1 Corinthians 6 (BOTLNT)
1 Go ka nna jang fa o na le sengwe kgatlha nong le Mokeresete yo mongwe, o “ya kwa Molaong” o ya go kopa tshekelo ya boheitane go go atlholela mo boemong jwa go e tseela kwa Bakereseteng ba bangwe go ya go atlhola gore ke ofe wa lona yo o siameng? 2 A ga lo itse gore letsatsi lengwe rona Bakeresete re tlaa atlhola re be re busa lefatshe? Jalo ke eng fa lo sa kgone go atlhola le tsone dilonyana tse di nnye tse di mo gareng ga lona. 3 A ga lo lemoge gore rona Bakeresete re tlaa atlhola re bo re duela baengele ba ba mo legodimong. Jalo lo tshwanetse go atlhola matshwenyego a lona mono lefatsheng ka bomotlhofo jo bogolo. 4 Ke eng fa jaanong lo ya kwa baatlhoding ba ba kwa ntle ba e seng Bakeresete? 5 Ke leka go lo tlhabisa ditlhong. A ga go na ope mo phuthegong yo o botlhale thata go atlhola dingongorego tse? 6 Mme mo boemong jwa se, Mokeresete o isa yo mongwe tshekong mme a sekise mokaulengwe wa gagwe fa pele ga batho ba ba sa dumeleng. 7 Go nna le ditshekisano tse di ntseng jalo lo le Bakeresete go raya gore lo fentswe e le ruri. Ke eng fa lo sa ineele mo patikong? Mme lwa tlogela go ntse jalo? E tlaa bo e le tlotlo e kgolo mo Moreneng fa lo ineela go tsiediwa. 8 Mme mo boemong jwa gone moo, lona ka bolona ke lona ba lo dirang phoso, lo tsietsa ba bangwe, le e leng bone ba bakaulengwe ba lona tota. 9 9-10 A ga lo itse gore ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba na seabe mo Bogosing jwa Modimo? Lo se ka lwa itsietsa. Ba ba tshelang botshelo jo bo makgapha, ba ba obamelang medimo ya disetwa, bagokagadi kgotsa banna ba ba tlhakanelang dikobo le banna ka bone ga ba na seabe mo bogosing jwa one. Le fa e le magodu, kgotsa batho ba ba bohula, matagwa, bakgadi kgotsa baikgagapedi. 11 Nako nngwe bangwe ba lona ba kile ba bo ba ntse jalo mme jaanong dibe tsa lona di tlhatswitswe, mme lo beetswe fa thoko go nna ba Modimo, mme o lo amogetse ka ntlha ya se Morena Jesu Keresete le Mowa wa Modimo o lo se diretseng. 12 Ke ka dira sengwe le sengwe se ke se batlang fa Keresete a sa nkganele, mme dilo dingwe tsa dilo tse ga di a ntshiamela. Le fa ke letlelelwa go di dira, ke tlaa gana go di dira fa ke akanya gore di ka dira sekgopi se se ntseng jalo mo go nna se ke se ka keng ka se kganela motlhofo fa ke batla go se kganela. 13 A ke re, tsaya kgang ya go ja, Modimo o re neile go nna le keletso ya dijo le mpa go di sila. Mme moo ga go reye gore re tshwanetse go ja go feta jaaka re batla. Se akanyeng gore go ja go botlhokwa, ka gore letsatsi lengwe Modimo o tlaa di nyeletsa tsoo pedi, mpa le dijo. Mme boaka ga bo a siama: mebele ya rona ga e a direlwa moo, mme e diretswe Morena, mme Morena o batla go tlatsa mebele ya rona ka bo ene. 14 Le gone Modimo o tlaa tsosa mebele ya rona mo baswing ka nonofo ya gagwe fela jaaka a tsositse Morena Jesu Keresete. 15 A ga lo lemoge gore mebele ya lona ke ditokololo tsa ga Keresete? Jalo a ke tshwanetse go tsaya tokololo ya ga Keresete ka e kopanya le seaka? Le goka! 16 Le gone a ga lo itse gore fa monna a ikopanya le seaka o nna tokololo ya sone le sone se nna tokololo ya gagwe? Gonne Modimo o re bolelela mo Dikwalong gore ka fa ponong ya one bobedi bo nna motho a le mongwe. 17 Mme fa o ineela mo Moreneng wena le Keresete lo a kopana lo nna motho a le mongwe. 18 Ke gone mo ke lo rayang ke re tshabang boaka. Ga go na sebe sepe se se amang mmele jaaka sebe se. 19 A ga lo ise lo ithute gore mmele wa lona ke legae la Mowa O O Boitshepo o Modimo o lo o neileng, le gore o nne mo teng ga lona? Mmele o e leng wa lona ga se wa lona. 20 Gonne Modimo o o rekile ka tlhwatlhwa e kgolo. Jalo dirisang bontlha bongwe le bongwe jwa mmele wa lona go galaletsa Modimo, ka gore ke wa one.
In Other Versions
1 Corinthians 6 in the ANGEFD
1 Corinthians 6 in the ANTPNG2D
1 Corinthians 6 in the AS21
1 Corinthians 6 in the BAGH
1 Corinthians 6 in the BBPNG
1 Corinthians 6 in the BBT1E
1 Corinthians 6 in the BDS
1 Corinthians 6 in the BEV
1 Corinthians 6 in the BHAD
1 Corinthians 6 in the BIB
1 Corinthians 6 in the BLPT
1 Corinthians 6 in the BNT
1 Corinthians 6 in the BNTABOOT
1 Corinthians 6 in the BNTLV
1 Corinthians 6 in the BOATCB
1 Corinthians 6 in the BOATCB2
1 Corinthians 6 in the BOBCV
1 Corinthians 6 in the BOCNT
1 Corinthians 6 in the BOECS
1 Corinthians 6 in the BOGWICC
1 Corinthians 6 in the BOHCB
1 Corinthians 6 in the BOHCV
1 Corinthians 6 in the BOHLNT
1 Corinthians 6 in the BOHNTLTAL
1 Corinthians 6 in the BOICB
1 Corinthians 6 in the BOILNTAP
1 Corinthians 6 in the BOITCV
1 Corinthians 6 in the BOKCV
1 Corinthians 6 in the BOKCV2
1 Corinthians 6 in the BOKHWOG
1 Corinthians 6 in the BOKSSV
1 Corinthians 6 in the BOLCB
1 Corinthians 6 in the BOLCB2
1 Corinthians 6 in the BOMCV
1 Corinthians 6 in the BONAV
1 Corinthians 6 in the BONCB
1 Corinthians 6 in the BONLT
1 Corinthians 6 in the BONUT2
1 Corinthians 6 in the BOPLNT
1 Corinthians 6 in the BOSCB
1 Corinthians 6 in the BOSNC
1 Corinthians 6 in the BOVCB
1 Corinthians 6 in the BOYCB
1 Corinthians 6 in the BPBB
1 Corinthians 6 in the BPH
1 Corinthians 6 in the BSB
1 Corinthians 6 in the CCB
1 Corinthians 6 in the CUV
1 Corinthians 6 in the CUVS
1 Corinthians 6 in the DBT
1 Corinthians 6 in the DGDNT
1 Corinthians 6 in the DHNT
1 Corinthians 6 in the DNT
1 Corinthians 6 in the ELBE
1 Corinthians 6 in the EMTV
1 Corinthians 6 in the ESV
1 Corinthians 6 in the FBV
1 Corinthians 6 in the FEB
1 Corinthians 6 in the GGMNT
1 Corinthians 6 in the GNT
1 Corinthians 6 in the HARY
1 Corinthians 6 in the HNT
1 Corinthians 6 in the IRVA
1 Corinthians 6 in the IRVB
1 Corinthians 6 in the IRVG
1 Corinthians 6 in the IRVH
1 Corinthians 6 in the IRVK
1 Corinthians 6 in the IRVM
1 Corinthians 6 in the IRVM2
1 Corinthians 6 in the IRVO
1 Corinthians 6 in the IRVP
1 Corinthians 6 in the IRVT
1 Corinthians 6 in the IRVT2
1 Corinthians 6 in the IRVU
1 Corinthians 6 in the ISVN
1 Corinthians 6 in the JSNT
1 Corinthians 6 in the KAPI
1 Corinthians 6 in the KBT1ETNIK
1 Corinthians 6 in the KBV
1 Corinthians 6 in the KJV
1 Corinthians 6 in the KNFD
1 Corinthians 6 in the LBA
1 Corinthians 6 in the LBLA
1 Corinthians 6 in the LNT
1 Corinthians 6 in the LSV
1 Corinthians 6 in the MAAL
1 Corinthians 6 in the MBV
1 Corinthians 6 in the MBV2
1 Corinthians 6 in the MHNT
1 Corinthians 6 in the MKNFD
1 Corinthians 6 in the MNG
1 Corinthians 6 in the MNT
1 Corinthians 6 in the MNT2
1 Corinthians 6 in the MRS1T
1 Corinthians 6 in the NAA
1 Corinthians 6 in the NASB
1 Corinthians 6 in the NBLA
1 Corinthians 6 in the NBS
1 Corinthians 6 in the NBVTP
1 Corinthians 6 in the NET2
1 Corinthians 6 in the NIV11
1 Corinthians 6 in the NNT
1 Corinthians 6 in the NNT2
1 Corinthians 6 in the NNT3
1 Corinthians 6 in the PDDPT
1 Corinthians 6 in the PFNT
1 Corinthians 6 in the RMNT
1 Corinthians 6 in the SBIAS
1 Corinthians 6 in the SBIBS
1 Corinthians 6 in the SBIBS2
1 Corinthians 6 in the SBICS
1 Corinthians 6 in the SBIDS
1 Corinthians 6 in the SBIGS
1 Corinthians 6 in the SBIHS
1 Corinthians 6 in the SBIIS
1 Corinthians 6 in the SBIIS2
1 Corinthians 6 in the SBIIS3
1 Corinthians 6 in the SBIKS
1 Corinthians 6 in the SBIKS2
1 Corinthians 6 in the SBIMS
1 Corinthians 6 in the SBIOS
1 Corinthians 6 in the SBIPS
1 Corinthians 6 in the SBISS
1 Corinthians 6 in the SBITS
1 Corinthians 6 in the SBITS2
1 Corinthians 6 in the SBITS3
1 Corinthians 6 in the SBITS4
1 Corinthians 6 in the SBIUS
1 Corinthians 6 in the SBIVS
1 Corinthians 6 in the SBT
1 Corinthians 6 in the SBT1E
1 Corinthians 6 in the SCHL
1 Corinthians 6 in the SNT
1 Corinthians 6 in the SUSU
1 Corinthians 6 in the SUSU2
1 Corinthians 6 in the SYNO
1 Corinthians 6 in the TBIAOTANT
1 Corinthians 6 in the TBT1E
1 Corinthians 6 in the TBT1E2
1 Corinthians 6 in the TFTIP
1 Corinthians 6 in the TFTU
1 Corinthians 6 in the TGNTATF3T
1 Corinthians 6 in the THAI
1 Corinthians 6 in the TNFD
1 Corinthians 6 in the TNT
1 Corinthians 6 in the TNTIK
1 Corinthians 6 in the TNTIL
1 Corinthians 6 in the TNTIN
1 Corinthians 6 in the TNTIP
1 Corinthians 6 in the TNTIZ
1 Corinthians 6 in the TOMA
1 Corinthians 6 in the TTENT
1 Corinthians 6 in the UBG
1 Corinthians 6 in the UGV
1 Corinthians 6 in the UGV2
1 Corinthians 6 in the UGV3
1 Corinthians 6 in the VBL
1 Corinthians 6 in the VDCC
1 Corinthians 6 in the YALU
1 Corinthians 6 in the YAPE
1 Corinthians 6 in the YBVTP
1 Corinthians 6 in the ZBP