikotsi tse di diphatsa thata di tswa mo bathong ba bantsi ba metse le mo losong mo dikakeng le mo matsubutsubung a mawatle le mo bathong ba ba ipitsang bakaulengwe mo Moreneng mme e se bone. 27 Ke tshedile ka letsapa, le ditlhabi le masigo ke sa robale. Ke bolailwe ke tlala gantsi le lenyora ka bo ka felelwa ke dijo; ke roromisitswe ke serame gantsi, ke sena diaparo tse di lekanyeng go nthuthafatsa. 28 Jalo, mo godimo ga tse tsotlhe, ke na le tlhobaelo e e tsweletseng pele gore diphuthego di tsamaya jang: 29 Ke mang yo e a reng a dirile phoso ke se ke ke mo utlwele botlhoko? Ke mang yo e a reng fa a wa ke se ke ke rate go thusa? Ke mang yo e a reng fa a utlwisitswe botlhoko mo moweng ke nne fela ke sa gakalele yo o mo utlwisitseng botlhoko? 30 Mme fa e le gore ke tshwanetse go ikgantsha, ke ka mpa ka ikgantsha kaga dilo tse di mpontshang bokoa jwa me. 31 Modimo, Rraagwe Morena wa rona Jesu Keresete, yo o tshwanetseng go bakwa ka metlha le metlha, o a itse gore ke bolela boammaaruri. 32 Jaaka erile kwa Damaseko molaodi wa kgosi Aretase a mpeela badisa mo dikgorong tsa motse go ntshwara; 33 mme ke ne ka falotshiwa ka thapo le seroto mo phatlheng ya lokotswana lo lo ageletseng motse mme jalo ka tswa! (A go itsege mo go golo!).

In Other Versions

2 Corinthians 11 in the ANGEFD

2 Corinthians 11 in the ANTPNG2D

2 Corinthians 11 in the AS21

2 Corinthians 11 in the BAGH

2 Corinthians 11 in the BBPNG

2 Corinthians 11 in the BBT1E

2 Corinthians 11 in the BDS

2 Corinthians 11 in the BEV

2 Corinthians 11 in the BHAD

2 Corinthians 11 in the BIB

2 Corinthians 11 in the BLPT

2 Corinthians 11 in the BNT

2 Corinthians 11 in the BNTABOOT

2 Corinthians 11 in the BNTLV

2 Corinthians 11 in the BOATCB

2 Corinthians 11 in the BOATCB2

2 Corinthians 11 in the BOBCV

2 Corinthians 11 in the BOCNT

2 Corinthians 11 in the BOECS

2 Corinthians 11 in the BOGWICC

2 Corinthians 11 in the BOHCB

2 Corinthians 11 in the BOHCV

2 Corinthians 11 in the BOHLNT

2 Corinthians 11 in the BOHNTLTAL

2 Corinthians 11 in the BOICB

2 Corinthians 11 in the BOILNTAP

2 Corinthians 11 in the BOITCV

2 Corinthians 11 in the BOKCV

2 Corinthians 11 in the BOKCV2

2 Corinthians 11 in the BOKHWOG

2 Corinthians 11 in the BOKSSV

2 Corinthians 11 in the BOLCB

2 Corinthians 11 in the BOLCB2

2 Corinthians 11 in the BOMCV

2 Corinthians 11 in the BONAV

2 Corinthians 11 in the BONCB

2 Corinthians 11 in the BONLT

2 Corinthians 11 in the BONUT2

2 Corinthians 11 in the BOPLNT

2 Corinthians 11 in the BOSCB

2 Corinthians 11 in the BOSNC

2 Corinthians 11 in the BOVCB

2 Corinthians 11 in the BOYCB

2 Corinthians 11 in the BPBB

2 Corinthians 11 in the BPH

2 Corinthians 11 in the BSB

2 Corinthians 11 in the CCB

2 Corinthians 11 in the CUV

2 Corinthians 11 in the CUVS

2 Corinthians 11 in the DBT

2 Corinthians 11 in the DGDNT

2 Corinthians 11 in the DHNT

2 Corinthians 11 in the DNT

2 Corinthians 11 in the ELBE

2 Corinthians 11 in the EMTV

2 Corinthians 11 in the ESV

2 Corinthians 11 in the FBV

2 Corinthians 11 in the FEB

2 Corinthians 11 in the GGMNT

2 Corinthians 11 in the GNT

2 Corinthians 11 in the HARY

2 Corinthians 11 in the HNT

2 Corinthians 11 in the IRVA

2 Corinthians 11 in the IRVB

2 Corinthians 11 in the IRVG

2 Corinthians 11 in the IRVH

2 Corinthians 11 in the IRVK

2 Corinthians 11 in the IRVM

2 Corinthians 11 in the IRVM2

2 Corinthians 11 in the IRVO

2 Corinthians 11 in the IRVP

2 Corinthians 11 in the IRVT

2 Corinthians 11 in the IRVT2

2 Corinthians 11 in the IRVU

2 Corinthians 11 in the ISVN

2 Corinthians 11 in the JSNT

2 Corinthians 11 in the KAPI

2 Corinthians 11 in the KBT1ETNIK

2 Corinthians 11 in the KBV

2 Corinthians 11 in the KJV

2 Corinthians 11 in the KNFD

2 Corinthians 11 in the LBA

2 Corinthians 11 in the LBLA

2 Corinthians 11 in the LNT

2 Corinthians 11 in the LSV

2 Corinthians 11 in the MAAL

2 Corinthians 11 in the MBV

2 Corinthians 11 in the MBV2

2 Corinthians 11 in the MHNT

2 Corinthians 11 in the MKNFD

2 Corinthians 11 in the MNG

2 Corinthians 11 in the MNT

2 Corinthians 11 in the MNT2

2 Corinthians 11 in the MRS1T

2 Corinthians 11 in the NAA

2 Corinthians 11 in the NASB

2 Corinthians 11 in the NBLA

2 Corinthians 11 in the NBS

2 Corinthians 11 in the NBVTP

2 Corinthians 11 in the NET2

2 Corinthians 11 in the NIV11

2 Corinthians 11 in the NNT

2 Corinthians 11 in the NNT2

2 Corinthians 11 in the NNT3

2 Corinthians 11 in the PDDPT

2 Corinthians 11 in the PFNT

2 Corinthians 11 in the RMNT

2 Corinthians 11 in the SBIAS

2 Corinthians 11 in the SBIBS

2 Corinthians 11 in the SBIBS2

2 Corinthians 11 in the SBICS

2 Corinthians 11 in the SBIDS

2 Corinthians 11 in the SBIGS

2 Corinthians 11 in the SBIHS

2 Corinthians 11 in the SBIIS

2 Corinthians 11 in the SBIIS2

2 Corinthians 11 in the SBIIS3

2 Corinthians 11 in the SBIKS

2 Corinthians 11 in the SBIKS2

2 Corinthians 11 in the SBIMS

2 Corinthians 11 in the SBIOS

2 Corinthians 11 in the SBIPS

2 Corinthians 11 in the SBISS

2 Corinthians 11 in the SBITS

2 Corinthians 11 in the SBITS2

2 Corinthians 11 in the SBITS3

2 Corinthians 11 in the SBITS4

2 Corinthians 11 in the SBIUS

2 Corinthians 11 in the SBIVS

2 Corinthians 11 in the SBT

2 Corinthians 11 in the SBT1E

2 Corinthians 11 in the SCHL

2 Corinthians 11 in the SNT

2 Corinthians 11 in the SUSU

2 Corinthians 11 in the SUSU2

2 Corinthians 11 in the SYNO

2 Corinthians 11 in the TBIAOTANT

2 Corinthians 11 in the TBT1E

2 Corinthians 11 in the TBT1E2

2 Corinthians 11 in the TFTIP

2 Corinthians 11 in the TFTU

2 Corinthians 11 in the TGNTATF3T

2 Corinthians 11 in the THAI

2 Corinthians 11 in the TNFD

2 Corinthians 11 in the TNT

2 Corinthians 11 in the TNTIK

2 Corinthians 11 in the TNTIL

2 Corinthians 11 in the TNTIN

2 Corinthians 11 in the TNTIP

2 Corinthians 11 in the TNTIZ

2 Corinthians 11 in the TOMA

2 Corinthians 11 in the TTENT

2 Corinthians 11 in the UBG

2 Corinthians 11 in the UGV

2 Corinthians 11 in the UGV2

2 Corinthians 11 in the UGV3

2 Corinthians 11 in the VBL

2 Corinthians 11 in the VDCC

2 Corinthians 11 in the YALU

2 Corinthians 11 in the YAPE

2 Corinthians 11 in the YBVTP

2 Corinthians 11 in the ZBP