Luke 15 (BOTLNT)

1 Mme bakgethisi ba ba sa ikanyegeng le baleofi ba ne ba tla gantsi go reetsa dithero tsa ga Jesu, 2 mme mo ga tsosa dingongorego mo baeteledingpele ba tumelo ya Sejuta le bomaitseanape ba melao ya Sejuta ka gore o na a tsalane le baleofi ba ba ntseng jalo, ebile aa ja le bone! 3 3-4 Hong Jesu a dirisa setshwantsho se: “Fa o na le dinku di le lekgolo mme nngwe ya tsone ya bo e ya le naga, e timela a ga o ka ke wa tlogela tse di masome a ferabongwe le metso e fera bongwe wa latela e e timetseng go fitlhelela o e bona? 5 Mme o tlaa e baya mo magetleng o ya gae ka boitumelo. 6 Ere fa o goroga o phuthe ditsala tsa gago le ba o agileng nabo go itumela le wena ka gore o bonye nku e e neng e timetse. 7 “Go ntse fela jalo, legodimo le tlaa itumelela moleofi a le mongwe yo o sokologelang mo Modimong go na le ba ba masome a ferabongwe le metso e ferabongwe, ba ba neng ba sa timela! 8 “Setshwantsho se sengwe ke se: Mosadi o na le diselefera di le lesome tsa madi mme a bo a latlhegelwa ke e le nngwe. A ga a ka ke a tshuba lobone go sekaseka mo dihukung tsa ntlo le go feela mo dikgokgotshwaneng le mo diphatlheng go fitlhelela a e bona. 9 A mme ga a ka ke a bitsa ditsala tsa gagwe ba a agileng nabo go itumela nae? 10 Fela jalo go na le boitumelo fa pele ga baengele ba Modimo fa moleofi a le mongwe a sokologa.” Go tshwantsha ntlha e ka botlalo, a ba bolelela polelo e: 11 “Monna o ne a na le bomorwawe ba le babedi. 12 Ya re yo mmotlana a raya rraagwe a re, ‘Ke batla seabe sa boswa jwa gago gompieno, go na le go letela go fitlhelela o swa!’ Rraagwe a dumela go kgaoganyetsa bomorwawe ba babedi khumo ya gagwe. 13 “E rile morago ga malatsi a se kae morwawe yo mmotlana a phutha dilwana tsa gagwe a etela kwa lefatsheng le le kgakala, koo a feta a senya madi a gagwe mo medirong le mo boakeng. 14 Mme ya re mo lobakeng lo madi a gagwe a neng a fedile ka lone, leuba, le legolo la wela lefatshe, mme a simolola go bolawa ke tlala. 15 A tshwenya morui mongwe wa lefatshe leo gore a mo hire go otla dikolobe tsa gagwe. 16 Mosimane o ne a bolawa ke tlala mo a neng a bona le tsone dijo tsa dikolobe di mo siametse. Mme ga seka ga nna le ope yo o mo nayang sepe. 17 “E rile kwa morago a tlelwa ke tlhaloganyo, a ithaya a re, ‘Kana le bone tota banna ba ba hirilweng kwa gaetsho ba na le dijo tse di lekanyeng, di bo di sala, mme nna fano, ke bolawa ke tlala! 18 Ke tlaa ya gae kwa go rre ke re, “Rra, ke leofetse legodimo le wena.” 19 Mme ga ke tlhole ke tshwanetse go bidiwa morwao. Tswee-tswee mma ke nne modiredi wa gago.’ 20 “Jalo a boela gae kwa go rraagwe. Mme e rile a sa le kgakala, rraagwe a mmona a tla, mme a mo tlhomogela pelo ka lorato a taboga a mo tlamparela a bo a mo atla. 21 “Morwawe a mo raya a re, ‘Rra, ke leofetse legodimo le wena, mme ga ke na tshwanelo ya go bidiwa morwao—’ 22 Mme rraagwe a raya batlhanka a re, ‘Itlhaganeleng! Tlisang seaparo se se ntle mo tlung lo mo apese. Le mhitshana wa botlhokwa go o rwala mo monwaneng wa gagwe le ditlhako. 23 Mme lo bolaye kgongwana e e nonneng e re nang nayo mo sakeng. Re tshwanetse go dira mokete, 24 gonne morwaake yo, o ne a sule mme o rudile. O ne a timetse mme o bonywe!’ Hong modiro wa simologa. 25 “Ka nako eo, morwawe yo mo tona o ne a dira mo tshimong, erile fa a boela gae a utlwa moopelo wa mmino o tswa mo tlung; 26 mme a botsa mongwe wa batlhanka gore go diregang? 27 “A mo raya a re, ‘Monnao o buile mme rrago o bolaile kgongwana e e nonneng o baakantse modiro o mogolo wa go itumelela go boa ga gagwe a sa bolaisega gope’. 28 “Mogolowe a shakgala thata a bo a se ka a tsena mo teng. Rraagwe a tswela kwa ntle a mo rapela, 29 mme a fetola a re, ‘Mo dingwageng tse tsotlhe ke go diretse thata mme ga ke ise nke ke gane go dira sepe se o neng o re ke se dire; mme mo lobakeng loo lotlhe ga o ise o ke o nneye le fa e le potsane go dira modiro le ditsala tsa me. 30 Le fa go ntse jalo ngwana yo wa gago yo o boileng a sena go senya madi mo boakeng, o mo itumeletse ka go mo tlhabela kgongwana e e nonneng e re neng re na nayo mo sakeng’. 31 “Mme rraagwe a mo raya a re, ‘Bona morwaaka yo o rategang, wena le nna re atamalane thata, sengwe le sengwe se ke nang naso ke sa gago. 32 Mme go tshwanetse go dirwa modiro. Gonne ke monnao; yo o neng a sule mme o rudile, yo o neng a timetse mme o bonywe.’ ”

In Other Versions

Luke 15 in the ANGEFD

Luke 15 in the ANTPNG2D

Luke 15 in the AS21

Luke 15 in the BAGH

Luke 15 in the BBPNG

Luke 15 in the BBT1E

Luke 15 in the BDS

Luke 15 in the BEV

Luke 15 in the BHAD

Luke 15 in the BIB

Luke 15 in the BLPT

Luke 15 in the BNT

Luke 15 in the BNTABOOT

Luke 15 in the BNTLV

Luke 15 in the BOATCB

Luke 15 in the BOATCB2

Luke 15 in the BOBCV

Luke 15 in the BOCNT

Luke 15 in the BOECS

Luke 15 in the BOGWICC

Luke 15 in the BOHCB

Luke 15 in the BOHCV

Luke 15 in the BOHLNT

Luke 15 in the BOHNTLTAL

Luke 15 in the BOICB

Luke 15 in the BOILNTAP

Luke 15 in the BOITCV

Luke 15 in the BOKCV

Luke 15 in the BOKCV2

Luke 15 in the BOKHWOG

Luke 15 in the BOKSSV

Luke 15 in the BOLCB

Luke 15 in the BOLCB2

Luke 15 in the BOMCV

Luke 15 in the BONAV

Luke 15 in the BONCB

Luke 15 in the BONLT

Luke 15 in the BONUT2

Luke 15 in the BOPLNT

Luke 15 in the BOSCB

Luke 15 in the BOSNC

Luke 15 in the BOVCB

Luke 15 in the BOYCB

Luke 15 in the BPBB

Luke 15 in the BPH

Luke 15 in the BSB

Luke 15 in the CCB

Luke 15 in the CUV

Luke 15 in the CUVS

Luke 15 in the DBT

Luke 15 in the DGDNT

Luke 15 in the DHNT

Luke 15 in the DNT

Luke 15 in the ELBE

Luke 15 in the EMTV

Luke 15 in the ESV

Luke 15 in the FBV

Luke 15 in the FEB

Luke 15 in the GGMNT

Luke 15 in the GNT

Luke 15 in the HARY

Luke 15 in the HNT

Luke 15 in the IRVA

Luke 15 in the IRVB

Luke 15 in the IRVG

Luke 15 in the IRVH

Luke 15 in the IRVK

Luke 15 in the IRVM

Luke 15 in the IRVM2

Luke 15 in the IRVO

Luke 15 in the IRVP

Luke 15 in the IRVT

Luke 15 in the IRVT2

Luke 15 in the IRVU

Luke 15 in the ISVN

Luke 15 in the JSNT

Luke 15 in the KAPI

Luke 15 in the KBT1ETNIK

Luke 15 in the KBV

Luke 15 in the KJV

Luke 15 in the KNFD

Luke 15 in the LBA

Luke 15 in the LBLA

Luke 15 in the LNT

Luke 15 in the LSV

Luke 15 in the MAAL

Luke 15 in the MBV

Luke 15 in the MBV2

Luke 15 in the MHNT

Luke 15 in the MKNFD

Luke 15 in the MNG

Luke 15 in the MNT

Luke 15 in the MNT2

Luke 15 in the MRS1T

Luke 15 in the NAA

Luke 15 in the NASB

Luke 15 in the NBLA

Luke 15 in the NBS

Luke 15 in the NBVTP

Luke 15 in the NET2

Luke 15 in the NIV11

Luke 15 in the NNT

Luke 15 in the NNT2

Luke 15 in the NNT3

Luke 15 in the PDDPT

Luke 15 in the PFNT

Luke 15 in the RMNT

Luke 15 in the SBIAS

Luke 15 in the SBIBS

Luke 15 in the SBIBS2

Luke 15 in the SBICS

Luke 15 in the SBIDS

Luke 15 in the SBIGS

Luke 15 in the SBIHS

Luke 15 in the SBIIS

Luke 15 in the SBIIS2

Luke 15 in the SBIIS3

Luke 15 in the SBIKS

Luke 15 in the SBIKS2

Luke 15 in the SBIMS

Luke 15 in the SBIOS

Luke 15 in the SBIPS

Luke 15 in the SBISS

Luke 15 in the SBITS

Luke 15 in the SBITS2

Luke 15 in the SBITS3

Luke 15 in the SBITS4

Luke 15 in the SBIUS

Luke 15 in the SBIVS

Luke 15 in the SBT

Luke 15 in the SBT1E

Luke 15 in the SCHL

Luke 15 in the SNT

Luke 15 in the SUSU

Luke 15 in the SUSU2

Luke 15 in the SYNO

Luke 15 in the TBIAOTANT

Luke 15 in the TBT1E

Luke 15 in the TBT1E2

Luke 15 in the TFTIP

Luke 15 in the TFTU

Luke 15 in the TGNTATF3T

Luke 15 in the THAI

Luke 15 in the TNFD

Luke 15 in the TNT

Luke 15 in the TNTIK

Luke 15 in the TNTIL

Luke 15 in the TNTIN

Luke 15 in the TNTIP

Luke 15 in the TNTIZ

Luke 15 in the TOMA

Luke 15 in the TTENT

Luke 15 in the UBG

Luke 15 in the UGV

Luke 15 in the UGV2

Luke 15 in the UGV3

Luke 15 in the VBL

Luke 15 in the VDCC

Luke 15 in the YALU

Luke 15 in the YAPE

Luke 15 in the YBVTP

Luke 15 in the ZBP