John 13 (BOTLNT)

1 1-3 Jesu o ne a itse mo maitseboeng a tsatsi la Tlolaganyo gore ke bosigo jwa gagwe jwa bofelo mo lefatsheng pele ga a boela kwa go Rraagwe. Erile go jewa dijo tsa maitseboa Diabolo a bo a setse a feditse mogopolo wa ga Judase Isekariota, morwa Simone, gore jo ke bosigo jwa gore a dirise leano la gagwe la go oka Jesu. Jesu o ne a itse gore Rara o mo neetse sengwe le sengwe le gore o ne a tswa kwa Modimong le gore o tlaa boela kwa Modimong. Le ka fa a neng a rata barutwa ba gagwe ka teng! 4 Mme a tswa fa lomating lwa bojelo, (tafole) a apola seaparo sa gagwe, a thathelela toulo (taole) mo lothekeng, 5 a tshela metsi mo mogotswaneng mme a simolola a tlhapisa barutwa ba gagwe dinao a ba a di phimola ka taole e a neng a ithathile ka yone. 6 Erile a tla fa go Simone Petere, Petere a mo raya a re, “Morena, ga o a tshwanela o ka bo o re tlhapisa dinao!” 7 Jesu a fetola a re, “Ka nako e ga o tlhaloganye se ke se dirang, mme o tlaa tlhaloganya ka letsatsi lengwe.” 8 Petere a gana a re, “Nnyaa, ga o kitla o ntlhapisa dinao gope!” Mme Jesu a fetola a re, “Kana fa ke sa di tlhapise, ga o kake wa nna mopati wa me.” 9 Simone Petere a mo raya a re, “Mme tlhapisa diatla tsa me le tlhogo, e seng dinao fela!” 10 Jesu a fetola a re, “Yo o setseng a tlhapile mmele otlhe o tlhoka go tlhapisiwa dinao fela gore a nne phepa gotlhelele. Jaanong o phepa, mme ga go a nna jalo mo go mongwe le mongwe yo o fano.” 11 Gonne Jesu o ne a itse gore o tlaa okwa ke mang. Ke sone se a neng a se raya fa a re, “Ga lo phepa lotlhe.” 12 Erile a sena go ba tlhapisa dinao, a apara seaparo sa gagwe gape mme a nna fa fatshe a botsa potso a re, “A lo tlhaloganya se ke neng ke se dira? 13 Lo mpitsa ‘Moruti’ le ‘Morena’, mme lo dira sentle go bua jalo, gonne ke boammaaruri. 14 Mme ka nna, Morena, le Moruti, ke lo tlhapisitse dinao, lo tshwanetse go tlhapisanya dinao fela jalo. 15 Ke lo neile sekai se lo tshwanetseng go se sala morago: dirang jaaka ke lo diretse. 16 Go boammaaruri thata jang gore motlhanka ga a mogolo go mong wa gagwe. Le fa e le morongwa ga a mogolo go motho yo o mo romang. 17 Lo itse dilo tse, jaanong di direng! Ke yone tsela ya matlhogonolo. 18 “Ga ke lo reye lotlhe; ke itse mongwe le mongwe wa lona yo ke mo tlhophileng sentle. Lokwalo lo bua jaana lwa re, ‘Ene yo o jang dijo le nna o tlaa nkoka’ mme se ke se buang se tlaa tloga se diragala. 19 Mme ke lo bolelela selo se jaanong jaana gore e re fa se diragala, lo dumele mo go nna. 20 “Ammaaruri, le fa e le mang yo o amogelang Morongwa wame, yo ke tlaa mo romang, o amogela nna. Mme go nkamogela ke go amogela Rara yo o nthomileng.” 21 Mme jaanong Jesu o ne a huduegile thata mo moeng mme a re, “Ee, go boammaaruri, mongwe wa lona o tlaa nkoka.” 22 Barutwa ba lebana, ba hakgamala gore o ka ne a raya mang. 23 E re ka ke ne ke ntse go bapa le Jesu fa lomating lwa bojelo (tafole) ke le tsala ya gagwe e tona thata, 24 Simone Petere a tla kwa go nna go mpotsa gore ke mang yo o tlaa dirang tiro e e setlhogo eo ya go mo oka. 25 Mme ka retologa ka mmotsa ka re, “Morena, ke mang?” 26 A mphetola a re, “Ke yo ke mo tlotlang ka go mo neela senkgwe se innwe mo morong.” Mme erile a sena go se ina, a se inola a se neela Judase, morwa Isekariota. 27 Mme ya re Judase a sena go se ja, Satane a tsena mo go ene. Mme Jesu a mo raya a re, “Itlhaganele, dira se o se ikaeletseng jaanong jaana.” 28 Go ne go sena le fa e le ope wa ba ba fa lomating lwa bojelo yo o neng a itse se Jesu o se rayang. 29 Bangwe ba gopola gore ka Judase e ne e le mmei wa madi a bone Jesu o ne a mmolelela gore a ye go duelela dijo kgotsa a ye go abela bahumanegi madi mangwe. 30 Judase a nanoga ka bofefo, a ralala lefifi. 31 Erile fela Judase a tswa mo tlung, Jesu a re, “Lobaka lwa me lo gorogile; kgalalelo ya Modimo e tlaa tloga e ntikaganyetsa, mme Modimo o tlaa amogela kgalaletso e tona ka ntlha ya gotlhe mo go ntiragalelang. 32 Mme Modimo o tlaa nnaya kgalalelo ya one, fela jaanong jaana. 33 Bana ba ba rategang, kana nako e khutshwane jang pele ga gore ke tsamaye ke lo tlogele! Mme, le fa lo ka ntshenka ga lo ka ke lwa tla kwa go nna, fela jaaka ke boleletse baeteledipele ba Sejuta. 34 “Jaanong ke lo naya taolo e ncha ka re, ‘Ratanang fela jaaka ke lo ratile.’ 35 Go ratana ga lona mo go kitlaneng go tlaa supegetsa lefatshe gore lo barutwa ba me.” 36 Simone Petere a re, “Morena o ya kae?” Mme Jesu a fetola a re, “Ga o ka ke wa tsamaya le nna jaanong jaana; mme e tlaa re morago, o ntatele.” 37 Mme Simone Petere a mmotsa a re, “Mme ke kganelwa ke eng go tla jaanong jaana gonne ke ipaakanyeditse go go swela?” 38 Jesu a araba a re, “O ntshwela? Nnyaa e tlaa re pele ga mokoko o lela gararo ka moso o tlaa bo o intatotse o re ga o nkitse.”

In Other Versions

John 13 in the ANGEFD

John 13 in the ANTPNG2D

John 13 in the AS21

John 13 in the BAGH

John 13 in the BBPNG

John 13 in the BBT1E

John 13 in the BDS

John 13 in the BEV

John 13 in the BHAD

John 13 in the BIB

John 13 in the BLPT

John 13 in the BNT

John 13 in the BNTABOOT

John 13 in the BNTLV

John 13 in the BOATCB

John 13 in the BOATCB2

John 13 in the BOBCV

John 13 in the BOCNT

John 13 in the BOECS

John 13 in the BOGWICC

John 13 in the BOHCB

John 13 in the BOHCV

John 13 in the BOHLNT

John 13 in the BOHNTLTAL

John 13 in the BOICB

John 13 in the BOILNTAP

John 13 in the BOITCV

John 13 in the BOKCV

John 13 in the BOKCV2

John 13 in the BOKHWOG

John 13 in the BOKSSV

John 13 in the BOLCB

John 13 in the BOLCB2

John 13 in the BOMCV

John 13 in the BONAV

John 13 in the BONCB

John 13 in the BONLT

John 13 in the BONUT2

John 13 in the BOPLNT

John 13 in the BOSCB

John 13 in the BOSNC

John 13 in the BOVCB

John 13 in the BOYCB

John 13 in the BPBB

John 13 in the BPH

John 13 in the BSB

John 13 in the CCB

John 13 in the CUV

John 13 in the CUVS

John 13 in the DBT

John 13 in the DGDNT

John 13 in the DHNT

John 13 in the DNT

John 13 in the ELBE

John 13 in the EMTV

John 13 in the ESV

John 13 in the FBV

John 13 in the FEB

John 13 in the GGMNT

John 13 in the GNT

John 13 in the HARY

John 13 in the HNT

John 13 in the IRVA

John 13 in the IRVB

John 13 in the IRVG

John 13 in the IRVH

John 13 in the IRVK

John 13 in the IRVM

John 13 in the IRVM2

John 13 in the IRVO

John 13 in the IRVP

John 13 in the IRVT

John 13 in the IRVT2

John 13 in the IRVU

John 13 in the ISVN

John 13 in the JSNT

John 13 in the KAPI

John 13 in the KBT1ETNIK

John 13 in the KBV

John 13 in the KJV

John 13 in the KNFD

John 13 in the LBA

John 13 in the LBLA

John 13 in the LNT

John 13 in the LSV

John 13 in the MAAL

John 13 in the MBV

John 13 in the MBV2

John 13 in the MHNT

John 13 in the MKNFD

John 13 in the MNG

John 13 in the MNT

John 13 in the MNT2

John 13 in the MRS1T

John 13 in the NAA

John 13 in the NASB

John 13 in the NBLA

John 13 in the NBS

John 13 in the NBVTP

John 13 in the NET2

John 13 in the NIV11

John 13 in the NNT

John 13 in the NNT2

John 13 in the NNT3

John 13 in the PDDPT

John 13 in the PFNT

John 13 in the RMNT

John 13 in the SBIAS

John 13 in the SBIBS

John 13 in the SBIBS2

John 13 in the SBICS

John 13 in the SBIDS

John 13 in the SBIGS

John 13 in the SBIHS

John 13 in the SBIIS

John 13 in the SBIIS2

John 13 in the SBIIS3

John 13 in the SBIKS

John 13 in the SBIKS2

John 13 in the SBIMS

John 13 in the SBIOS

John 13 in the SBIPS

John 13 in the SBISS

John 13 in the SBITS

John 13 in the SBITS2

John 13 in the SBITS3

John 13 in the SBITS4

John 13 in the SBIUS

John 13 in the SBIVS

John 13 in the SBT

John 13 in the SBT1E

John 13 in the SCHL

John 13 in the SNT

John 13 in the SUSU

John 13 in the SUSU2

John 13 in the SYNO

John 13 in the TBIAOTANT

John 13 in the TBT1E

John 13 in the TBT1E2

John 13 in the TFTIP

John 13 in the TFTU

John 13 in the TGNTATF3T

John 13 in the THAI

John 13 in the TNFD

John 13 in the TNT

John 13 in the TNTIK

John 13 in the TNTIL

John 13 in the TNTIN

John 13 in the TNTIP

John 13 in the TNTIZ

John 13 in the TOMA

John 13 in the TTENT

John 13 in the UBG

John 13 in the UGV

John 13 in the UGV2

John 13 in the UGV3

John 13 in the VBL

John 13 in the VDCC

John 13 in the YALU

John 13 in the YAPE

John 13 in the YBVTP

John 13 in the ZBP