Revelation 19 (BOTLNT)
1 Mme morago ga mo ka utlwa loshalaba lologolo lwa batho mo legodimong ba re, “Halleluja! Go bakwe Morena! Poloko e tswa mo Modimong wa rona. Tlotlo le taolo ke tsa one o le esi; 2 gonne dikatlholo tsa one di siame ebile di boammaaruri. O otlhaile seaka se segolo se se bodisitseng polao ya batlhanka ba one.” 3 Ba bua gangwe le gape, ba re, “A go bakwe Morena! Mme mosi wa go fisiwa ga gagwe o ne wa tlhatloga ka bosakhutleng!” 4 Mme bagolwane ba ba masome a mabedi le bone le ditshedi tse nne ba wela fa fatshe ba obamela Modimo, o o neng o ntse mo setilong sa bogosi, ba re, “Amen! Halleluja! Go bakwe Morena!” 5 Mme mo setilong sa bogosi ga tswa lentswe le le reng, “Bakang Modimo wa rona, lona lotlhe batlhanka ba One, bannye le bagolo, ba ba o boifang.” 6 Mme ka utlwa gape se se neng se utlwala jaaka loshalaba lwa batho ba bantsi kgotsa jaaka makhubu a lewatle a le lekgolo a phachegela mo lotshitshing kgotsa jaaka tumo e kgolo ya maru, ba re, “Go bakwe Morena. Gonne Morena Modimo wa rona, Mothatayotlhe, o a busa. 7 A re itumeleng re bo re ipele re mo tlotle; gonne lobaka lo fitlhile lwa modiro wa lonyalo lwa Kwana, mme monyadi wa gagwe o ipaakantse. 8 O letleletswe go apara matsela a a phepa a masweu a a borethe.” (Letsela le le borethe le raya ditiro tse di molemo tse di dirilweng ke batho ba Modimo). 9 Mme moengele a nthaya mafoko a: “Go sego ba ba laleditsweng modiro wa nyalo ya Kwana.” Mme a tlatsa a re, “Modimo ka boone o buile se.” 10 Mme ka wela fa dinaong tsa gagwe go mo obamela, mme a re, “Nnyaa! o se ka wa nkobamela! Gonne ke motlhanka wa Modimo fela jaaka wena, le jaaka bakaulengwe ba gago ba ntse mo Moreneng, ba ba supang ka tumelo ya bone mo go Jesu. Maikaelelo a seporofeso sotlhe le a gotlhe mo ke go go supegeditseng ke go bolela kaga Jesu.” 11 Mme ka bona legodimo le bulegile mme pitse e tshweu e eme gone; Mme leina la yo o neng a palame pitse e ne e le “Boikanyego le Boammaaruri”, ene yo o atlholang a bo a dira ntwa ka tshiamo. 12 Matlho a gagwe a ne a tshwana le dikgabo tsa molelo, mme mo tlhogong ya gagwe ga bo go le dirwalo tse dintsi. Leina le ne le kwadilwe mo phatleng ya gagwe, mme ya bo e le ene fela yo o itseng tlhaloso ya lone. 13 O ne a apere diaparo tse di innweng mo mading, mme leina la gagwe e ne e le “Lefoko la Modimo.” 14 Mme dintwa tsa legodimo, di apere letsela le le borethe, le le phepa le le sweu, tsa mo sala morago di palame dipitse tse di tshweu. 15 Mo molomong wa gagwe a bo a tshotse chaka e e bogale go kgemetha dichaba; o ne a di busa ka thobane ya tshipi; mme a gataka segatisetso sa mofine sa bogale jwa Modimo Mothata-yotlhe. 16 Mo kobong ya gagwe le mo seruping ga bo go kwadilwe mokwalo o: “KGOSI YA DIKGOSI LE MORENA WA BARENA.” 17 Mme ka bona moengele a eme mo letsatsing, mme a kua dinonyane ka lentswe le legolo a re, “Tlang! Phuthaganelang selalelo sa Modimo o mogolo! 18 Tlang lo jeng nama ya dikgosi, le balaodi; le banna ba ba thata; ya dipitse le bapalami; le batho botlhe, ba bannye le bagolo, batlhanka le ba ba golotsweng.” 19 Mme ka bona sebatana se se bosula se phuthile mebuso ya lefatshe le masole a yone go tlhabantsha yo o palameng pitse le masole a gagwe. 20 Mme sebatana se se bosula sa tshwarwa, mmogo le Moporofiti wa tsietso, yo o neng a dira dikgakgamatso tse dikgolo fela fa sebatana se se bosula se ne se le teng, dikgakgamatso tse di tsieditseng botlhe ba ba amogetseng lotshwao lwa sebatana, le ba ba obametseng setshwantsho sa sone sa leje. Ka bobedi jwa bone, Sebatana le Moporofiti wa tsietso, ba ne ba latlhelwa mo lecheng la molelo le le tukang ka sebabole. 21 Mme mophato otlhe wa masole wa bolawa ka chaka e e bogale e e neng e le mo molomong wa yo o palameng pitse e tshweu, le dinonyane tsotlhe tsa loapi tsa kgora nama ya bone.
In Other Versions
Revelation 19 in the ANGEFD
Revelation 19 in the ANTPNG2D
Revelation 19 in the AS21
Revelation 19 in the BAGH
Revelation 19 in the BBPNG
Revelation 19 in the BBT1E
Revelation 19 in the BDS
Revelation 19 in the BEV
Revelation 19 in the BHAD
Revelation 19 in the BIB
Revelation 19 in the BLPT
Revelation 19 in the BNT
Revelation 19 in the BNTABOOT
Revelation 19 in the BNTLV
Revelation 19 in the BOATCB
Revelation 19 in the BOATCB2
Revelation 19 in the BOBCV
Revelation 19 in the BOCNT
Revelation 19 in the BOECS
Revelation 19 in the BOGWICC
Revelation 19 in the BOHCB
Revelation 19 in the BOHCV
Revelation 19 in the BOHLNT
Revelation 19 in the BOHNTLTAL
Revelation 19 in the BOICB
Revelation 19 in the BOILNTAP
Revelation 19 in the BOITCV
Revelation 19 in the BOKCV
Revelation 19 in the BOKCV2
Revelation 19 in the BOKHWOG
Revelation 19 in the BOKSSV
Revelation 19 in the BOLCB
Revelation 19 in the BOLCB2
Revelation 19 in the BOMCV
Revelation 19 in the BONAV
Revelation 19 in the BONCB
Revelation 19 in the BONLT
Revelation 19 in the BONUT2
Revelation 19 in the BOPLNT
Revelation 19 in the BOSCB
Revelation 19 in the BOSNC
Revelation 19 in the BOVCB
Revelation 19 in the BOYCB
Revelation 19 in the BPBB
Revelation 19 in the BPH
Revelation 19 in the BSB
Revelation 19 in the CCB
Revelation 19 in the CUV
Revelation 19 in the CUVS
Revelation 19 in the DBT
Revelation 19 in the DGDNT
Revelation 19 in the DHNT
Revelation 19 in the DNT
Revelation 19 in the ELBE
Revelation 19 in the EMTV
Revelation 19 in the ESV
Revelation 19 in the FBV
Revelation 19 in the FEB
Revelation 19 in the GGMNT
Revelation 19 in the GNT
Revelation 19 in the HARY
Revelation 19 in the HNT
Revelation 19 in the IRVA
Revelation 19 in the IRVB
Revelation 19 in the IRVG
Revelation 19 in the IRVH
Revelation 19 in the IRVK
Revelation 19 in the IRVM
Revelation 19 in the IRVM2
Revelation 19 in the IRVO
Revelation 19 in the IRVP
Revelation 19 in the IRVT
Revelation 19 in the IRVT2
Revelation 19 in the IRVU
Revelation 19 in the ISVN
Revelation 19 in the JSNT
Revelation 19 in the KAPI
Revelation 19 in the KBT1ETNIK
Revelation 19 in the KBV
Revelation 19 in the KJV
Revelation 19 in the KNFD
Revelation 19 in the LBA
Revelation 19 in the LBLA
Revelation 19 in the LNT
Revelation 19 in the LSV
Revelation 19 in the MAAL
Revelation 19 in the MBV
Revelation 19 in the MBV2
Revelation 19 in the MHNT
Revelation 19 in the MKNFD
Revelation 19 in the MNG
Revelation 19 in the MNT
Revelation 19 in the MNT2
Revelation 19 in the MRS1T
Revelation 19 in the NAA
Revelation 19 in the NASB
Revelation 19 in the NBLA
Revelation 19 in the NBS
Revelation 19 in the NBVTP
Revelation 19 in the NET2
Revelation 19 in the NIV11
Revelation 19 in the NNT
Revelation 19 in the NNT2
Revelation 19 in the NNT3
Revelation 19 in the PDDPT
Revelation 19 in the PFNT
Revelation 19 in the RMNT
Revelation 19 in the SBIAS
Revelation 19 in the SBIBS
Revelation 19 in the SBIBS2
Revelation 19 in the SBICS
Revelation 19 in the SBIDS
Revelation 19 in the SBIGS
Revelation 19 in the SBIHS
Revelation 19 in the SBIIS
Revelation 19 in the SBIIS2
Revelation 19 in the SBIIS3
Revelation 19 in the SBIKS
Revelation 19 in the SBIKS2
Revelation 19 in the SBIMS
Revelation 19 in the SBIOS
Revelation 19 in the SBIPS
Revelation 19 in the SBISS
Revelation 19 in the SBITS
Revelation 19 in the SBITS2
Revelation 19 in the SBITS3
Revelation 19 in the SBITS4
Revelation 19 in the SBIUS
Revelation 19 in the SBIVS
Revelation 19 in the SBT
Revelation 19 in the SBT1E
Revelation 19 in the SCHL
Revelation 19 in the SNT
Revelation 19 in the SUSU
Revelation 19 in the SUSU2
Revelation 19 in the SYNO
Revelation 19 in the TBIAOTANT
Revelation 19 in the TBT1E
Revelation 19 in the TBT1E2
Revelation 19 in the TFTIP
Revelation 19 in the TFTU
Revelation 19 in the TGNTATF3T
Revelation 19 in the THAI
Revelation 19 in the TNFD
Revelation 19 in the TNT
Revelation 19 in the TNTIK
Revelation 19 in the TNTIL
Revelation 19 in the TNTIN
Revelation 19 in the TNTIP
Revelation 19 in the TNTIZ
Revelation 19 in the TOMA
Revelation 19 in the TTENT
Revelation 19 in the UBG
Revelation 19 in the UGV
Revelation 19 in the UGV2
Revelation 19 in the UGV3
Revelation 19 in the VBL
Revelation 19 in the VDCC
Revelation 19 in the YALU
Revelation 19 in the YAPE
Revelation 19 in the YBVTP
Revelation 19 in the ZBP