2 Peter 1 (BOTLNT)

1 Lokwalo lo lo tswang kwa go: Simone Petere, motlhanka le morongwa wa ga Jesu Keresete. Lo ya kwa go: botlhe ba ba nang le tumelo e e tshwanang le ya rona. Tumelo e ke buang ka yone ke ya mofuta o Jesu Keresete Modimo le Mmoloki wa rona o e re nayang. E ntle jang e bile o tshiamo jang go naya mongwe le mongwe wa rona tumelo e, e e tshwanang. 2 A o batla boutlwelo-botlhoko jwa Modimo thata le kagiso? Jalo ithute go mo itse botoka thata. 3 Gonne fa o mo itse thata, o tlaa go naya ka nonofo ya gagwe, sengwe le sengwe se o se batlang go tshela botshelo jwa boammaaruri: O tlhakanela le rona le eleng kgalalelo le tshiamo ya gagwe. 4 Mme ka yone fela nonofo e kgolo eo, o re neile khumo le masego a a hakgamatsang a o a solofeditseng, jaaka tsholofetso ya go re boloka mo dikeletsong le mo boleong jo bo re dikaganyeditseng, le go re naya mokgwa wa gagwe. 5 Mme go nna le dimpho tse, lo tlhoka mo gogolo go feta tumelo; lo tshwanetse gape go dira thata go nna tshiamo, le fa go sa lekana. Gonne lo tshwanetse go ithuta go itse Modimo thata le go bona se o batlang lo se dira. 6 Gape, ithuteng go beela dikeletso tsa lona fa thoko gore lo tle lo nne pelotelele le tshiamo, ka boitumelo lo letla Modimo go tsamaya le lona. 7 Se se tlaa dira gore kgato e e latelang e kgonege, e e leng ya lona go itumelela batho ba bangwe le go ba rata, mme morago lo tlaa gola mo go ba rateng thata. 8 Fa lo ntse lo tsweletse sentle mo tseleng e, lo tlaa nonofa mo moweng lo bo lo nna le maungo le tiriso mo go Morena wa rona Jesu Keresete. 9 Mme mongwe yo o palelwang ke go sala mekgwa e ya tumelo morago, ke sefofu, ebile ga a bone sentle, mme o lebetse gore Modimo o mo golotse mo botshelong jo bogologolo jwa sebe le gore jaanong o ka tshela botshelo jo bo tiileng, botshelo jo bo siametseng Morena. 10 Jalo bakaulengwe ba ba rategang, dirang thata go supa tota gore lommogo le ba Modimo o ba biditseng le ba o ba tlhophileng, mme ga lo kitla lo kgotswa kgotsa lo wa. 11 Mme Modimo o tlaa lo bulela dikgoro tsa legodimo go tsena mo Bogosing jo bo sa khutleng jwa Morena le mmoloki wa rona Jesu Keresete. 12 Ke rulaganyetsa go nna ke lo gakolola dilo tse ka metlha le fa lo setse lo di itse ebile tota lo tsamaya sentle! 13 13-14 Mme Morena Jesu Keresete o mpontshitse gore malatsi a me mo lefatsheng a badilwe, ke gaufi le go swa. Fela fa ke santse ke le fa ke ikaelela go nna ke lo romelela dikgakololo tse, 15 ke solofela go di gatelela sentle mo go lona gore lo tle lo di gakologelwe ka lobaka lo loleele fa ke sena go tloga. 16 Gonne re ne re sa lo bolelele dinaane fa re lo tlhalosetsa nonofo ya Morena wa rona Jesu Keresete le go tla ga gagwe gape. Ka matlho a me ke bonye phatsimo e kgolo le kgalalelo ya gagwe! 17 17-18 Ke ne ke le gone mo thabeng e e boitshepo fa a phatshima ka tlotlo e o e neilweng ke Modimo Rraagwe; ke utlwile lentswe leo le le galalelang la Bogosi le le neng le tswa legodimong, le re, “Yo ke Morwaake yo o rategang thata; ke itumela thata ka ene.” 19 Jalo re bonye ebile re tlhomamisitse gore se Baporofiti ba se buileng se diragetse. Lo tlaa bo lo dira sentle go tlhokomela sengwe le sengwe se ba se kwadileng, gonne jaaka lesedi le phatshima mo felong fa go lefifi, mafoko a bone a re thusa go tlhaloganya dilo di le dintsi tse gongwe di ka bong di fifetse ebile di le thata. Mme fa lo ela tlhoko boammaaruri jo bo hakgamatsang jwa mafoko a baporofiti, jalo lesedi le tlaa phatsima mo meweng ya lona mme Keresete Naledi ya moso o tlaa phatsima mo dipelong tsa lona. 20 20-21 Gonne ga go na polelelo-pele epe e e kwadilweng mo Lokwalong e e ikakanyeditsweng ke moporofiti ka bo ene. E ne e le ka Mowa O O Boitshepo o o neng o le mo bathong ba ba ratang Modimo o o ba neetseng molaetsa wa boammaruri o o tswang kwa Modimong.

In Other Versions

2 Peter 1 in the ANGEFD

2 Peter 1 in the ANTPNG2D

2 Peter 1 in the AS21

2 Peter 1 in the BAGH

2 Peter 1 in the BBPNG

2 Peter 1 in the BBT1E

2 Peter 1 in the BDS

2 Peter 1 in the BEV

2 Peter 1 in the BHAD

2 Peter 1 in the BIB

2 Peter 1 in the BLPT

2 Peter 1 in the BNT

2 Peter 1 in the BNTABOOT

2 Peter 1 in the BNTLV

2 Peter 1 in the BOATCB

2 Peter 1 in the BOATCB2

2 Peter 1 in the BOBCV

2 Peter 1 in the BOCNT

2 Peter 1 in the BOECS

2 Peter 1 in the BOGWICC

2 Peter 1 in the BOHCB

2 Peter 1 in the BOHCV

2 Peter 1 in the BOHLNT

2 Peter 1 in the BOHNTLTAL

2 Peter 1 in the BOICB

2 Peter 1 in the BOILNTAP

2 Peter 1 in the BOITCV

2 Peter 1 in the BOKCV

2 Peter 1 in the BOKCV2

2 Peter 1 in the BOKHWOG

2 Peter 1 in the BOKSSV

2 Peter 1 in the BOLCB

2 Peter 1 in the BOLCB2

2 Peter 1 in the BOMCV

2 Peter 1 in the BONAV

2 Peter 1 in the BONCB

2 Peter 1 in the BONLT

2 Peter 1 in the BONUT2

2 Peter 1 in the BOPLNT

2 Peter 1 in the BOSCB

2 Peter 1 in the BOSNC

2 Peter 1 in the BOVCB

2 Peter 1 in the BOYCB

2 Peter 1 in the BPBB

2 Peter 1 in the BPH

2 Peter 1 in the BSB

2 Peter 1 in the CCB

2 Peter 1 in the CUV

2 Peter 1 in the CUVS

2 Peter 1 in the DBT

2 Peter 1 in the DGDNT

2 Peter 1 in the DHNT

2 Peter 1 in the DNT

2 Peter 1 in the ELBE

2 Peter 1 in the EMTV

2 Peter 1 in the ESV

2 Peter 1 in the FBV

2 Peter 1 in the FEB

2 Peter 1 in the GGMNT

2 Peter 1 in the GNT

2 Peter 1 in the HARY

2 Peter 1 in the HNT

2 Peter 1 in the IRVA

2 Peter 1 in the IRVB

2 Peter 1 in the IRVG

2 Peter 1 in the IRVH

2 Peter 1 in the IRVK

2 Peter 1 in the IRVM

2 Peter 1 in the IRVM2

2 Peter 1 in the IRVO

2 Peter 1 in the IRVP

2 Peter 1 in the IRVT

2 Peter 1 in the IRVT2

2 Peter 1 in the IRVU

2 Peter 1 in the ISVN

2 Peter 1 in the JSNT

2 Peter 1 in the KAPI

2 Peter 1 in the KBT1ETNIK

2 Peter 1 in the KBV

2 Peter 1 in the KJV

2 Peter 1 in the KNFD

2 Peter 1 in the LBA

2 Peter 1 in the LBLA

2 Peter 1 in the LNT

2 Peter 1 in the LSV

2 Peter 1 in the MAAL

2 Peter 1 in the MBV

2 Peter 1 in the MBV2

2 Peter 1 in the MHNT

2 Peter 1 in the MKNFD

2 Peter 1 in the MNG

2 Peter 1 in the MNT

2 Peter 1 in the MNT2

2 Peter 1 in the MRS1T

2 Peter 1 in the NAA

2 Peter 1 in the NASB

2 Peter 1 in the NBLA

2 Peter 1 in the NBS

2 Peter 1 in the NBVTP

2 Peter 1 in the NET2

2 Peter 1 in the NIV11

2 Peter 1 in the NNT

2 Peter 1 in the NNT2

2 Peter 1 in the NNT3

2 Peter 1 in the PDDPT

2 Peter 1 in the PFNT

2 Peter 1 in the RMNT

2 Peter 1 in the SBIAS

2 Peter 1 in the SBIBS

2 Peter 1 in the SBIBS2

2 Peter 1 in the SBICS

2 Peter 1 in the SBIDS

2 Peter 1 in the SBIGS

2 Peter 1 in the SBIHS

2 Peter 1 in the SBIIS

2 Peter 1 in the SBIIS2

2 Peter 1 in the SBIIS3

2 Peter 1 in the SBIKS

2 Peter 1 in the SBIKS2

2 Peter 1 in the SBIMS

2 Peter 1 in the SBIOS

2 Peter 1 in the SBIPS

2 Peter 1 in the SBISS

2 Peter 1 in the SBITS

2 Peter 1 in the SBITS2

2 Peter 1 in the SBITS3

2 Peter 1 in the SBITS4

2 Peter 1 in the SBIUS

2 Peter 1 in the SBIVS

2 Peter 1 in the SBT

2 Peter 1 in the SBT1E

2 Peter 1 in the SCHL

2 Peter 1 in the SNT

2 Peter 1 in the SUSU

2 Peter 1 in the SUSU2

2 Peter 1 in the SYNO

2 Peter 1 in the TBIAOTANT

2 Peter 1 in the TBT1E

2 Peter 1 in the TBT1E2

2 Peter 1 in the TFTIP

2 Peter 1 in the TFTU

2 Peter 1 in the TGNTATF3T

2 Peter 1 in the THAI

2 Peter 1 in the TNFD

2 Peter 1 in the TNT

2 Peter 1 in the TNTIK

2 Peter 1 in the TNTIL

2 Peter 1 in the TNTIN

2 Peter 1 in the TNTIP

2 Peter 1 in the TNTIZ

2 Peter 1 in the TOMA

2 Peter 1 in the TTENT

2 Peter 1 in the UBG

2 Peter 1 in the UGV

2 Peter 1 in the UGV2

2 Peter 1 in the UGV3

2 Peter 1 in the VBL

2 Peter 1 in the VDCC

2 Peter 1 in the YALU

2 Peter 1 in the YAPE

2 Peter 1 in the YBVTP

2 Peter 1 in the ZBP