John 10 (BOTLNT)

1 “Le fa e le mang yo o ganang go tsena ka kgoro mo lesakeng la dinku, yo o tlolelang ka lokotswana, o tshwanetse tota a be a le legodu. 2 Gonne modisa o tsena ka kgoro. 3 Motlhokomedi wa kgoro o a e mmulela, mme dinku di utlwa lentswe la gagwe jalo di tle kwa go ene; mme a bitse dinku tsa gagwe ka maina a di etelele pele di ya kwa ntle. 4 O tsamaya kwa pele ga tsone; mme di mo sale morago, gonne di tlhaloganya lentswe la gagwe. 5 Ga di kitla di sala moeng morago, mme di tlaa mo phatlalalela, gonne ga di itse lentswe la gagwe.” 6 Ba ba neng ba utlwa Jesu a dirisa setshwantsho se ba ne ba seka ba tlhaloganya se a se rayang. 7 Mme a se ba tlhalosetsa a re, “Ke nna Kgoro ya dinku. 8 Botlhe ba bangwe ba ba tsileng pele ga me e ne e le magodu le dinokwane. Mme dinku tsa boammaaruri ga di ise di ke di ba reetse. 9 Ee, ke nna Kgoro. Ba ba tsenang ka Kgoro ba tlaa bolokwa mme ba tlaa tsena ba bo ba tswa mme ba tlaa bona mafulo a matalana. 10 Maikaelelo a legodu ke go utswa, le go bolaya le go senya. Mme nna maikaelelo a me ke go aba botshelo jo bo sa khutleng ka letlotlo. 11 “Ke Modisa yo o Molemo. Modisa yo o molemo o ntshetsa dinku botshelo jwa gagwe. 12 Motho yo o thapilweng o tlaa sia a tlogela dinku fa a bona phiri e tla, gonne ga se tsa gagwe ebile ga se modisa wa tsone. Mme jalo phiri e di tlolele e phatlalatse letsomane. 13 Motho yo o thapilweng o sia ka ntlha ya gore o thapilwe, le ka ntlha ya gore ga a kgathalele dinku thata. 14 “Ke Modisa yo o Molemo ebile ke itse dinku tsa me, le tsone di a nkitse. 15 Fela jaaka Rara a nkitse le nna ke itse Rara; jalo ke ntshetsa dinku botshelo jwa me. 16 Ke na le dinku tse dingwe mo lesakeng le lengwe. Le tsone ke tshwanetse go di lere, mme di tlaa utlwa lentswe la me; jalo go tlaa nna letsomane le le lengwe ka fa tlase ga tlhokomelo ya Modisa a le mongwe fela. 17 “Rara o a nthata gonne ke ntsha botshelo jwa me setlhabelo gore ke tle ke nne le jone gape. 18 Ga go na ope yo o ka mpolayang kwa ntle ga go rata ga me. Ke ntsha botshelo jwa me setlhabelo ka bonna. Gonne ke na le tshwanelo le nonofo ya go bo ntsha setlhabelo fa ke batla le tshwanelo le nonofo ya go bo tsaya gape. Gonne Rara o nneile tshwanelo e.” 19 Erile fa a bua jaana, baeteledipele ba Sejuta ba kgaogana mo megopolong gape ka ga gagwe. 20 Bangwe ba bone ba re, “O na le mowa o o maswe eseng jalo o a tsenwa. Ke eng re reetsa motho yo o ntseng jalo?” 21 Ba bangwe ba re, “Mo go rona golo mo ga go utlwale go buiwa ke motho yo o tsenweng ke mowa o o maswe! A mowa o o maswe o ka foufolola matlho a difofu?” 22 22-23 Go ne go le mariga, fa Jesu a le mo Jerusalema ka lebaka lwa Moletlo wa Boshafatso. O ne a le kwa Tempeleng, a raletse golo fa go bidiwang Mathudi a ga Solomone. 24 Baeteledipele ba Sejuta ba mo dikgaganyetsa mme ba mmotsa ba re, “O tlaa re baya mo lefifing la bosena-kitso fitlhelela leng? Fa e le gore o Mesia re bolelele sentle.” 25 Mme Jesu a ba raya are, “Ke setse ke lo bole-letse, mme ga lo ntumele. Sesupo ke dikgakgamatso tse ke di dirang ka leina la ga Rara. 26 Mme ga lo ntumele gonne ga lo ba letsomane la me. 27 Dinku tsa me di itse lentswe la me, le nna ke a di itse, mme dintshala morago. 28 Ke di naya botshelo jo bo sa khutleng mme ga di kitla di nyelela. Ga gona ope yo o tlaa di phamolang mo go nna, 29 gonne Rara o di nneile, mme o nonofile go feta mongwe le mongwe, jalo he ga go na ope yo o ka di utswang mo go nna. 30 Nna le Rara re selo se le sengwe.” 31 Mme gape baeteledipele ba Sejuta ba sela matlapa go mmolaya. 32 Jesu a ba raya a re, “E fa kaelong ya Modimo ke dirile dikgakgamatso di le dintsi go thusa batho. Lo mpolaela kgakgamatso efe?” 33 Mme ba mo fetola ba re, “Ga re go balaele tiro epe e e siameng, re go bolaela tlhapatso; wena, mothonyana ke wena yo o seng wa sepe o ipiditse gore o Modimo.” 34 34-36 Mme a fetola a re, “Mo molaong wa lona gatwe batho ke medimo Jalo he, fa lokwalo, lo lo sa ka keng lwa bua maaka, lo bua ka gore medimo ke batho ba molaetsa wa Modimo o tsileng mo go bone, a lo go bitsa tlhapatso fa yo ene a itshepisitsweng a bile a romilwe mo lefatsheng ke Rara a re, ‘Ke Morwa Modimo?’ 37 Se ntumeleng, fa e se fela ke dira dikgakgamatso tsa Modimo. 38 Mme fa ke di dira, di dumeleng lefa lo sa ntumele. Hong lo tlaa dumela tota gore Rara omo go nna, le gore ke mo go Rara.” 39 Gape ba leka go mo tshwara. Mme a tsamaya a ba tlogela… 40 Mme a tlhatlogela kwa moseja ga Noka ya Jorodane go nna gaufile lefelo le Johane a neng a kolobeletsa mo go lone lwa ntlha. 41 Mme ba le bantsi ba mo sala morago. Mme ba le bantsi ba mo sala morago. Mme ba dumaduma ba re, “Johane ga a ise a ke a dire dikgakgamatso, mme dipolelelopele tsa gagwe tsotlhe kaga monna yo di diragetse,” 42 Hong ba le bantsi ba dumela gore ke Mesia.

In Other Versions

John 10 in the ANGEFD

John 10 in the ANTPNG2D

John 10 in the AS21

John 10 in the BAGH

John 10 in the BBPNG

John 10 in the BBT1E

John 10 in the BDS

John 10 in the BEV

John 10 in the BHAD

John 10 in the BIB

John 10 in the BLPT

John 10 in the BNT

John 10 in the BNTABOOT

John 10 in the BNTLV

John 10 in the BOATCB

John 10 in the BOATCB2

John 10 in the BOBCV

John 10 in the BOCNT

John 10 in the BOECS

John 10 in the BOGWICC

John 10 in the BOHCB

John 10 in the BOHCV

John 10 in the BOHLNT

John 10 in the BOHNTLTAL

John 10 in the BOICB

John 10 in the BOILNTAP

John 10 in the BOITCV

John 10 in the BOKCV

John 10 in the BOKCV2

John 10 in the BOKHWOG

John 10 in the BOKSSV

John 10 in the BOLCB

John 10 in the BOLCB2

John 10 in the BOMCV

John 10 in the BONAV

John 10 in the BONCB

John 10 in the BONLT

John 10 in the BONUT2

John 10 in the BOPLNT

John 10 in the BOSCB

John 10 in the BOSNC

John 10 in the BOVCB

John 10 in the BOYCB

John 10 in the BPBB

John 10 in the BPH

John 10 in the BSB

John 10 in the CCB

John 10 in the CUV

John 10 in the CUVS

John 10 in the DBT

John 10 in the DGDNT

John 10 in the DHNT

John 10 in the DNT

John 10 in the ELBE

John 10 in the EMTV

John 10 in the ESV

John 10 in the FBV

John 10 in the FEB

John 10 in the GGMNT

John 10 in the GNT

John 10 in the HARY

John 10 in the HNT

John 10 in the IRVA

John 10 in the IRVB

John 10 in the IRVG

John 10 in the IRVH

John 10 in the IRVK

John 10 in the IRVM

John 10 in the IRVM2

John 10 in the IRVO

John 10 in the IRVP

John 10 in the IRVT

John 10 in the IRVT2

John 10 in the IRVU

John 10 in the ISVN

John 10 in the JSNT

John 10 in the KAPI

John 10 in the KBT1ETNIK

John 10 in the KBV

John 10 in the KJV

John 10 in the KNFD

John 10 in the LBA

John 10 in the LBLA

John 10 in the LNT

John 10 in the LSV

John 10 in the MAAL

John 10 in the MBV

John 10 in the MBV2

John 10 in the MHNT

John 10 in the MKNFD

John 10 in the MNG

John 10 in the MNT

John 10 in the MNT2

John 10 in the MRS1T

John 10 in the NAA

John 10 in the NASB

John 10 in the NBLA

John 10 in the NBS

John 10 in the NBVTP

John 10 in the NET2

John 10 in the NIV11

John 10 in the NNT

John 10 in the NNT2

John 10 in the NNT3

John 10 in the PDDPT

John 10 in the PFNT

John 10 in the RMNT

John 10 in the SBIAS

John 10 in the SBIBS

John 10 in the SBIBS2

John 10 in the SBICS

John 10 in the SBIDS

John 10 in the SBIGS

John 10 in the SBIHS

John 10 in the SBIIS

John 10 in the SBIIS2

John 10 in the SBIIS3

John 10 in the SBIKS

John 10 in the SBIKS2

John 10 in the SBIMS

John 10 in the SBIOS

John 10 in the SBIPS

John 10 in the SBISS

John 10 in the SBITS

John 10 in the SBITS2

John 10 in the SBITS3

John 10 in the SBITS4

John 10 in the SBIUS

John 10 in the SBIVS

John 10 in the SBT

John 10 in the SBT1E

John 10 in the SCHL

John 10 in the SNT

John 10 in the SUSU

John 10 in the SUSU2

John 10 in the SYNO

John 10 in the TBIAOTANT

John 10 in the TBT1E

John 10 in the TBT1E2

John 10 in the TFTIP

John 10 in the TFTU

John 10 in the TGNTATF3T

John 10 in the THAI

John 10 in the TNFD

John 10 in the TNT

John 10 in the TNTIK

John 10 in the TNTIL

John 10 in the TNTIN

John 10 in the TNTIP

John 10 in the TNTIZ

John 10 in the TOMA

John 10 in the TTENT

John 10 in the UBG

John 10 in the UGV

John 10 in the UGV2

John 10 in the UGV3

John 10 in the VBL

John 10 in the VDCC

John 10 in the YALU

John 10 in the YAPE

John 10 in the YBVTP

John 10 in the ZBP