Matthew 4 (BOTLNT)

1 Mme Jesu a gogelwa ke Mowa o o Boitshepo kwa sekakeng, go ya go lekwa ke Satane. 2 Ka malatsi a le masome a mane le masigo a le masome mane o na a sa je sepe, mme a tshwarwa ke tlala. 3 Mme Satane a mo leka gore a fetole maje senkgwe. Mme a re, go tlaa supa fa o le Morwa Modimo. 4 Mme Jesu a mo raya a re, “Nnyaa! gonne dikwalo tsa re senkgwe ga se ka ke sa otla mewa ya batho: se re se tlhokang ke go reetsa lefoko lengwe le lengwe la Modimo.” 5 Mme Satane a mo tsaya a mo isa setlhoeng sa Tempele mo Jerusalema. 6 A mo raya a re, “Itige o itshupe fa o le Morwa Modimo; ka dikwalo tsa re, ‘Modimo o tlaa roma baengele ba One go go agelela gore o seka wa golafala,’ ba tlaa go agelela mo go sugagakaneng mo matlapeng a a kwa tlase.” 7 Jesu a mo araba ka kgakalo a re, “Gape gatwe ‘o se ka wa leka Morena Modimo ka teko ya boeleele.’ ” 8 Mme Satane a mo tsaya a mo isa setlhoeng sa thaba e e goletseng kwa godimo thata mme a mo kaela dichaba tsa lefatshe le kgalalelo yotlhe ya tsone. 9 A mo raya a re, “Ke tlaa go fa mo gotlhe fa o ka khubama wa nkobamela.” 10 Mme Jesu a mo raya a re, “Tloga fa Satane. Dikwalo tsa re, ‘obamela Morena Modimo a le nosi. Reetsa ene fela.’ ” 11 Mme Satane a mo tlogela mme baengele ba tla go mo direla. 12 12-13 Mme e rile fa Jesu a utlwa gore Johane o tshwerwe, a tswa mo Judea a boela gae kwa Nasaretha mo Galalea; Mme ka bofefo a fetela kwa Kaperanama fa thoko ga Lecha la Galalea gautshwane le Sebulona le Nafetali. 14 Mo ga diragatsa seporofeso sa ga Isaia se se reng 15 “Lefatshe la Sebulona le lefatshe la ga Nafetali fa thoko ga Lecha, le moseja ga noka ya Jorodane, le kwa godimo ga Galalea kwa go tletseng Badichaba, 16 teng koo batho ba ba neng ba le mo lefifing, ba bonye lesedi le legolo; ba ne ba ntse mo lefatshing la loso, mme lesedi la ba tlhabela.” 17 Go simolola foo, Jesu a simolola go ruta a re, “Sokologang mo sebing lo sokologele mo Modimong gonne Bogosi jwa Legodimo bo, atametse.” 18 Mme ya re ka letsatsi lengwe a tsamaya mo motlhabeng wa lotshitshi lwa Lecha la Galalea, a bona banna ba le babedi, bana ba motho, ebong Simone yo o bidiwang Petere le Anderea, ba le mo mokorong ba tshwara ditlhapi ka lotloa ka e ne e le batshwari le barekisi ba ditlhapi. 19 Mme Jesu a ba bitsa a re, “Ntshalang morago mme ke tlaa lo ruta ka fa lo ka tshwarang ka teng mewa ya batho.” 20 Mme ba akofa ba tlogela matloa a bone ba tsamaya nae. 21 Ya re kgakalanyana mo motlhabeng wa lotshitshi, a bona bana ba motho ba bangwe gape ba le babedi, ebong Jakobe le Johane ba ntse mo mokorong le Sebede rraabo, ba roka matloa a bone; mme le bone a ba bitsa. 22 Mme ba akofa ba emisa tiro ya bone ba tsamaya nae, ba tlogela rraabo. 23 Jesu a tsamaya mo tikologong yotlhe ya Galalea a ruta mo dikerekeng tsa Bajuta a rera Mafoko a a Molemo kaga Bogosi jwa Legodimo. A fodisa mofuta mongwe le mongwe wa khidiego le malwetse. 24 Pego ya dikgakgamatso tsa gagwe ya anama go feta melelwane ya Galalea mo e leng gore batho ba ba neng ba lwalela kgakala kwa Siria, ba ne ba tla kwa go ene go fodisiwa. A e ka ne e ne e le bolwetse bofe le setlhabi, kgotsa ba tsenywe ke badimo, kgotsa botsenwa, kgotsa teteselo, o ne a ba fodisa. 25 Bontsintsi jo bogolo jwa batho jwa mo sala morago gongwe le gongwe kwa a yang gone. Batho ba ne ba tswa Galalea le mo metseng e e some le Jerusalema, le gongwe le gongwe mo Judea le kwa moseja ga Noka ya Jorodane.

In Other Versions

Matthew 4 in the ANGEFD

Matthew 4 in the ANTPNG2D

Matthew 4 in the AS21

Matthew 4 in the BAGH

Matthew 4 in the BBPNG

Matthew 4 in the BBT1E

Matthew 4 in the BDS

Matthew 4 in the BEV

Matthew 4 in the BHAD

Matthew 4 in the BIB

Matthew 4 in the BLPT

Matthew 4 in the BNT

Matthew 4 in the BNTABOOT

Matthew 4 in the BNTLV

Matthew 4 in the BOATCB

Matthew 4 in the BOATCB2

Matthew 4 in the BOBCV

Matthew 4 in the BOCNT

Matthew 4 in the BOECS

Matthew 4 in the BOGWICC

Matthew 4 in the BOHCB

Matthew 4 in the BOHCV

Matthew 4 in the BOHLNT

Matthew 4 in the BOHNTLTAL

Matthew 4 in the BOICB

Matthew 4 in the BOILNTAP

Matthew 4 in the BOITCV

Matthew 4 in the BOKCV

Matthew 4 in the BOKCV2

Matthew 4 in the BOKHWOG

Matthew 4 in the BOKSSV

Matthew 4 in the BOLCB

Matthew 4 in the BOLCB2

Matthew 4 in the BOMCV

Matthew 4 in the BONAV

Matthew 4 in the BONCB

Matthew 4 in the BONLT

Matthew 4 in the BONUT2

Matthew 4 in the BOPLNT

Matthew 4 in the BOSCB

Matthew 4 in the BOSNC

Matthew 4 in the BOVCB

Matthew 4 in the BOYCB

Matthew 4 in the BPBB

Matthew 4 in the BPH

Matthew 4 in the BSB

Matthew 4 in the CCB

Matthew 4 in the CUV

Matthew 4 in the CUVS

Matthew 4 in the DBT

Matthew 4 in the DGDNT

Matthew 4 in the DHNT

Matthew 4 in the DNT

Matthew 4 in the ELBE

Matthew 4 in the EMTV

Matthew 4 in the ESV

Matthew 4 in the FBV

Matthew 4 in the FEB

Matthew 4 in the GGMNT

Matthew 4 in the GNT

Matthew 4 in the HARY

Matthew 4 in the HNT

Matthew 4 in the IRVA

Matthew 4 in the IRVB

Matthew 4 in the IRVG

Matthew 4 in the IRVH

Matthew 4 in the IRVK

Matthew 4 in the IRVM

Matthew 4 in the IRVM2

Matthew 4 in the IRVO

Matthew 4 in the IRVP

Matthew 4 in the IRVT

Matthew 4 in the IRVT2

Matthew 4 in the IRVU

Matthew 4 in the ISVN

Matthew 4 in the JSNT

Matthew 4 in the KAPI

Matthew 4 in the KBT1ETNIK

Matthew 4 in the KBV

Matthew 4 in the KJV

Matthew 4 in the KNFD

Matthew 4 in the LBA

Matthew 4 in the LBLA

Matthew 4 in the LNT

Matthew 4 in the LSV

Matthew 4 in the MAAL

Matthew 4 in the MBV

Matthew 4 in the MBV2

Matthew 4 in the MHNT

Matthew 4 in the MKNFD

Matthew 4 in the MNG

Matthew 4 in the MNT

Matthew 4 in the MNT2

Matthew 4 in the MRS1T

Matthew 4 in the NAA

Matthew 4 in the NASB

Matthew 4 in the NBLA

Matthew 4 in the NBS

Matthew 4 in the NBVTP

Matthew 4 in the NET2

Matthew 4 in the NIV11

Matthew 4 in the NNT

Matthew 4 in the NNT2

Matthew 4 in the NNT3

Matthew 4 in the PDDPT

Matthew 4 in the PFNT

Matthew 4 in the RMNT

Matthew 4 in the SBIAS

Matthew 4 in the SBIBS

Matthew 4 in the SBIBS2

Matthew 4 in the SBICS

Matthew 4 in the SBIDS

Matthew 4 in the SBIGS

Matthew 4 in the SBIHS

Matthew 4 in the SBIIS

Matthew 4 in the SBIIS2

Matthew 4 in the SBIIS3

Matthew 4 in the SBIKS

Matthew 4 in the SBIKS2

Matthew 4 in the SBIMS

Matthew 4 in the SBIOS

Matthew 4 in the SBIPS

Matthew 4 in the SBISS

Matthew 4 in the SBITS

Matthew 4 in the SBITS2

Matthew 4 in the SBITS3

Matthew 4 in the SBITS4

Matthew 4 in the SBIUS

Matthew 4 in the SBIVS

Matthew 4 in the SBT

Matthew 4 in the SBT1E

Matthew 4 in the SCHL

Matthew 4 in the SNT

Matthew 4 in the SUSU

Matthew 4 in the SUSU2

Matthew 4 in the SYNO

Matthew 4 in the TBIAOTANT

Matthew 4 in the TBT1E

Matthew 4 in the TBT1E2

Matthew 4 in the TFTIP

Matthew 4 in the TFTU

Matthew 4 in the TGNTATF3T

Matthew 4 in the THAI

Matthew 4 in the TNFD

Matthew 4 in the TNT

Matthew 4 in the TNTIK

Matthew 4 in the TNTIL

Matthew 4 in the TNTIN

Matthew 4 in the TNTIP

Matthew 4 in the TNTIZ

Matthew 4 in the TOMA

Matthew 4 in the TTENT

Matthew 4 in the UBG

Matthew 4 in the UGV

Matthew 4 in the UGV2

Matthew 4 in the UGV3

Matthew 4 in the VBL

Matthew 4 in the VDCC

Matthew 4 in the YALU

Matthew 4 in the YAPE

Matthew 4 in the YBVTP

Matthew 4 in the ZBP