Colossians 3 (BOTLNT)

1 E re ka lo tshedile gape, go bua jalo ke gore, ka Keresete a tsogile mo baswing, jaanong tlhomang megopolo ya lona mo mahumong a a molemo le dilo tse di itumedisang tsa legodimo kwa Keresete o ntseng gone fa lotlhakoring lwa Modimo mo lefelong la tlotlo le nonofo. 2 Tlhomang megopolo ya lona mo dilong tse di kwa godimo, eseng mo go tse di mo lefatsheng. 3 Lo se ka lwa ba lwa nna le fa e le keletso ya lefatshe leno, fela jaaka motho yo o suleng. Botshelo jwa lona tota bo kwa legodimong kwa go Keresete le Modimo. 4 Mme fa Keresete yo e leng botshelo jwa rona tota a tla gape, lo tlaa galalela nae lo bo lo nna le seabe mo kgalalelong yotlhe ya gagwe. 5 Ke gone kgaoganang le dilo tsa boleo tsa selefatshe; bolayang dithato tse di bosula tse di iphitlhileng mo go lona; se tlhokaneng le sebe sa boaka, bomaswe, keletso e e bosula le dikeletso tse di tlhabisang ditlhong; se obameleng dilo tse di molemo tsa botshelo, gonne seo ke go obamela medimo ya disetwa. 6 Bogale jwa Modimo jo bo tukang bo wetse bone ba ba dirang dilo tse. 7 Lo ne lo e tle lo di dire fa botshelo jwa lona e santse e le tokololo ya lefatshe leno; 8 mme jaanong ke nako ya go apola le go latlha diaparo tse di bodileng tse tsa kgakalo, kilo, thogakano, le puo e e leswe. 9 Se akelaneng gonne botshelo jwa lona jo bogologolo le boikepo jwa jone ke jone jo bo neng bo dira selo se se ntseng jalo; jaanong bo sule bo nyeletse. 10 Lo tshela botshelo jo bosha gotlhelele jo bo tsweletseng bo ithuta thata kaga se se molemo ebile lo leka gangwe le gape go tshwana le Keresete yo o tlhodileng botshelo jo bosha jo mo go lona. 11 Mo botshelong jo bosha jo, bomorafe kgotsa lotso, kgotsa thutego ya motho, kgotsa maemo a o nang nao mo go tsa matshelo, dilo tse tsotlhe ga di botlhokwa; ga di reye sepe. Se se tlhokegang ke gore a motho o na le Keresete, gonne Keresete o bonwa ke batho botlhe fela ka go tshwana. 12 E re ka lo tlhophilwe ke Modimo o o lo neileng mofuta o wa botshelo jo bosha, gape le ka ntlha ya lorato lwa one lo logolo le ka go lo tlhobaelela, lo dire kutlwelo-botlhoko le lorato le bopelonomi mo go ba bangwe. Se tshwenyegeng kaga go dira mogopolo o o siameng mo go bone mme nnang lo ipaakanyeditse go boga ka tidimalo le ka bopelotelele. 13 Mme nnang pelonolo lo ikemiseditse go itshwarela; se tsholaneng ka dipelo. Gakologelwang gore Morena o lo itshwaretse, jalo lo tshwanetse go itshwarela ba bangwe. 14 Mme mo godimo ga dilo tsotlhetse, a lorato lo goge botshelo jwa lona gonne ka go dira jalo, phuthego e tlaa nna mmogo ka kutlwano e e boitekanelo. 15 A kagiso e e tswang kwa go Keresete e nne mo dipelong tsa lona le mo matshelong a lona ka malatsi otlhe, gonne mo ke tiro ya lona le tshwa-nelo ya lona jaaka lo le ditokololo tsa mmele wa gagwe. Lo nne lo leboge Morena ka malatsi otlhe. 16 Gakologelwang se Keresete a se rutileng, lo bo lo letle mafoko a gagwe go nonotsha matshelo a lona a bo a lo tlhalefise; rutanang ka ga one lo bo lo opele mo Dipesalemeng le mo difeleng le mo dipineng tsa semowa, lo opelela Morena ka dipelo tse di lebogang. 17 Mme le fa e le eng se lo se dirang kgotsa se lo se buang, a se nne jaaka moemedi wa Morena Jesu, lo bo lo leboge Modimo Rara ka ene. 18 Lona basadi ba ba nyetsweng, ineeleng mo banneng ba lona, gonne seo ke se Morena o se lo rulaganyeditseng. 19 Mme lona banna lo tshwanetse lwa nna le lorato le bopelonolo mo basading ba lona, lo lese bogalaka mo go bone le fa e le go ba galefela. 20 Mme lona bana lo tshwanetse go ikobela borraa lona le bommaa lona, gonne seo se itumedisa Morena. 21 Borra bana se kgadiepetseng bana ba lona mo e leng gore go ba nyemisa moko ba bo ba latlhegelwe ke maiteko. 22 Lona batlhanka lo tshwanetse go ikobela beng ba lona ba lefatshe ka malatsi otlhe, lo sa leke go ba itumedisa fela fa ba lo lebeletse mme lo ba itumedisa ka metlha yotlhe; ba ikobeleng ka boineelo ka ntlha ya lorato lwa lona mo Moreneng le ka ntlha ya gore lo batla go mo itumedisa. 23 Dirang thata le ka boitumelo mo go tsotlhe tse lo di dirang, fela jaaka o kare lo ne lo direla Morena eseng fela beng ba lona; 24 lo gakologelwe gore ke Morena Keresete yo o tlaa lo duelang, a lo neela seabe sa lona se se tletseng sa tsotlhe tse a nang natso. Ke ene yo tota lo mo direlang. 25 Mme fa lo sa mo direle ka bojotlhe jwa lona; o tlaa lo duela ka tsela e lo senang go e rata, gonne ga a na ba a ba ratang go gaisa ba bangwe, ba ba ka tswelelang ba dira ka go itsemeletsa mo tirong.

In Other Versions

Colossians 3 in the ANGEFD

Colossians 3 in the ANTPNG2D

Colossians 3 in the AS21

Colossians 3 in the BAGH

Colossians 3 in the BBPNG

Colossians 3 in the BBT1E

Colossians 3 in the BDS

Colossians 3 in the BEV

Colossians 3 in the BHAD

Colossians 3 in the BIB

Colossians 3 in the BLPT

Colossians 3 in the BNT

Colossians 3 in the BNTABOOT

Colossians 3 in the BNTLV

Colossians 3 in the BOATCB

Colossians 3 in the BOATCB2

Colossians 3 in the BOBCV

Colossians 3 in the BOCNT

Colossians 3 in the BOECS

Colossians 3 in the BOGWICC

Colossians 3 in the BOHCB

Colossians 3 in the BOHCV

Colossians 3 in the BOHLNT

Colossians 3 in the BOHNTLTAL

Colossians 3 in the BOICB

Colossians 3 in the BOILNTAP

Colossians 3 in the BOITCV

Colossians 3 in the BOKCV

Colossians 3 in the BOKCV2

Colossians 3 in the BOKHWOG

Colossians 3 in the BOKSSV

Colossians 3 in the BOLCB

Colossians 3 in the BOLCB2

Colossians 3 in the BOMCV

Colossians 3 in the BONAV

Colossians 3 in the BONCB

Colossians 3 in the BONLT

Colossians 3 in the BONUT2

Colossians 3 in the BOPLNT

Colossians 3 in the BOSCB

Colossians 3 in the BOSNC

Colossians 3 in the BOVCB

Colossians 3 in the BOYCB

Colossians 3 in the BPBB

Colossians 3 in the BPH

Colossians 3 in the BSB

Colossians 3 in the CCB

Colossians 3 in the CUV

Colossians 3 in the CUVS

Colossians 3 in the DBT

Colossians 3 in the DGDNT

Colossians 3 in the DHNT

Colossians 3 in the DNT

Colossians 3 in the ELBE

Colossians 3 in the EMTV

Colossians 3 in the ESV

Colossians 3 in the FBV

Colossians 3 in the FEB

Colossians 3 in the GGMNT

Colossians 3 in the GNT

Colossians 3 in the HARY

Colossians 3 in the HNT

Colossians 3 in the IRVA

Colossians 3 in the IRVB

Colossians 3 in the IRVG

Colossians 3 in the IRVH

Colossians 3 in the IRVK

Colossians 3 in the IRVM

Colossians 3 in the IRVM2

Colossians 3 in the IRVO

Colossians 3 in the IRVP

Colossians 3 in the IRVT

Colossians 3 in the IRVT2

Colossians 3 in the IRVU

Colossians 3 in the ISVN

Colossians 3 in the JSNT

Colossians 3 in the KAPI

Colossians 3 in the KBT1ETNIK

Colossians 3 in the KBV

Colossians 3 in the KJV

Colossians 3 in the KNFD

Colossians 3 in the LBA

Colossians 3 in the LBLA

Colossians 3 in the LNT

Colossians 3 in the LSV

Colossians 3 in the MAAL

Colossians 3 in the MBV

Colossians 3 in the MBV2

Colossians 3 in the MHNT

Colossians 3 in the MKNFD

Colossians 3 in the MNG

Colossians 3 in the MNT

Colossians 3 in the MNT2

Colossians 3 in the MRS1T

Colossians 3 in the NAA

Colossians 3 in the NASB

Colossians 3 in the NBLA

Colossians 3 in the NBS

Colossians 3 in the NBVTP

Colossians 3 in the NET2

Colossians 3 in the NIV11

Colossians 3 in the NNT

Colossians 3 in the NNT2

Colossians 3 in the NNT3

Colossians 3 in the PDDPT

Colossians 3 in the PFNT

Colossians 3 in the RMNT

Colossians 3 in the SBIAS

Colossians 3 in the SBIBS

Colossians 3 in the SBIBS2

Colossians 3 in the SBICS

Colossians 3 in the SBIDS

Colossians 3 in the SBIGS

Colossians 3 in the SBIHS

Colossians 3 in the SBIIS

Colossians 3 in the SBIIS2

Colossians 3 in the SBIIS3

Colossians 3 in the SBIKS

Colossians 3 in the SBIKS2

Colossians 3 in the SBIMS

Colossians 3 in the SBIOS

Colossians 3 in the SBIPS

Colossians 3 in the SBISS

Colossians 3 in the SBITS

Colossians 3 in the SBITS2

Colossians 3 in the SBITS3

Colossians 3 in the SBITS4

Colossians 3 in the SBIUS

Colossians 3 in the SBIVS

Colossians 3 in the SBT

Colossians 3 in the SBT1E

Colossians 3 in the SCHL

Colossians 3 in the SNT

Colossians 3 in the SUSU

Colossians 3 in the SUSU2

Colossians 3 in the SYNO

Colossians 3 in the TBIAOTANT

Colossians 3 in the TBT1E

Colossians 3 in the TBT1E2

Colossians 3 in the TFTIP

Colossians 3 in the TFTU

Colossians 3 in the TGNTATF3T

Colossians 3 in the THAI

Colossians 3 in the TNFD

Colossians 3 in the TNT

Colossians 3 in the TNTIK

Colossians 3 in the TNTIL

Colossians 3 in the TNTIN

Colossians 3 in the TNTIP

Colossians 3 in the TNTIZ

Colossians 3 in the TOMA

Colossians 3 in the TTENT

Colossians 3 in the UBG

Colossians 3 in the UGV

Colossians 3 in the UGV2

Colossians 3 in the UGV3

Colossians 3 in the VBL

Colossians 3 in the VDCC

Colossians 3 in the YALU

Colossians 3 in the YAPE

Colossians 3 in the YBVTP

Colossians 3 in the ZBP