John 8 (BOTLNT)

1 Mme Jesu a boela kwa Thabeng ya lotlhware, 2 mme ya re phakela mo mosong o o latelang a bo a le mo Tempeleng gape. Mme bontsintsi jwa simolola go kokoana, mme a nna fa fatshe a bua nabo. 3 Ya re a santse a bua, baeteledipele ba Sejuta le Bafarasai ba lere mosadi yo o tshwerweng mo boakeng ba mmaya fa pele ga bontsintsi jwa batho jo bo lebeletseng. 4 Ba raya Jesu ba re, “Moruti, mosadi yo o tshwerwe fela a santse a dira boaka. 5 Molao wa ga Moshe wa re a bolawe. Wa reng ka ga gone?” 6 Ba ne ba leka go mmeela seru sa gore a bue sengwe se ba tlaa mmonang molato ka sone, mme Jesu a inama a kwala mo mmung ka monwana wa gagwe. 7 Ba tswelela pele ba batla karabo mo go Jesu, jalo a inamologa a ba raya a re, “Go siame, mo kgobotleng ka matlapa go fitlhela a swa. Mme le gale a konopiwe lwa ntlha ke yo a iseng a ke a leofe.” 8 Mme a inama a kwala gape mo mmung. 9 Mme baeteledipele ba Sejuta ba ngwangwaela ka bongwe ka bongwe go simolola ka yo mogolo mo go bone go fitlhelela Jesu le mosadi ba sala ba le bosi fa pele ga bontsintsi jwa batho. 10 Mme Jesu a inamologa gape mme a mo raya a re, “Ba ba go bayang molato ba kae? A le fa e le ope wa bone ga aa go sekisa?” 11 Mme mosadi a fetola a re, “Nnyaa rra.” Mme Jesu a mo raya a re, “Le nna ga ke go sekise. Tsamaya mme o seka wa tlhola o leofa.” 12 Mme erile morago, mo go nngwe ya dithero tsa gagwe, Jesu a raya batho a re, “Ke lesedi la lefatshe. Jalo fa lo ntshala moragao, ga lo na go kgotswa mo lefifing, gonne lesedi le le tshelang le tlaa bonesa tsela ya lona.” 13 Mme Bafarasai ba mo fetola ba re, “O a ikgantsha ebile o bua maaka!” 14 Jesu a ba raya a re, “Ditshupo tse di boammaaruri le fa ke di bua di raya nna. Gonne ke itse kwa ke tswang teng le kwa ke go yang, mme ga lo itse kwa ke go tswang le kwa ke go yang. 15 Lo nkatlhola lo sena mabaka a a utlwalang. Nna ga ke lo atlhole jaanong jaana, 16 mme fa ke ne nka lo atlhola, e ne e tlaa bo e le katlholo ya boammaaruri gotlhelele, gonne ke na le Rara yo o nthomileng. 17 Melao ya lona ya re fa batho ba le babedi ba dumalana mo go sengwe se se diragetseng, bosupi jwa bone bo amogelwa e le boammaaruri. 18 Mme he, Nna ke mosupi yo mongwe le Rre yo o nthomileng ke mosupi yo mongwe.” 19 Mme bone ba botsa Jesu ba re, “Rrago o kae?” Jesu a ba araba a re, “Ga lo nkitse gore ke mang, jalo he, ga lo itse gore Rre ke mang. Fa lo no lo nkitsile, hong le ene lo ka bo lo mo itsele.” 20 Jesu o ne a bua mafoko a a sa ntse a le mo lefelong la Tempele le le bidiwang Ntlo ya Dikhumo. Mme ga a ka a tshwarwa, gonne e ne e ise e nne lobaka lwa gagwe. 21 Kwa morago a ba raya a re, “Ke a tsamaya; mme lo tlaa mpatla, mme lo tlaa swela mo dibeng tsa lona. Mme ga lo ka ke lwa tla kwa ke yang teng.” 22 Bajuta ba botsa ba re, “A o ikaelela go ipolaya? O raya eng fa a re, ‘Ga lo ka ke lwa tla kwa ke yang teng’?” 23 Mme a ba raya a re, “Lo tswa kwa tlase; ke tswa kwa godimo. Lo ba lefatshe leno; nna ga ke wa lona. 24 Ke sone se ke neng ke re lo tlaa swela mo dibeng tsa lona; gonne fa lo sa dumele gore Ke Mesia, Morwa Modimo, lo tlaa swela mo dibeng tsa lona.” 25 Ba batla go itse, “Re bolelele gore o mang.” A fetola a re, “Ke yo o agang a lo ipolelela malatsi otlhe. 26 Ke ne ke ka lo sekisetsa dilo di le dintsi ka ba ka lo ruta di le dintsi, mme ga ke na go dira jalo, gonne ke bua fela se ke se boleletsweng ke yo o nthomileng; yo o boammaaruri.” 27 Mme ba nna ba tlhoka go tlhaloganya gore o ne a bua le bone ka ga Modimo. 28 Mme Jesu a re, “E tlaa re lo sena go bolaya Morwa Motho, lo tlaa lemoga gore ke nna tota le gore ke ntse ke sa lo bolelele se ke se intshetsang fela mo tlhaloganyong ya me, mme ke ne ke bua se Rara o se nthutileng. 29 Mme yo o nthomileng o na le nna, ga a a ntatlha, gonne ke aga ke dira dilo tse di mo itumedisang.” 30 30-31 Mme baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ba mo utlwileng a bua dilo tse ba simolola go mo dumela fa e le Mesia. Jesu a ba raya a re, “Lo barutwa ba me ba boammaaruri fa lo tshela ka fa ke lo bolelelang ka teng, 32 mme lo tlaa itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tlaa lo golola.” 33 Mme ba re, “Mme re losika lwa ga Aberahame, ga re ise re ke re nne makgoba a ga ope mo lefatsheng! O raya eng fa o re ‘boammaaruri bo tlaa lo golola’?” 34 Mme Jesu a ba raya a re, “Lo makgoba a sebe, mongwe le mogwe wa lona. 35 Mme makgoba ga a na ditshwanelo, mme Morwa o na le tshwanelo nngwe le nngwe, e e teng! 36 Jalo fa Morwa a lo golola, lo tlaa gololesega tota. 37 (Ee, ke lemoga gore lo losika lwa ga Aberahame!) Mme le fa go ntse jalo bangwe ba lona ba leka go mpolaya gonne molaetsa wa me ga o bone boikhutso mo dipelong tsa bone. 38 Ke lo bolelela se ke se bonyeng fa ke na le Rre. Mme lona lo diragatsa kgakololo ya ga rraa-lona.” 39 Ba re, “Rraa-rona ke Aberahame,” mme Jesu a fetola a re, “Nnyaa! Fa e ne e le ene, lo ka bo lo tshwana nae. 40 Mme mo boemong jwa gore lo tshwane nae lo leka go mpolaya, ka ntlha ya go bo ke lo boleletse boammaaruri jo ke bo utlwileng kwa Modimong. Aberahame o ne o ka seka a dira selo se se ntseng jalo! 41 Nnyaa! Lo obamela rraa-lona tota fa lo dira jalo.” Ba fetola ba re, “Ga re a tsalelwa mo dikgoreng, rraa-rona wa boammaaruri ke Modimo o le osi.” 42 Mme Jesu a ba raya a re, “Fa go ne go ntse jalo, lo ka bo lo nthata, gonne ke tsile kwa go lona ke tswa kwa Modimong. Ga ke fano ka go rata ga me, ke ene o nthomileng. 43 Ke eng fa lo sa kgone go tlhaloganya se ke se buang? Ke ka ntlha ya gore lo kganelwa go dira jalo! 44 Gonne lo bana ba ga rraa-lona ebong Diabolo, jalo he lo rata dilo tse di bosula tse a di dirang. Ene o sale a nna mmolai le mo tshimologong, le Moidi wa boammaaruri, ga go na le fa e le tlhase-nyana ya boammaaruri mo go ene. Fa a bua maaka, ke tlwaelo ya gagwe gonne ke Ramaaka. 45 Mme jalo fa ke bua boammaaruri, ga lo dumele ka ntlha ya ka fa lo tlholegileng ka teng! 46 “Ke ofe wa lona yo o ka mpayang molato wa sebe? [Ga gona ope!] Mme ka ke lo bolelela boammaaruri, ke eng fa lo sa ntumele? 47 Le fa e le mang yo e leng gore rraagwe ke Modimo o reetsa mafoko a Modimo ka boitumelo. Mme ka lo sa reetse, go supa fa lo se bana ba one.” 48 Mme baeteledipele ba Sejuta ba goa ba re, “Mosamarea ke wena! Motswakwa! Diabolo! A ga re a go bolelela ra re o tsenwe ke mowa o o maswe?” 49 Jesu a re, “Nnyaa, ga ke a tsenwa ke mowa o o maswe. Gonne ke tlotla Rre, mme nna ga lo ntlotle? 50 Mme le fa ke sa eletse go ikgodisa, Modimo o mpatlela selo se ebile o atlhola ba ba sa mpatleng. 51 Ka tlhomamiso yotlhe ke lo raya ke re, ga go na ope yo o ntheetsang yo o tlaa swang!” 52 Baeteledipele ba Sejuta ba mo raya ba re, “Jaanong re itse gore o tsenwe ke mowa o o maswe. Le Aberahame tota le baporofiti ba bagolo ba sule, mme wena wa re fa re go obamela ga re kitla re e swa! 53 Jalo he, a o mogolo mo go rraa-rona Aberahame yo o suleng? Gape a o mogolo mo baporofiting ba ba suleng? O ikgopola gore o eng.” 54 Hong Jesu a ba raya a re, “Fa e le gore ke a ikgodisa, ga go reye sepe. Mme Modimo ke Rre, mme lwa re Modimo ke wa lona, yo o buang dilo tse di galalelang tse ka ga me. 55 Mme le fa e le go mo itse ga lo mo itse. Nna ke a mo itse. Fa e le gore ke buile ka tsela nngwe, ke tlaa bo ke mo obamela ka botlalo. 56 Rraa-lona Aberahame o itumeletse go bona letsatsi la me. O ne a itse gore ke e tla mme a itumela.” 57 Mme baeteledipele ba Sejuta ba re, “Ga o ise o bo o nne dingwaga di le masome matlhano, tota ga o ise o ke o bone Aberahame!” 58 Mme Jesu a re, “Boammaaruri jotlhe ke gore ke ne ke sale ke tshedile pele ga Aberahame a tsalwa!” 59 Gone fela foo baeteledipele ba Sejuta ba sela matlapa go mmolaya. Mme a ba iphitlhela, a ba ralala a tswa mo Tempeleng.

In Other Versions

John 8 in the ANGEFD

John 8 in the ANTPNG2D

John 8 in the AS21

John 8 in the BAGH

John 8 in the BBPNG

John 8 in the BBT1E

John 8 in the BDS

John 8 in the BEV

John 8 in the BHAD

John 8 in the BIB

John 8 in the BLPT

John 8 in the BNT

John 8 in the BNTABOOT

John 8 in the BNTLV

John 8 in the BOATCB

John 8 in the BOATCB2

John 8 in the BOBCV

John 8 in the BOCNT

John 8 in the BOECS

John 8 in the BOGWICC

John 8 in the BOHCB

John 8 in the BOHCV

John 8 in the BOHLNT

John 8 in the BOHNTLTAL

John 8 in the BOICB

John 8 in the BOILNTAP

John 8 in the BOITCV

John 8 in the BOKCV

John 8 in the BOKCV2

John 8 in the BOKHWOG

John 8 in the BOKSSV

John 8 in the BOLCB

John 8 in the BOLCB2

John 8 in the BOMCV

John 8 in the BONAV

John 8 in the BONCB

John 8 in the BONLT

John 8 in the BONUT2

John 8 in the BOPLNT

John 8 in the BOSCB

John 8 in the BOSNC

John 8 in the BOVCB

John 8 in the BOYCB

John 8 in the BPBB

John 8 in the BPH

John 8 in the BSB

John 8 in the CCB

John 8 in the CUV

John 8 in the CUVS

John 8 in the DBT

John 8 in the DGDNT

John 8 in the DHNT

John 8 in the DNT

John 8 in the ELBE

John 8 in the EMTV

John 8 in the ESV

John 8 in the FBV

John 8 in the FEB

John 8 in the GGMNT

John 8 in the GNT

John 8 in the HARY

John 8 in the HNT

John 8 in the IRVA

John 8 in the IRVB

John 8 in the IRVG

John 8 in the IRVH

John 8 in the IRVK

John 8 in the IRVM

John 8 in the IRVM2

John 8 in the IRVO

John 8 in the IRVP

John 8 in the IRVT

John 8 in the IRVT2

John 8 in the IRVU

John 8 in the ISVN

John 8 in the JSNT

John 8 in the KAPI

John 8 in the KBT1ETNIK

John 8 in the KBV

John 8 in the KJV

John 8 in the KNFD

John 8 in the LBA

John 8 in the LBLA

John 8 in the LNT

John 8 in the LSV

John 8 in the MAAL

John 8 in the MBV

John 8 in the MBV2

John 8 in the MHNT

John 8 in the MKNFD

John 8 in the MNG

John 8 in the MNT

John 8 in the MNT2

John 8 in the MRS1T

John 8 in the NAA

John 8 in the NASB

John 8 in the NBLA

John 8 in the NBS

John 8 in the NBVTP

John 8 in the NET2

John 8 in the NIV11

John 8 in the NNT

John 8 in the NNT2

John 8 in the NNT3

John 8 in the PDDPT

John 8 in the PFNT

John 8 in the RMNT

John 8 in the SBIAS

John 8 in the SBIBS

John 8 in the SBIBS2

John 8 in the SBICS

John 8 in the SBIDS

John 8 in the SBIGS

John 8 in the SBIHS

John 8 in the SBIIS

John 8 in the SBIIS2

John 8 in the SBIIS3

John 8 in the SBIKS

John 8 in the SBIKS2

John 8 in the SBIMS

John 8 in the SBIOS

John 8 in the SBIPS

John 8 in the SBISS

John 8 in the SBITS

John 8 in the SBITS2

John 8 in the SBITS3

John 8 in the SBITS4

John 8 in the SBIUS

John 8 in the SBIVS

John 8 in the SBT

John 8 in the SBT1E

John 8 in the SCHL

John 8 in the SNT

John 8 in the SUSU

John 8 in the SUSU2

John 8 in the SYNO

John 8 in the TBIAOTANT

John 8 in the TBT1E

John 8 in the TBT1E2

John 8 in the TFTIP

John 8 in the TFTU

John 8 in the TGNTATF3T

John 8 in the THAI

John 8 in the TNFD

John 8 in the TNT

John 8 in the TNTIK

John 8 in the TNTIL

John 8 in the TNTIN

John 8 in the TNTIP

John 8 in the TNTIZ

John 8 in the TOMA

John 8 in the TTENT

John 8 in the UBG

John 8 in the UGV

John 8 in the UGV2

John 8 in the UGV3

John 8 in the VBL

John 8 in the VDCC

John 8 in the YALU

John 8 in the YAPE

John 8 in the YBVTP

John 8 in the ZBP