2 Corinthians 4 (BOTLNT)

1 Ke Modimo ka bo one, mo kutlwelong botlhoko ya one, yo o re neileng tiro e e hakgamatsang e, (ya go bolelela ba bangwe Mafoko a one a a Molemo), mme jalo ga re kake ra lesa. 2 Ga re leke go gogela batho ka boferefere mo go dumeleng, ga re na kgatlhego mo go tsietseng ope. Ga re ke re leka go gapa ope go dumela gore Baebele e ruta se e sa se ruteng. Ditsela tsotlhe tseo tsa matlhabisa ditlhong re di baketse. Re ema fa pele ga Modimo jaaka re bua mme jalo re bolele boammaaruri, jaaka botlhe ba re itseng ba tlaa dumela. 3 Fa Mafoko a a Molemo a re a rerang a siregetse bangwe, a siregetse yo o tsamayang mo tseleng e e isang losong lo lo sa khutleng. 4 Satane, yo o leng modimo wa lefatshe le le bosula le, o mo foufaditse, ga a kgone go bona kgalalelo ya lesedi la Efangele e e phatsimang mo go ene, kgotsa go tlhaloganya molaetsa o o hakgamatsang o re o rerang kaga kgalalelo ya ga Keresete, yo e leng Modimo. 5 Ga re tsamaye re rera kaga rona, mme fa e se ka ga Keresete Jesu jaaka Morena. Gotlhe mo re go buang ka ga rona ke gore re batlhanka ba lona ka ntlha ya se Keresete o se re diretseng. 6 Gonne Modimo, o o rileng, “A go nne lesedi mo lefifing”, o dirile gore re tlhaloganye gore ke phatshimo ya kgalalelo ya one e e bonalang mo sefatlhogong sa ga Jesu Keresete. 7 Mme khumo e ya botlhokwa, lesedi le, le nonofo e jaanong e phatshimang mo go rona, e tshotswe ka setsholo se se nyelelang, se e leng mebele ya rona e e bokoa. Mongwe le mongwe o ka bona gore nonofo ya kgalalelo e e mo go rona e tshwanetse ya bo e tswa kwa Modimong mme ga se ya rona. 8 Re pitlagantswe mo ntlheng tsotlhe ke ma-tshwenyego, mme ga go re dire sepe. Re akabetse ka gore ga re itse gore ke eng fa dilo di direga jaana, mme ga re kgobege marapo re tlogele. 9 Re a tsongwa, mme Modimo ga o re latlhe. Re digelwa fa fatshe, mme re tsoge re tswelele pele. 10 Mebele e ya rona ka metlha yotlhe e lebaganye le loso fela jaaka wa ga Jesu Keresete o dirile; jalo go bonala sentle mo go botlhe gore ke Keresete yo o tshelang mo go rona (yo o re babalelang). 11 Ee, re tshelela mo kotsing ka metlha yotlhe mo matshelong a rona ka ntlha ya go direla Morena, mme se se re naya nako ka metlha go supela pele nonofo ya ga Jesu Keresete mo mebeleng ya rona e e swang. 12 Ka ntlha ya go rera ga rona, re lebagane le loso, mme go feletse ele botshelo jwa lona jo bosakhutleng. 13 Re bua ka bopelokgale ka se re se dumelang (re tshepa Modimo go re tlhokomela), fela jaaka mokwadi wa Pesalema a ne a bua a re, “Ke a dumela ebile jalo ke a bua.” 14 Re a itse gore Modimo o o tsositseng Morena Jesu mo losong, le rona o tlaa re busetsa gape mo botshelong le Jesu, o bo o re baya fa pele ga one le lona. 15 Dipogiso tse tsa rona ke poelo mo go lona. Mme fa lo ntse lo ntsifala ka go gapelwa mo Moreneng, lo tlaa mo leboga ka bontsi ka ntlha ya kutlwelo botlhoko ya gagwe e kgolo, le Morena o tlaa galalediwa thata. 16 Ke gone ka moo re sa kgobegeng marapo. Le fa mebele ya rona e e swa, go nonofa ga rona kafa teng mo Moreneng, go gola letsatsi le letsatsi. 17 Matshwenyego a le dipogiso tsa rona, a mannye ebile ga a tseye lobaka lo lo leele. Le fa go ntse jalo lobaka lo lo khutshwane lo lwa bohutsana lo tlaa felela mo tshegofatsong e kgolo ya Modimo mo go rona ka metlha le metlha! 18 Jalo ga re lebe se re ka se bonang jaanong jaana, matshwenyego a re dikanyeditse, mme re lebeletse pele boitumelo mo legodimong jo re iseng re ke re bo bone. Matshwenyego a tloga a fela, mme boitumelo jo bo tlang bo tlaa nnela ruri.

In Other Versions

2 Corinthians 4 in the ANGEFD

2 Corinthians 4 in the ANTPNG2D

2 Corinthians 4 in the AS21

2 Corinthians 4 in the BAGH

2 Corinthians 4 in the BBPNG

2 Corinthians 4 in the BBT1E

2 Corinthians 4 in the BDS

2 Corinthians 4 in the BEV

2 Corinthians 4 in the BHAD

2 Corinthians 4 in the BIB

2 Corinthians 4 in the BLPT

2 Corinthians 4 in the BNT

2 Corinthians 4 in the BNTABOOT

2 Corinthians 4 in the BNTLV

2 Corinthians 4 in the BOATCB

2 Corinthians 4 in the BOATCB2

2 Corinthians 4 in the BOBCV

2 Corinthians 4 in the BOCNT

2 Corinthians 4 in the BOECS

2 Corinthians 4 in the BOGWICC

2 Corinthians 4 in the BOHCB

2 Corinthians 4 in the BOHCV

2 Corinthians 4 in the BOHLNT

2 Corinthians 4 in the BOHNTLTAL

2 Corinthians 4 in the BOICB

2 Corinthians 4 in the BOILNTAP

2 Corinthians 4 in the BOITCV

2 Corinthians 4 in the BOKCV

2 Corinthians 4 in the BOKCV2

2 Corinthians 4 in the BOKHWOG

2 Corinthians 4 in the BOKSSV

2 Corinthians 4 in the BOLCB

2 Corinthians 4 in the BOLCB2

2 Corinthians 4 in the BOMCV

2 Corinthians 4 in the BONAV

2 Corinthians 4 in the BONCB

2 Corinthians 4 in the BONLT

2 Corinthians 4 in the BONUT2

2 Corinthians 4 in the BOPLNT

2 Corinthians 4 in the BOSCB

2 Corinthians 4 in the BOSNC

2 Corinthians 4 in the BOVCB

2 Corinthians 4 in the BOYCB

2 Corinthians 4 in the BPBB

2 Corinthians 4 in the BPH

2 Corinthians 4 in the BSB

2 Corinthians 4 in the CCB

2 Corinthians 4 in the CUV

2 Corinthians 4 in the CUVS

2 Corinthians 4 in the DBT

2 Corinthians 4 in the DGDNT

2 Corinthians 4 in the DHNT

2 Corinthians 4 in the DNT

2 Corinthians 4 in the ELBE

2 Corinthians 4 in the EMTV

2 Corinthians 4 in the ESV

2 Corinthians 4 in the FBV

2 Corinthians 4 in the FEB

2 Corinthians 4 in the GGMNT

2 Corinthians 4 in the GNT

2 Corinthians 4 in the HARY

2 Corinthians 4 in the HNT

2 Corinthians 4 in the IRVA

2 Corinthians 4 in the IRVB

2 Corinthians 4 in the IRVG

2 Corinthians 4 in the IRVH

2 Corinthians 4 in the IRVK

2 Corinthians 4 in the IRVM

2 Corinthians 4 in the IRVM2

2 Corinthians 4 in the IRVO

2 Corinthians 4 in the IRVP

2 Corinthians 4 in the IRVT

2 Corinthians 4 in the IRVT2

2 Corinthians 4 in the IRVU

2 Corinthians 4 in the ISVN

2 Corinthians 4 in the JSNT

2 Corinthians 4 in the KAPI

2 Corinthians 4 in the KBT1ETNIK

2 Corinthians 4 in the KBV

2 Corinthians 4 in the KJV

2 Corinthians 4 in the KNFD

2 Corinthians 4 in the LBA

2 Corinthians 4 in the LBLA

2 Corinthians 4 in the LNT

2 Corinthians 4 in the LSV

2 Corinthians 4 in the MAAL

2 Corinthians 4 in the MBV

2 Corinthians 4 in the MBV2

2 Corinthians 4 in the MHNT

2 Corinthians 4 in the MKNFD

2 Corinthians 4 in the MNG

2 Corinthians 4 in the MNT

2 Corinthians 4 in the MNT2

2 Corinthians 4 in the MRS1T

2 Corinthians 4 in the NAA

2 Corinthians 4 in the NASB

2 Corinthians 4 in the NBLA

2 Corinthians 4 in the NBS

2 Corinthians 4 in the NBVTP

2 Corinthians 4 in the NET2

2 Corinthians 4 in the NIV11

2 Corinthians 4 in the NNT

2 Corinthians 4 in the NNT2

2 Corinthians 4 in the NNT3

2 Corinthians 4 in the PDDPT

2 Corinthians 4 in the PFNT

2 Corinthians 4 in the RMNT

2 Corinthians 4 in the SBIAS

2 Corinthians 4 in the SBIBS

2 Corinthians 4 in the SBIBS2

2 Corinthians 4 in the SBICS

2 Corinthians 4 in the SBIDS

2 Corinthians 4 in the SBIGS

2 Corinthians 4 in the SBIHS

2 Corinthians 4 in the SBIIS

2 Corinthians 4 in the SBIIS2

2 Corinthians 4 in the SBIIS3

2 Corinthians 4 in the SBIKS

2 Corinthians 4 in the SBIKS2

2 Corinthians 4 in the SBIMS

2 Corinthians 4 in the SBIOS

2 Corinthians 4 in the SBIPS

2 Corinthians 4 in the SBISS

2 Corinthians 4 in the SBITS

2 Corinthians 4 in the SBITS2

2 Corinthians 4 in the SBITS3

2 Corinthians 4 in the SBITS4

2 Corinthians 4 in the SBIUS

2 Corinthians 4 in the SBIVS

2 Corinthians 4 in the SBT

2 Corinthians 4 in the SBT1E

2 Corinthians 4 in the SCHL

2 Corinthians 4 in the SNT

2 Corinthians 4 in the SUSU

2 Corinthians 4 in the SUSU2

2 Corinthians 4 in the SYNO

2 Corinthians 4 in the TBIAOTANT

2 Corinthians 4 in the TBT1E

2 Corinthians 4 in the TBT1E2

2 Corinthians 4 in the TFTIP

2 Corinthians 4 in the TFTU

2 Corinthians 4 in the TGNTATF3T

2 Corinthians 4 in the THAI

2 Corinthians 4 in the TNFD

2 Corinthians 4 in the TNT

2 Corinthians 4 in the TNTIK

2 Corinthians 4 in the TNTIL

2 Corinthians 4 in the TNTIN

2 Corinthians 4 in the TNTIP

2 Corinthians 4 in the TNTIZ

2 Corinthians 4 in the TOMA

2 Corinthians 4 in the TTENT

2 Corinthians 4 in the UBG

2 Corinthians 4 in the UGV

2 Corinthians 4 in the UGV2

2 Corinthians 4 in the UGV3

2 Corinthians 4 in the VBL

2 Corinthians 4 in the VDCC

2 Corinthians 4 in the YALU

2 Corinthians 4 in the YAPE

2 Corinthians 4 in the YBVTP

2 Corinthians 4 in the ZBP