Matthew 16 (BOTLNT)

1 Mme ka letsatsi lengwe Bafarasai le Basadukai ba tla go leka Jesu mabapi le polelo ya gagwe ya gore ke Mesia ka go mo kopa go ba supegetsa ditshupo dingwe tse di tona mo magodimong. 2 2-3 A fetola a re, “Lo siame mo go baleng ditshupo tsa seemo sa mawapi; lo a tle lo re bohibidu jwa loapi maitseboeng bo raya seemo se sentle sa mawapi; lo a tle lo re bohibidu jwa loapi maitseboeng ano bo raya seemo se sentle sa loapi ka moso; lo bo lo re loapi lo lo hibidu mo mosong lo raya seemo se se bosula sa loapi motshegare otlhe, mme ga lo kgone go bala ditshupo tse di itlhalosang ka botsone tsa metlha! 4 Sechaba se se bosula se, se se sa dumeleng se batla tshupo nngwe e e sa tlwaelesegang mo magodimong, mme ga go na sesupo sepe se se tlaa dirwang fa e se mofuta o o neetsweng Jona.” Hong Jesu a tswela kwa ntle a ba tlogela. 5 Erile ba sena go kgabaganya lecha, barutwa ba lemoga gore ba lebetse go tla le dijo. 6 Mme Jesu a ba tlhagisa a re, “Itlhokomeleng! Itiseng mo sebidisong sa Bafarasai le Basadukai.” 7 Ba gopola gore o na a bua jaana ka gore ba ne ba lebetse go tla le senkgwe. 8 Jesu a ba a itse se ba se akanyang mme a ba raya a re, batho ba tumelo potlana! Ke eng fa lo tshwenyegile jaana ka go tlhoka senkgwe? 9 9-10 A ga lo kitla lo tlhaloganya? A ga lo gakologelwe bontsi jwa batho bo le dikete tse ke di hephileng ka dinkgwe di le tlhano, le diroto tse di neng tsa tlogelwa di tletse masalela? A ga lo gakologelwe dikete tse nne tse ke di hephileng le gotlhe mo go neng ga sala? 11 Lo ka akanya jang gore ke ne ke bua ka dijo? Mme gape ka re, “Itiseng mo sebidisong sa Bafarasai le Basadukai.” 12 Hong kwa bofelong ba tlhaloganya gore ka ‘sebidiso’ o na a raya thuto e e sa siamang ya Bafarasai le Basadukai. 13 Erile a goroga kwa Kaesarea Filipi, a botsa barutwa ba gagwe a re, “Batho ba re ke mang?” 14 Ba fetola ba re, “Bangwe ba re Johane wa Mokolobetsi; bangwe ba re Elija, bangwe ba re Jeremia kgotsa mongwe wa baporofiti ba bangwe.” 15 Hong a ba botsa a re, “Lona lo akanya gore ke mang?” 16 Simone Petere a fetola a re, “Keresete Mesia Morwa Modimo o o tshedileng”. 17 Jesu a mo raya a re, “Modimo o go segofaditse, Simone, morwa Jona. Gonne Rara yo o kwa legodimong ke ene yo o go senoletseng dilo tse ka boene, ga go a tswa mo go ope. 18 O Petere, lefika, mme ke aga phuthego ya me mo lefikeng le, mme dinonofo tsotlhe tsa molete ga di kitla di e fenya. 19 Mme ke tlaa go neela dilotlolo tsa bogosi jwa legodimo, dikgoro dingwe le dingwe tse o di lotlelang mo lefatshing, di tla lotlelwa kwa legodimong; mme dikgoro dingwe le dingwe tse o di lotlololang mo lefatsheng, di tlaa lotlololwa kwa legodimong!” 20 Hong a laya barutwa gore ba se ka ba bolelela bape fa e le Mesia. 21 Go tswa foo Jesu a simolola go tlhalosetsa barutwa ba gagwe kaga go ya kwa Jerusalema, le se se tlaa mo diragalelang teng, gore o tlaa boga mo diatleng tsa baeteledipele ba Sejuta, le gore o tla bolawa le gore e tlaa re morago ga malatsi a le mararo a tsosiwe gape. 22 Mme Petere a mo tseela fa thoko go mo kgalemela a mo raya a re, “A mogopolo oo o nyelele Morena. Mo ga go kitla go go diragalela!” 23 Jesu a retologela kwa go Petere a re, “Tloga fa go nna, Satane ke wena! O lemena le le diphatsa mo go nna. O akanya ka fa batho ba bonang ka teng, e seng ka fa Modimo o akanyang ka teng.” 24 Hong Jesu a raya barutwa a re, “Fa motho le fa e le mang a rata go nna molatedi wa me, a a iitatole a tseye mokgoro wa gagwe a ntshale morago. 25 Gonne le fa e le mang yo o ipolokelang botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me o tlaa bo bona gape. 26 Go na le poelo ya eng fa motho a rua lefatshe lotlhe, mme a latlhegelwa ke botshelo jo bo sa khutleng? Se se ka tshwantshiwang le letlotlo la botshelo jo bo sa khutleng ke eng? 27 Gonne Nna, Morwa Motho, ke tlaa tla le baengele ba me mo kgalalelong ya ga Rre go atlhola mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe. 28 Mme bangwe ba lona ba ba emeng fano jaanong jaana ba tshelela go mpona ke tla mo Bogosing jwa me.”

In Other Versions

Matthew 16 in the ANGEFD

Matthew 16 in the ANTPNG2D

Matthew 16 in the AS21

Matthew 16 in the BAGH

Matthew 16 in the BBPNG

Matthew 16 in the BBT1E

Matthew 16 in the BDS

Matthew 16 in the BEV

Matthew 16 in the BHAD

Matthew 16 in the BIB

Matthew 16 in the BLPT

Matthew 16 in the BNT

Matthew 16 in the BNTABOOT

Matthew 16 in the BNTLV

Matthew 16 in the BOATCB

Matthew 16 in the BOATCB2

Matthew 16 in the BOBCV

Matthew 16 in the BOCNT

Matthew 16 in the BOECS

Matthew 16 in the BOGWICC

Matthew 16 in the BOHCB

Matthew 16 in the BOHCV

Matthew 16 in the BOHLNT

Matthew 16 in the BOHNTLTAL

Matthew 16 in the BOICB

Matthew 16 in the BOILNTAP

Matthew 16 in the BOITCV

Matthew 16 in the BOKCV

Matthew 16 in the BOKCV2

Matthew 16 in the BOKHWOG

Matthew 16 in the BOKSSV

Matthew 16 in the BOLCB

Matthew 16 in the BOLCB2

Matthew 16 in the BOMCV

Matthew 16 in the BONAV

Matthew 16 in the BONCB

Matthew 16 in the BONLT

Matthew 16 in the BONUT2

Matthew 16 in the BOPLNT

Matthew 16 in the BOSCB

Matthew 16 in the BOSNC

Matthew 16 in the BOVCB

Matthew 16 in the BOYCB

Matthew 16 in the BPBB

Matthew 16 in the BPH

Matthew 16 in the BSB

Matthew 16 in the CCB

Matthew 16 in the CUV

Matthew 16 in the CUVS

Matthew 16 in the DBT

Matthew 16 in the DGDNT

Matthew 16 in the DHNT

Matthew 16 in the DNT

Matthew 16 in the ELBE

Matthew 16 in the EMTV

Matthew 16 in the ESV

Matthew 16 in the FBV

Matthew 16 in the FEB

Matthew 16 in the GGMNT

Matthew 16 in the GNT

Matthew 16 in the HARY

Matthew 16 in the HNT

Matthew 16 in the IRVA

Matthew 16 in the IRVB

Matthew 16 in the IRVG

Matthew 16 in the IRVH

Matthew 16 in the IRVK

Matthew 16 in the IRVM

Matthew 16 in the IRVM2

Matthew 16 in the IRVO

Matthew 16 in the IRVP

Matthew 16 in the IRVT

Matthew 16 in the IRVT2

Matthew 16 in the IRVU

Matthew 16 in the ISVN

Matthew 16 in the JSNT

Matthew 16 in the KAPI

Matthew 16 in the KBT1ETNIK

Matthew 16 in the KBV

Matthew 16 in the KJV

Matthew 16 in the KNFD

Matthew 16 in the LBA

Matthew 16 in the LBLA

Matthew 16 in the LNT

Matthew 16 in the LSV

Matthew 16 in the MAAL

Matthew 16 in the MBV

Matthew 16 in the MBV2

Matthew 16 in the MHNT

Matthew 16 in the MKNFD

Matthew 16 in the MNG

Matthew 16 in the MNT

Matthew 16 in the MNT2

Matthew 16 in the MRS1T

Matthew 16 in the NAA

Matthew 16 in the NASB

Matthew 16 in the NBLA

Matthew 16 in the NBS

Matthew 16 in the NBVTP

Matthew 16 in the NET2

Matthew 16 in the NIV11

Matthew 16 in the NNT

Matthew 16 in the NNT2

Matthew 16 in the NNT3

Matthew 16 in the PDDPT

Matthew 16 in the PFNT

Matthew 16 in the RMNT

Matthew 16 in the SBIAS

Matthew 16 in the SBIBS

Matthew 16 in the SBIBS2

Matthew 16 in the SBICS

Matthew 16 in the SBIDS

Matthew 16 in the SBIGS

Matthew 16 in the SBIHS

Matthew 16 in the SBIIS

Matthew 16 in the SBIIS2

Matthew 16 in the SBIIS3

Matthew 16 in the SBIKS

Matthew 16 in the SBIKS2

Matthew 16 in the SBIMS

Matthew 16 in the SBIOS

Matthew 16 in the SBIPS

Matthew 16 in the SBISS

Matthew 16 in the SBITS

Matthew 16 in the SBITS2

Matthew 16 in the SBITS3

Matthew 16 in the SBITS4

Matthew 16 in the SBIUS

Matthew 16 in the SBIVS

Matthew 16 in the SBT

Matthew 16 in the SBT1E

Matthew 16 in the SCHL

Matthew 16 in the SNT

Matthew 16 in the SUSU

Matthew 16 in the SUSU2

Matthew 16 in the SYNO

Matthew 16 in the TBIAOTANT

Matthew 16 in the TBT1E

Matthew 16 in the TBT1E2

Matthew 16 in the TFTIP

Matthew 16 in the TFTU

Matthew 16 in the TGNTATF3T

Matthew 16 in the THAI

Matthew 16 in the TNFD

Matthew 16 in the TNT

Matthew 16 in the TNTIK

Matthew 16 in the TNTIL

Matthew 16 in the TNTIN

Matthew 16 in the TNTIP

Matthew 16 in the TNTIZ

Matthew 16 in the TOMA

Matthew 16 in the TTENT

Matthew 16 in the UBG

Matthew 16 in the UGV

Matthew 16 in the UGV2

Matthew 16 in the UGV3

Matthew 16 in the VBL

Matthew 16 in the VDCC

Matthew 16 in the YALU

Matthew 16 in the YAPE

Matthew 16 in the YBVTP

Matthew 16 in the ZBP