Acts 9 (BOTLNT)

1 Mme Saulo, ka go tshosa ka bogale jwa go nyeletsa Mokeresete mongwe le mongwe, o ne a ya kwa Moperesiting yo mogolo kwa Jerusalema. 2 O ne a kopa lokwalo lo lo kwaletsweng diphuthego kwa Damaseko, a kopa thuso ya go bogisa badumedi ba o tlaa ba bonang teng, banna le basadi gore a tle a ba lere kwa Jerusalema ba golegilwe. 3 Mme mo loetong lo, ya re a atamela Damaseko ka tshoganetso lesedi le le galalelang thata la mo phatsimela le tswa legodimong! 4 O ne a wela fa fatshe mme a utlwa lentswe le re, “Saulo! Saulo! o mpogisetsang?” 5 Mme ene a re, “O mang Morena?” Jalo lentswe la fetola la re, “Ke Jesu yo o mmogisang! 6 Jaanong tsoga o tsene mo motseng mme o letele ditaelo tsa me.” 7 Mme banna ba ba neng ba na le Saulo ba ema ba tuulala ka kgakgamalo, gonne ba ne ba utlwa lentswe la mongwe mme ba sa mmone! 8 8-9 Mme erile fa Saulo a tsoga fa fatshe a bo a sa bone. O ne a tshwanelwa ke go gogelwa kwa Damaseko kwa o neng a nna teng malatsi a mararo, a sa bone, a sa je, a sa nwe ka nako eo yotlhe. 10 Mme mo Damaseko go ne go na le morutwa, ebong Ananiase. Modimo o ne wa bua nae mo ponatshegelong wa re, “Ananiase!” Mme a re, “Morena”! 11 Mme Morena a re, “Tsamaya o ye kwa mmileng o go tweng Tolamo o batle ntlo ya monna yo o bidiwang Judase mme o botse gore Saulo wa Tareso o kae. O a rapela gone jaanong, gonne 12 ke mmontshitse ponatshegelo ya monna yo o bidiwang Ananiase a tla go baya diatla tsa gagwe mo go ene gore a foufologe gape!” 13 Mme Ananiase a re, “Morena, ke utlwile kaga dilo tse di sa siamang tse monna yo o di dirileng mo badumeding kwa Jerusalema! 14 Gape re utlwa gore o tshotse tetlelelo ya go tshwara e e tswang kwa baperesiting ba bagolo go mo fa thata ya go tshwara modumedi mongwe le mongwe mo Damaseko!” 15 Mme Morena a re, “Tsamaya o dire se ke se buang. Gonne Saulo ke sejana same se se tlhaotsweng go isa molaetsa wame mo go Badichaba le mo dikgosing tsa bone, le mo bathong ba Iseraele. 16 Mme ke tlaa mo supegetsa gore o tshwanetse go mpogela go le kae.” 17 Mme Ananiase a tsamaya a bona Saulo a bo a mmaya diatla a re, “Mokaulengwe Saulo, Morena Jesu yo o neng a go ipontsha mo tseleng, o nthomile gore o tle o tladiwe ka Mowa O O Boitshepo le gore o foufologe.” 18 Ya re gone fela foo (ya ne ekete go wa dikgapetlana mo matlhong a ga Saulo) a foufologa, mme ka bonako a kolobediwa. 19 Mme a ja mme a nonofa. O ne a nna le badumedi mo Damaseko malatsinyana, 20 mme erile gone fela foo a ya kwa tlung ya thuto go bolelela mongwe le mongwe Mafoko a a Molemo kaga Jesu, gore tota ke Morwa Modimo! 21 Botlhe ba ba neng ba mo utlwa ba ne ba hakgamala. Ba ne ba botsa ba re, “A monna yo ga se ene yo o neng a bogisa thata balatedi ba ga Jesu kwa Jerusalema? Mme re utlwa gore o tletse fano go tla go ba tshwara botlhe mme a ba golega go ba isa kwa baperesiting ba bagolo.” 22 Saulo o ne a nna tlhaga thata mo therong ya gagwe, mme Bajuta ba Damaseko ba ne ba sa kgone go emela ditshupo tsa gagwe gore Jesu tota e ne e le Keresete. 23 Moragonyana, baeteledipele ba Sejuta ba ikaelela go mmolaya. 24 Mme o ne a bolelelwa kaga maikaelelo a bone, gore ba ne ba tlhokometse dikgoro tsa motse bosigo le motshegare ba ipaakanyeditse go mmolaya. 25 Mme erile bosigo bangwe ba o ba sokolotseng ba mo falotsha ka kgorwana mo loboteng lwa motse a le mo serotong. 26 Erile fa a goroga kwa Jerusalema a leka go kopana le badumedi, mme ba ne ba mo tshaba. Ba ne ba gopola gore o itira yo o dumelang! 27 Jalo Barenabase a mo tlisa mo baaposetoloing mme a ba bolelela ka fa Saulo a ileng a bona Morena ka teng mo tseleng a ya Damaseko, le se Morena o neng a se bua nae, le ka thero ya gagwe e e nonofileng ka leina la ga Jesu kwa Damaseko. 28 Mme ba mo amogela, mme morago ga moo o ne a nna le badumedi ka nako tsotlhe, 29 mme a rera ka bopelokgale mo leineng la Morena. Mme Bajuta bangwe ba ba neng ba bua Segerika ba o kileng a ganetsana nabo ba loga leano la go mmolaya. 30 Le fa go ntse jalo, erile badumedi ba bangwe ba utlwa diphatsa tse a leng mo go tsone, ba mo isa kwa Kaesarea mme ya re morago ga moo ba mo isa kwa ga gabo kwa Tareso. 31 Erile ka lobaka lo, phuthego e ne e le mo kagisong mo ntlheng tsotlhe tsa Judea, Galalea le Samaria, mme tsa gola mo nonofong le mo palong. Badumedi ba ithuta go tsamaya ba boifa Morena mo kgomotsong ya Mowa O O Boitshepo. 32 Petere o ne a tsamaya mafelo a a farologanyeng go ba etela, o ne a etela le badumedi ba ba kwa motseng wa Lida. 33 Teng koo, a kopana le monna yo o neng a bidiwa Aenease, yo o neng a gateletswe ke bolwetse a bile a sa kgone go tsoga mo bolaong ka dingwaga di roba bobedi. 34 Mme Petere a mo raya a re, “Aenease! Jesu Keresete o go fodisitse! Tsoga o baakanye bolao jwa gago.” Mme erile fela gone foo a fodisiwa. 35 Mme batho botlhe ba Lida le ba Sharona ba sokologela mo Moreneng fa ba bona Aenease a tsamaya. 36 Mo motseng wa Jopa go ne go na le mosadi a bidiwa Dorokase, (le fa e le Tshephe) modumedi yo o neng a tshela a direla ba bangwe bo-molemo, bogolo jang batlhoki. 37 Ka nako eo o ne a lwala mme a swa. Ditsala tsa gagwe tsa mmaakanyetsa phitlho mme tsa mo robatsa mo ntlwaneng e e kwa godimo. 38 Mme erile fa ba utlwa fa Petere a le gaufi mo Lida, ba roma banna ba le babedi go kopa go boela le bone kwa Jopa. 39 Mme o ne a dira jalo, erile fela fa a goroga, ba mo tseela kwa ntlwaneng ee kwa go-dimo kwa Dorokase o neng a beilwe teng. Ntlo e ne e tletse batlholagadi ba ba lelang ba ba neng ba bontshana diaparo tse Dorokase o di ba diretseng. 40 Mme Petere a ba kopa gore botlhe ba tswele kwa ntle; jalo a khubama a rapela. Erile a retologela kwa setopong a re, “Tsoga Dorokase,” mme a bula matlho! Ya re a bona Petere a tsoga! 41 A mo naya letsogo a mo thusa go tsoga mme a biletsa badumedi botlhe le batlholagadi mo teng, a ba mo neela! 42 Dikgang tsa anama le motse, mme ba le bantsi, ba dumela mo Moreneng. 43 Mme Petere a nna lobaka lo loleele mo Jopa, a nna le Simone, wa mosuga matlalo.

In Other Versions

Acts 9 in the ANGEFD

Acts 9 in the ANTPNG2D

Acts 9 in the AS21

Acts 9 in the BAGH

Acts 9 in the BBPNG

Acts 9 in the BBT1E

Acts 9 in the BDS

Acts 9 in the BEV

Acts 9 in the BHAD

Acts 9 in the BIB

Acts 9 in the BLPT

Acts 9 in the BNT

Acts 9 in the BNTABOOT

Acts 9 in the BNTLV

Acts 9 in the BOATCB

Acts 9 in the BOATCB2

Acts 9 in the BOBCV

Acts 9 in the BOCNT

Acts 9 in the BOECS

Acts 9 in the BOGWICC

Acts 9 in the BOHCB

Acts 9 in the BOHCV

Acts 9 in the BOHLNT

Acts 9 in the BOHNTLTAL

Acts 9 in the BOICB

Acts 9 in the BOILNTAP

Acts 9 in the BOITCV

Acts 9 in the BOKCV

Acts 9 in the BOKCV2

Acts 9 in the BOKHWOG

Acts 9 in the BOKSSV

Acts 9 in the BOLCB

Acts 9 in the BOLCB2

Acts 9 in the BOMCV

Acts 9 in the BONAV

Acts 9 in the BONCB

Acts 9 in the BONLT

Acts 9 in the BONUT2

Acts 9 in the BOPLNT

Acts 9 in the BOSCB

Acts 9 in the BOSNC

Acts 9 in the BOVCB

Acts 9 in the BOYCB

Acts 9 in the BPBB

Acts 9 in the BPH

Acts 9 in the BSB

Acts 9 in the CCB

Acts 9 in the CUV

Acts 9 in the CUVS

Acts 9 in the DBT

Acts 9 in the DGDNT

Acts 9 in the DHNT

Acts 9 in the DNT

Acts 9 in the ELBE

Acts 9 in the EMTV

Acts 9 in the ESV

Acts 9 in the FBV

Acts 9 in the FEB

Acts 9 in the GGMNT

Acts 9 in the GNT

Acts 9 in the HARY

Acts 9 in the HNT

Acts 9 in the IRVA

Acts 9 in the IRVB

Acts 9 in the IRVG

Acts 9 in the IRVH

Acts 9 in the IRVK

Acts 9 in the IRVM

Acts 9 in the IRVM2

Acts 9 in the IRVO

Acts 9 in the IRVP

Acts 9 in the IRVT

Acts 9 in the IRVT2

Acts 9 in the IRVU

Acts 9 in the ISVN

Acts 9 in the JSNT

Acts 9 in the KAPI

Acts 9 in the KBT1ETNIK

Acts 9 in the KBV

Acts 9 in the KJV

Acts 9 in the KNFD

Acts 9 in the LBA

Acts 9 in the LBLA

Acts 9 in the LNT

Acts 9 in the LSV

Acts 9 in the MAAL

Acts 9 in the MBV

Acts 9 in the MBV2

Acts 9 in the MHNT

Acts 9 in the MKNFD

Acts 9 in the MNG

Acts 9 in the MNT

Acts 9 in the MNT2

Acts 9 in the MRS1T

Acts 9 in the NAA

Acts 9 in the NASB

Acts 9 in the NBLA

Acts 9 in the NBS

Acts 9 in the NBVTP

Acts 9 in the NET2

Acts 9 in the NIV11

Acts 9 in the NNT

Acts 9 in the NNT2

Acts 9 in the NNT3

Acts 9 in the PDDPT

Acts 9 in the PFNT

Acts 9 in the RMNT

Acts 9 in the SBIAS

Acts 9 in the SBIBS

Acts 9 in the SBIBS2

Acts 9 in the SBICS

Acts 9 in the SBIDS

Acts 9 in the SBIGS

Acts 9 in the SBIHS

Acts 9 in the SBIIS

Acts 9 in the SBIIS2

Acts 9 in the SBIIS3

Acts 9 in the SBIKS

Acts 9 in the SBIKS2

Acts 9 in the SBIMS

Acts 9 in the SBIOS

Acts 9 in the SBIPS

Acts 9 in the SBISS

Acts 9 in the SBITS

Acts 9 in the SBITS2

Acts 9 in the SBITS3

Acts 9 in the SBITS4

Acts 9 in the SBIUS

Acts 9 in the SBIVS

Acts 9 in the SBT

Acts 9 in the SBT1E

Acts 9 in the SCHL

Acts 9 in the SNT

Acts 9 in the SUSU

Acts 9 in the SUSU2

Acts 9 in the SYNO

Acts 9 in the TBIAOTANT

Acts 9 in the TBT1E

Acts 9 in the TBT1E2

Acts 9 in the TFTIP

Acts 9 in the TFTU

Acts 9 in the TGNTATF3T

Acts 9 in the THAI

Acts 9 in the TNFD

Acts 9 in the TNT

Acts 9 in the TNTIK

Acts 9 in the TNTIL

Acts 9 in the TNTIN

Acts 9 in the TNTIP

Acts 9 in the TNTIZ

Acts 9 in the TOMA

Acts 9 in the TTENT

Acts 9 in the UBG

Acts 9 in the UGV

Acts 9 in the UGV2

Acts 9 in the UGV3

Acts 9 in the VBL

Acts 9 in the VDCC

Acts 9 in the YALU

Acts 9 in the YAPE

Acts 9 in the YBVTP

Acts 9 in the ZBP