John 1 (BOTLNT)

1 1-2 Erile pele ga tlholego ya dilo tshotlhe, Keresete a bo a ntse a le teng le Modimo. Ga a bolo go nna a tshela mme a le Modimo ka sebele. 3 O tlhodile sengwe le sengwe se se leng teng, ga gona sepe se se tshelang se se sa tlholwang ke ene. 4 Botshelo jo bo sa khutleng bo mo go ene, mme botshelo jo bo naya batho lesedi. 5 Botshelo jwa gagwe ke lesedi le le phatsimang mo lefifing, mme lefifi ga le kake la tima lesedi. 6 6-7 Modimo o ne wa roma Johane wa Mokolobetsi e le mosupi wa gore Jesu Keresete ke lesedi la Boammaaruri. 8 Johane e ne e se lesedi ka boene; o ne a le mosupi wa lone fela. 9 Moragonyana, yo e leng ene lesedi la boammaaruri a goroga go tla go phatsima mo go mongwe le mongwe yo o tlang mo lefatsheng. 10 Mme le fa tota a dirile lefatshe, lefatshe ga le a ka la mo itse fa a sena go tla. 11 11-12 Le fa e le mo lefatsheng la ga gabo le mo go ba ga gabo ebong Bajuta, ga a a ka a amogelesega. Ba se kae fela ba ne ba mo amogela. Mme botlhe ba ba neng ba mo amogela, o ne a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo. Gotlhe mo ba neng ba tlhoka go go dira, e ne e le go mo ikanya gore a ba boloke. 13 Botlhe ba ba dumelang se, ba tsalwa sesha eseng ga senama mo go tswang mo thatong ya motho kgotsa leano; mme go tswa mo go rateng ga Modimo. 14 Mme Keresete a nna motho mme a nna mo lefatsheng mo gare ga rona a tletse lorato lwa boitshwarelo le boammaaruri. Bangwe ba rona ba bonye kgalalelo ya gagwe; kgalalelo ya Morwa yo o esi wa ga Rara wa Legodimo! 15 Johane a mo supegetsa batho, a bolelela batho ba le bantsintsi a re, “Yo ke ene yo ke neng ka bua ka ga gagwe ke re, ‘Mongwe o e tla yo o mphetang go menaganye; gonne ga a bolo go nna pele ga ke tsalwa.’ ” 16 Rotlhe re amogetse mahumo a a tswang mo matlhogonolong a gagwe a o a re lereditseng, letlhogonolo mo godimo ga letlhogonolo go koegilwe mo go rona! 17 Gonne Moshe o re neetse molao fela o o nang le maikaelelo a a thata go tshegediwa, le tshiamo e e senang kutlwelobotlhoko, fa Jesu Keresete ene a re lereditse lorato le boitshwarelo. 18 Ga go na ope yo tota o kileng a bona Modimo ka matlho, fa e se Morwawe fela a le esi yo o mmonyeng, gonne ke mopati wa ga Rara ebile o re boleletse gotlhe ka ga Ene. 19 Baeteledipele ba Sejuta ba roma baperesiti le bathusi ba bone go tsweng kwa Jerusalema go botsa Johane gore a o ne a ipitsa Mesia. 20 Mme a ganela mo go senang gotwe sepe. A re, “Ga ke Keresete.” 21 Mme ba mmotsa ba re, “Go siame, jaanong o mang? A o Elija?” A fetola a re, “Nnyaa.” “A o moporofiti?” “Nnyaa.” 22 “Jaanong o mang? Re bolelele gore re tle re kgone go neela ba ba re romileng karabo. Wa reng fa o ikarabela?” 23 A fetola a re, “Ke lentswe le le tswang mo sekakeng se se senang sepe, ke goa fela jaaka Isaia a porofitile a re, ‘ipaakanyetseng go tla go Morena’.” 24 24-25 Mme ba ba neng ba romilwe ke Bafarasai ba mmotsa ba re, “Fa o se Mesia kgotsa Elija kgotsa moporofiti, o tsaya kae tetlelelo ya go kolobetsa?” 26 Johane a ba raya a re, “Ke kolobetsa fela ka metsi, mme mo gare ga bontsintsi jwa batho, go na le mongwe yo lo iseng lo ke lo rakane nae. 27 Yo o tlaa tlogang a simolola tirelo-Modimo mo go lona, mme ga ke a lekana go nna le fa e le lekgoba la gagwe.” 28 Tiragalo e e ne ya diragala kwa Bethania, motse o o ka fa ntlheng e nngwe ya Noka ya Jorodane kwa Johane o neng a kolobetsa teng. 29 Letsatsi le le latelang Johane a bona Jesu a tla ntlheng ya gagwe mme a re, “Bonang! Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe! 30 Ke ene yo ke neng ke bua ka ga gagwe ke re, ‘Monna yo o mphetang thata o tlaa tloga a tla ka bofefo, yo o sa bolong go nna pele ga me!’ 31 Ke ne ke sa itse gore ke ene, mme ke fano ke kolobetsa ka metse gore ke mo supe mo chabeng ya Iseraele.” 32 Mme Johane a bolela ka go bona Mowa O O Boitshepo o fologela mo go Jesu o le mo setshwa-nong sa lephoi o tswa kwa legodimong. 33 Gape Johane a re, “Ke ne ke sa itse gore ke ene, mme erile ka nako e Modimo o neng o nthoma ka yone go tla go kolobetsa wa re, ‘Fa o bona Mowa O O Boitshepo o fologa o nna mo mongweng, ke ene yo o mmatlang. Ke ene yo o kolobetsang ka Mowa O O Boitshepo.’ 34 Ke bonye go diragala mo monneng yo, mme ke sone se ke supang gore ke Morwa Modimo.” 35 Letsatsi le le latelang fa Johane a eme le barutwa ba bangwe ba le babedi, 36 Jesu a feta gautshwane le bone. Johane a mo leba thata mme a bua a re, “Bonang Kwana ya Modimo!” 37 Mme barutwa ba babedi ba ga Johane ba retologa ba sala Jesu morago! 38 Jesu a retologa a ba bona ba mo setse morago. Mme a ba botsa a re, “Lo batlang?” Ba mo raya ba re, “Rra, o nna kae?” 39 A ba raya a re, “Tlang lo bone.” Mme ba ya le ene kwa a neng a nna teng mme ba nna nae lobaka lo e neng e ka nna go simologa nako ya bone mo tshokologong go fitlhelela go nna lotlatlana. 40 (Mongwe wa banna ba e ne e le Anderea Monnaa Simone Petoro). 41 Mme Anderea a ya go senka Petoro mogolowe a mo raya a re, “Re bonye Mesia.” 42 Mme a isa Petoro kwa go Jesu. Jesu a tlhoma Petoro matlho le mogopolo ka lobakanyana mme a re, “O Simone, morwa Johane, mme o tlaa bidiwa Petoro, ke gore Lefika!” 43 Letsatsi le le latelang Jesu a ikaelela go ya Galalea. Mme bona Filipo a mo raya a re, “Ntshala morago.” 44 Filipo a ya go senka Nathaniele mme a mo raya a re, “Re bonye Mesia! Ene tota motho yo Moshe le baporofiti ba boletseng ka ga gagwe! Leina la gagwe ke Jesu, morwa Josefe yo o tswang Nasaretha!” 45 Nathaniele a hakgamala a re. 46 “Kwa Nasaretha! a gona le sengwe se se siameng se se ka tswang teng?” Filipo a re, “Tla fela o iponele.” 47 Ya re ba atamela Jesu a re, “Monna yo o ikanyegang ke yo o e tla, Moiseraele wa boammaaruri.” 48 Nathaniele a re, “O nkitsile jang?” Mme Jesu a fetola a re, “Erile o le ka fa tlase ga setlhare sa mofeige, Filipo a ise a go bone, ke ne ke go bona.” 49 Nathaniele a fetola a re, “Rra, O Morwa Modimo, Kgosi ya Iseraele!” 50 Jesu a mmotsa a re, “A o dumela gotlhe mo fela ka gore ke go boleletse gore ke ne ka go bona ka fa tlase ga setlhare sa mofeige? O tlaa bona ditshupo tse dikgolo go na le tse. 51 O tlaa bo o bone le legodimo le atlhamologa le baengele ba Modimo ba boaboela ba tla kwa go nna, Monna wa kgalalelo.”

In Other Versions

John 1 in the ANGEFD

John 1 in the ANTPNG2D

John 1 in the AS21

John 1 in the BAGH

John 1 in the BBPNG

John 1 in the BBT1E

John 1 in the BDS

John 1 in the BEV

John 1 in the BHAD

John 1 in the BIB

John 1 in the BLPT

John 1 in the BNT

John 1 in the BNTABOOT

John 1 in the BNTLV

John 1 in the BOATCB

John 1 in the BOATCB2

John 1 in the BOBCV

John 1 in the BOCNT

John 1 in the BOECS

John 1 in the BOGWICC

John 1 in the BOHCB

John 1 in the BOHCV

John 1 in the BOHLNT

John 1 in the BOHNTLTAL

John 1 in the BOICB

John 1 in the BOILNTAP

John 1 in the BOITCV

John 1 in the BOKCV

John 1 in the BOKCV2

John 1 in the BOKHWOG

John 1 in the BOKSSV

John 1 in the BOLCB

John 1 in the BOLCB2

John 1 in the BOMCV

John 1 in the BONAV

John 1 in the BONCB

John 1 in the BONLT

John 1 in the BONUT2

John 1 in the BOPLNT

John 1 in the BOSCB

John 1 in the BOSNC

John 1 in the BOVCB

John 1 in the BOYCB

John 1 in the BPBB

John 1 in the BPH

John 1 in the BSB

John 1 in the CCB

John 1 in the CUV

John 1 in the CUVS

John 1 in the DBT

John 1 in the DGDNT

John 1 in the DHNT

John 1 in the DNT

John 1 in the ELBE

John 1 in the EMTV

John 1 in the ESV

John 1 in the FBV

John 1 in the FEB

John 1 in the GGMNT

John 1 in the GNT

John 1 in the HARY

John 1 in the HNT

John 1 in the IRVA

John 1 in the IRVB

John 1 in the IRVG

John 1 in the IRVH

John 1 in the IRVK

John 1 in the IRVM

John 1 in the IRVM2

John 1 in the IRVO

John 1 in the IRVP

John 1 in the IRVT

John 1 in the IRVT2

John 1 in the IRVU

John 1 in the ISVN

John 1 in the JSNT

John 1 in the KAPI

John 1 in the KBT1ETNIK

John 1 in the KBV

John 1 in the KJV

John 1 in the KNFD

John 1 in the LBA

John 1 in the LBLA

John 1 in the LNT

John 1 in the LSV

John 1 in the MAAL

John 1 in the MBV

John 1 in the MBV2

John 1 in the MHNT

John 1 in the MKNFD

John 1 in the MNG

John 1 in the MNT

John 1 in the MNT2

John 1 in the MRS1T

John 1 in the NAA

John 1 in the NASB

John 1 in the NBLA

John 1 in the NBS

John 1 in the NBVTP

John 1 in the NET2

John 1 in the NIV11

John 1 in the NNT

John 1 in the NNT2

John 1 in the NNT3

John 1 in the PDDPT

John 1 in the PFNT

John 1 in the RMNT

John 1 in the SBIAS

John 1 in the SBIBS

John 1 in the SBIBS2

John 1 in the SBICS

John 1 in the SBIDS

John 1 in the SBIGS

John 1 in the SBIHS

John 1 in the SBIIS

John 1 in the SBIIS2

John 1 in the SBIIS3

John 1 in the SBIKS

John 1 in the SBIKS2

John 1 in the SBIMS

John 1 in the SBIOS

John 1 in the SBIPS

John 1 in the SBISS

John 1 in the SBITS

John 1 in the SBITS2

John 1 in the SBITS3

John 1 in the SBITS4

John 1 in the SBIUS

John 1 in the SBIVS

John 1 in the SBT

John 1 in the SBT1E

John 1 in the SCHL

John 1 in the SNT

John 1 in the SUSU

John 1 in the SUSU2

John 1 in the SYNO

John 1 in the TBIAOTANT

John 1 in the TBT1E

John 1 in the TBT1E2

John 1 in the TFTIP

John 1 in the TFTU

John 1 in the TGNTATF3T

John 1 in the THAI

John 1 in the TNFD

John 1 in the TNT

John 1 in the TNTIK

John 1 in the TNTIL

John 1 in the TNTIN

John 1 in the TNTIP

John 1 in the TNTIZ

John 1 in the TOMA

John 1 in the TTENT

John 1 in the UBG

John 1 in the UGV

John 1 in the UGV2

John 1 in the UGV3

John 1 in the VBL

John 1 in the VDCC

John 1 in the YALU

John 1 in the YAPE

John 1 in the YBVTP

John 1 in the ZBP