Luke 3 (BOTLNT)

1 1-2 Mme e rile mo ngwageng ya lesome le botlhano ya puso ya ga kgosi kgolo Teberio Kaefase, molaetsa wa tla mo go Johane (morwa Sakarea) ka a ne a nna kwa ntle mo dikakeng (Pilatwe e ne e le mmusi mo Judea ka lobaka loo; Herode e le mmusi mo Galalea, monnawe Filipo e le mmusi mo Iturea le Trakoniti; Lusaniase e le mmusi mo Abilene; Anase le Kaeafase e le baperesiti ba bagolo ba Sejuta). 3 Hong Johane a tsamaya gongwe le gongwe mo ditlhakoreng tsoopedi tsa noka ya Jorodane, a rera gore batho ba tshwanetse go kolobediwa go supa gore ba sokologetse mo Modimong, ebile ba sokologile mo dibeng tsa bone, gore ba tle ba itshwarelwe. 4 Mo mafokong a ga moporofiti Isaia, Johane e ne, “E le lentswe le le kuang mo sekakeng, le re baakanyang tsela e Morena o tlaa tsamayang mo go yone! Mo katolosetseng tsela. 5 Ritibatsang dithaba! Katelang melatswana! Tlhamalatsang ditsela tse di kgopo! Rethefatsang le tsone tse di dikhuti! 6 Ke gone batho botlhe ba tlaa bonang Mmoloki yo o tswang legodimong.” 7 Se ke sekai sa thero ya ga Johane mo dikokoanong tsa batho ba ba neng ba tsile kolobetsong: “Losika lwa dinoga ke lona! Lo leka go falola molete kwa ntle ga go sokologela mo Modimong ka boammaaruri! Ke gone ka moo lo batlang go kolobediwa! 8 Tsamayang pele lo ye go itshupa ka mokgwa o lo tshelang ka one gore ke boammaaruri lo ikwatlhaile. Le gone lo se ka lwa akanya gore lo falotse ka gore lo losika lwa ga Aberahame. Moo ga go a lekana. Modimo o ka ntsha bana ba ga Aberahame mo majeng a a sekaka a! 9 “Selepe sa katlholo ya gagwe se tlhomilwe mo godimo ga lona, se baakanyeditswe go kgaola medi ya lona le go lo kgaolela fa fatshe. Ee, setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo siameng se tlaa rengwa se be se latlhelwa mo molelong.” 10 Mme batho ba ba kokoaneng ba fetola bare, “O batla gore re direng?” Hong a ba fetola a re, 11 “Fa o na le dikobo di le pedi,” naya yo o tlhokang e nngwe. Fa o na le dijo tse dingwe di abele ba ba bolailweng ke tlala. 12 Le e leng bone bakgethisi tota ba ba itsegeng ka bosula jwa bone ba tla go kolobediwa mme ba botsa ba re, “Re tlaa go tlhomamisetsa jang gore re latlhile dibe tsa rona?” 13 Johane a re, “Ke tlaa itse jang boammaaruri jwa lona. Tlhomamisang gore lo seka lwa phutha makgetho a a fetang a mmuso wa Seroma o o lo kopang gore lo a kokoanye.” 14 Mme masole mangwe a botsa a re, “A le rona? Jaanong ka ga rona?” Johane a fetola a re, “Lo seka lwa gapa madi ka patiko le thubakanyo; lo se pateletse ope ka ga se lo itseng a sa se dire; mme itumeleleng tuelo ya lona!” 15 Batho botlhe ba solofetse Mesia go tla ka bonako, ebile ba gakaletse go itse gore a Johane ke ene kgotsa nnyaa. E e ne e le potso ya lobaka lwa oura, mme ba ne ba tsaya kgang ka yone gongwe le gongwe. 16 Johane a araba potso e a re, “Ka nna legale ke lo kolobetsa ka metsi; mme mongwe o e tla yo o nang le nonofo e kgolo go feta yame; yo ke sa tshwanelang le fa e le go nna motlhanka wa gagwe mme ene o tlaa lo kolobetsa ka molelo ka Mowa o o Boitshepo. 17 O tlaa kgaoganya mmoko le mabele, a tshube mmoko ka molelo o o sa khutleng mme a boloke mabele.” 18 A dirisa ditlhagiso di le dintsi fa a ntse a bolelela batho mafoko a a molemo a Modimo. 19 19-20 (Mme ya re Johane a sena go bona Herode mmusi wa Galalea molato, ka go nyala Herodease, mosadi wa ga monnawe, le ka ga diphoso tse dintsi tse o di dirileng, Herode a tsenya Johane mo kgolegelong, ka go dira jalo a ba a oketsa sebe se, mo go tse dingwe tse dintsi tsa gagwe). 21 Erile ka letsatsi lengwe Jesu ka boene a tlhakana le boidiidi jwa batho ba ba neng ba kolobediwa ke Johane. Mme e rile fa a sena go kolobediwa, a rapela, mme magodimo a bulega, 22 mme Mowa o o Boitshepo o le mo setshwanong sa lephoi wa tlhomama mo godimo ga gagwe, mme lentswe le le tswang legodimong la re, “O Morwaake yo o rategang thata. Ee, o boitumelo jwa me.” 23 Jesu o ne a na le dingwaga di ka nna masome mararo fa a simolola tirelo ya gagwe. O na a itsege e le morwa Josefe. 24 Josefe rraagwe e ne e le Eli; Eli rraagwe e ne e le Lefi; Lefi rraagwe e ne e le Meleki; Meleki rraagwe e ne e le Janai; Janai rraagwe e ne e le Josefe; 25 Josefe rraagwe e ne e le Mathatio; Mathatio rraagwe e ne e le Amose; Amose rraagwe e ne e le Nahume; Nahume rraagwe e ne e le Eseli; Eseli rraagwe e ne le Nagai; 26 Nagai rraagwe e ne e le Maathe; Maathe rraagwe e ne e le Mathatio; Mathatio rraagwe e ne e le Semeine; Semeine rraagwe e ne e le Joseke; Joseke rraagwe e ne e le Joda; 27 Joda rraagwe e ne e le Joane; Joane rraagwe e ne e le Resa; Resa rraagwe e ne e le Sorobabela; Sorobabela rraagwe e ne e le Salatheile; Salathiele rraagwe e ne e le Neri; 28 Neri rraagwe e ne e le Meleki; Meleki rraagwe e ne e le Adi; Adi rraagwe e ne e le Kosame; Kosame rraagwe e ne e le Elemadame; Elemadame rraagwe e ne e le Ere; 29 Ere rraagwe e ne e le Joshua; Joshua rraagwe e ne e le Eliesere; Eliesere rraagwe e ne e le Jorime; Jorime rraagwe e ne e le Mathate; Mathate rraagwe e ne e le Lefi; 30 Lefi rraagwe e ne e le Simione; Simione rraagwe e ne e le Juda; Juda rraagwe e ne e le Josefe; Josefe rraagwe e ne e le Joname; Joname rraagwe e ne e le Eliakime; 31 Eliakime rraagwe e ne e le Melea; Melea rraagwe e ne e le Mene; Mene rraagwe e ne e le Matatha; Matatha rraagwe e ne e le Nathame; Nathame rraagwe e ne e le Dafide; 32 Dafide rraagwe e ne e le Jese; Jese rraagwe e ne e le Obede; Obede rraagwe e ne e le Boase; Boase rraagwe e ne e le Sala; Sala rraagwe e ne e le Naasone; 33 Naasone rraagwe e ne e le Aminadabe; Aminadabe rraagwe e ne e le Admine; Admine rraagwe e ne e le Areni; Areni e ne e le rraagwe Eserome; Eserome e ne e le rraagwe Perese; Perese rraagwe e ne e le Juda; 34 Juda rraagwe e ne e le Jakobe; Jakobe rraagwe e ne e le Isake; Isake rraagwe e ne e le Aberahame; Aberahame rraagwe e ne e le Thara; Thara rraagwe e ne e le Nagore; 35 Nagore rraagwe e ne e le Seruge; Seruge rraagwe e ne e le Ragau; Ragau rraagwe e ne e le Faleke; Faleke rraagwe e ne e le Ebere; Ebere rraagwe e ne e le Sala; 36 Sala rraagwe e ne e le Kainame; Kainame rraagwe e ne e le Arpagasadi; Arpagasadi rraagwe e ne e le Sheme; Sheme rraagwe e ne e le Lamege; 37 Lamege rraagwe e ne e le Methusela; Methusela rraagwe e ne e le Enoke; Enoke rraagwe e ne e le Jareke; Jareke rraagwe e ne e le Mahalele; Mahalele rraagwe e ne e le Kainame; 38 Kainame rraagwe e ne e le Enose; Enose rraagwe e ne e le Sethe; Sethe rraagwe e ne e le Adamo; Adamo rraagwe e ne e le Modimo.

In Other Versions

Luke 3 in the ANGEFD

Luke 3 in the ANTPNG2D

Luke 3 in the AS21

Luke 3 in the BAGH

Luke 3 in the BBPNG

Luke 3 in the BBT1E

Luke 3 in the BDS

Luke 3 in the BEV

Luke 3 in the BHAD

Luke 3 in the BIB

Luke 3 in the BLPT

Luke 3 in the BNT

Luke 3 in the BNTABOOT

Luke 3 in the BNTLV

Luke 3 in the BOATCB

Luke 3 in the BOATCB2

Luke 3 in the BOBCV

Luke 3 in the BOCNT

Luke 3 in the BOECS

Luke 3 in the BOGWICC

Luke 3 in the BOHCB

Luke 3 in the BOHCV

Luke 3 in the BOHLNT

Luke 3 in the BOHNTLTAL

Luke 3 in the BOICB

Luke 3 in the BOILNTAP

Luke 3 in the BOITCV

Luke 3 in the BOKCV

Luke 3 in the BOKCV2

Luke 3 in the BOKHWOG

Luke 3 in the BOKSSV

Luke 3 in the BOLCB

Luke 3 in the BOLCB2

Luke 3 in the BOMCV

Luke 3 in the BONAV

Luke 3 in the BONCB

Luke 3 in the BONLT

Luke 3 in the BONUT2

Luke 3 in the BOPLNT

Luke 3 in the BOSCB

Luke 3 in the BOSNC

Luke 3 in the BOVCB

Luke 3 in the BOYCB

Luke 3 in the BPBB

Luke 3 in the BPH

Luke 3 in the BSB

Luke 3 in the CCB

Luke 3 in the CUV

Luke 3 in the CUVS

Luke 3 in the DBT

Luke 3 in the DGDNT

Luke 3 in the DHNT

Luke 3 in the DNT

Luke 3 in the ELBE

Luke 3 in the EMTV

Luke 3 in the ESV

Luke 3 in the FBV

Luke 3 in the FEB

Luke 3 in the GGMNT

Luke 3 in the GNT

Luke 3 in the HARY

Luke 3 in the HNT

Luke 3 in the IRVA

Luke 3 in the IRVB

Luke 3 in the IRVG

Luke 3 in the IRVH

Luke 3 in the IRVK

Luke 3 in the IRVM

Luke 3 in the IRVM2

Luke 3 in the IRVO

Luke 3 in the IRVP

Luke 3 in the IRVT

Luke 3 in the IRVT2

Luke 3 in the IRVU

Luke 3 in the ISVN

Luke 3 in the JSNT

Luke 3 in the KAPI

Luke 3 in the KBT1ETNIK

Luke 3 in the KBV

Luke 3 in the KJV

Luke 3 in the KNFD

Luke 3 in the LBA

Luke 3 in the LBLA

Luke 3 in the LNT

Luke 3 in the LSV

Luke 3 in the MAAL

Luke 3 in the MBV

Luke 3 in the MBV2

Luke 3 in the MHNT

Luke 3 in the MKNFD

Luke 3 in the MNG

Luke 3 in the MNT

Luke 3 in the MNT2

Luke 3 in the MRS1T

Luke 3 in the NAA

Luke 3 in the NASB

Luke 3 in the NBLA

Luke 3 in the NBS

Luke 3 in the NBVTP

Luke 3 in the NET2

Luke 3 in the NIV11

Luke 3 in the NNT

Luke 3 in the NNT2

Luke 3 in the NNT3

Luke 3 in the PDDPT

Luke 3 in the PFNT

Luke 3 in the RMNT

Luke 3 in the SBIAS

Luke 3 in the SBIBS

Luke 3 in the SBIBS2

Luke 3 in the SBICS

Luke 3 in the SBIDS

Luke 3 in the SBIGS

Luke 3 in the SBIHS

Luke 3 in the SBIIS

Luke 3 in the SBIIS2

Luke 3 in the SBIIS3

Luke 3 in the SBIKS

Luke 3 in the SBIKS2

Luke 3 in the SBIMS

Luke 3 in the SBIOS

Luke 3 in the SBIPS

Luke 3 in the SBISS

Luke 3 in the SBITS

Luke 3 in the SBITS2

Luke 3 in the SBITS3

Luke 3 in the SBITS4

Luke 3 in the SBIUS

Luke 3 in the SBIVS

Luke 3 in the SBT

Luke 3 in the SBT1E

Luke 3 in the SCHL

Luke 3 in the SNT

Luke 3 in the SUSU

Luke 3 in the SUSU2

Luke 3 in the SYNO

Luke 3 in the TBIAOTANT

Luke 3 in the TBT1E

Luke 3 in the TBT1E2

Luke 3 in the TFTIP

Luke 3 in the TFTU

Luke 3 in the TGNTATF3T

Luke 3 in the THAI

Luke 3 in the TNFD

Luke 3 in the TNT

Luke 3 in the TNTIK

Luke 3 in the TNTIL

Luke 3 in the TNTIN

Luke 3 in the TNTIP

Luke 3 in the TNTIZ

Luke 3 in the TOMA

Luke 3 in the TTENT

Luke 3 in the UBG

Luke 3 in the UGV

Luke 3 in the UGV2

Luke 3 in the UGV3

Luke 3 in the VBL

Luke 3 in the VDCC

Luke 3 in the YALU

Luke 3 in the YAPE

Luke 3 in the YBVTP

Luke 3 in the ZBP