Matthew 24 (BOTLNT)

1 Mme ya re fela fa Jesu a tswa mo patlelong ya Tempele, barutwa ba gagwe ba mo sala morago ba tla go mo tsamaisa ba mo kaetsa dikago tse di farologanyeng tsa Tempele. 2 Mme a ba raya a re, “Dikago tse tsotlhe di tlaa digelwa fa fatshe, lentswe lepe le sa tlogelwe le tlhatlaganye le le lengwe!” 3 Mme ya re morago fa barutwa ba gagwe ba ntse fa fatshe mo thoteng ya Thaba ya Lotlhware, ba mmotsa ba re, “mo go diragala leng? Ditshupo tse di tlaa supang go boa ga gago le bokhutlo jwa lefatshe ke dife?” 4 Jesu a fetola a re, “Se letleng ope go lo timetsa. 5 Gonne ba le bantsi ba tlaa tla ba ipitsa gore ke bone BoMesia, mme ba timetsa ba le bantsi. 6 Fa lo utlwa ka go simologa ga dintwa, mo go tlaa bo go sa supe go boa ga me; mo go tshwanetse go diragala, mme bokhutlo bo tlaa bo bo ise bo tle. 7 Dichaba le Mebuso ya lefatshe di tlaa tsogologelana, go tlaa nna mauba le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong a le mantsi. 8 Mme gotlhe mo e tlaa bo e le tshimologo ya ditlalelo tse di tlang fela.” 9 “Hong lo tlaa tlhokofadiwa, lo bolawe, lo bo lo ilwe ke lefatshe lotlhe ka ntlha ya gore lo ba me. 10 Mme ba le bantsi ba lona ba tlaa boela mo sebeng, ba okane ba bo ba ilane.” 11 Mme go tlaa nna le baporofiti ba le bantsi ba eseng bone mme ba tlaa timetsa bontsi. 12 Sebe se tla ntsifala thata gongwe le gongwe, se tsidifatse lorato lwa ba le bantsi. 13 Mme ba ba itshokang go ya bokhutlong ba tlaa bolokwa. 14 “Mme mafoko a a molemo a Bogosi a tlaa rerwa mo lefatshing lotlhe gore dichaba tsotlhe di utlwe, mme hong lwa bofelo bokhutlo bo tlaa tla. 15 Jalo, fa lo bona selo se se makgapha, (se se boletsweng ke Moporofeti Daniele, a mmadi a tlhaloganye se se buiwang!) 16 hong ba ba mo Judea ba patelesega go tshabela kwa dithabeng tsa Judea. 17 “Ba ba mo maribelong a matlo a bone ba seka ba tsena mo teng go phutha dilwana pele ga ba tshaba. 18 Ba ba kwa masimo ba seka ba boela kwa magaeng a bone go tsaya diaparo. 19 “Mme a bo go tlaa bo go latlhega basadi ba baimana le ba ba nang le masea mo malatsing ao. 20 Mme lo rapele gore go sia ga lona go seka ga nna mariga, kgotsa go le Sabata 21 Gonne go tlaa nna pogisego e lefatshe le iseng le ke le e bone pele mo tshimologong ya lone go fitlha nako eno, mme ga e kitla e tlhola e bonwa gape.” 22 “Mme tota fa malatsi ao a sa khutshwafadiwe, batho botlhe ba tlaa nyelela, mme a tlaa khutshwafadiwa ka ntlha ya batho ba Modimo o ba itshenketseng.” 23 “Hong fa mongwe a lo raya a re ‘Mesia o gorogile kwa lefelong lengwe, kgotsa o bonetse fano kgotsa fale, kgotsa mo motseng o kgotsa ole,’ se dumeleng. 24 Gonne go tlaa nna teng Bo-Kereste ba le bantsi ba eseng bone, le baporofiti ba eseng bone, ba tlaa dira dikgakgamatso, gore e re fa go no go ka kgonega, le e leng ba ba itlhophetsweng ke Modimo tota ba tsiediwe. 25 Bonang, ke lo tlhagisitse. 26 “Mme ke gone fa mongwe a lo raya a re Mesia o boile mme o ile kwa sekakeng, lo se ka lwa eletsa go tsamaya lo ya go bona, kgotsa, gore o iphitlhile golo gongwe, se dumeleng! 27 Gonne jaaka logadima lo tle lo gadime go kgabaganya loapi go tsweng botlhabatsatsi go ya bophirima, go tla ga me go tlaa nna jalo, fa nna Morwa Motho ke boa. 28 Mme gongwe le gongwe kwa go nang le setoto, manong a phuthegela gone. 29 “E tlaa re ka bofefo morago ga pogiso ya malatsi letsatsi le tlaa fifadiwa, le ngwedi o tlaa ntshofala, le dinaled di bonala o ka re di wa mo magodimong, le dinonofo tse di khuromeditseng lefatshe di tlaa reketlisiwa. 30 “Mme kwa bofelong sesupo sa go tla ga me se tlaa bonala mo magodimong, mme go tlaa nna khutsafalo e kgolo mo tikologong ya lefatshe lotlhe, mme dichaba tsa lefatshe di tlaa mpona ke goroga ka maru a legodimo, ka nonofo le kgalalelo e kgolo. 31 Mme ke tlaa roma baengele ba me ka tumo ya torompeta e kgolo, mme ba tlaa phutha baitshenkedwi ba me go tsweng dikhutlong tsa lefatshe le legodimo. 32 “Jaanong ithuteng thuto ka setlhare sa mofeige. Fa kala ya sone e le nana matlhare a simolola go kukunya, lo itse gore selemo se setse se gorogile. 33 Fela jalo, fa lo bona dilo tse tsotlhe di simolola go diragala, lo ka itse gore go boa ga me go gaufi, go fela fa mojakong. 34 Hong kwa bofelong lobaka lo lo tlaa tla mo bokhutlong jwa lone. 35 “Legodimo le lefatshe di tlaa nyelela, mme mafoko a me a tla nna ka bosenabokhutlo.” 36 “Mme ga go ope yo o itseng letsatsi le fa e le nako e bokhutlo bo tlaa tlang ka yone, le fa e le baengele. Nnyaa, le fa e le Morwa Modimo tota. Ke Rara fela a le esi yo o itseng. 37 37-38 “Lefatshe le tlaa bo le iketlile, le le mo tlhapeding ya meletlo batho ba a ja ba a nwa, ba nyala ba nyadisa, jaaka go ne go ntse ka nako ya ga Noa pele ga go tla ga tshoganetso ga morwalela. 39 Batho ba ne ba sa dumele se se neng se ya go diragala go fitlhelela morwalela o tla o ba phaila botlhe. Jalo go tla ga me go tlaa nna fela jalo. 40 “Banna ba le babedi ba tlaa bo ba dira mo masimong, mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwa. 41 Basadi ba le babedi ba tlaa bo ba dira tiro ya bone ya lolwapa, mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwe. 42 Ke gone ipaakanyeng, gonne ga lo itse letsatsi le Morena wa lona o tlang ka lone. 43 Fela jaaka motho a ka kganela matshwenyego a a leriweng ke magodu ka go nna a itlhokometse mo go one. 44 Jalo lo ka kganela matshwenyego ka go nna malatsi otlhe lo ipaakanyeditse go boa ga me mo go se kitlang go anamisiwa. 45 “A o motlhanka yo o botlhale yo o ikanyegang wa Morena? a ke go neetse tironyana ya go laola ba ntlo ya me, go fepa bongwanake letsatsi le letsatsi? 46 O sego fa e ka re ke boa ka fitlhela o dira tiro ya gago ka go ikanyega. 47 Ke tlaa dira ba ba ikanyegang jalo balaodi ba sengwe le sengwe se ke nang naso. 48 Mme fa o le bosula o bo o ithaya o re, ‘Morena wa me ga a na go tla ka bofefo,’ 49 o bo o simolola go gatelela batlhanka ka wena, o o ja o nwa o tagwa. 50 Morena wa gago o tlaa goroga a sa anamisiwa e bile a sa solofelwa, 51 “Mme a ba a go kgwathisa thata a go lelekela katlholong ya baitimokanyi; kwa go tlaa nnang selelo le khuranyo ya meno teng.”

In Other Versions

Matthew 24 in the ANGEFD

Matthew 24 in the ANTPNG2D

Matthew 24 in the AS21

Matthew 24 in the BAGH

Matthew 24 in the BBPNG

Matthew 24 in the BBT1E

Matthew 24 in the BDS

Matthew 24 in the BEV

Matthew 24 in the BHAD

Matthew 24 in the BIB

Matthew 24 in the BLPT

Matthew 24 in the BNT

Matthew 24 in the BNTABOOT

Matthew 24 in the BNTLV

Matthew 24 in the BOATCB

Matthew 24 in the BOATCB2

Matthew 24 in the BOBCV

Matthew 24 in the BOCNT

Matthew 24 in the BOECS

Matthew 24 in the BOGWICC

Matthew 24 in the BOHCB

Matthew 24 in the BOHCV

Matthew 24 in the BOHLNT

Matthew 24 in the BOHNTLTAL

Matthew 24 in the BOICB

Matthew 24 in the BOILNTAP

Matthew 24 in the BOITCV

Matthew 24 in the BOKCV

Matthew 24 in the BOKCV2

Matthew 24 in the BOKHWOG

Matthew 24 in the BOKSSV

Matthew 24 in the BOLCB

Matthew 24 in the BOLCB2

Matthew 24 in the BOMCV

Matthew 24 in the BONAV

Matthew 24 in the BONCB

Matthew 24 in the BONLT

Matthew 24 in the BONUT2

Matthew 24 in the BOPLNT

Matthew 24 in the BOSCB

Matthew 24 in the BOSNC

Matthew 24 in the BOVCB

Matthew 24 in the BOYCB

Matthew 24 in the BPBB

Matthew 24 in the BPH

Matthew 24 in the BSB

Matthew 24 in the CCB

Matthew 24 in the CUV

Matthew 24 in the CUVS

Matthew 24 in the DBT

Matthew 24 in the DGDNT

Matthew 24 in the DHNT

Matthew 24 in the DNT

Matthew 24 in the ELBE

Matthew 24 in the EMTV

Matthew 24 in the ESV

Matthew 24 in the FBV

Matthew 24 in the FEB

Matthew 24 in the GGMNT

Matthew 24 in the GNT

Matthew 24 in the HARY

Matthew 24 in the HNT

Matthew 24 in the IRVA

Matthew 24 in the IRVB

Matthew 24 in the IRVG

Matthew 24 in the IRVH

Matthew 24 in the IRVK

Matthew 24 in the IRVM

Matthew 24 in the IRVM2

Matthew 24 in the IRVO

Matthew 24 in the IRVP

Matthew 24 in the IRVT

Matthew 24 in the IRVT2

Matthew 24 in the IRVU

Matthew 24 in the ISVN

Matthew 24 in the JSNT

Matthew 24 in the KAPI

Matthew 24 in the KBT1ETNIK

Matthew 24 in the KBV

Matthew 24 in the KJV

Matthew 24 in the KNFD

Matthew 24 in the LBA

Matthew 24 in the LBLA

Matthew 24 in the LNT

Matthew 24 in the LSV

Matthew 24 in the MAAL

Matthew 24 in the MBV

Matthew 24 in the MBV2

Matthew 24 in the MHNT

Matthew 24 in the MKNFD

Matthew 24 in the MNG

Matthew 24 in the MNT

Matthew 24 in the MNT2

Matthew 24 in the MRS1T

Matthew 24 in the NAA

Matthew 24 in the NASB

Matthew 24 in the NBLA

Matthew 24 in the NBS

Matthew 24 in the NBVTP

Matthew 24 in the NET2

Matthew 24 in the NIV11

Matthew 24 in the NNT

Matthew 24 in the NNT2

Matthew 24 in the NNT3

Matthew 24 in the PDDPT

Matthew 24 in the PFNT

Matthew 24 in the RMNT

Matthew 24 in the SBIAS

Matthew 24 in the SBIBS

Matthew 24 in the SBIBS2

Matthew 24 in the SBICS

Matthew 24 in the SBIDS

Matthew 24 in the SBIGS

Matthew 24 in the SBIHS

Matthew 24 in the SBIIS

Matthew 24 in the SBIIS2

Matthew 24 in the SBIIS3

Matthew 24 in the SBIKS

Matthew 24 in the SBIKS2

Matthew 24 in the SBIMS

Matthew 24 in the SBIOS

Matthew 24 in the SBIPS

Matthew 24 in the SBISS

Matthew 24 in the SBITS

Matthew 24 in the SBITS2

Matthew 24 in the SBITS3

Matthew 24 in the SBITS4

Matthew 24 in the SBIUS

Matthew 24 in the SBIVS

Matthew 24 in the SBT

Matthew 24 in the SBT1E

Matthew 24 in the SCHL

Matthew 24 in the SNT

Matthew 24 in the SUSU

Matthew 24 in the SUSU2

Matthew 24 in the SYNO

Matthew 24 in the TBIAOTANT

Matthew 24 in the TBT1E

Matthew 24 in the TBT1E2

Matthew 24 in the TFTIP

Matthew 24 in the TFTU

Matthew 24 in the TGNTATF3T

Matthew 24 in the THAI

Matthew 24 in the TNFD

Matthew 24 in the TNT

Matthew 24 in the TNTIK

Matthew 24 in the TNTIL

Matthew 24 in the TNTIN

Matthew 24 in the TNTIP

Matthew 24 in the TNTIZ

Matthew 24 in the TOMA

Matthew 24 in the TTENT

Matthew 24 in the UBG

Matthew 24 in the UGV

Matthew 24 in the UGV2

Matthew 24 in the UGV3

Matthew 24 in the VBL

Matthew 24 in the VDCC

Matthew 24 in the YALU

Matthew 24 in the YAPE

Matthew 24 in the YBVTP

Matthew 24 in the ZBP