Luke 11 (BOTLNT)

1 Mme ya re ka nako nngwe fa Jesu a ile go rapela, mongwe wa barutwa ba gagwe a tla mo go ene fa a fetsa a re, “Morena re rute thapelo jaaka Johane a rutile barutwa ba gagwe.” 2 Mme e ke yone thapelo e a neng a e ba ruta: “Rara leina la gago le tlotlelwe boitshepo jwa lone; Romela Bogosi jwa gago ka pele. 3 Re fe dijo letsatsi le letsatsi. 4 Mme o re itshwarele melato ya rona gonne re itshwaretse ba ba neng ba re leofetse. Mme o se re letle go raelesega.” 5 5-6 Hong ya re a ba ruta thata ka ga thapelo, a dirisa setshwantsho se a re: “A ke re o etetse tsala ya gago bosigogare o batla go adima dinkgwe di le tharo. Otlaa mo tlhaeletsa o re, ‘Tsala ya me e nketetse e e tswang kgakala mme ga ke na sepe se e ka se jang!’ 7 O tlaa fetola a le ka fa ntlwaneng ya borobalo a re, ‘Tswee-tswee se ntsose. Ga ke ka ke ka go thusa ka nako e!’ 8 “Mme ke tlaa go bolelela se, le fa a sa go direla jaaka tsala, fa o tswelela o kokota o tlaa tsoga a go neye sengwe le sengwe se o se batlang ka ntlha ya bobelotelele jwa gago. 9 Mme go ntse fela jalo mo thapelong, tswelelang lo lope lo tlaa newa, batlang lo tlaa bona, kokotang lo tlaa bulelwa. 10 Mongwe le mongwe yo o kopang o tlaa amogela; botlhe ba ba batlang, ba a bona; mme go bulelwa mongwe le mongwe yo o kokotang. 11 “Mme lona bo rra-bana, fa ngwana wa gago wa mosimane a go kopa senkgwe, a o ka mo naya lentswe? Fa a kopa tlhapi a o ka mo naya noga? 12 Fa a kopa lee, a o ka mo naya phepheng? [Nnyaa!] 13 “Mme fa baleofi jaaka lona ba naya bana se ba se tlhokang, a ga lo lemoge gore Rraeno yo o kwa legodimong o tlaa dira mo go tona, a neela Mowa O O Boitshepo ba ba o kopang?” 14 Ka nako nngwe, fa Jesu a kgoromeletsa ntle mowa o o maswe mo monneng yo o neng a le semumu, lentswe la gagwe la mmoela, a mumuloga. Mme bontsintsi jwa batho jwa itumela thata ba nna matlhagatlhaga, 15 mme bangwe ba re, “Ga go hakgamatse fa a kgoromeletsa mewa e e maswe ntle. O tsaya nonofo ya gagwe mo go Satane, Kgosi ya mewa e e maswe!” 16 Bangwe ba kopa gore a dire sesupo sengwe mo loaping go supa go ipitsa ga gagwe a re ke Mesia. 17 Mme ka a ne a itsile dikakanyo tsa mongwe le mongwe wa bone a re, “Bogosi bongwe le bongwe jo bo itwantshang bo a senyega; le lolwapa lo lo tletseng kganetsanyo le ntwa lo ntse fela jalo. 18 Hong fa se lo se buang e le boammaaruri, gore Satane o a itwantsha ka go nnonotsha go kgoromeletsa mewa ya gagwe e e maswe ntle, bogosi jwa gagwe bo ka ema jang? 19 Mme fa ke newa nonofo ke Satane, balatedi ba lona bone? Gonne ba kgoromeletsa mewa e e maswe ntle! A lo gopola gore mo go supa gore ba tsenywe ke Satane? Ba botseng fa e le gore lo bolelela ruri! 20 Mme fa ke kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka ntlha ya nonofo e e tswang mo Modimong, go supa gore Bogosi jwa Modimo bo tsile. 21 “Gonne fa Satane a le thata a bile a tshotse dibolao, a tlhokomela ntlo ya gagwe ya segosi, e bolokesegile. 22 Go fitlhelela mongwe yo o nonofileng a bile a tshotse dibolao tse di botoka a tla a mo fenya a bo a gapa dibolao tsa gagwe le dilwana tsa gagwe. 23 “Mongwe le mongwe yo e seng wa me o kgatlhanong le nna; fa a sa nthuse, o a ntlhokofatsa. 24 “E ya re fa mowa o o maswe o dule mo mothong o ye kwa dikakeng o batla boikhutso; mme e re o sa bo bone o boele kwa go yo o neng o tswa mo go ene, 25 mme o fitlhele lolwapa lwa one lwa gale lo feetswe lo le phepa. 26 Hong ‘o’ tsamaye, ‘o’ ye go tlisa mewa e mengwe e e maswe e le supa e e bosula go na le one, mme yotlhe e tsene mo mothung yoo. Hong motho wa mogolo a bife go gaisa jaaka a ne a ntse pele.” 27 Mme ya re a ntse a bua mosadi mongwe mo bontsintsing jwa batho a mo tlhaeletsa a re, “A Modimo o segofatse mmago, le sebopelo se o duleng mo go sone, le mabele a o a amuleng.” 28 Hong a mo fetola a re, “E, mme bogolo go sego botlhe ba ba utlwang Lefoko la Modimo ba le dirisa.” 29 29-30 Ya re bontsi jwa batho bo ntse bo ikgotlhaganyetsa mo go ene, a ba rerela thero e, a re: “Dipaka tseno ke tse di bosula, tsa batho ba ba bosula. Ba tswelela ka go kopa tiragalo e e sa tlwaelesegang mo loaping [gore ke supe gore ke Mesia], mme kgakgamalo e ke tlaa ba e nayang fela ke ele ya ga Jona, yo dikai tsa gagwe di neng tsa supegetsa batho ba Ninefe gore o rometswe ke Modimo. Sekai sa me se se tshwanang le sone se tlaa supegetsa batho ba gore ke romilwe ke Modimo. 31 “Mme ka Letsatsi la Katlholo Mohumagadi wa Sheba o tlaa tsoga mme a supe morafe o ka monwana, a o sekise gonne o tsamaile loeto lo lo leele go tla go reetsa botlhale jwa ga Solomone; mme fano go yo mogolo thata go gaisa Solomone [mme o reediwa ke ba se kae fela]. 32 “Batho ba Ninefe le bone ba tlaa tsoga ba sekisa sechaba se, gonne ba sokologile ka lobaka lwa thero ya ga Jona, mme yo mogola go gaisa Jona o fano. [Mme sechaba se ga se mo reetse]. 33 “Ga go ope yo o tshubang lobone a tswe a lo fitlhe! eseng jalo, o lo baya mo setlhomong go bonesetsa botlhe ba ba tsenang mo tlung. 34 Matlho a gago a bonesa bokafateng jwa gago. Leitlho le le nang le keletso e e bosula le fifatsa lesedi mme le go latlhela mo lefifing. 35 Jalo tlhokomela gore lesedi la gago le se ka la fifala. 36 Fa go tletse lesedi mo go wena, go se na dintlha dipe tsa lefifi, hong bontle jwa gago le jone bo tlaa phatsima jaaka ekete lesedi le go phatsimela ka marang a lone.” 37 37-38 Ya re a ntse a bua, mongwe wa Bafarasai a mo kopa go ya go ja kwa lwapeng lwa gagwe. Mme ya re a goroga a nna fa fatshe a ja kwa ntle ga go dirisa mokgwa wa Sejuta wa go tlhapa diatla pele ga a ja. Mme mo ga gakgamatsa yo o neng a mo laleditse. 39 Mme Jesu a mo raya a re, “Lona Bafarasai lo tlhatswa bokafa ntle, mme mo teng lo sa le leswe, go tletse bobelotshetlha le bosula! 40 Dieleele ke lona! A Modimo ga oa ka wa dira bokafateng le bokafantle? 41 Bophepa bo supa bopelontle. 42 “Mme a bo go latlhega lona Bafarasai! Gonne le fa lo tlhokomela go ntsha di tsa bosome tsa mo go nnye mo lo go amogetseng, lo lebala gotlhelele kaga tshiamo le lorato lwa Modimo. Lo tshwanetse go kgetha, ee, lo tshwanetse go ntsha ditsa bosome, mme ga lo a tshwanela go tlogela tse dingwe tse di sa dirwa. 43 “A bo go latlhega lona Bafarasai! Gonne lo rata manno a tlotlego mo disenagogeng le go dumedisiwa ka maitseo ke mongwe le mongwe fa lo tsamaya mo marekelong! 44 Ee, katlholo e e boitshegang e lo letile. Gonne lo tshwana le mabitla a a fitlhilweng mo nageng. Batho ba feta ka lona ba sena kitso ya gore lo batho ba ba kgopo jang.” 45 Mme moitseanape wa tumelo yo o neng a eme foo a re, “Morena, o tlhapaditse le yone tiro ya me ka se o ntseng o se bua.” 46 Mme Jesu a re, “Ee, bogale jo bo ntseng jalo bolo emetse! Gonne lo gatelela batho mo ditaolong tsa tumelo tse di se ka keng tsa kgonega, tse le lona ka bo lona lo se ka keng lwa leka go di tshegetsa. 47 A bo go latlhega lona! Gonne lo tshwana fela le bagolwane ba lona ba ba bolaileng baporofiti bogologolo. 48 Babolai ke lona! Lo dumalana le bo rraalona gore se ba neng ba se dira se ne se siame, lo ka bo lo dirile jalo le lona. 49 “Mme se ke se Modimo o se buang kaga lona: ‘Ke tlaa romela baporofiti le baapostoloi kwa go lona, mme lo tlaa bolaya bangwe ba bone lo bo lo leleke ba bangwe’. 50 “Mme lona ba dipaka tseno lo tlaa arabela polao ya batlhanka ba Modimo go tswa tshimologong ya lefatshe, 51 go tswa polaong ya ga Abele go tsena ka ya ga Sakarea yo o swetseng fa gare ga aletara le felo fa go boitshepo. Ee, ruri e tlaa lopiwa mo go lona. 52 “A bo go latlhega lona baitseanape ba tuelo! Gonne lo fitlhela batho boammaaruri. Ga lo bo ikamogelele, mme lo kganela ba bangwe go nna le nako ya go bo dumela.” 53 53-54 Hong Bafarasai le baruti ba molao ba gakala; mme ya re go tswa foo ba mo gagautlha ka dipotso tse dintsi, ba leka go mo raela gore a bue sengwe se ba ka mo tshwarang ka sone.

In Other Versions

Luke 11 in the ANGEFD

Luke 11 in the ANTPNG2D

Luke 11 in the AS21

Luke 11 in the BAGH

Luke 11 in the BBPNG

Luke 11 in the BBT1E

Luke 11 in the BDS

Luke 11 in the BEV

Luke 11 in the BHAD

Luke 11 in the BIB

Luke 11 in the BLPT

Luke 11 in the BNT

Luke 11 in the BNTABOOT

Luke 11 in the BNTLV

Luke 11 in the BOATCB

Luke 11 in the BOATCB2

Luke 11 in the BOBCV

Luke 11 in the BOCNT

Luke 11 in the BOECS

Luke 11 in the BOGWICC

Luke 11 in the BOHCB

Luke 11 in the BOHCV

Luke 11 in the BOHLNT

Luke 11 in the BOHNTLTAL

Luke 11 in the BOICB

Luke 11 in the BOILNTAP

Luke 11 in the BOITCV

Luke 11 in the BOKCV

Luke 11 in the BOKCV2

Luke 11 in the BOKHWOG

Luke 11 in the BOKSSV

Luke 11 in the BOLCB

Luke 11 in the BOLCB2

Luke 11 in the BOMCV

Luke 11 in the BONAV

Luke 11 in the BONCB

Luke 11 in the BONLT

Luke 11 in the BONUT2

Luke 11 in the BOPLNT

Luke 11 in the BOSCB

Luke 11 in the BOSNC

Luke 11 in the BOVCB

Luke 11 in the BOYCB

Luke 11 in the BPBB

Luke 11 in the BPH

Luke 11 in the BSB

Luke 11 in the CCB

Luke 11 in the CUV

Luke 11 in the CUVS

Luke 11 in the DBT

Luke 11 in the DGDNT

Luke 11 in the DHNT

Luke 11 in the DNT

Luke 11 in the ELBE

Luke 11 in the EMTV

Luke 11 in the ESV

Luke 11 in the FBV

Luke 11 in the FEB

Luke 11 in the GGMNT

Luke 11 in the GNT

Luke 11 in the HARY

Luke 11 in the HNT

Luke 11 in the IRVA

Luke 11 in the IRVB

Luke 11 in the IRVG

Luke 11 in the IRVH

Luke 11 in the IRVK

Luke 11 in the IRVM

Luke 11 in the IRVM2

Luke 11 in the IRVO

Luke 11 in the IRVP

Luke 11 in the IRVT

Luke 11 in the IRVT2

Luke 11 in the IRVU

Luke 11 in the ISVN

Luke 11 in the JSNT

Luke 11 in the KAPI

Luke 11 in the KBT1ETNIK

Luke 11 in the KBV

Luke 11 in the KJV

Luke 11 in the KNFD

Luke 11 in the LBA

Luke 11 in the LBLA

Luke 11 in the LNT

Luke 11 in the LSV

Luke 11 in the MAAL

Luke 11 in the MBV

Luke 11 in the MBV2

Luke 11 in the MHNT

Luke 11 in the MKNFD

Luke 11 in the MNG

Luke 11 in the MNT

Luke 11 in the MNT2

Luke 11 in the MRS1T

Luke 11 in the NAA

Luke 11 in the NASB

Luke 11 in the NBLA

Luke 11 in the NBS

Luke 11 in the NBVTP

Luke 11 in the NET2

Luke 11 in the NIV11

Luke 11 in the NNT

Luke 11 in the NNT2

Luke 11 in the NNT3

Luke 11 in the PDDPT

Luke 11 in the PFNT

Luke 11 in the RMNT

Luke 11 in the SBIAS

Luke 11 in the SBIBS

Luke 11 in the SBIBS2

Luke 11 in the SBICS

Luke 11 in the SBIDS

Luke 11 in the SBIGS

Luke 11 in the SBIHS

Luke 11 in the SBIIS

Luke 11 in the SBIIS2

Luke 11 in the SBIIS3

Luke 11 in the SBIKS

Luke 11 in the SBIKS2

Luke 11 in the SBIMS

Luke 11 in the SBIOS

Luke 11 in the SBIPS

Luke 11 in the SBISS

Luke 11 in the SBITS

Luke 11 in the SBITS2

Luke 11 in the SBITS3

Luke 11 in the SBITS4

Luke 11 in the SBIUS

Luke 11 in the SBIVS

Luke 11 in the SBT

Luke 11 in the SBT1E

Luke 11 in the SCHL

Luke 11 in the SNT

Luke 11 in the SUSU

Luke 11 in the SUSU2

Luke 11 in the SYNO

Luke 11 in the TBIAOTANT

Luke 11 in the TBT1E

Luke 11 in the TBT1E2

Luke 11 in the TFTIP

Luke 11 in the TFTU

Luke 11 in the TGNTATF3T

Luke 11 in the THAI

Luke 11 in the TNFD

Luke 11 in the TNT

Luke 11 in the TNTIK

Luke 11 in the TNTIL

Luke 11 in the TNTIN

Luke 11 in the TNTIP

Luke 11 in the TNTIZ

Luke 11 in the TOMA

Luke 11 in the TTENT

Luke 11 in the UBG

Luke 11 in the UGV

Luke 11 in the UGV2

Luke 11 in the UGV3

Luke 11 in the VBL

Luke 11 in the VDCC

Luke 11 in the YALU

Luke 11 in the YAPE

Luke 11 in the YBVTP

Luke 11 in the ZBP