2 Corinthians 9 (BOTLNT)

1 Ke lemoga gore ga go tlhokege go lo lotlegela se, go thusa batho ba Modimo. 2 Gonne ke itse ka fa lo tlhwaafaletseng go go dira ka teng, ebile ke ikgantsheditse ditsala mo Masedonia gore lo sale lo ipaakanyeditse go romela kabelo ngogola. Mme tota, ke ka tlhoafalo e ya lona e e tlhotlheleditseng ba le bantsi go simolola go thusa. 3 Mme ke romela banna ba fela go tlhomamisa gore tota lo ipaakantse, jaaka ke ba boleletse gore lo tlaa bo lo ipaakantse, le madi a lona otlhe a phuthilwe; ga ke batle gore mo nakong e go ikgantsha ga me kaga lona e bo e le lefela. 4 Ke ka tlhajwa ke ditlhong thata, mmogo le lona fa bangwe ba Masedonia ba tla le nna, mme ba fitlhela gore ga lo ise lo bo lo ipaakanye ke sena go lo bolelela! 5 Jalo ke kopile bakaulengwe ba bangwe go goroga pele ga me go bona gore mpho e lo e solofeditseng e siame. Ke batla gore e bo e le mpho tota e sa lebege jaaka ekete e ntshitswe ka patiko. 6 Mme gakologelwang, fa o o fa go le go botlana, o tlaa amogela mo go botlana, molemi yo o lemang peo e se kae fela, o bona thobo e potlana, mme fa a lema thata, o tlaa roba mo go ntsi. 7 Mongwe le mongwe o tshwanetse go akanya ka fa o tshwanetseng go aba ka teng. Lo se pateletse ope go ntsha mo go ntsi go feta mo tota ene a batlang go go ntsha, gonne batho ba ba abang ka bopelontle ke bone ba Modimo o ba nayang dikgele, 8 Modimo o nonofile go lo direla ka go lo naya sengwe le sengwe se lo se tlhokang le go feta moo, gore go se ka ga lekana le tse lo di tlhokang fela, gore go tle go sale go le gontsi mo go tlaa abelwang ba bangwe ka boitumelo. 9 Go ntse jaaka dikwalo di bolela di re: “Motho wa Modimo o abela bahumanegi ka pelo e tshweu. Ditiro tsa gagwe tse di molemo di tlaa nna tlotlo mo go ene ka bosakhutleng.” 10 Gonne Modimo, o o nayang molemi peo go lema, mme morago, o mo neye thobo e e siameng go ja, o tlaa nna o lo naya peo gore lo leme, ebile o tlaa e godisa gore lo tle lo abele ba bangwe mo thobong ya lona. 11 Ee, Modimo o tlaa lo naya go le gontsi gore le lona lo tle lo abele ba bangwe mo thobong ya lona, mme fa re isa dimpho tsa lona kwa go ba ba di tsholang ba tlaa thubega ka tebogo le pako mo Modimong ka ntlha ya thuso ya lona. 12 Jalo dilo tse pedi tse di molemo di diragala ka ntlha ya dimpho tsa lona, ba ba tlhokang ba a thusiwa, mme ba leboga Modimo mo go golo. 13 Ba lo ba thusang ba tlaa itumela e seng fela ka ntlha ya dimpho tsa bopelo-ntle jwa lona mo go bone le ba bangwe, mme ba tlaa baka Modimo ka tshupo e gore ditiro tsa lona di molemo fela jaaka thuto ya lona. 14 Mme ba tlaa lo rapelela ka tlhwaafalo e kgolo le maikutlo ka ntlha ya tshegofatso e e hakgamatsang ya Modimo e e supilweng ka lona. 15 Lebogang Modimo ka Morwaa-one, ebong neo e e hakgamatsang e go leng thata go ka e tlhalosa ka molomo.

In Other Versions

2 Corinthians 9 in the ANGEFD

2 Corinthians 9 in the ANTPNG2D

2 Corinthians 9 in the AS21

2 Corinthians 9 in the BAGH

2 Corinthians 9 in the BBPNG

2 Corinthians 9 in the BBT1E

2 Corinthians 9 in the BDS

2 Corinthians 9 in the BEV

2 Corinthians 9 in the BHAD

2 Corinthians 9 in the BIB

2 Corinthians 9 in the BLPT

2 Corinthians 9 in the BNT

2 Corinthians 9 in the BNTABOOT

2 Corinthians 9 in the BNTLV

2 Corinthians 9 in the BOATCB

2 Corinthians 9 in the BOATCB2

2 Corinthians 9 in the BOBCV

2 Corinthians 9 in the BOCNT

2 Corinthians 9 in the BOECS

2 Corinthians 9 in the BOGWICC

2 Corinthians 9 in the BOHCB

2 Corinthians 9 in the BOHCV

2 Corinthians 9 in the BOHLNT

2 Corinthians 9 in the BOHNTLTAL

2 Corinthians 9 in the BOICB

2 Corinthians 9 in the BOILNTAP

2 Corinthians 9 in the BOITCV

2 Corinthians 9 in the BOKCV

2 Corinthians 9 in the BOKCV2

2 Corinthians 9 in the BOKHWOG

2 Corinthians 9 in the BOKSSV

2 Corinthians 9 in the BOLCB

2 Corinthians 9 in the BOLCB2

2 Corinthians 9 in the BOMCV

2 Corinthians 9 in the BONAV

2 Corinthians 9 in the BONCB

2 Corinthians 9 in the BONLT

2 Corinthians 9 in the BONUT2

2 Corinthians 9 in the BOPLNT

2 Corinthians 9 in the BOSCB

2 Corinthians 9 in the BOSNC

2 Corinthians 9 in the BOVCB

2 Corinthians 9 in the BOYCB

2 Corinthians 9 in the BPBB

2 Corinthians 9 in the BPH

2 Corinthians 9 in the BSB

2 Corinthians 9 in the CCB

2 Corinthians 9 in the CUV

2 Corinthians 9 in the CUVS

2 Corinthians 9 in the DBT

2 Corinthians 9 in the DGDNT

2 Corinthians 9 in the DHNT

2 Corinthians 9 in the DNT

2 Corinthians 9 in the ELBE

2 Corinthians 9 in the EMTV

2 Corinthians 9 in the ESV

2 Corinthians 9 in the FBV

2 Corinthians 9 in the FEB

2 Corinthians 9 in the GGMNT

2 Corinthians 9 in the GNT

2 Corinthians 9 in the HARY

2 Corinthians 9 in the HNT

2 Corinthians 9 in the IRVA

2 Corinthians 9 in the IRVB

2 Corinthians 9 in the IRVG

2 Corinthians 9 in the IRVH

2 Corinthians 9 in the IRVK

2 Corinthians 9 in the IRVM

2 Corinthians 9 in the IRVM2

2 Corinthians 9 in the IRVO

2 Corinthians 9 in the IRVP

2 Corinthians 9 in the IRVT

2 Corinthians 9 in the IRVT2

2 Corinthians 9 in the IRVU

2 Corinthians 9 in the ISVN

2 Corinthians 9 in the JSNT

2 Corinthians 9 in the KAPI

2 Corinthians 9 in the KBT1ETNIK

2 Corinthians 9 in the KBV

2 Corinthians 9 in the KJV

2 Corinthians 9 in the KNFD

2 Corinthians 9 in the LBA

2 Corinthians 9 in the LBLA

2 Corinthians 9 in the LNT

2 Corinthians 9 in the LSV

2 Corinthians 9 in the MAAL

2 Corinthians 9 in the MBV

2 Corinthians 9 in the MBV2

2 Corinthians 9 in the MHNT

2 Corinthians 9 in the MKNFD

2 Corinthians 9 in the MNG

2 Corinthians 9 in the MNT

2 Corinthians 9 in the MNT2

2 Corinthians 9 in the MRS1T

2 Corinthians 9 in the NAA

2 Corinthians 9 in the NASB

2 Corinthians 9 in the NBLA

2 Corinthians 9 in the NBS

2 Corinthians 9 in the NBVTP

2 Corinthians 9 in the NET2

2 Corinthians 9 in the NIV11

2 Corinthians 9 in the NNT

2 Corinthians 9 in the NNT2

2 Corinthians 9 in the NNT3

2 Corinthians 9 in the PDDPT

2 Corinthians 9 in the PFNT

2 Corinthians 9 in the RMNT

2 Corinthians 9 in the SBIAS

2 Corinthians 9 in the SBIBS

2 Corinthians 9 in the SBIBS2

2 Corinthians 9 in the SBICS

2 Corinthians 9 in the SBIDS

2 Corinthians 9 in the SBIGS

2 Corinthians 9 in the SBIHS

2 Corinthians 9 in the SBIIS

2 Corinthians 9 in the SBIIS2

2 Corinthians 9 in the SBIIS3

2 Corinthians 9 in the SBIKS

2 Corinthians 9 in the SBIKS2

2 Corinthians 9 in the SBIMS

2 Corinthians 9 in the SBIOS

2 Corinthians 9 in the SBIPS

2 Corinthians 9 in the SBISS

2 Corinthians 9 in the SBITS

2 Corinthians 9 in the SBITS2

2 Corinthians 9 in the SBITS3

2 Corinthians 9 in the SBITS4

2 Corinthians 9 in the SBIUS

2 Corinthians 9 in the SBIVS

2 Corinthians 9 in the SBT

2 Corinthians 9 in the SBT1E

2 Corinthians 9 in the SCHL

2 Corinthians 9 in the SNT

2 Corinthians 9 in the SUSU

2 Corinthians 9 in the SUSU2

2 Corinthians 9 in the SYNO

2 Corinthians 9 in the TBIAOTANT

2 Corinthians 9 in the TBT1E

2 Corinthians 9 in the TBT1E2

2 Corinthians 9 in the TFTIP

2 Corinthians 9 in the TFTU

2 Corinthians 9 in the TGNTATF3T

2 Corinthians 9 in the THAI

2 Corinthians 9 in the TNFD

2 Corinthians 9 in the TNT

2 Corinthians 9 in the TNTIK

2 Corinthians 9 in the TNTIL

2 Corinthians 9 in the TNTIN

2 Corinthians 9 in the TNTIP

2 Corinthians 9 in the TNTIZ

2 Corinthians 9 in the TOMA

2 Corinthians 9 in the TTENT

2 Corinthians 9 in the UBG

2 Corinthians 9 in the UGV

2 Corinthians 9 in the UGV2

2 Corinthians 9 in the UGV3

2 Corinthians 9 in the VBL

2 Corinthians 9 in the VDCC

2 Corinthians 9 in the YALU

2 Corinthians 9 in the YAPE

2 Corinthians 9 in the YBVTP

2 Corinthians 9 in the ZBP