2 Peter 3 (BOTLNT)

1 Lo ke lokwalo lwa me lwa bobedi, bakaulengwe ba ba rategang, mme mo go tsone tsoopedi ke lekile go lo gakolola, fa lo ntetla kaga boammaaruri jo lo setseng lo bo itse: 2 boammaaruri jo lo bo ithutileng mo baporofiting ba ba boitshepo le mo go rona Baaposetoloi ba re lo tliseditseng mafoko a Morena le Mmoloki wa rona. 3 Sa ntlha, ke batla go lo gakolola gore mo malatsing a bofelo, go tlaa tla basotli ba ba tlaa dirang bosula bongwe le bongwe jo ba bo akanyang, mme ba sotla boammaaruri. 4 Se e tlaa nna tsela ya bone ya kganetsanyo: “Kana Keresete o solofeditse go tla gape, a mme o tsile? Jaanong o kae? Ga a kitla a tla! Ka ntlha ya eng, fela jaaka mongwe le mongwe a ka gakologelwa, sengwe le sengwe se ntse fela jaaka mo letsatsing la ntlha la lobopo.” 5 5-6 Ba itebatsa ka bomo boammaaruri jo: Gore Modimo o ne wa senya lefatshe ka morwalela o o boitshegang bogologolo o sena go dira magodimo ka lefoko la taolo ya One, mme wa dirisa metse go dira lefatshe le go le dikaganyetsa. 7 Mme Modimo o ne wa laola lefatshe le magodimo go bolokelwa molelo ka letsatsi la katlholo, fa botlhe ba ba senang boModimo ba tlaa nyelediwa. 8 Mme se lebaleng se, ditsala tse di rategang, gore letsatsi kgotsa dingwaga tse di sekete go simologa gompieno mo Moreneng di tshwana fela le ka moso. 9 Tota ga o bonya kaga tsholofetso ya One ya go bowa, ntswa ka nako tse dingwe go tle go bonale go ntse jalo. Mme o letile, ka mabaka a a utlwalang gore ga o batle ope a nyelela, mme o naya baleofi lobaka lwa go ikwatlhaya. 10 Ruri letsatsi la Morena le e tla, le tla jaaka legodu, mme magodimo a tlaa feta ka modumo o mogolo le mebele ya selegodimo e tlaa nyelela mo molelong, mme lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone se tlaa tshujwa ka molelo. 11 Mme jalo ere ka sengwe le sengwe se se re dikaganyeditseng se tlaa nyerologa, re tshwanetse ra bo re tshela botshelo jo bo boitshepo jo bo nang le boModimo jo bo ntseng jang? Re tlaa tshwanelwa ke go tshela botshelo jo bo boitshepo jwa Bo-Modimo. 12 Lo tshwanetse go lebelela letsatsi leo lwa ba lwa le ipaakanyetsa, letsatsi le Modimo o tlaa tshubang magodimo ka molelo, mme mebele ya selegodimo e tlaa nyerologa e nyelela mo dikgabong. 13 Mme re lebeletse tsholofetso ya Modimo ya magodimo a masha le lefatshe le lesha morago ga lobaka, kwa go tlaa bong go le tshiamo fela. 14 Ditsala tse di rategang, e re fa lo ntse lo lebeletse dilo tse go diragala le go tla ga gagwe, lekang thata go tshela lo sa leofe; lo bo lo nne kagiso mo go mongwe le mongwe gore a tle a lo itumelele motlhang a bowang. 15 15-16 Mme gakologelwang gore ke eng fa a diegile go tla. O re naya nako ya gore re tseye molaetsa wa gagwe wa poloko re o ise kwa go ba bangwe. Mokaulengwe yo o botlhale yo o rategang Paulo o buile ka dilo tse mo dikwalong tse dintsi tsa gagwe. Dikakgelo dingwe tsa gagwe ga di motlhofo go tlhaloganngwa, mme go na le batho ba ba dieleele ka bomo, ba ba agang ba batla dithanolo, ditlhaloso tse di sa tlwaelesegang, ba pitikolotse dikwalo tsa gagwe gore di reye sengwe se se pharologanyo thata le se a neng a se raya, fela jaaka ba dira mo dintlheng tse dingwe tsa dikwalo tse di boitshepo mme phelelo ya bone ke tshenyego. 17 Ke lo tlhagisa pele ga nako, bakaulengwe ba ba rategang, gore lo tle lo itlhokomele lo se ka lwa tsewa ke diphoso tsa batho ba ba bosula ba, e se re kgotsa lwa etsaetsega lwa tlhakana nabo. 18 Mme golang mo nonofong ya semowa lo itsanye sentle le Morena le Mmoloki wa rona Jesu Keresete. A mo go ene go nne kgalalelo yotlhe le boitumelo jwa tlotlo, go tloga fano le ka bosakhutleng. Salang sentle.Ke nna,Petere.

In Other Versions

2 Peter 3 in the ANGEFD

2 Peter 3 in the ANTPNG2D

2 Peter 3 in the AS21

2 Peter 3 in the BAGH

2 Peter 3 in the BBPNG

2 Peter 3 in the BBT1E

2 Peter 3 in the BDS

2 Peter 3 in the BEV

2 Peter 3 in the BHAD

2 Peter 3 in the BIB

2 Peter 3 in the BLPT

2 Peter 3 in the BNT

2 Peter 3 in the BNTABOOT

2 Peter 3 in the BNTLV

2 Peter 3 in the BOATCB

2 Peter 3 in the BOATCB2

2 Peter 3 in the BOBCV

2 Peter 3 in the BOCNT

2 Peter 3 in the BOECS

2 Peter 3 in the BOGWICC

2 Peter 3 in the BOHCB

2 Peter 3 in the BOHCV

2 Peter 3 in the BOHLNT

2 Peter 3 in the BOHNTLTAL

2 Peter 3 in the BOICB

2 Peter 3 in the BOILNTAP

2 Peter 3 in the BOITCV

2 Peter 3 in the BOKCV

2 Peter 3 in the BOKCV2

2 Peter 3 in the BOKHWOG

2 Peter 3 in the BOKSSV

2 Peter 3 in the BOLCB

2 Peter 3 in the BOLCB2

2 Peter 3 in the BOMCV

2 Peter 3 in the BONAV

2 Peter 3 in the BONCB

2 Peter 3 in the BONLT

2 Peter 3 in the BONUT2

2 Peter 3 in the BOPLNT

2 Peter 3 in the BOSCB

2 Peter 3 in the BOSNC

2 Peter 3 in the BOVCB

2 Peter 3 in the BOYCB

2 Peter 3 in the BPBB

2 Peter 3 in the BPH

2 Peter 3 in the BSB

2 Peter 3 in the CCB

2 Peter 3 in the CUV

2 Peter 3 in the CUVS

2 Peter 3 in the DBT

2 Peter 3 in the DGDNT

2 Peter 3 in the DHNT

2 Peter 3 in the DNT

2 Peter 3 in the ELBE

2 Peter 3 in the EMTV

2 Peter 3 in the ESV

2 Peter 3 in the FBV

2 Peter 3 in the FEB

2 Peter 3 in the GGMNT

2 Peter 3 in the GNT

2 Peter 3 in the HARY

2 Peter 3 in the HNT

2 Peter 3 in the IRVA

2 Peter 3 in the IRVB

2 Peter 3 in the IRVG

2 Peter 3 in the IRVH

2 Peter 3 in the IRVK

2 Peter 3 in the IRVM

2 Peter 3 in the IRVM2

2 Peter 3 in the IRVO

2 Peter 3 in the IRVP

2 Peter 3 in the IRVT

2 Peter 3 in the IRVT2

2 Peter 3 in the IRVU

2 Peter 3 in the ISVN

2 Peter 3 in the JSNT

2 Peter 3 in the KAPI

2 Peter 3 in the KBT1ETNIK

2 Peter 3 in the KBV

2 Peter 3 in the KJV

2 Peter 3 in the KNFD

2 Peter 3 in the LBA

2 Peter 3 in the LBLA

2 Peter 3 in the LNT

2 Peter 3 in the LSV

2 Peter 3 in the MAAL

2 Peter 3 in the MBV

2 Peter 3 in the MBV2

2 Peter 3 in the MHNT

2 Peter 3 in the MKNFD

2 Peter 3 in the MNG

2 Peter 3 in the MNT

2 Peter 3 in the MNT2

2 Peter 3 in the MRS1T

2 Peter 3 in the NAA

2 Peter 3 in the NASB

2 Peter 3 in the NBLA

2 Peter 3 in the NBS

2 Peter 3 in the NBVTP

2 Peter 3 in the NET2

2 Peter 3 in the NIV11

2 Peter 3 in the NNT

2 Peter 3 in the NNT2

2 Peter 3 in the NNT3

2 Peter 3 in the PDDPT

2 Peter 3 in the PFNT

2 Peter 3 in the RMNT

2 Peter 3 in the SBIAS

2 Peter 3 in the SBIBS

2 Peter 3 in the SBIBS2

2 Peter 3 in the SBICS

2 Peter 3 in the SBIDS

2 Peter 3 in the SBIGS

2 Peter 3 in the SBIHS

2 Peter 3 in the SBIIS

2 Peter 3 in the SBIIS2

2 Peter 3 in the SBIIS3

2 Peter 3 in the SBIKS

2 Peter 3 in the SBIKS2

2 Peter 3 in the SBIMS

2 Peter 3 in the SBIOS

2 Peter 3 in the SBIPS

2 Peter 3 in the SBISS

2 Peter 3 in the SBITS

2 Peter 3 in the SBITS2

2 Peter 3 in the SBITS3

2 Peter 3 in the SBITS4

2 Peter 3 in the SBIUS

2 Peter 3 in the SBIVS

2 Peter 3 in the SBT

2 Peter 3 in the SBT1E

2 Peter 3 in the SCHL

2 Peter 3 in the SNT

2 Peter 3 in the SUSU

2 Peter 3 in the SUSU2

2 Peter 3 in the SYNO

2 Peter 3 in the TBIAOTANT

2 Peter 3 in the TBT1E

2 Peter 3 in the TBT1E2

2 Peter 3 in the TFTIP

2 Peter 3 in the TFTU

2 Peter 3 in the TGNTATF3T

2 Peter 3 in the THAI

2 Peter 3 in the TNFD

2 Peter 3 in the TNT

2 Peter 3 in the TNTIK

2 Peter 3 in the TNTIL

2 Peter 3 in the TNTIN

2 Peter 3 in the TNTIP

2 Peter 3 in the TNTIZ

2 Peter 3 in the TOMA

2 Peter 3 in the TTENT

2 Peter 3 in the UBG

2 Peter 3 in the UGV

2 Peter 3 in the UGV2

2 Peter 3 in the UGV3

2 Peter 3 in the VBL

2 Peter 3 in the VDCC

2 Peter 3 in the YALU

2 Peter 3 in the YAPE

2 Peter 3 in the YBVTP

2 Peter 3 in the ZBP