1 John 5 (BOTLNT)

1 Fa o dumela gore Jesu ke Keresete, gore ke Morwa Modimo le gore ke Mmoloki wa gago, jalo o ngwana wa Modimo. Mme botlhe ba ba ratang Rara ba rata le bana ba gagwe. 2 Jalo o ka ipatlisisa gore o rata bana ba Modimo go le kae, barwa-rrago le bokgaitsadio mo Moreneng, ka gore o rata Modimo go le kae. 3 Go rata Modimo go dira se Modimo o re bolelelang gore re se dire, mme go bua boammaaruri, go dira jalo ga go thata gotlhelele; 4 gonne ngwana mongwe le mongwe wa Modimo o ka o obamela, a fenya sebe le dikgatlhego tse di bosula ka go ikanya Keresete go mo thusa. 5 Mme ke mang yo o ka kgonang go lwa a bo a fenya ntwa e fa e se ka go dumela gore Jesu ka boammaaruri ke Morwa Modimo? 6 6-8 Mme re itse gore ke Morwa Modimo, gonne Modimo o buile jalo ka lentswe le le tswang kwa legodimong fa Jesu a kolobediwa, le jaaka a ne a lebaganye le loso, ee, eseng fela ka nako ya kolobetso ya gagwe mme e leng le ka nako e a neng a lebaganye le loso ka yone. Le Mowa O O Boitshepo, o o leng boammaaruri ka bosenabokhutlo o bua jalo. Jalo re na le basupi ba le bararo ebong lentswe la Mowa O O Boitshepo mo dipelong tsa rona, lentswe le le neng la tswa kwa legodimong ka nako e Jesu a neng a kolobediwa ka yone, le lentswe le le neng la utlwala pele ga a a swa. Mme botlhe fela basupi ba, ba bua selo se le sengwe: gore Jesu Keresete ke Morwa Modimo. 9 Re dumela batho ba ba ntshang bosupi mo dikgotleng tsa rona tsa ditsheko, jalo re tlaa dumela ka boammaaruri sengwe le sengwe se Modimo o se re bolelelang. Mme Modimo o supa gore Jesu ke Morwaone. 10 Botlhe ba ba dumelang se ke se buang se, ba itse mo dipelong tsa bone gore ke boammaaruri. Fa motho le fa e le mang a sa dumele se, o dira Modimo moaki, ka gore ga a dumele se Mo-dimo o se buileng ka ga Morwaone. 11 Mme se tota Modimo o se buileng ke eng? Ke gore o re file botshelo jo bo sa khutleng, le gore jone botshelo jo bo sa khutleng jo, bo mo go Morwaone. 12 Ke gone le fa e le mang yo o nang le Morwa Modimo o na le botshelo; le fa e le mang yo o senang Morwa One, ga a na botshelo. 13 Ke lo kwaletse se, lona ba lo dumelang mo go Morwa Modimo gore lo itse gore lo na le botshelo jo bo sa khutleng. 14 Ebile re tlhomamisa se, gore o tlaa re reetsa nako le nako fa re kopa sengwe fela mo go ene ka fa go rateng ga gagwe. 15 Mme fa re itse gore o a re reetsa fa re bua le ene le fa re isa dikopo tsa rona, mme re ka tlhomamisa gore o tlaa re araba. 16 Fa o bona Mokeresete a leofa ka mokgwa o o sa iseng losong, o kope Modimo go mo itshwarela mme Modimo o tlaa mo naya botshelo, fa e se a dirile boleo jo bo isang losong. Mme go na le boleo jo bo felelang ka loso mme fa a bo dirile, ga go thuse sepe gore o mo rapelele. 17 Ee, tshiamololo nngwe le nngwe ke sebe. Ga ke bue ka dibe tse di tlwaelesegileng tse; ke bua ka tshiamololo ele e e isang losong. 18 Ga go na ope yo e reng e le wa ba ntlo ya Modimo a bo a santse a leofa, gonne Keresete Morwa Modimo, o mo tshegeditse mme diabolo ga a kake a mo leofisa. 19 Re itse gore re bana ba Modimo le gore lefatshe lotlhe mo tikologong ya rona le ka fa tlase ga nonofo le taolo ya ga Satane. 20 Ebile re itse gore Keresete, Morwa Modimo, o tletse go re thusa go tlhaloganya le go itse Modimo wa boammaaruri. Mme jaanong re mo Modimong gonne re mo go Jesu Keresete Morwaone yo e leng Modimo wa boammaaruri a le nosi; ebile e le Botshelo jo bo sa khutleng. 21 Bana bame ba ba rategang, ikgogeng mo go sengwe le sengwe se se ka tsayang maemo a Modimo mo dipelong tsa lona. Amen.Wa lona ruri,Johane.

In Other Versions

1 John 5 in the ANGEFD

1 John 5 in the ANTPNG2D

1 John 5 in the AS21

1 John 5 in the BAGH

1 John 5 in the BBPNG

1 John 5 in the BBT1E

1 John 5 in the BDS

1 John 5 in the BEV

1 John 5 in the BHAD

1 John 5 in the BIB

1 John 5 in the BLPT

1 John 5 in the BNT

1 John 5 in the BNTABOOT

1 John 5 in the BNTLV

1 John 5 in the BOATCB

1 John 5 in the BOATCB2

1 John 5 in the BOBCV

1 John 5 in the BOCNT

1 John 5 in the BOECS

1 John 5 in the BOGWICC

1 John 5 in the BOHCB

1 John 5 in the BOHCV

1 John 5 in the BOHLNT

1 John 5 in the BOHNTLTAL

1 John 5 in the BOICB

1 John 5 in the BOILNTAP

1 John 5 in the BOITCV

1 John 5 in the BOKCV

1 John 5 in the BOKCV2

1 John 5 in the BOKHWOG

1 John 5 in the BOKSSV

1 John 5 in the BOLCB

1 John 5 in the BOLCB2

1 John 5 in the BOMCV

1 John 5 in the BONAV

1 John 5 in the BONCB

1 John 5 in the BONLT

1 John 5 in the BONUT2

1 John 5 in the BOPLNT

1 John 5 in the BOSCB

1 John 5 in the BOSNC

1 John 5 in the BOVCB

1 John 5 in the BOYCB

1 John 5 in the BPBB

1 John 5 in the BPH

1 John 5 in the BSB

1 John 5 in the CCB

1 John 5 in the CUV

1 John 5 in the CUVS

1 John 5 in the DBT

1 John 5 in the DGDNT

1 John 5 in the DHNT

1 John 5 in the DNT

1 John 5 in the ELBE

1 John 5 in the EMTV

1 John 5 in the ESV

1 John 5 in the FBV

1 John 5 in the FEB

1 John 5 in the GGMNT

1 John 5 in the GNT

1 John 5 in the HARY

1 John 5 in the HNT

1 John 5 in the IRVA

1 John 5 in the IRVB

1 John 5 in the IRVG

1 John 5 in the IRVH

1 John 5 in the IRVK

1 John 5 in the IRVM

1 John 5 in the IRVM2

1 John 5 in the IRVO

1 John 5 in the IRVP

1 John 5 in the IRVT

1 John 5 in the IRVT2

1 John 5 in the IRVU

1 John 5 in the ISVN

1 John 5 in the JSNT

1 John 5 in the KAPI

1 John 5 in the KBT1ETNIK

1 John 5 in the KBV

1 John 5 in the KJV

1 John 5 in the KNFD

1 John 5 in the LBA

1 John 5 in the LBLA

1 John 5 in the LNT

1 John 5 in the LSV

1 John 5 in the MAAL

1 John 5 in the MBV

1 John 5 in the MBV2

1 John 5 in the MHNT

1 John 5 in the MKNFD

1 John 5 in the MNG

1 John 5 in the MNT

1 John 5 in the MNT2

1 John 5 in the MRS1T

1 John 5 in the NAA

1 John 5 in the NASB

1 John 5 in the NBLA

1 John 5 in the NBS

1 John 5 in the NBVTP

1 John 5 in the NET2

1 John 5 in the NIV11

1 John 5 in the NNT

1 John 5 in the NNT2

1 John 5 in the NNT3

1 John 5 in the PDDPT

1 John 5 in the PFNT

1 John 5 in the RMNT

1 John 5 in the SBIAS

1 John 5 in the SBIBS

1 John 5 in the SBIBS2

1 John 5 in the SBICS

1 John 5 in the SBIDS

1 John 5 in the SBIGS

1 John 5 in the SBIHS

1 John 5 in the SBIIS

1 John 5 in the SBIIS2

1 John 5 in the SBIIS3

1 John 5 in the SBIKS

1 John 5 in the SBIKS2

1 John 5 in the SBIMS

1 John 5 in the SBIOS

1 John 5 in the SBIPS

1 John 5 in the SBISS

1 John 5 in the SBITS

1 John 5 in the SBITS2

1 John 5 in the SBITS3

1 John 5 in the SBITS4

1 John 5 in the SBIUS

1 John 5 in the SBIVS

1 John 5 in the SBT

1 John 5 in the SBT1E

1 John 5 in the SCHL

1 John 5 in the SNT

1 John 5 in the SUSU

1 John 5 in the SUSU2

1 John 5 in the SYNO

1 John 5 in the TBIAOTANT

1 John 5 in the TBT1E

1 John 5 in the TBT1E2

1 John 5 in the TFTIP

1 John 5 in the TFTU

1 John 5 in the TGNTATF3T

1 John 5 in the THAI

1 John 5 in the TNFD

1 John 5 in the TNT

1 John 5 in the TNTIK

1 John 5 in the TNTIL

1 John 5 in the TNTIN

1 John 5 in the TNTIP

1 John 5 in the TNTIZ

1 John 5 in the TOMA

1 John 5 in the TTENT

1 John 5 in the UBG

1 John 5 in the UGV

1 John 5 in the UGV2

1 John 5 in the UGV3

1 John 5 in the VBL

1 John 5 in the VDCC

1 John 5 in the YALU

1 John 5 in the YAPE

1 John 5 in the YBVTP

1 John 5 in the ZBP