2 Corinthians 1 (BOTLNT)

1 Ditsala tse di rategang, Lokwalo lo lo tswa mo go nna Paulo, yo o tlhomilweng ke Modimo go nna morongwa wa ga Jesu Keresete; le mo go mokaulengwe wa rona yo o rategang Timotheo. Re lo kwalela lotlhe Bakeresete ba Korinta le Akaia yotlhe. 2 A Modimo Rraetsho le Morena Jesu Keresete o segofatse mongwe le mongwe wa lona thata, o lo neye kagiso. 3 3-4 Kana re na le Modimo o o hakgamatsangjang, ke Rraagwe Morena wa rona Jesu Keresete, motswedi wa kutlwelo botlhoko nngwe le nngwe, ene yo ka kgakgamatso o re gomotsang a bo a re nonotsha mo bothateng jwa rona le mo ditekong. Mme ke eng fa a dira jaana? Gore ba bangwe ba ba tshwenyegileng ebile ba tlhoka kutlwelo botlhoko ya rona le kgothatso, re ba fe thuso e e ntseng jaana le kgomotso e Modimo o e re neileng. 5 Lo ka tlhomamisa gore fa re ntse re bogela Keresete, o tlaa nna a re supegetsa kgomotso ya gagwe le kgothatso. 6 6-7 Re mo matshwenyegong a magolo go lo tlisetsa kgomotso ya Modimo le poloko. Mme mo matshwenyegong a rona Modimo o re gomoditse ebile o re thusa gore re lo supegetse mo maitemogelong a rona ka fa Modimo o tlaa lo gomotsang ka kutlwelo botlhoko ka teng fa lo tsena mo dipogisong tse di tshwanang le tse. O tlaa lo naya nonofo go itshoka. 8 Ke bona gore lo tshwanetse go itse, bakaulengwe ba ba rategang, kaga pitlagano e re neng ra feta mo go yone kwa Asia. Re ne re pitlaganye tota ebile re fentswe gotlhelele ebile re boifa gore ga re kake ra tshela mo go yone. 9 Re ne re ikutlwa o ka re re atlholelwa go swa le go bona ka fa re neng re sena nonofo ka teng go ithusa; mme go ne go siame, gonne foo re ne ra baya sengwe le sengwe mo diatleng tsa Modimo, o ka osi o neng o ka re boloka, gonne o ka tsosa le bone baswi tota. 10 Mme o ne wa re thusa, wa re boloka mo losong, lo lo boitshegang; ee, re o lebeletse gore o re thuse gangwe le gape. 11 Mme lo tshwanetse go re thusa le lona, ka go re rapelela. Gonne ditebogo tse dikgolo le pako tse di tswang mo go lona a di tlaa ya kwa Modimong, di tswa kwa go lona ba lo boneng dikarabo tsa one tse di hakgamatsang mo dithapelong tsa lona tsa polokego! 12 Re itumela thata gore ka boikanyego jotlhe mo ditirong tsa rona tsotlhe re ne re itshekile ebile re le pelo e phepa, re ikanya mo Moreneng ka tshisibalo gore a re thuse, e seng ka fa botlhaleng jwa rona. Mme mo go boammaaruri jo bogolo, fa go kgonega, kaga mokgwa o re o dirisitseng mo go lona. 13 13-14 Dikwalo tsa me di ne di tlhamaletse ebile di ikanyega; ga go na sepe se se neng se sa kwalwa sentle! Mme le fa lo sa nkitse sentle (ke solofela gore letsatsi lengwe lo tlaa nkitse), ke batla go re lo nkamogele lo bo lo ikgantshe ka nna, jaaka lo setse lo ntse, fela jaaka ke tlaa ikgantsha ka lona mo letsatsing leo le Morena Jesu o tlang gape ka lone. 15 15-16 E ne e le ka ntlha ya go re ke ne ke rulagantse go tsena ka lona mo loetong lwa me go ya Masedonia, le morago jaaka fa ke tlaa bo ke bowa, gore ke ne ke ka nna tshegofatso e e menaganeng mo go lona le gore lo ka nthomela kwa Judea. 17 Mme lo ka botsa lwa re, a ke fetotse thulaganyo ya me? A tota ga ke a dira mogopolo wa me le fa go ntse jalo? Kgotsa ke tshwana le monna wa selefatshe yo o reng “ee” fa tota a raya “nnyaa”. 18 Le goka! Jaaka ruri Modimo o le boammaaruri, ga ke motho yo o ntseng jalo. “Ee”, wa me ke “Ee”. 19 Timotheo le Selefano le nna re ntse re lo bolelela kaga Jesu Morwa Modimo. Ga se yo o reng “ee” fa a raya “nnyaa”. O aga a dira fela se a se buang. 20 O a dira ebile o diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa Modimo, ga go re sepe gore di bontsi bo kae, go galaletsa leina la gagwe. 21 Ke one Modimo o, o o diretseng nna le wena mo tumelong ya Sekeresete le go re dira baaposetoloi go rera Mafoko a a Molemo. 22 O beile lotshwao mo go rona, lotshwao lwa go nna ba one, wa bo wa re naya Mowa wa one O O Boitshepo mo dipelong tsa rona e le sesupo sa gore re ba one, e le tiragalo ya ntlha ya tsotlhe tse o tlaa re di nayang. 23 Ke goeletsa kwa Modimong go ntshupela fa ke sa bue boammaaruri: Mabaka a a dirileng gore ke seka ka lo etela ke gore ga ke batle go lo utlwisa botlhoko ka kgalemelo e e botlhoko. 24 Fa ke tla, le fa ke sa kake ka dira thata go thusa tumelo ya lona, gonne e setse e nonofile, ke batla go ka dira sengwe ka ga boipelo jwa lona: ke batla go lo itumedisa, e seng go lo utlwisa botlhoko.

In Other Versions

2 Corinthians 1 in the ANGEFD

2 Corinthians 1 in the ANTPNG2D

2 Corinthians 1 in the AS21

2 Corinthians 1 in the BAGH

2 Corinthians 1 in the BBPNG

2 Corinthians 1 in the BBT1E

2 Corinthians 1 in the BDS

2 Corinthians 1 in the BEV

2 Corinthians 1 in the BHAD

2 Corinthians 1 in the BIB

2 Corinthians 1 in the BLPT

2 Corinthians 1 in the BNT

2 Corinthians 1 in the BNTABOOT

2 Corinthians 1 in the BNTLV

2 Corinthians 1 in the BOATCB

2 Corinthians 1 in the BOATCB2

2 Corinthians 1 in the BOBCV

2 Corinthians 1 in the BOCNT

2 Corinthians 1 in the BOECS

2 Corinthians 1 in the BOGWICC

2 Corinthians 1 in the BOHCB

2 Corinthians 1 in the BOHCV

2 Corinthians 1 in the BOHLNT

2 Corinthians 1 in the BOHNTLTAL

2 Corinthians 1 in the BOICB

2 Corinthians 1 in the BOILNTAP

2 Corinthians 1 in the BOITCV

2 Corinthians 1 in the BOKCV

2 Corinthians 1 in the BOKCV2

2 Corinthians 1 in the BOKHWOG

2 Corinthians 1 in the BOKSSV

2 Corinthians 1 in the BOLCB

2 Corinthians 1 in the BOLCB2

2 Corinthians 1 in the BOMCV

2 Corinthians 1 in the BONAV

2 Corinthians 1 in the BONCB

2 Corinthians 1 in the BONLT

2 Corinthians 1 in the BONUT2

2 Corinthians 1 in the BOPLNT

2 Corinthians 1 in the BOSCB

2 Corinthians 1 in the BOSNC

2 Corinthians 1 in the BOVCB

2 Corinthians 1 in the BOYCB

2 Corinthians 1 in the BPBB

2 Corinthians 1 in the BPH

2 Corinthians 1 in the BSB

2 Corinthians 1 in the CCB

2 Corinthians 1 in the CUV

2 Corinthians 1 in the CUVS

2 Corinthians 1 in the DBT

2 Corinthians 1 in the DGDNT

2 Corinthians 1 in the DHNT

2 Corinthians 1 in the DNT

2 Corinthians 1 in the ELBE

2 Corinthians 1 in the EMTV

2 Corinthians 1 in the ESV

2 Corinthians 1 in the FBV

2 Corinthians 1 in the FEB

2 Corinthians 1 in the GGMNT

2 Corinthians 1 in the GNT

2 Corinthians 1 in the HARY

2 Corinthians 1 in the HNT

2 Corinthians 1 in the IRVA

2 Corinthians 1 in the IRVB

2 Corinthians 1 in the IRVG

2 Corinthians 1 in the IRVH

2 Corinthians 1 in the IRVK

2 Corinthians 1 in the IRVM

2 Corinthians 1 in the IRVM2

2 Corinthians 1 in the IRVO

2 Corinthians 1 in the IRVP

2 Corinthians 1 in the IRVT

2 Corinthians 1 in the IRVT2

2 Corinthians 1 in the IRVU

2 Corinthians 1 in the ISVN

2 Corinthians 1 in the JSNT

2 Corinthians 1 in the KAPI

2 Corinthians 1 in the KBT1ETNIK

2 Corinthians 1 in the KBV

2 Corinthians 1 in the KJV

2 Corinthians 1 in the KNFD

2 Corinthians 1 in the LBA

2 Corinthians 1 in the LBLA

2 Corinthians 1 in the LNT

2 Corinthians 1 in the LSV

2 Corinthians 1 in the MAAL

2 Corinthians 1 in the MBV

2 Corinthians 1 in the MBV2

2 Corinthians 1 in the MHNT

2 Corinthians 1 in the MKNFD

2 Corinthians 1 in the MNG

2 Corinthians 1 in the MNT

2 Corinthians 1 in the MNT2

2 Corinthians 1 in the MRS1T

2 Corinthians 1 in the NAA

2 Corinthians 1 in the NASB

2 Corinthians 1 in the NBLA

2 Corinthians 1 in the NBS

2 Corinthians 1 in the NBVTP

2 Corinthians 1 in the NET2

2 Corinthians 1 in the NIV11

2 Corinthians 1 in the NNT

2 Corinthians 1 in the NNT2

2 Corinthians 1 in the NNT3

2 Corinthians 1 in the PDDPT

2 Corinthians 1 in the PFNT

2 Corinthians 1 in the RMNT

2 Corinthians 1 in the SBIAS

2 Corinthians 1 in the SBIBS

2 Corinthians 1 in the SBIBS2

2 Corinthians 1 in the SBICS

2 Corinthians 1 in the SBIDS

2 Corinthians 1 in the SBIGS

2 Corinthians 1 in the SBIHS

2 Corinthians 1 in the SBIIS

2 Corinthians 1 in the SBIIS2

2 Corinthians 1 in the SBIIS3

2 Corinthians 1 in the SBIKS

2 Corinthians 1 in the SBIKS2

2 Corinthians 1 in the SBIMS

2 Corinthians 1 in the SBIOS

2 Corinthians 1 in the SBIPS

2 Corinthians 1 in the SBISS

2 Corinthians 1 in the SBITS

2 Corinthians 1 in the SBITS2

2 Corinthians 1 in the SBITS3

2 Corinthians 1 in the SBITS4

2 Corinthians 1 in the SBIUS

2 Corinthians 1 in the SBIVS

2 Corinthians 1 in the SBT

2 Corinthians 1 in the SBT1E

2 Corinthians 1 in the SCHL

2 Corinthians 1 in the SNT

2 Corinthians 1 in the SUSU

2 Corinthians 1 in the SUSU2

2 Corinthians 1 in the SYNO

2 Corinthians 1 in the TBIAOTANT

2 Corinthians 1 in the TBT1E

2 Corinthians 1 in the TBT1E2

2 Corinthians 1 in the TFTIP

2 Corinthians 1 in the TFTU

2 Corinthians 1 in the TGNTATF3T

2 Corinthians 1 in the THAI

2 Corinthians 1 in the TNFD

2 Corinthians 1 in the TNT

2 Corinthians 1 in the TNTIK

2 Corinthians 1 in the TNTIL

2 Corinthians 1 in the TNTIN

2 Corinthians 1 in the TNTIP

2 Corinthians 1 in the TNTIZ

2 Corinthians 1 in the TOMA

2 Corinthians 1 in the TTENT

2 Corinthians 1 in the UBG

2 Corinthians 1 in the UGV

2 Corinthians 1 in the UGV2

2 Corinthians 1 in the UGV3

2 Corinthians 1 in the VBL

2 Corinthians 1 in the VDCC

2 Corinthians 1 in the YALU

2 Corinthians 1 in the YAPE

2 Corinthians 1 in the YBVTP

2 Corinthians 1 in the ZBP