Philemon 1 (BOTLNT)
1 Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo yo ke leng mo kgolegelong ka ntlha ya go rera Mafoko a a Molemo kaga Jesu Keresete le kwa go mokaulengwe Timotheo. 2 Ke lo kwalela wena: Filimone, modiri ka rona yo o rategang thata, le phuthego e e kopanelang mo tlung ya gago, le Apefia kgaitsadia rona, le Arekipo yo jaaka nna e leng lesole la mokgoro. 3 A Modimo Rraa rona le Morena Jesu Keresete a lo neye masego a gagwe le kagiso. 4 Ke leboga Modimo ka malatsi otlhe fa ke lo rapelela, Filimone yo o rategang, 5 gonne ke ntse ke utlwalela lorato lwa gago le ka fa o ikanyang Morena Jesu ka teng mmogo le batho ba gagwe. 6 Mme ke rapelela gore e re o ntse o abalana tumelo ya gago le ba bangwe le bone e gape matshelo a bone, ka ba bona khumo ya dilo tse di molemo mo go wena tse di tswang kwa go Keresete Jesu. 7 Nna ka sebele ke bonye boitumelo jo bogolo le kgomotso mo loratong lwa gago, mokaulengwe wa me, gonne bopelonomijwa gago ga bo bolo go nna bo nchafatsa dipelo tsa batho ba Modimo. 8 8-9 Jaanong ke batla go lo lopa gore lo ntirele sengwe. Ke ka se batla mo go lona ka leina la ga Keresete gonne ke selo se se lo siametseng go se dira, mme ke a lo rata ebile ke bona go tlhamaletse gore ke lo kope, nna Paulo, yo ke leng monnamogolo jaanong ke le kwano mo kgolegelong ka ntlha ya ga Jesu Keresete. 10 Kopo ya me ke gore lo supe bopelonomi mo go ngwanake Onesimo, yo ke mo gapetseng mo Moreneng fa ke santse ke le mo kgolegelong. 11 Onesimo (yo leina la gagwe le rayang “Thuso”) o ne a se botlhokwa thata mo go wena mo lobakeng lo lo fetileng, mme jaanong o tsile go nna botlhokwa mo go rona rotlhe. 12 Ke mo romela gape kwa go wena, mme o tla ka pelo ya me yotlhe. 13 Mme tota ke ne ke ratile go mo tshegetsa kwano go nna fa ke santse ke le mo dikeetaneng ka ntlha ya go rera Mafoko a a Molemo, mme o ne o tlaa bo o ne o ntse o nthusa ka ene, 14 mme ke ne ke sa batle go dira jalo ke sa dumalana nao. Ke ne ke sa batle gore o nne pelonomi gonne o ne o tshwanetse go nna jalo mme ke ka gore o ne o batla go nna pelonomi. 15 Gongwe o ne o ka go akanya jaana: gore o siile kwa go wena ka lobakanyana gore jaanong a nne wa gago ka malatsi otlhe, 16 e sa tlhole e le motlhanka fela, mme a le mongwe yo o botoka, mokaulengwe yo o rategang, segolo jang mo go nna. Jaanong le wena o tlaa go solegela molemo thata, gonne ga se motlhanka fela mme gape ke mokaulengwe wa gago mo go Keresete. 17 Fa ke le tsala ya gago tota, mo amogele ka boitumelo jo o neng o ka nkamogela ka jone fa e ne e le nna yo ke tlang. 18 Fa a go utlwisitse botlhoko ka tsela nngwe kgotsa a go utsweditse sengwe, se nkatlholele. 19 Ke tlaa se busa (nna Paulo ka sebele, ke solofetsa go dira jaana ka go kwala jalo ka seatla se e leng sa me) mme ga ke na go go bolelela gore o nkolota bokae! Boammaaruri ke gore, o nkolota le one mowa wa gago tota! 20 Ee, mokaulengwe yo o rategang, intumedise ka yone tiro e e rategang e, mme pelo ya me e e lapileng e tlaa galaletsa Morena. 21 Ke go kwaletse lokwalo lo gonne ke tlhomamisa gore o tlaa dira se ke se kopang, ebile o tlaa se dira go gaisa jaaka ke se batla! 22 Tswee-tswee mpaakanyetsa ntlo ya baeng, gonne ke solofela gore Modimo o tlaa araba dithapelo tsa lona o baa o ntetla go tla kwa go lona ka bofefo. 23 Epaferase legolegwa ka nna yo le ene a leng kwano ka ntlha ya go rera Keresete Jesu, o a lo dumedisa. 24 Mareko, Arisetareko, Demase le Luke, badiri ka nna le bone ba a lo dumedisa. 25 A masego a Morena wa rona Jesu Keresete a nne mo moweng wa lona.
In Other Versions
Philemon 1 in the ANGEFD
Philemon 1 in the ANTPNG2D
Philemon 1 in the AS21
Philemon 1 in the BAGH
Philemon 1 in the BBPNG
Philemon 1 in the BBT1E
Philemon 1 in the BDS
Philemon 1 in the BEV
Philemon 1 in the BHAD
Philemon 1 in the BIB
Philemon 1 in the BLPT
Philemon 1 in the BNT
Philemon 1 in the BNTABOOT
Philemon 1 in the BNTLV
Philemon 1 in the BOATCB
Philemon 1 in the BOATCB2
Philemon 1 in the BOBCV
Philemon 1 in the BOCNT
Philemon 1 in the BOECS
Philemon 1 in the BOGWICC
Philemon 1 in the BOHCB
Philemon 1 in the BOHCV
Philemon 1 in the BOHLNT
Philemon 1 in the BOHNTLTAL
Philemon 1 in the BOICB
Philemon 1 in the BOILNTAP
Philemon 1 in the BOITCV
Philemon 1 in the BOKCV
Philemon 1 in the BOKCV2
Philemon 1 in the BOKHWOG
Philemon 1 in the BOKSSV
Philemon 1 in the BOLCB
Philemon 1 in the BOLCB2
Philemon 1 in the BOMCV
Philemon 1 in the BONAV
Philemon 1 in the BONCB
Philemon 1 in the BONLT
Philemon 1 in the BONUT2
Philemon 1 in the BOPLNT
Philemon 1 in the BOSCB
Philemon 1 in the BOSNC
Philemon 1 in the BOVCB
Philemon 1 in the BOYCB
Philemon 1 in the BPBB
Philemon 1 in the BPH
Philemon 1 in the BSB
Philemon 1 in the CCB
Philemon 1 in the CUV
Philemon 1 in the CUVS
Philemon 1 in the DBT
Philemon 1 in the DGDNT
Philemon 1 in the DHNT
Philemon 1 in the DNT
Philemon 1 in the ELBE
Philemon 1 in the EMTV
Philemon 1 in the ESV
Philemon 1 in the FBV
Philemon 1 in the FEB
Philemon 1 in the GGMNT
Philemon 1 in the GNT
Philemon 1 in the HARY
Philemon 1 in the HNT
Philemon 1 in the IRVA
Philemon 1 in the IRVB
Philemon 1 in the IRVG
Philemon 1 in the IRVH
Philemon 1 in the IRVK
Philemon 1 in the IRVM
Philemon 1 in the IRVM2
Philemon 1 in the IRVO
Philemon 1 in the IRVP
Philemon 1 in the IRVT
Philemon 1 in the IRVT2
Philemon 1 in the IRVU
Philemon 1 in the ISVN
Philemon 1 in the JSNT
Philemon 1 in the KAPI
Philemon 1 in the KBT1ETNIK
Philemon 1 in the KBV
Philemon 1 in the KJV
Philemon 1 in the KNFD
Philemon 1 in the LBA
Philemon 1 in the LBLA
Philemon 1 in the LNT
Philemon 1 in the LSV
Philemon 1 in the MAAL
Philemon 1 in the MBV
Philemon 1 in the MBV2
Philemon 1 in the MHNT
Philemon 1 in the MKNFD
Philemon 1 in the MNG
Philemon 1 in the MNT
Philemon 1 in the MNT2
Philemon 1 in the MRS1T
Philemon 1 in the NAA
Philemon 1 in the NASB
Philemon 1 in the NBLA
Philemon 1 in the NBS
Philemon 1 in the NBVTP
Philemon 1 in the NET2
Philemon 1 in the NIV11
Philemon 1 in the NNT
Philemon 1 in the NNT2
Philemon 1 in the NNT3
Philemon 1 in the PDDPT
Philemon 1 in the PFNT
Philemon 1 in the RMNT
Philemon 1 in the SBIAS
Philemon 1 in the SBIBS
Philemon 1 in the SBIBS2
Philemon 1 in the SBICS
Philemon 1 in the SBIDS
Philemon 1 in the SBIGS
Philemon 1 in the SBIHS
Philemon 1 in the SBIIS
Philemon 1 in the SBIIS2
Philemon 1 in the SBIIS3
Philemon 1 in the SBIKS
Philemon 1 in the SBIKS2
Philemon 1 in the SBIMS
Philemon 1 in the SBIOS
Philemon 1 in the SBIPS
Philemon 1 in the SBISS
Philemon 1 in the SBITS
Philemon 1 in the SBITS2
Philemon 1 in the SBITS3
Philemon 1 in the SBITS4
Philemon 1 in the SBIUS
Philemon 1 in the SBIVS
Philemon 1 in the SBT
Philemon 1 in the SBT1E
Philemon 1 in the SCHL
Philemon 1 in the SNT
Philemon 1 in the SUSU
Philemon 1 in the SUSU2
Philemon 1 in the SYNO
Philemon 1 in the TBIAOTANT
Philemon 1 in the TBT1E
Philemon 1 in the TBT1E2
Philemon 1 in the TFTIP
Philemon 1 in the TFTU
Philemon 1 in the TGNTATF3T
Philemon 1 in the THAI
Philemon 1 in the TNFD
Philemon 1 in the TNT
Philemon 1 in the TNTIK
Philemon 1 in the TNTIL
Philemon 1 in the TNTIN
Philemon 1 in the TNTIP
Philemon 1 in the TNTIZ
Philemon 1 in the TOMA
Philemon 1 in the TTENT
Philemon 1 in the UBG
Philemon 1 in the UGV
Philemon 1 in the UGV2
Philemon 1 in the UGV3
Philemon 1 in the VBL
Philemon 1 in the VDCC
Philemon 1 in the YALU
Philemon 1 in the YAPE
Philemon 1 in the YBVTP
Philemon 1 in the ZBP