1 Corinthians 12 (BOTLNT)

1 Mme jaanong bakaulengwe, ke batla go kwala kaga dineo tse di faphegileng tse Mowa O O Boitshepo o di nayang bangwe le bangwe ba lona, gonne ga ke batle tlhoka-kutlwisisanyo kaga tsone. 2 Lo tlaa gakologelwa gore pele ga lo nna Bakeresete lo ne lo tlhatlologanya medimo ya disetwa, lo tswa mo go o lo tsena mo go o mongwe, go se ope wa yone o o neng o ka bua lefoko le le lengwe. 3 [Mme jaanong lo kopana le batho ba ba reng ba bua melaetsa e e tswang mo Moweng wa Modimo.] Lo itse jang gore ba tlhotlheleditswe ke Modimo tota kgotsa ke batsietsi? Itlhatlhobo ke e: ga go na ope yo o buang ka nonofo ya Mowa wa Modimo yo o ka hutsang Jesu, le gone ga go na ope yo o ka reng, “Jesu ke Morena,” mme e le boammaaruri, fa a sa thusiwe ke Mowa O O Boitshepo. 4 Jaanong Modimo o re naya mefuta e mentsi ya dineo tse di faphegileng, mme ke Mowa O O Boitshepo o le mongwe fela o e leng one motswedi wa tsone tsotlhe. 5 Go na le mefuta e e farologanyeng ya ditirelo Modimo, mme ke Morena a le mongwe fela yo re mo direlang. 6 Go na le ditsela di le dintsi tse Modimo o dirang ka tsone mo matshelong a rona, mme ke Modimo o le mongwe fela o o dirang tiro mo go rona rotlhe ba re leng ba one. 7 Mowa O O Boitshepo o bonatsa nonofo ya Modimo mo go mongwe le mongwe wa rona e le go thusa phuthego yotlhe. 8 Motho mongwe mowa o mo naya nonofo go ntsha kgakololo e e siameng; mongwe o ka bo a siame thata ka fa go ithuteng le go ruta, mme se ke mpho ya gagwe e e tswang e ntse e le mo go one Mowa O O Boitshepo. 9 O naya yo mongwe tumelo e e faphegileng, yo mongwe nonofo ya go fodisa balwetse. 10 O naya bangwe nonofo ya go dira dikgakgamatso, ba bangwe nonofo ya go porofesa le go rera, o naya mongwe nonofo ya go itse fa mewa e e bosula e bua mo go ba ba ipitsang gore ba naya melaetsa ya Modimo, kgotsa gore a ke one tota Mowa wa Modimo o o buang. Fela jalo, motho yo mongwe o kgona go bua dipuo tse a iseng a ke a di ithute; mme ba bangwe ba ba sa itseng puo, ba newa nonofo ya go tlhaloganya se a se buang. 11 E ntse ke one Mowa O O Boitshepo fela o o nayang dimpho tsotlhe le dinonofo, go bona gore mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go newa eng. 12 Mebele ya rona e na le ditokololo di le dintsi, mme ditokololo tse dintsi di dira mmele o le mongwe fela fa di kopantswe. Go ntse fela jalo ka “mmele” wa ga Keresete. 13 Mongwe le mongwe wa rona ke tokololo ya mmele wa ga Keresete. Bangwe ba rona ke Bajuta, bangwe ke Badichaba, bangwe ke magolegwa mme bangwe ba gololesegile. Mme Mowa O O Boitshepo o re tshwaragantse mmogo mo mmeleng o le mongwe. Re kolobeditswe mo mmeleng wa ga Keresete ka Mowa o le mongwe, ra bo ra newa one Mowa O O Boitshepo oo. 14 Ee, mmele o na le ditokololo tse dintsi, e seng tokololo e le nngwe fela. 15 Fa lonao lo re, “Ga ke tokololo ya mmele ka gore ga ke letsogo,” seo ga se dire lonao tokololo e potlana ya mmele. 16 Mme o ne o ka reng fa o utlwa tsebe e re, “Ga ke tokololo ya mmele ka gore ke tsebe fela, ga ke leitlho”. A seo se ne se tlaa e dira tokololo e potlana ya mmele? 17 A re re fa mmele otlhe e ne e le leitlho, o ne o ka utlwa jang? Kgotsa mmele wa gago otlhe fela e le tsebe e le nngwe e tona, o ne o ka dupelela jang? 18 Mme ga se kafa Modimo o re dirileng ka gone. O diretse mebele ya rona ditokololo di le dintsi thata, mme wa baya tokololo nngwe le nngwe fa o e batlang gone. 19 Go ne go tlaa hakgamatsa jang fa mmele o ne o na le tokololo e le nngwe fela? 20 Jalo o dirile ditokololo tse dintsi, mme le fa go ntse jalo, mmele o ntse o mongwe fela. 21 Leitlho ga le kake la raya letsogo la re, “Ga ke go batle,” Tlhogo ga e kake ya raya dinao ya re, “Ga ke lo batle”. 22 Mme ditokololo dingwe tse di lebegang di le bokoa ebile di se botlhokwa thata ke tsone tota tse di tlhokegang thata, 23 mme ditokololo tse re akanyang gore ga di botlhokwa thata, re di eleng tlhoko thata; fa ditokololo tsa mmele tse di sa lebegeng di le dintle thata di amogela kelotlhoko e e faphegileng, 24 fa tota ditokololo tse di ka bonwang di sa batle tlhokomelo e e faphegileng e. Jalo Modimo o bopile mmele ka tsela e e leng gore tlotlo le tlhokomelo di newe ditokololo tse di lebegang di sa tlotlwa thata. 25 Se se dira boitumelo mo ditokololong, gore ditokololo tse di nne le tlhokomelo e e tshwanelang tse dingwe gore di itirele ka bo tsone. 26 Fa tokololo nngwe e utlwa botlhoko, ditokololo di utlwa botlhoko nayo, mme fa tokololo e le nngwe e tlotlwa, ditokololo tsotlhe di a itumela. 27 Jaanong se ke batlang go se bua ke se: Lotlhe lo mmele o le mongwe fela wa ga Keresete mme mongwe le mongwe wa lona ke tokololo e e faphegileng e e tlhokegang ya one. 28 Thulaganyo ya ditokololo dingwe tse a di beileng mo phuthegong ya gagwe ke e, e e leng mmele wa gagwe: Baporofiti—bao ba rerang Lefoko la Modimo, Baruti, bao ba dirang dikgakgamatso, bao ba nang le neo ya phodiso, bao ba ka thusang ba bangwe, bao ba ka dirang ba bangwe gore ba dire mmogo, bao ba ba buang ka diteme tse ba sa di ithutang. 29 A mongwe le mongwe ke moaposetoloi? Nnyaa. A mongwe le mongwe ke moreri? Nnyaa. A botlhe ke baruti? A mongwe le mongwe o na le nonofo go dira dikgakgamatso? 30 A mongwe le mongwe o ka fodisa bolwetse? Nnyaa. A Modimo o re naya rotlhe nonofo ya go bua ka diteme tse re sa di ithutang? A mongwe fela o ka tlhaloganya a bo a ranola se se buiwang ke ba ba nang le neo ya puo ya seeng? 31 Nnyaa, leka bojotlhe jwa gago go nna le neo e e di gaisang tsotlhe. Pele, le fa go ntse jalo, mma ke go bolelele sengwe se sele se se botoka go di gaisa tsotlhe!

In Other Versions

1 Corinthians 12 in the ANGEFD

1 Corinthians 12 in the ANTPNG2D

1 Corinthians 12 in the AS21

1 Corinthians 12 in the BAGH

1 Corinthians 12 in the BBPNG

1 Corinthians 12 in the BBT1E

1 Corinthians 12 in the BDS

1 Corinthians 12 in the BEV

1 Corinthians 12 in the BHAD

1 Corinthians 12 in the BIB

1 Corinthians 12 in the BLPT

1 Corinthians 12 in the BNT

1 Corinthians 12 in the BNTABOOT

1 Corinthians 12 in the BNTLV

1 Corinthians 12 in the BOATCB

1 Corinthians 12 in the BOATCB2

1 Corinthians 12 in the BOBCV

1 Corinthians 12 in the BOCNT

1 Corinthians 12 in the BOECS

1 Corinthians 12 in the BOGWICC

1 Corinthians 12 in the BOHCB

1 Corinthians 12 in the BOHCV

1 Corinthians 12 in the BOHLNT

1 Corinthians 12 in the BOHNTLTAL

1 Corinthians 12 in the BOICB

1 Corinthians 12 in the BOILNTAP

1 Corinthians 12 in the BOITCV

1 Corinthians 12 in the BOKCV

1 Corinthians 12 in the BOKCV2

1 Corinthians 12 in the BOKHWOG

1 Corinthians 12 in the BOKSSV

1 Corinthians 12 in the BOLCB

1 Corinthians 12 in the BOLCB2

1 Corinthians 12 in the BOMCV

1 Corinthians 12 in the BONAV

1 Corinthians 12 in the BONCB

1 Corinthians 12 in the BONLT

1 Corinthians 12 in the BONUT2

1 Corinthians 12 in the BOPLNT

1 Corinthians 12 in the BOSCB

1 Corinthians 12 in the BOSNC

1 Corinthians 12 in the BOVCB

1 Corinthians 12 in the BOYCB

1 Corinthians 12 in the BPBB

1 Corinthians 12 in the BPH

1 Corinthians 12 in the BSB

1 Corinthians 12 in the CCB

1 Corinthians 12 in the CUV

1 Corinthians 12 in the CUVS

1 Corinthians 12 in the DBT

1 Corinthians 12 in the DGDNT

1 Corinthians 12 in the DHNT

1 Corinthians 12 in the DNT

1 Corinthians 12 in the ELBE

1 Corinthians 12 in the EMTV

1 Corinthians 12 in the ESV

1 Corinthians 12 in the FBV

1 Corinthians 12 in the FEB

1 Corinthians 12 in the GGMNT

1 Corinthians 12 in the GNT

1 Corinthians 12 in the HARY

1 Corinthians 12 in the HNT

1 Corinthians 12 in the IRVA

1 Corinthians 12 in the IRVB

1 Corinthians 12 in the IRVG

1 Corinthians 12 in the IRVH

1 Corinthians 12 in the IRVK

1 Corinthians 12 in the IRVM

1 Corinthians 12 in the IRVM2

1 Corinthians 12 in the IRVO

1 Corinthians 12 in the IRVP

1 Corinthians 12 in the IRVT

1 Corinthians 12 in the IRVT2

1 Corinthians 12 in the IRVU

1 Corinthians 12 in the ISVN

1 Corinthians 12 in the JSNT

1 Corinthians 12 in the KAPI

1 Corinthians 12 in the KBT1ETNIK

1 Corinthians 12 in the KBV

1 Corinthians 12 in the KJV

1 Corinthians 12 in the KNFD

1 Corinthians 12 in the LBA

1 Corinthians 12 in the LBLA

1 Corinthians 12 in the LNT

1 Corinthians 12 in the LSV

1 Corinthians 12 in the MAAL

1 Corinthians 12 in the MBV

1 Corinthians 12 in the MBV2

1 Corinthians 12 in the MHNT

1 Corinthians 12 in the MKNFD

1 Corinthians 12 in the MNG

1 Corinthians 12 in the MNT

1 Corinthians 12 in the MNT2

1 Corinthians 12 in the MRS1T

1 Corinthians 12 in the NAA

1 Corinthians 12 in the NASB

1 Corinthians 12 in the NBLA

1 Corinthians 12 in the NBS

1 Corinthians 12 in the NBVTP

1 Corinthians 12 in the NET2

1 Corinthians 12 in the NIV11

1 Corinthians 12 in the NNT

1 Corinthians 12 in the NNT2

1 Corinthians 12 in the NNT3

1 Corinthians 12 in the PDDPT

1 Corinthians 12 in the PFNT

1 Corinthians 12 in the RMNT

1 Corinthians 12 in the SBIAS

1 Corinthians 12 in the SBIBS

1 Corinthians 12 in the SBIBS2

1 Corinthians 12 in the SBICS

1 Corinthians 12 in the SBIDS

1 Corinthians 12 in the SBIGS

1 Corinthians 12 in the SBIHS

1 Corinthians 12 in the SBIIS

1 Corinthians 12 in the SBIIS2

1 Corinthians 12 in the SBIIS3

1 Corinthians 12 in the SBIKS

1 Corinthians 12 in the SBIKS2

1 Corinthians 12 in the SBIMS

1 Corinthians 12 in the SBIOS

1 Corinthians 12 in the SBIPS

1 Corinthians 12 in the SBISS

1 Corinthians 12 in the SBITS

1 Corinthians 12 in the SBITS2

1 Corinthians 12 in the SBITS3

1 Corinthians 12 in the SBITS4

1 Corinthians 12 in the SBIUS

1 Corinthians 12 in the SBIVS

1 Corinthians 12 in the SBT

1 Corinthians 12 in the SBT1E

1 Corinthians 12 in the SCHL

1 Corinthians 12 in the SNT

1 Corinthians 12 in the SUSU

1 Corinthians 12 in the SUSU2

1 Corinthians 12 in the SYNO

1 Corinthians 12 in the TBIAOTANT

1 Corinthians 12 in the TBT1E

1 Corinthians 12 in the TBT1E2

1 Corinthians 12 in the TFTIP

1 Corinthians 12 in the TFTU

1 Corinthians 12 in the TGNTATF3T

1 Corinthians 12 in the THAI

1 Corinthians 12 in the TNFD

1 Corinthians 12 in the TNT

1 Corinthians 12 in the TNTIK

1 Corinthians 12 in the TNTIL

1 Corinthians 12 in the TNTIN

1 Corinthians 12 in the TNTIP

1 Corinthians 12 in the TNTIZ

1 Corinthians 12 in the TOMA

1 Corinthians 12 in the TTENT

1 Corinthians 12 in the UBG

1 Corinthians 12 in the UGV

1 Corinthians 12 in the UGV2

1 Corinthians 12 in the UGV3

1 Corinthians 12 in the VBL

1 Corinthians 12 in the VDCC

1 Corinthians 12 in the YALU

1 Corinthians 12 in the YAPE

1 Corinthians 12 in the YBVTP

1 Corinthians 12 in the ZBP