Acts 27 (BOTLNT)

1 Mme lwa bofelo dithulaganyo tsa dirwa go re re simolole mosepele wa rona wa go ya kwa Roma ka sekepe; jalo Paulo le magolegwa a mangwe a mantsi ba bewa mo tlhokomelong ya mogolwane yo o neng a bidiwa Julio, leloko la mophato wa badisa. 2 Mme re ne ra tsamaya ka sekepe se se neng se ya kwa Gerika, se se neng se rulaganyeditswe go ema gantsinyana mo mafelong a sekae mo lotshitshing lwa lewatle la Asia. Ke tshwanetse go bolela gore Arisetareka wa Mogerika yo o neng a tswa kwa Thesalonika o ne a na le rona. 3 Tsatsi le le latelang erile re ema kwa Sidona, Julio o ne a siame thata mo go Paulo mme a mo letla gore a fologe mo sekepeng a etele ditsala tsa gagwe gore di mo amogele ka boitumelo. 4 Mme erile go tloga foo, ra kgorelediwa ke diphefo tse di neng tsa dira gore go nne thata go tlhamalatsa sekepe, jalo ra leba kwa bokone jwa Kupero fa gare ga setlhake le lefatshe, 5 mme ra feta go bapa le kgaolo ya Kilikia le Pamfilia, ra ema kwa Mira, mo kgaolong ya Lukia. 6 Mme foo molaodi wa rona a bona sekepe sa Egepeto se se tswang kwa Alekesanderia, se ya Itale, mme sa re tsaya. 7 7-8 Re ne ra tsamaya mo dikgoberegong malatsi a le mantsi, mme la bofelo ra atamela Kinido; mme diphefo di ne di setse di gaketse, jalo ra tabogela kwa Kereta, ra feta mo boemelong dikepe jwa Salamone. Mme erile re ntse re lebaganye le phefo ka bothata jo bogolo re tsamaya re iketlile mo lotshitshing lwa borwa, ra goroga mo felong fa go bidiwang Dinwane Dintle gaufi le motse wa Lusia. 9 Mme ra nna malatsi a le mantsi koo. Ka nako eo phefo e ne ya nna maswe mo e leng gore re ne re sa kgone go tsamaya mosepele o moleele, gonne ngwaga e ne e tsamaela go fela, mme Paulo a bua le balaodi ba sekepe ka gone. 10 A re, “Borra, ke dumela gore go tlaa nna mathata kwa pele fa re ka tswelela, gongwe sekepe sa rona se ka nna sa senyega, kgotsa ra latlhegelwa ke morwalo wa rona, ra gobala kgotsa ra a swa.” 11 Mme le fa gontse jalo batlhokomedi ba magolegwa ba ne ba reetsa molaodi wa sekepe le mong wa sone go na le Paulo. 12 Mme ka gore Dinwane Dintle e ne e le boemelo jo bo mo pepeneneng, lefelo le le sa siamelang go nna mo go lone mariga, bontsi jwa batho ba ba dirang mo sekepeng ba re gakolola gore go ka nna jang fa re leka go tlhatlogela kwa Finekisa go fetsa mariga teng; Finekisa e ne e le boemelo jwa dikepe jo bo siameng bo lebile kwa bokone-bophirima le kwa borwa-bophirima. 13 Mme ka yone nako eo ga simologa phefo e e fokang ka bonya e tswa borwa, mme go ne go lebega e le letsatsi le le siametseng loeto, jalo ba tsamaya ba ikamile lotshitshi lwa lewatle. 14 14-15 Mme ka bofefo morago ga moo, ga nna le phetogo mo loaping, ga tsoga ledimo la phefo e e nonofileng thata (e ba e bitsang ya Bokone-botlhaba) la kapa sekepe la se phailela kwa teng ga lewatle. La ntlha ba ne ba leka go se lebisa kwa lotshitshing mme ba se ka ba kgona, jalo ba ineela gore phefo e kgweeletse sekepe kwa e yang teng. 16 Mme la bofelo ra goroga fa setlhakenyaneng se se neng se bidiwa Jauda, kwa e rileng ka bothata ra tlolela mo mokorong wa namolo o o neng o tswa kwa morago, 17 mme ra fapa sekepe kwa tlase. Badiri mo sekepeng ba ne ba tshaba go phepheulelwa ke phefo kwa go totomelang kwa lotshitshing lwa Afrika. Ba folosa disaile tsa sekepe ba ntse ba phepheulwa ke phefo. 18 Erile letsatsi le le latelang fa lewatle le kokomoga, badiri mo sekepeng ba simolola go latlhela merwalo mo lewatleng. 19 Mme letsatsi le le latelang ba latlhela dilwana tsa bone le sengwe le sengwe se se neng se le gaufi nabo. 20 Dikhuduego tsa lewatle tsa nna dikgolo ka malatsi a le mantsi go fitlhelela la bofelo go sena tsholofelo epe. 21 Mme ka lobaka lo lo leele go ne go sena ope yo o kileng a ja, mme la bofelo Paulo o ne a bitsa badiredi ba sekepe botlhe a re, “Banna, lo ka bo lo ne lwa ntheetsa lantlha mme ra seka ra tloga mo Dinwane Dintle, lo ka bo lo falotse dikgobalo tse le tatlhegelo! 22 Mme le fa go ntse jalo nametsegang! Ga go ope wa rona yo o tlaa latlhegelwang ke botshelo, ntswa sekepe sone se tlaa nwela. 23 “Gonne bosigo jo bo fetileng moengele wa Modimo yo ke leng wa gagwe le yo ke mo direlang o ne a ema fa thoko ga me, 24 a re, ‘Se boife, Paulo, gonne ka boammaaruri o tlaa sekisiwa ke Kaesara! Mo gongwe gape ke eng, Modimo o arabile kopo ya gago mme o tlaa boloka matshelo a botlhe ba ba mo loetong le wena.’ 25 Mme jaanong nametsegang! Gonne ke dumela Modimo! Go tlaa nna fela jaaka o buile! 26 Mme le fa go ntse jalo sekepe sa rona se tlaa senyegela fa setlhakeng.” 27 Mme erile e ka nna nako ya bosigo-gare mo bosigong jwa bo lesome le bone jwa khuduego ya lewatle, fa re ntse re phepheulelwa kwa pele le kwa morago mo lewatleng la Aderia, batsamaisi ba sekepe ba belaela gore lefatshe le gaufi. 28 Ba ne ba lekeletsa boteng jwa metse mme ba bona e le boteng jwa dikgato di le lekgolo le masome a mabedi. Morago ga sebakanyana ba lekeletsa gape, mme ba bona e le dikgato di le masome a roba bongwe. 29 Mme ka selekanyo se ba itse gore ba gaufi le go phepheulelwa kwa lotshitshing, mme ka ba tshaba mafika a a gaufi le lotshitshi, ba digela diitsetsepelo di le nne ka kwa morago ga sekepe mme ba rapela gore go nne lesedi. 30 Mme batsamaisi ba bangwe ba loga leano la go tlogela sekepe, mme ba fologa mokoro wa phalotsho jaaka o ka re ba ya go tlhoma diitsetsepelo kwa pele. 31 Mme Paulo a raya masole le molaodi a re, “Lo tlaa swa lotlhe fa lo ka seka lwa nna mo sekepeng.” 32 Mme masole a kgaola megala a tlogela mokoro wa wa. 33 Erile masa a sa, Paulo a kopa mongwe le mongwe gore a je, a re, “Ga lo ise lo ke lo ame dijo mo dibekeng tse pedi tse di fetileng! 34 Tsweeng-tsweeng jang sengwe gore lo thusege! Gonne le fa ele thiri ya ditlhogo tsa lona ga e na go nyelela!” 35 Mme a tsaya senkgwenyana se se omisitsweng a leboga Modimo fa pele ga bone botlhe, mme a ja. 36 Ka bofefo mongwe le mongwe a ikutlwa sentle mme ba simolola go ja, 37 rotlhe re ne re le makgolo a mabedi le masome a supa le borataro, gonne eo ke yone palo e e neng e le mo sekepeng. 38 Erile re sena go ja, badiri ba sekepe ba fokotsa morwalo ka go latlhela mabele mo lewatleng. 39 Mme erile bosa bo sele, ba seka ba tlhaloganya lefatshe gore ke lefe, mme ba bona senwane se se lobota lo papametseng mme ba akanya gore a ba ka tsena fa gare ga mantswe ba phepheulelwa ke phefo kwa lotshitshing. 40 Mme la bofelo ba ikaelela go leka jalo. Ba kgaola diitsetsepelo ba di tlogela mo lewatleng, ba folosa dikgong tse di sokololang sekepe ba pega disaile ba leba kwa lotshitshing. 41 Mme sekepe sa thula totoma ya motlhaba sa totomela. Mpa ya sone ya tsena mo mmung, mme marago a sone a thujwa ke makhubu a metsi. 42 Mme masole a buisanya le molaodi wa bone gore ba bolaye magolegwa e se re kgotsa ope wa bone a shapela kwa lotshitshing a falola. 43 Mme Julio ka a ne a batla go boloka Paulo, a ganana le mogopolo oo. Mme a laola gore botlhe ba ba ka kgonang go shapa ba fologe ba shapele kwa ntle, 44 mme ba ba sa kgoneng go shapa ba leke ka dipolanka le dikgong tse di robegileng mo sekepeng. Mme mongwe le mongwe a kgona go falolela kwa lotshitshing.

In Other Versions

Acts 27 in the ANGEFD

Acts 27 in the ANTPNG2D

Acts 27 in the AS21

Acts 27 in the BAGH

Acts 27 in the BBPNG

Acts 27 in the BBT1E

Acts 27 in the BDS

Acts 27 in the BEV

Acts 27 in the BHAD

Acts 27 in the BIB

Acts 27 in the BLPT

Acts 27 in the BNT

Acts 27 in the BNTABOOT

Acts 27 in the BNTLV

Acts 27 in the BOATCB

Acts 27 in the BOATCB2

Acts 27 in the BOBCV

Acts 27 in the BOCNT

Acts 27 in the BOECS

Acts 27 in the BOGWICC

Acts 27 in the BOHCB

Acts 27 in the BOHCV

Acts 27 in the BOHLNT

Acts 27 in the BOHNTLTAL

Acts 27 in the BOICB

Acts 27 in the BOILNTAP

Acts 27 in the BOITCV

Acts 27 in the BOKCV

Acts 27 in the BOKCV2

Acts 27 in the BOKHWOG

Acts 27 in the BOKSSV

Acts 27 in the BOLCB

Acts 27 in the BOLCB2

Acts 27 in the BOMCV

Acts 27 in the BONAV

Acts 27 in the BONCB

Acts 27 in the BONLT

Acts 27 in the BONUT2

Acts 27 in the BOPLNT

Acts 27 in the BOSCB

Acts 27 in the BOSNC

Acts 27 in the BOVCB

Acts 27 in the BOYCB

Acts 27 in the BPBB

Acts 27 in the BPH

Acts 27 in the BSB

Acts 27 in the CCB

Acts 27 in the CUV

Acts 27 in the CUVS

Acts 27 in the DBT

Acts 27 in the DGDNT

Acts 27 in the DHNT

Acts 27 in the DNT

Acts 27 in the ELBE

Acts 27 in the EMTV

Acts 27 in the ESV

Acts 27 in the FBV

Acts 27 in the FEB

Acts 27 in the GGMNT

Acts 27 in the GNT

Acts 27 in the HARY

Acts 27 in the HNT

Acts 27 in the IRVA

Acts 27 in the IRVB

Acts 27 in the IRVG

Acts 27 in the IRVH

Acts 27 in the IRVK

Acts 27 in the IRVM

Acts 27 in the IRVM2

Acts 27 in the IRVO

Acts 27 in the IRVP

Acts 27 in the IRVT

Acts 27 in the IRVT2

Acts 27 in the IRVU

Acts 27 in the ISVN

Acts 27 in the JSNT

Acts 27 in the KAPI

Acts 27 in the KBT1ETNIK

Acts 27 in the KBV

Acts 27 in the KJV

Acts 27 in the KNFD

Acts 27 in the LBA

Acts 27 in the LBLA

Acts 27 in the LNT

Acts 27 in the LSV

Acts 27 in the MAAL

Acts 27 in the MBV

Acts 27 in the MBV2

Acts 27 in the MHNT

Acts 27 in the MKNFD

Acts 27 in the MNG

Acts 27 in the MNT

Acts 27 in the MNT2

Acts 27 in the MRS1T

Acts 27 in the NAA

Acts 27 in the NASB

Acts 27 in the NBLA

Acts 27 in the NBS

Acts 27 in the NBVTP

Acts 27 in the NET2

Acts 27 in the NIV11

Acts 27 in the NNT

Acts 27 in the NNT2

Acts 27 in the NNT3

Acts 27 in the PDDPT

Acts 27 in the PFNT

Acts 27 in the RMNT

Acts 27 in the SBIAS

Acts 27 in the SBIBS

Acts 27 in the SBIBS2

Acts 27 in the SBICS

Acts 27 in the SBIDS

Acts 27 in the SBIGS

Acts 27 in the SBIHS

Acts 27 in the SBIIS

Acts 27 in the SBIIS2

Acts 27 in the SBIIS3

Acts 27 in the SBIKS

Acts 27 in the SBIKS2

Acts 27 in the SBIMS

Acts 27 in the SBIOS

Acts 27 in the SBIPS

Acts 27 in the SBISS

Acts 27 in the SBITS

Acts 27 in the SBITS2

Acts 27 in the SBITS3

Acts 27 in the SBITS4

Acts 27 in the SBIUS

Acts 27 in the SBIVS

Acts 27 in the SBT

Acts 27 in the SBT1E

Acts 27 in the SCHL

Acts 27 in the SNT

Acts 27 in the SUSU

Acts 27 in the SUSU2

Acts 27 in the SYNO

Acts 27 in the TBIAOTANT

Acts 27 in the TBT1E

Acts 27 in the TBT1E2

Acts 27 in the TFTIP

Acts 27 in the TFTU

Acts 27 in the TGNTATF3T

Acts 27 in the THAI

Acts 27 in the TNFD

Acts 27 in the TNT

Acts 27 in the TNTIK

Acts 27 in the TNTIL

Acts 27 in the TNTIN

Acts 27 in the TNTIP

Acts 27 in the TNTIZ

Acts 27 in the TOMA

Acts 27 in the TTENT

Acts 27 in the UBG

Acts 27 in the UGV

Acts 27 in the UGV2

Acts 27 in the UGV3

Acts 27 in the VBL

Acts 27 in the VDCC

Acts 27 in the YALU

Acts 27 in the YAPE

Acts 27 in the YBVTP

Acts 27 in the ZBP