Acts 19 (BOTLNT)

1 Mme erile Apolose a santse a le mo Kontha, Paulo a ralala ntlheng ya godimo mme a goroga kwa Efeso, kwa o neng a fitlhela teng barutwa ba le bantsinyana. 2 One a ba botsa a re, “A lo ne lwa amogela Mowa O O Boitshepo fa lo dumela?” Mme ba fetola ba re, “Nnyaa, ga re itse gore o rayang. Mowa O O Boitshepo ke eng?” 3 Mme Paulo a ba botsa a re, “Lo kolobeditswe ka kolobetso e e ntseng jang?” Mme ba araba ba re, “Kolobetso ya ga Johane?” 4 Mme Paulo a ba bolelela gore kolobetso ya ga Johane e ne e le go supa keletso ya go sokologa mo sebeng go ya kwa Modimong le gore ba ba amogelang kolobetso ya gagwe ba tshwanetse go tswelela ba dumela mo go Jesu, yo Johane o neng a bolela gore o tlaa tla. 5 Erile fela jaaka ba utlwa a bua jaana, ba kolobediwa mo leineng la Morena Jesu. 6 Erile fa Paulo a ba baya diatla, Mowa O O Boitshepo wa fologela mo go bone, mme ba bua dipuo di sele ba bo ba porofesa. 7 E ne e ka nna banna ba le lesome le bobedi 8 Mme Paulo o ne a ya kwa tlung ya thuto a rera ka bopelokgale Sabata mongwe le mongwe mo dikgweding tse tharo, a bolela se a se dumetseng le gore ke ka ntlha yang fa a ne a dumela, ebile a tlhotlheletsa ba le bantsi gore ba dumele mo go Jesu. 9 Mme bangwe ba ne ba gana molaetsa wa gagwe mme ba bua mo pepeneneng kgatlhanong le Keresete, mme a tsamaya, a gana go ba rerela gape. Mme a tswa le badumedi, mme a simolola kopano e nngwe gape mo tlung ya ga Turano mme a rapela koo letsatsi le letsatsi. 10 Mo go ne ga tswelela dingwaga di le pedi, mo e leng gore mongwe le mongwe mo kgaolong ya Asia ebong Bajuta le Bagerika, ba ne ba utlwa molaetsa wa Morena. 11 Mme Modimo wa naya Paulo nonofo ya go dira dikgakgamatso tse di sa tlwaelesegang, 12 mo e leng gore e ne e re fa diiphimolo (disakatuku) tsa gagwe kgotsa diaparo tsa gagwe di bewa mo balwetseng, ba fole, le mewa e e maswe e e neng e le mo go bone e tswe. 13 Mme setlhopha sengwe sa Bajuta ba ba neng ba tsena motse le motse ba ntsha mewa e e maswe, ba ne ba loga leano la go leka go dirisa leina la ga Jesu Keresete. Se ba neng ba se akantse e ne e le gore ba tlaa bua ba re, “Ke a go laola ka Jesu yo Paulo o mo rerang gore o tswele kwa ntle!” 14 Bo-morwa Sekefa moperesiti wa Mojuta, ba supa, ba ne ba dira jalo. 15 Mme erile ba lekeletsa mo monneng yo o nang le mowa o o maswe wa fetola wa re, “Ke itse Jesu ebile ke itse Paulo, mme lona lo bo mang?” 16 Mme a tlolela bangwe ba bone ba le babedi a ba betsa mo ba neng ba siela kwa ntle ga ntlo ya gagwe ba sa ikatega ebile ba bolaisegile thata. 17 Polelo ya se se diragetseng ya anama ka bonako mo motseng otlhe wa Efeso, mo Bajuteng le mo Bagerikeng ka go tshwana, ga nna poifo e kgolo mo motseng, mme leina la Morena Jesu la tlotlwa thata. 18 18-19 Badumedi ba le bantsi ba ba neng ba dirisa maselamose ba ipolela ditshiamololo tsa bone ba tlisa dikwalo tsa bone tsa boloi le melemo e ba e dirisang ba di tshuba ka molelo mo pepeneneng. (Mongwe a akanyetsa tlhwatlhwa ya dikwalo tseo go ka nna dipula di le dikete tse di masome matlhano). 20 Mo go ne go supa gore kgaolo yotlhe e ne e amilwe ke molaetsa wa Modimo go le kae. 21 Morago ga moo Paulo a utlwa a gogwa ke Mowa O O Boitshepo go ya kwa Gerika pele ga a boela Jerusalema. O ne a re, “Morago ga moo ke tshwanetse go ya kwa Roma!” 22 O ne a romela bathusi ba gagwe ba le babedi, Timotheo le Eraseto, gore ba tsamaele pele go ya Masedonia fa a sa ntse a setse lobakanyana mo Asia. 23 Mme ka nako eo, go ne ga nna pheretlhego e kgolo mo Efeso kaga Bakeresete. 24 E ne ya simologa ka Demeterio, mothudi wa tshipi tsa selefera yo o neng a hirile babetli ba le bantsi go dira ditempelana tsa selefera tsa ga Diana, modimo wa sesadi wa Segerika. 25 O ne a bitsa phuthego ya banna ba gagwe, le ba bangwe ba ba hirilweng mo ditirong tse di boletsweng, mme a ba bolelela jaana:“Borra, tiro e ke yone re amogelang ka yone. 26 Jaaka lo itse sentle mo go se lo se bonyeng le se lo se utlwileng, monna yo, Paulo, o tlhotlheleditse batho ba le bantsintsi gore medimo e e itirelwang ga se medimo gotlhelele. Ka ntlha ya moo, theko ya dilo tsa rona e ya kwa tlase! Mme mo ga go bonale fela mo Efeso, go mo tikologong yotlhe ya kgaolo! 27 Mme ruri, ga ke bue fela ka theko le thekiso mo seemong se, le kaga tatlhegelo ka fa re neng re ntse re boelwa ka teng, mme le gore go ka diragala gore tempele ya ga Diana modimo wa sesadi o mogolo e latlhegelwe ke tlotlo, mme Diana, modimo o montlentle o, o o sa obamelweng fela ke tikologo yotlhe ya Asia mme o obamelwa ke lefatshe lotlhe, o lebalwe!” 28 Erile fa ba utlwa jaana, ba galefa thata mme ba simolola go goa ba re, “Go mogolo Diana wa Baefesia!” 29 Bontsi jo bogolo jwa batho jwa simolola go phuthega mme ka bofefo motse wa tlala pheretlhego. Mongwe le mongwe a tabogela kwa kagong ya botshamekelo, ba swaswaila Gaio le Arisetareko, bapati ba ga Paulo go ya go sekisiwa. 30 Paulo o ne a batla go tsena, mme barutwa ba ne ba se ka ba mo letla. 31 Mme bangwe balaodi ba Baroma ba kgaolo e, ditsala tsa ga Paulo, le bone ba ne ba romela molaetsa kwa go ene, ba mo kopa gore a seka a ba a tshameka ka botshelo jwa gagwe ka go tsena mo tlung ya botshamekelo. 32 Mo teng, batho botlhe ba ne ba goa, ba tsositse modumo, mongwe a bua sele yo mongwe le ene a bua sele, sengwe le sengwe se ne se tlhakatlhakanye. Tota bontsi jwa bone bo ne bo sa itse gore bo tletse eng foo. 33 Mme Alekesandere o ne a lemogwa mo boidiiding ke Bajuta bangwe mme ba mo gogela fa pele. O ne a gwetlha ka seatla gore go didimalwe mme a leka go bua. 34 Mme ya re fa boidiidi jwa batho bo lemoga gore ke Mojuta, ba simolola gape ba tsosa modumo sebaka sa oura tse pedi ba ntse ba re, “Go mogolo Diana wa Baefesia!” 35 Mme lwa bofelo molaodi o ne a kgona go ba didimatsa gore a kgone go bua. O ne a re, “Banna ba Efeso, mongwe le mongwe o itse gore Efeso ke motse mogolo wa tumelo ya ga Diana yo mogolo, yo setshwantsho sa gagwe se fologileng se tswa legodimong. 36 Mme e re ka se e le boammaaruri jo bo sa kakeng jwa ganediwa, ga lo a tshwanela go tshwenyega le fa go ka buiwa go tweng ebile lo seka lwa dira sepe ka mahega. 37 Ntswa lo tlisitse banna ba fano ba sa utswa sepe mo tempeleng ya ga Diana le gone ba sa mo nyenyefatsa ka gope. 38 Mme fa Demeterio le babetli ba gagwe ba na le molato nabo, ditsheko di tsenye mme basekisi ba ka seka tsheko e gone jaanong jaana. A ba tsamaye ka fa molaong. 39 Mme fa go na le dingongorego kaga dilo dingwe, di ka baakanngwa sentle mo diphuthegong tsa lekgotla la motse; 40 gonne re mo diphatseng tsa go bidiwa ke mmuso wa Ba-Roma gore re bolele gore khuduego e ya gompieno e simologile jang, ka go sena mabaka ape a a e simolotseng. Mme fa Baroma ba batla tlhaloso ga ke itse gore ke tlaa reng.” 41 Hong a ba phatlalatsa ba tsamaya.

In Other Versions

Acts 19 in the ANGEFD

Acts 19 in the ANTPNG2D

Acts 19 in the AS21

Acts 19 in the BAGH

Acts 19 in the BBPNG

Acts 19 in the BBT1E

Acts 19 in the BDS

Acts 19 in the BEV

Acts 19 in the BHAD

Acts 19 in the BIB

Acts 19 in the BLPT

Acts 19 in the BNT

Acts 19 in the BNTABOOT

Acts 19 in the BNTLV

Acts 19 in the BOATCB

Acts 19 in the BOATCB2

Acts 19 in the BOBCV

Acts 19 in the BOCNT

Acts 19 in the BOECS

Acts 19 in the BOGWICC

Acts 19 in the BOHCB

Acts 19 in the BOHCV

Acts 19 in the BOHLNT

Acts 19 in the BOHNTLTAL

Acts 19 in the BOICB

Acts 19 in the BOILNTAP

Acts 19 in the BOITCV

Acts 19 in the BOKCV

Acts 19 in the BOKCV2

Acts 19 in the BOKHWOG

Acts 19 in the BOKSSV

Acts 19 in the BOLCB

Acts 19 in the BOLCB2

Acts 19 in the BOMCV

Acts 19 in the BONAV

Acts 19 in the BONCB

Acts 19 in the BONLT

Acts 19 in the BONUT2

Acts 19 in the BOPLNT

Acts 19 in the BOSCB

Acts 19 in the BOSNC

Acts 19 in the BOVCB

Acts 19 in the BOYCB

Acts 19 in the BPBB

Acts 19 in the BPH

Acts 19 in the BSB

Acts 19 in the CCB

Acts 19 in the CUV

Acts 19 in the CUVS

Acts 19 in the DBT

Acts 19 in the DGDNT

Acts 19 in the DHNT

Acts 19 in the DNT

Acts 19 in the ELBE

Acts 19 in the EMTV

Acts 19 in the ESV

Acts 19 in the FBV

Acts 19 in the FEB

Acts 19 in the GGMNT

Acts 19 in the GNT

Acts 19 in the HARY

Acts 19 in the HNT

Acts 19 in the IRVA

Acts 19 in the IRVB

Acts 19 in the IRVG

Acts 19 in the IRVH

Acts 19 in the IRVK

Acts 19 in the IRVM

Acts 19 in the IRVM2

Acts 19 in the IRVO

Acts 19 in the IRVP

Acts 19 in the IRVT

Acts 19 in the IRVT2

Acts 19 in the IRVU

Acts 19 in the ISVN

Acts 19 in the JSNT

Acts 19 in the KAPI

Acts 19 in the KBT1ETNIK

Acts 19 in the KBV

Acts 19 in the KJV

Acts 19 in the KNFD

Acts 19 in the LBA

Acts 19 in the LBLA

Acts 19 in the LNT

Acts 19 in the LSV

Acts 19 in the MAAL

Acts 19 in the MBV

Acts 19 in the MBV2

Acts 19 in the MHNT

Acts 19 in the MKNFD

Acts 19 in the MNG

Acts 19 in the MNT

Acts 19 in the MNT2

Acts 19 in the MRS1T

Acts 19 in the NAA

Acts 19 in the NASB

Acts 19 in the NBLA

Acts 19 in the NBS

Acts 19 in the NBVTP

Acts 19 in the NET2

Acts 19 in the NIV11

Acts 19 in the NNT

Acts 19 in the NNT2

Acts 19 in the NNT3

Acts 19 in the PDDPT

Acts 19 in the PFNT

Acts 19 in the RMNT

Acts 19 in the SBIAS

Acts 19 in the SBIBS

Acts 19 in the SBIBS2

Acts 19 in the SBICS

Acts 19 in the SBIDS

Acts 19 in the SBIGS

Acts 19 in the SBIHS

Acts 19 in the SBIIS

Acts 19 in the SBIIS2

Acts 19 in the SBIIS3

Acts 19 in the SBIKS

Acts 19 in the SBIKS2

Acts 19 in the SBIMS

Acts 19 in the SBIOS

Acts 19 in the SBIPS

Acts 19 in the SBISS

Acts 19 in the SBITS

Acts 19 in the SBITS2

Acts 19 in the SBITS3

Acts 19 in the SBITS4

Acts 19 in the SBIUS

Acts 19 in the SBIVS

Acts 19 in the SBT

Acts 19 in the SBT1E

Acts 19 in the SCHL

Acts 19 in the SNT

Acts 19 in the SUSU

Acts 19 in the SUSU2

Acts 19 in the SYNO

Acts 19 in the TBIAOTANT

Acts 19 in the TBT1E

Acts 19 in the TBT1E2

Acts 19 in the TFTIP

Acts 19 in the TFTU

Acts 19 in the TGNTATF3T

Acts 19 in the THAI

Acts 19 in the TNFD

Acts 19 in the TNT

Acts 19 in the TNTIK

Acts 19 in the TNTIL

Acts 19 in the TNTIN

Acts 19 in the TNTIP

Acts 19 in the TNTIZ

Acts 19 in the TOMA

Acts 19 in the TTENT

Acts 19 in the UBG

Acts 19 in the UGV

Acts 19 in the UGV2

Acts 19 in the UGV3

Acts 19 in the VBL

Acts 19 in the VDCC

Acts 19 in the YALU

Acts 19 in the YAPE

Acts 19 in the YBVTP

Acts 19 in the ZBP