Luke 21 (BOTLNT)

1 Mme ya re a ema mo Tempeleng a bo a lebeletse bahumi thata fa ba tsenya dineo tsa bone mo letloleng. 2 Mme mohumanegi wa motlholagadi a tla a latlhela dithebe di le pedi. 3 Mme Jesu a re, “Ammaaruri motlholagadi yo wa mohumanegi o ntshitse mo go tona go gaisa ga ba ba ntshitseng gotlhe go kopantswe. 4 Gonne ba ntshitse bonnye jwa se ba sa se tlhokeng, mme ene ka fa khumanegong ya gagwe o ntshitse gotlhe mo o neng a na le gone.” 5 Bangwe ba barutwa ba gagwe ba simolola go bua kaga bontle jwa maje a a kgabisitseng Tempele le mekgabisa ya segopotso mo dipoteng. 6 Mme Jesu a re, “Lobaka lo e tla lo dilo tse tsotlhe tse di lo kgatlhang di tlaa digelwang fa fatshe, mme ga go leje lepe le le tlaa tlogelwang le tlhatlaganye le le lengwe; gotlhe go tlaa nna mokoa o le mongwe fela wa matlakala.” 7 Mme ba goa ba re, “Morena! mo go tlaa diragala leng? A go tlaa nna le tlhagiso nngwe pele ga nako ya go diragala?” 8 Mme a fetola a re, “Lo se lese ope go lo timetsa. Gonne ba le bantsi ba tlaa tla ba ipolela fa e le bo-Mesia, ba re, ‘Nako e gorogile’ mme lo se ka lwa ba dumela!” 9 “Mme e re fa lo utlwela dintwa le dipheretlhego di simologa, lo se ka lwa tshoga. Dintwa tsa boammaaruri di tshwanetse go tla mme bokhutlo ga bo kitla bo tla ka bonako, 10 gonne chaba e tlaa tsogologela chaba e nngwe le bogosi bo tlaa tsogologela jo bongwe, 11 mme go tlaa nna dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe le mauba mo mafatsheng a le mantsi, le maroborobo le dipoitshego tse di diregang mo magodimong. 12 “Mme pele ga mo gotlhe go diragala; go tlaa nna le paka ya dipogiso, lo tlaa gogelwa mo disenagogeng mo dikgolegelong le fa pele ga dikgosi le balaodi ka ntlha ya Leina la Me. 13 “Mme ka ntlha ya gone moo, Mesia o tlaa itsege ka bophara a bo a tlotlwa. 14 Jalo, lo se tshwenyege ka gore lo tlaa ikarabela jang, 15 gonne ke tlaa lo naya mafoko a a tshwanetseng le botlhale mo e leng gore baganetsi ba lona ga ba kitla ba lo fetola! 16 Le e leng ba ga lona tota, batsadi ba lona, bomorwa-rraalona, ba lo tsalwang nabo ditsala tsa lona di tlaa lo oka gore lo tshwarwe; mme bangwe ba lona ba tlaa bolawa. 17 “Mme batho botlhe ba tlaa lo ila ka ntlha ya gore lo ba me e bile lo bidiwa ka Leina la Me. 18 Mme le fa e le thiri ya tlhogo ya lona ga e kitla e nyelela! 19 Gonne fa lo eme ka tlhomamo, lo tlaa boloka mewa ya lona. 20 “Mme fa lo bona Jerusalema a dikaganyeditswe ke dintwa, ke gone lo tlaa itseng gore nako ya tshenyego e gorogile. 21 Hong lesang batho ba Judea ba tshabele kwa dithabeng. Lesang ba ba mo Jerusalema ba leke go falola, mme ba ba kwa ntle ga motse ba se ka ba leka go boa. 22 Gonne ao e tlaa bo e le malatsi a katlholo ya Modimo, le mafoko a dikwalo tsa bogologolo a a kwadilweng ke baporofiti a tlaa diragala ka botlalo. 23 “Mme a bo go tlaa latlhega bomme ba baimana mo malatsing ao, le ba ba nang le masea. Gonne go tlaa nna pitlagano e kgolo mo chabeng e le bogale mo bathong ba. 24 “Ba tlaa bolawa polao e e setlhogo ka ditlha-bani tsa mmaba, kgotsa ba isiwe jaaka bafaladi le ditshwara mo dichabeng tsotlhe tsa lefatshe; mme Jerusalema o tlaa fenngwa a gatakwa ke Badi-chaba go fitlhelela nako ya phenyo ya Badi-chaba e khutla mo lobakeng lwa Modimo. 25 “Mme go tlaa nna le ditiragalo tse di sa tlwaelesegang mo loaping, ditlhagiso le botlhodi jo bo maswe mo letsatsing, ngwedi le dinaledi, le mono lefatsheng dichaba di tlaa nna mo pheretlhegong le mo tlalelong e kgolo ka ntlha ya modumo wa mawatle le makhubu a a sa tlwaelesegang. 26 Bopelo-kgale jwa batho ba le bantsi bo tlaa reketla ka ntlha ya tiragalo e ba e bonang e tla mo lefatsheng, gonne dinonofo tsa magodimo di tlaa thubaganngwa. 27 Mme batho ba lefatshe ba tlaa mpona nna Mesia, ke tla mo lerung ka nonofo le kgalalelo e kgolo. 28 Mme e tlaa re fa dilo tse tsotlhe di simologa go diragala, lo eme lo tlhamalale lo lebe kwa godimo! gonne poloko ya lona e gaufi.” 29 Mme a ba fa setshwantsho se: “Lepang setlhare sa mofeige kgotsa setlhare sengwe fela. 30 Fa matlhare a tlhoga, lo itse lo sa bolelelwa gore selemo se gaufi. 31 Fela jalo fa lo bona ditiragalo tse ke di lo tlhaloseditseng di diragala lo tlhomamise gore bogosi jwa Modimo bo gaufi. 32 “Ke lo tlhomamisetsa gore fa dilo tse di diragala, bokhutlo jwa motlha ono bo tlaa bo bo gorogile. 33 Legodimo le lefatshe di tlaa feta, le fa go ntse jalo mafoko a me a eme mo boammaaruring ka bosakhutleng. 34 34-35 “Itiseng! Lo se letle gore go tla ga me ka tshoganetso go lo fitlhele lo sa ipaakanya. Ke se ka ka lo fitlhela lo iketlile mo boatleng, kgotsa mo medirong ya botlhapelwa, lo gapilwe ke matshwenyego a botshelo jo, jaaka mo lefatsheng lotlhe. 36 Lo lebeleleng ka metlha yotlhe. Lo rapele gore e re fa go kgonega lo tle fa pele ga me lo ise lo bone dikhuduego tse.” 37 37-38 Letsatsi le letsatsi Jesu o ne a ya kwa Tempeleng go ya go ruta, mme bontsi jwa batho ba phuthega go sa le mo mosong go ya go mo reetsa. Mme mo maabanyaneng mangwe le mangwe o ne a tle a boele kwa Thoteng ya Lotlhware go ya go lala teng.

In Other Versions

Luke 21 in the ANGEFD

Luke 21 in the ANTPNG2D

Luke 21 in the AS21

Luke 21 in the BAGH

Luke 21 in the BBPNG

Luke 21 in the BBT1E

Luke 21 in the BDS

Luke 21 in the BEV

Luke 21 in the BHAD

Luke 21 in the BIB

Luke 21 in the BLPT

Luke 21 in the BNT

Luke 21 in the BNTABOOT

Luke 21 in the BNTLV

Luke 21 in the BOATCB

Luke 21 in the BOATCB2

Luke 21 in the BOBCV

Luke 21 in the BOCNT

Luke 21 in the BOECS

Luke 21 in the BOGWICC

Luke 21 in the BOHCB

Luke 21 in the BOHCV

Luke 21 in the BOHLNT

Luke 21 in the BOHNTLTAL

Luke 21 in the BOICB

Luke 21 in the BOILNTAP

Luke 21 in the BOITCV

Luke 21 in the BOKCV

Luke 21 in the BOKCV2

Luke 21 in the BOKHWOG

Luke 21 in the BOKSSV

Luke 21 in the BOLCB

Luke 21 in the BOLCB2

Luke 21 in the BOMCV

Luke 21 in the BONAV

Luke 21 in the BONCB

Luke 21 in the BONLT

Luke 21 in the BONUT2

Luke 21 in the BOPLNT

Luke 21 in the BOSCB

Luke 21 in the BOSNC

Luke 21 in the BOVCB

Luke 21 in the BOYCB

Luke 21 in the BPBB

Luke 21 in the BPH

Luke 21 in the BSB

Luke 21 in the CCB

Luke 21 in the CUV

Luke 21 in the CUVS

Luke 21 in the DBT

Luke 21 in the DGDNT

Luke 21 in the DHNT

Luke 21 in the DNT

Luke 21 in the ELBE

Luke 21 in the EMTV

Luke 21 in the ESV

Luke 21 in the FBV

Luke 21 in the FEB

Luke 21 in the GGMNT

Luke 21 in the GNT

Luke 21 in the HARY

Luke 21 in the HNT

Luke 21 in the IRVA

Luke 21 in the IRVB

Luke 21 in the IRVG

Luke 21 in the IRVH

Luke 21 in the IRVK

Luke 21 in the IRVM

Luke 21 in the IRVM2

Luke 21 in the IRVO

Luke 21 in the IRVP

Luke 21 in the IRVT

Luke 21 in the IRVT2

Luke 21 in the IRVU

Luke 21 in the ISVN

Luke 21 in the JSNT

Luke 21 in the KAPI

Luke 21 in the KBT1ETNIK

Luke 21 in the KBV

Luke 21 in the KJV

Luke 21 in the KNFD

Luke 21 in the LBA

Luke 21 in the LBLA

Luke 21 in the LNT

Luke 21 in the LSV

Luke 21 in the MAAL

Luke 21 in the MBV

Luke 21 in the MBV2

Luke 21 in the MHNT

Luke 21 in the MKNFD

Luke 21 in the MNG

Luke 21 in the MNT

Luke 21 in the MNT2

Luke 21 in the MRS1T

Luke 21 in the NAA

Luke 21 in the NASB

Luke 21 in the NBLA

Luke 21 in the NBS

Luke 21 in the NBVTP

Luke 21 in the NET2

Luke 21 in the NIV11

Luke 21 in the NNT

Luke 21 in the NNT2

Luke 21 in the NNT3

Luke 21 in the PDDPT

Luke 21 in the PFNT

Luke 21 in the RMNT

Luke 21 in the SBIAS

Luke 21 in the SBIBS

Luke 21 in the SBIBS2

Luke 21 in the SBICS

Luke 21 in the SBIDS

Luke 21 in the SBIGS

Luke 21 in the SBIHS

Luke 21 in the SBIIS

Luke 21 in the SBIIS2

Luke 21 in the SBIIS3

Luke 21 in the SBIKS

Luke 21 in the SBIKS2

Luke 21 in the SBIMS

Luke 21 in the SBIOS

Luke 21 in the SBIPS

Luke 21 in the SBISS

Luke 21 in the SBITS

Luke 21 in the SBITS2

Luke 21 in the SBITS3

Luke 21 in the SBITS4

Luke 21 in the SBIUS

Luke 21 in the SBIVS

Luke 21 in the SBT

Luke 21 in the SBT1E

Luke 21 in the SCHL

Luke 21 in the SNT

Luke 21 in the SUSU

Luke 21 in the SUSU2

Luke 21 in the SYNO

Luke 21 in the TBIAOTANT

Luke 21 in the TBT1E

Luke 21 in the TBT1E2

Luke 21 in the TFTIP

Luke 21 in the TFTU

Luke 21 in the TGNTATF3T

Luke 21 in the THAI

Luke 21 in the TNFD

Luke 21 in the TNT

Luke 21 in the TNTIK

Luke 21 in the TNTIL

Luke 21 in the TNTIN

Luke 21 in the TNTIP

Luke 21 in the TNTIZ

Luke 21 in the TOMA

Luke 21 in the TTENT

Luke 21 in the UBG

Luke 21 in the UGV

Luke 21 in the UGV2

Luke 21 in the UGV3

Luke 21 in the VBL

Luke 21 in the VDCC

Luke 21 in the YALU

Luke 21 in the YAPE

Luke 21 in the YBVTP

Luke 21 in the ZBP