Matthew 21 (BOTLNT)

1 Mme ya re Jesu le barutwa ba atamela Jerusalema, ba le gaufi le motse wa Bethefage mo Thoteng ya Lotlhware, Jesu a roma bangwe ba barutwa ba gagwe ba le bebedi mo motsaneng o o fa pele. 2 A ba raya a re, “E tlaa re fela fa lo tsena teng lo tlaa bona tonki e golegilwe le tonkana ya yone e le fa thoko ga yone. Lo bo lo di golola lo di lere kwano. 3 Fa mongwe a lo botsa gore lo dirang, lo re, ‘Morena o a di batla’, mme ga go na go nna matshwenyego ape.” 4 Se se ne se dirwa go diragatsa seporofeso sa bogologolo se se reng, 5 “Bolelela Jesusalema gore Kgosi ya gagwe e tla kwa go ene, ka bonolo e palame tonkana.” 6 Barutwa ba babedi ba dira ka fa Jesu a neng a ba boleletse, ka teng, 7 ba lere tonki le tonkana kwa go ene, ba pega diaparo tsa bone mo godimo ga tonkana gore a nne mo godimo ga tsone. 8 Mme ba bangwe mo bontsintsing jwa batho ba ala diaparo tsa bone mo tseleng kwa pele ga gagwe, ba bangwe ba kgetla dikala tsa ditlhare ba di ala fa pele ga gagwe. 9 Hong bontsi jwa batho ba ba mo eteletseng pele le ba ba kwa morago ba goa ba re, “Modimo segofatsa Morwa Kgosi Dafide! Mo galaletse mo segofatse, Morena A go bakwe Modimo mogodimodimo!” 10 Motse otlhe wa Jerusalema o ne wa huduega fa a tsena. Ba botsa ba re, ke mang yo? 11 Mme bontsintsi jwa batho jwa fetola jwa re, “Jesu Moporofiti yo o tswang Nasaretha wa Galalea.” 12 Jesu a tsena mo Tempeleng, a lelekela barekisi kwa ntle, a pitikolola mabati a go ananyediwang madi mo go one le ditilo tsa ba ba rekisang maphoi. 13 A ba raya a re, “Dikwalo tsa re tempele ya me ke lefelo la thapelo, mme lona lo e fetotse borakanelo jwa magodu.” 14 Hong difofu le digole tsa tla kwa go ene mme a di fodisa teng mo tempeleng. 15 Mme ya re baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuda ba bona dikgakgamatso tse di ntle tse ba bile ba utlwa le bananyana ba goa mo tempeleng ba re, “Modimo segofatsa Morwa Dafide,” ba ne ba se ka ba itumela ba gakala ba mmotsa ba re, “A o utlwa se bana ba ba se buang?” 16 Jesu a fetola a re, “Ee, a ga lo ise lo ke lo bale dikwalo? Gonne tsa re, ‘Le bananyana tota ba tlaa mo galaletsa!’ ” 17 Hong a boela kwa Bethania, kwa a letseng teng. 18 Mo mosong fa a boela Jerusalema, a tshwarwa ke tlala, 19 Yare a bona setlhare sa mofeige fa thoko ga tsela, a tsamaela kwa go sone go bona gore a se na le maungo, mme ga bo go le matlhare fela. Hong a se hutsa a re, “O se ka wa tlhola o ungwa gape!” Mme ka bofefo setlhare sa mofeige sa omelela. 20 Barutwa ba gakgamala thata ba bo ba mmotsa ba re, “Setlhare sa mofeige se omeletse ka bofefo jang?” 21 Mme Jesu a ba raya a re, “Ammaaruri, fa lo na le tumelo lo sa belaele, lo ka dira dilo tse di ntseng jaana le go feta. Lo ka ba lwa raya thaba e ya Lotlhare lwa re, ‘Thabuela mo lewatleng,’ mme go ka diragala. 22 Lo ka amogela sengwe le sengwe, se lo se kopang ka thapelo fa lo dumela.” 23 Mme e rile a sena go boela kwa Tempeleng a sa ntse a ruta, baperesiti ba bagolo le bangwe ba bagolwane ba Sejuda ba tla kwa go ene ba batla go itse gore e ne e le ka tetlelelo ya ga mang gore a lelekele baananyi kwa ntle maabane. 24 Jesu a ba fetola a re “Ke tlaa lo bolelela fa lo ka araba potso e le nngwe pele. 25 A Johane wa Mokolobetsi o ne a romilwe ke Modimo, kgotsa nnyaa?” Ba ne ba gakololana ka fa ba ka arabang ka teng potso e, ba re, “Fa re re, ‘o ne a romilwe ke Modimo’, hong o tlaa re botsa gore ke eng re ne re sa dumele se Johane o neng a se bua. 26 Mme fa re ganela gore Modimo o mo romile, re tlaa tlhaselwa ke bontsi jwa batho, gonne bontsi jotlhe bo dumela gore e ne e le moporofiti.” 27 Hong lwa bofelo ba fetola ba re, “Ga re itse!” Mme Jesu a re, “Jalo le nna ga ke na go araba potso ya lona ka tsela epe.” 28 “Mme lo akanya jang ka ga se? Monna yo o neng a na le bomorwawe ba le babedi o na a raya yo motona a re, ‘Morwaaka, tsamaya o ye go dira mo tshimong ya me gompieno.’ 29 Morwawe a fetola a re, ‘Ga ke na go dira jalo,’ mme kwa morago a fetola maikutlo a gagwe a tsamaya. 30 Hong rraagwe a raya yo monnyennyane a re, ‘Wena tsamaya!’ Mme a re, ‘Ee, rra, ke tlaa tsamaya.’ Mme a seka a dira jalo. 31 Ke ofe mo go ba babedi yo o neng a dira go rata ga ga rraagwe?”Ba fetola ba re, “Ke wa ntlha.”Hong Jesu a tlhalosa se a se rayang a re: “Ammaaruri batho ba ba bosula le basadi ba diaka ba tlaa lo raka mo Bogosing. 32 Gonne Johane wa Mokolobetsi o lo reile a re lo sokologe lo latlhe ditiro tsa lona tse di maswe lo boele mo Modimong, mme ga lo a dira jalo, fa batho ba ba bosula le diaka ba sokologa ba boela mo Modimong. Mme le fa tota lo ne lwa bona ba sokologa lona lo ne lwa gana go sokologa, ga lo aka lwa dumela. 33 “Jaanong reetsang polelo e: Mong wa setsha mongwe o kile a tlhoma tshimo ya mofine e e ageletsweng, mme a direla motlhokomedi wa yone lefelo la boletelo, hong a hirisetsa balemi bangwe tshimo ya gagwe ka tumalano ya go kgaogana thobo, mme a huduga go nna mo lefatsheng le lengwe. 34 “E rile ka nako ya thobo ya maungo a mofine a roma baemedi ba gagwe kwa baleming go ya go tsaya seabe sa gagwe. 35 Mme balemi ba tlhasela batlhanka ba gagwe, ba itaya yo mongwe, ba bolaya yo mongwe, ba kgobotletsa yo mongwe ka matlapa. 36 “Hong a roma setlhopa se segolwane sa batlhanka ba gagwe go ya go mo tseela seabe, mme ba diragalelwa ke se se diragaletseng batlhanka ba ntlha. 37 Lwa bofelo mong wa tshimo a roma morwawe a gopola gore ba tlaa mo tshoga seemo ba mo tlotle. 38 “Mme e rile fa balemi ba bona morwawe a tla, ba buisanya ba re ‘Moja boswa ke yoo o e tla; tlaang, re mmolayeng re bo itseele!’ 39 Jalo ba mo swaswailela ka kwa ntle ga tshimo ya mafine ba mmolaya. 40 “Fa mong wa tshimo a boa, lo akanya gore o tlaa feta a dirang ka balemi bao?” 41 Baeteledipele ba Sejuda ba fetola ba re, “O tlaa bolaya batho bao ba ba bosula ka polao e e setlhogo, mme a hirisetse ba bangwe tshimo ya gagwe ba ba tlaa mo duelang ka fa tshwanelong.” 42 Hong Jesu a ba botsa a re, “A ga lo ise lo ke lo bale mo dikwalong gore: ‘Lentswe le le gannweng ke baagi le dirilwe lentswe la kgokgotso le le tlotlegang. Ana go gontle jang! Morena o dirile selo se se gakgamatsang jang mo matlhong a rona?’ 43 “Se ke se rayang ke gore Bogosi jwa Modimo bo tlaa tsewa mo go lona bo neelwe chaba e e tlaa neelang Modimo seabe sa one sa thobo ya maungo. 44 Botlhe ba ba kgotswang mo lefikeng le la boammaruri, ba tlaa robega, mme ba ba welang godimo ba tlaa phatlalala jaaka lorole.” 45 E rile baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuda ba lemoga gore Jesu o ne a bua ka ga bone, gore e ne e le balemi mo polelong ya gagwe, 46 ba ne ba batla go mmolaya, mme ba boifa go lekeletsa ka ntlha ya bontsintsi jwa batho, gonne bo ne bo kaya Jesu e le moporofiti.

In Other Versions

Matthew 21 in the ANGEFD

Matthew 21 in the ANTPNG2D

Matthew 21 in the AS21

Matthew 21 in the BAGH

Matthew 21 in the BBPNG

Matthew 21 in the BBT1E

Matthew 21 in the BDS

Matthew 21 in the BEV

Matthew 21 in the BHAD

Matthew 21 in the BIB

Matthew 21 in the BLPT

Matthew 21 in the BNT

Matthew 21 in the BNTABOOT

Matthew 21 in the BNTLV

Matthew 21 in the BOATCB

Matthew 21 in the BOATCB2

Matthew 21 in the BOBCV

Matthew 21 in the BOCNT

Matthew 21 in the BOECS

Matthew 21 in the BOGWICC

Matthew 21 in the BOHCB

Matthew 21 in the BOHCV

Matthew 21 in the BOHLNT

Matthew 21 in the BOHNTLTAL

Matthew 21 in the BOICB

Matthew 21 in the BOILNTAP

Matthew 21 in the BOITCV

Matthew 21 in the BOKCV

Matthew 21 in the BOKCV2

Matthew 21 in the BOKHWOG

Matthew 21 in the BOKSSV

Matthew 21 in the BOLCB

Matthew 21 in the BOLCB2

Matthew 21 in the BOMCV

Matthew 21 in the BONAV

Matthew 21 in the BONCB

Matthew 21 in the BONLT

Matthew 21 in the BONUT2

Matthew 21 in the BOPLNT

Matthew 21 in the BOSCB

Matthew 21 in the BOSNC

Matthew 21 in the BOVCB

Matthew 21 in the BOYCB

Matthew 21 in the BPBB

Matthew 21 in the BPH

Matthew 21 in the BSB

Matthew 21 in the CCB

Matthew 21 in the CUV

Matthew 21 in the CUVS

Matthew 21 in the DBT

Matthew 21 in the DGDNT

Matthew 21 in the DHNT

Matthew 21 in the DNT

Matthew 21 in the ELBE

Matthew 21 in the EMTV

Matthew 21 in the ESV

Matthew 21 in the FBV

Matthew 21 in the FEB

Matthew 21 in the GGMNT

Matthew 21 in the GNT

Matthew 21 in the HARY

Matthew 21 in the HNT

Matthew 21 in the IRVA

Matthew 21 in the IRVB

Matthew 21 in the IRVG

Matthew 21 in the IRVH

Matthew 21 in the IRVK

Matthew 21 in the IRVM

Matthew 21 in the IRVM2

Matthew 21 in the IRVO

Matthew 21 in the IRVP

Matthew 21 in the IRVT

Matthew 21 in the IRVT2

Matthew 21 in the IRVU

Matthew 21 in the ISVN

Matthew 21 in the JSNT

Matthew 21 in the KAPI

Matthew 21 in the KBT1ETNIK

Matthew 21 in the KBV

Matthew 21 in the KJV

Matthew 21 in the KNFD

Matthew 21 in the LBA

Matthew 21 in the LBLA

Matthew 21 in the LNT

Matthew 21 in the LSV

Matthew 21 in the MAAL

Matthew 21 in the MBV

Matthew 21 in the MBV2

Matthew 21 in the MHNT

Matthew 21 in the MKNFD

Matthew 21 in the MNG

Matthew 21 in the MNT

Matthew 21 in the MNT2

Matthew 21 in the MRS1T

Matthew 21 in the NAA

Matthew 21 in the NASB

Matthew 21 in the NBLA

Matthew 21 in the NBS

Matthew 21 in the NBVTP

Matthew 21 in the NET2

Matthew 21 in the NIV11

Matthew 21 in the NNT

Matthew 21 in the NNT2

Matthew 21 in the NNT3

Matthew 21 in the PDDPT

Matthew 21 in the PFNT

Matthew 21 in the RMNT

Matthew 21 in the SBIAS

Matthew 21 in the SBIBS

Matthew 21 in the SBIBS2

Matthew 21 in the SBICS

Matthew 21 in the SBIDS

Matthew 21 in the SBIGS

Matthew 21 in the SBIHS

Matthew 21 in the SBIIS

Matthew 21 in the SBIIS2

Matthew 21 in the SBIIS3

Matthew 21 in the SBIKS

Matthew 21 in the SBIKS2

Matthew 21 in the SBIMS

Matthew 21 in the SBIOS

Matthew 21 in the SBIPS

Matthew 21 in the SBISS

Matthew 21 in the SBITS

Matthew 21 in the SBITS2

Matthew 21 in the SBITS3

Matthew 21 in the SBITS4

Matthew 21 in the SBIUS

Matthew 21 in the SBIVS

Matthew 21 in the SBT

Matthew 21 in the SBT1E

Matthew 21 in the SCHL

Matthew 21 in the SNT

Matthew 21 in the SUSU

Matthew 21 in the SUSU2

Matthew 21 in the SYNO

Matthew 21 in the TBIAOTANT

Matthew 21 in the TBT1E

Matthew 21 in the TBT1E2

Matthew 21 in the TFTIP

Matthew 21 in the TFTU

Matthew 21 in the TGNTATF3T

Matthew 21 in the THAI

Matthew 21 in the TNFD

Matthew 21 in the TNT

Matthew 21 in the TNTIK

Matthew 21 in the TNTIL

Matthew 21 in the TNTIN

Matthew 21 in the TNTIP

Matthew 21 in the TNTIZ

Matthew 21 in the TOMA

Matthew 21 in the TTENT

Matthew 21 in the UBG

Matthew 21 in the UGV

Matthew 21 in the UGV2

Matthew 21 in the UGV3

Matthew 21 in the VBL

Matthew 21 in the VDCC

Matthew 21 in the YALU

Matthew 21 in the YAPE

Matthew 21 in the YBVTP

Matthew 21 in the ZBP