Ephesians 6 (BOTLNT)
1 Bana, utlwang batsadi ba lona; se ke selo se se siameng go dirwa gonne Modimo o ba neile taolo ya go lo laola. 2 Tlotla rrago le mmaago. O ke molao wa ntlha wa Modimo wa melao o o felelang ka tsholofetso. 3 Mme tsholofetso ke e: Gore fa o tlotla rrago le mmago; o tlaa nna le botshelo jo bo leele, jo bo tletseng masego. 4 Mme jaanong ke raya batsadi ba bana ke re: Se ntse lo kgadiepetsa bana ba lona lo ba omanyetsa ruri, lo ba galefisa lo ba kgopisa. Go na le go dira jalo, ba godiseng ka go ba tshola ka lorato lo Morena a lo dumelang, lo ba gakolola ka poifo Modimo. 5 Batlhanka, ikobeleng beng ba lona; tlhwaafalelang go ba direla ka bonatla jotlhe jwa lona. Ba direleng fela jaaka lo ne lo ka direla Keresete. 6 6-7 Se direng thata fela fa Mongwa lona a lo lebeletse mme lwa nnela go tshameka fa a sa lo lebelela; dirang thata ka boitumelo nako yotlhe, jaaka lo ka bo lo direla Keresete, lo dira go rata ga Modimo ka dipelo tsa lona tsotlhe. 8 Gakologelwang gore, Morena o tlaa lo duelela go dira sengwe le sengwe se se molemo, a lo ka bo lo le batlhanka kgotsa lo se bone. 9 Mme le lona beng ba batlhanka lo tshwanetse go tshwara batlhanka ba lona sentle, fela jaaka ke ba reile ka re ba lo ikobele. Se ntse lo ba bopela; gakologelwang gore lona ka bo lona lo batlhanka mo go Keresete; lo na le Morena yo ba nang nae, mme ga a rate bape go gaisa ba bangwe. 10 Lwa bofelo, ke batla go lo gakolola gore nonofo ya lona e tshwanetse go tswa mo nonofong e kgolo ya Morena e e mo go lona. 11 Aparang diaparo tsa phemelo tsotlhe tsa Modimo gore lo tle lo kgone go iphemela mo maanong otlhe le boferefere jwa ga Satane. 12 Gonne ga re lwe le batho ba ba dirilweng ka nama le madi, mme re lwa le batho ba ba senang mebele, babusi ba ba bosula ba lefatshe le le sa bonweng ka matlho, dibopiwa tse di nonofileng tsa bo-Satane le magosana a magolo a a bosula a lefifi a a busang lefatshe leno, le mewa e mentsi e e bosula mo lefatsheng le le sa itsegeng. 13 Jalo dirisang sengwe le sengwe sa seaparo sa Modimo sa phemelo go tlhabantsha mmaba fa a tlhasela, mme fa ntwa e sena go fela, lo tlaa bo lo santse lo eme. 14 Mme go dira jaana, lo tlaa tlhoka moitlamo wa lotheka o o thata wa boammaaruri le thebe ya sehuba ya tumelo ya Modimo. 15 Rwalang ditlhako tse di tlaa dirang gore lo dire ka bofefo fa lo rera Mafoko a a Molemo a kagiso le Modimo. 16 Mo ntweng nngwe le nngwe lo tlaa tlhoka tumelo go nna thebe ya lona go kganela metswi e e bogale e lo e lebagantsweng ke Satane. 17 Gape lo tlaa tlhoka tlhoro ya phemelo ya poloko le chaka ya Mowa e e leng Lefoko la Modimo. 18 Rapelang ka metlha yotlhe. Kopang Modimo sengwe fela ka fa dikeletsong tsa Mowa O O Boitshepo. O kopeng, lo o gakolola ka se lo se tlhokang, mme lo bo lo nne lo rapelele Bakeresete botlhe gongwe le gongwe ka tlhwaafalo. 19 Nthapelelang le nna, lo bo lo kope Modimo go nnaya mafoko a a ntshwanetseng fa ke bolelela ba bangwe ka bopelokgale kaga Morena, le fa ke ba tlhalosetsa, gore poloko ya gagwe ke ya rona le Badichaba. 20 Jaanong ke golegilwe ka ntlha ya go rera molaetsa o o tswang kwa Modimong. Mme rapelang gore ke tle ke nne ke tswelele go o buelela ka bopelokgale le mo kgolegelong, jaaka ke tshwanetse. 21 Tukiko, yo e leng mokaulengwe yo a rategang thata a bile a le mothusi yo o ikanyegang mo tirong ya Morena, o tlaa lo bolelela gotlhe mabapi le ka fa ke tswelelang ka teng. 22 Ke mo roma kwa go lona ka maikaelelo a, go lo itsise ka fa re tsogileng ka teng le gore lo bo lo kgothadiwe ke molaetsa o a o lo leretseng. 23 A Modimo o lo neye kagiso, bakaulengwe ba me mo go Keresete, le lorato ka tumelo e e tswang kwa go Modimo Rara le Morena Jesu Keresete. 24 A tshegofatso le masego a Modimo a nne le botlhe ba ba ratang Morena wa rona Jesu Keresete ka boammaaruri.
In Other Versions
Ephesians 6 in the ANGEFD
Ephesians 6 in the ANTPNG2D
Ephesians 6 in the AS21
Ephesians 6 in the BAGH
Ephesians 6 in the BBPNG
Ephesians 6 in the BBT1E
Ephesians 6 in the BDS
Ephesians 6 in the BEV
Ephesians 6 in the BHAD
Ephesians 6 in the BIB
Ephesians 6 in the BLPT
Ephesians 6 in the BNT
Ephesians 6 in the BNTABOOT
Ephesians 6 in the BNTLV
Ephesians 6 in the BOATCB
Ephesians 6 in the BOATCB2
Ephesians 6 in the BOBCV
Ephesians 6 in the BOCNT
Ephesians 6 in the BOECS
Ephesians 6 in the BOGWICC
Ephesians 6 in the BOHCB
Ephesians 6 in the BOHCV
Ephesians 6 in the BOHLNT
Ephesians 6 in the BOHNTLTAL
Ephesians 6 in the BOICB
Ephesians 6 in the BOILNTAP
Ephesians 6 in the BOITCV
Ephesians 6 in the BOKCV
Ephesians 6 in the BOKCV2
Ephesians 6 in the BOKHWOG
Ephesians 6 in the BOKSSV
Ephesians 6 in the BOLCB
Ephesians 6 in the BOLCB2
Ephesians 6 in the BOMCV
Ephesians 6 in the BONAV
Ephesians 6 in the BONCB
Ephesians 6 in the BONLT
Ephesians 6 in the BONUT2
Ephesians 6 in the BOPLNT
Ephesians 6 in the BOSCB
Ephesians 6 in the BOSNC
Ephesians 6 in the BOVCB
Ephesians 6 in the BOYCB
Ephesians 6 in the BPBB
Ephesians 6 in the BPH
Ephesians 6 in the BSB
Ephesians 6 in the CCB
Ephesians 6 in the CUV
Ephesians 6 in the CUVS
Ephesians 6 in the DBT
Ephesians 6 in the DGDNT
Ephesians 6 in the DHNT
Ephesians 6 in the DNT
Ephesians 6 in the ELBE
Ephesians 6 in the EMTV
Ephesians 6 in the ESV
Ephesians 6 in the FBV
Ephesians 6 in the FEB
Ephesians 6 in the GGMNT
Ephesians 6 in the GNT
Ephesians 6 in the HARY
Ephesians 6 in the HNT
Ephesians 6 in the IRVA
Ephesians 6 in the IRVB
Ephesians 6 in the IRVG
Ephesians 6 in the IRVH
Ephesians 6 in the IRVK
Ephesians 6 in the IRVM
Ephesians 6 in the IRVM2
Ephesians 6 in the IRVO
Ephesians 6 in the IRVP
Ephesians 6 in the IRVT
Ephesians 6 in the IRVT2
Ephesians 6 in the IRVU
Ephesians 6 in the ISVN
Ephesians 6 in the JSNT
Ephesians 6 in the KAPI
Ephesians 6 in the KBT1ETNIK
Ephesians 6 in the KBV
Ephesians 6 in the KJV
Ephesians 6 in the KNFD
Ephesians 6 in the LBA
Ephesians 6 in the LBLA
Ephesians 6 in the LNT
Ephesians 6 in the LSV
Ephesians 6 in the MAAL
Ephesians 6 in the MBV
Ephesians 6 in the MBV2
Ephesians 6 in the MHNT
Ephesians 6 in the MKNFD
Ephesians 6 in the MNG
Ephesians 6 in the MNT
Ephesians 6 in the MNT2
Ephesians 6 in the MRS1T
Ephesians 6 in the NAA
Ephesians 6 in the NASB
Ephesians 6 in the NBLA
Ephesians 6 in the NBS
Ephesians 6 in the NBVTP
Ephesians 6 in the NET2
Ephesians 6 in the NIV11
Ephesians 6 in the NNT
Ephesians 6 in the NNT2
Ephesians 6 in the NNT3
Ephesians 6 in the PDDPT
Ephesians 6 in the PFNT
Ephesians 6 in the RMNT
Ephesians 6 in the SBIAS
Ephesians 6 in the SBIBS
Ephesians 6 in the SBIBS2
Ephesians 6 in the SBICS
Ephesians 6 in the SBIDS
Ephesians 6 in the SBIGS
Ephesians 6 in the SBIHS
Ephesians 6 in the SBIIS
Ephesians 6 in the SBIIS2
Ephesians 6 in the SBIIS3
Ephesians 6 in the SBIKS
Ephesians 6 in the SBIKS2
Ephesians 6 in the SBIMS
Ephesians 6 in the SBIOS
Ephesians 6 in the SBIPS
Ephesians 6 in the SBISS
Ephesians 6 in the SBITS
Ephesians 6 in the SBITS2
Ephesians 6 in the SBITS3
Ephesians 6 in the SBITS4
Ephesians 6 in the SBIUS
Ephesians 6 in the SBIVS
Ephesians 6 in the SBT
Ephesians 6 in the SBT1E
Ephesians 6 in the SCHL
Ephesians 6 in the SNT
Ephesians 6 in the SUSU
Ephesians 6 in the SUSU2
Ephesians 6 in the SYNO
Ephesians 6 in the TBIAOTANT
Ephesians 6 in the TBT1E
Ephesians 6 in the TBT1E2
Ephesians 6 in the TFTIP
Ephesians 6 in the TFTU
Ephesians 6 in the TGNTATF3T
Ephesians 6 in the THAI
Ephesians 6 in the TNFD
Ephesians 6 in the TNT
Ephesians 6 in the TNTIK
Ephesians 6 in the TNTIL
Ephesians 6 in the TNTIN
Ephesians 6 in the TNTIP
Ephesians 6 in the TNTIZ
Ephesians 6 in the TOMA
Ephesians 6 in the TTENT
Ephesians 6 in the UBG
Ephesians 6 in the UGV
Ephesians 6 in the UGV2
Ephesians 6 in the UGV3
Ephesians 6 in the VBL
Ephesians 6 in the VDCC
Ephesians 6 in the YALU
Ephesians 6 in the YAPE
Ephesians 6 in the YBVTP
Ephesians 6 in the ZBP