Matthew 2 (BOTLNT)
1 Jesu o na a tsalelwa mo motseng wa Bethelehema, mo Judea metlheng ya puso ya ga Kgosi Herode.E rile ka yone nako eo balepi ba dinaledi bangwe ba goroga mo Jerusalema ba tswa mafatshing a botlhabatsatsi, mme ba botsa ba re, 2 “E fa kae Kgosi e ncha e e tsetsweng ya Bajuda? Ka gore re bonye naledi ya gagwe mo mafatshing a a kgakala a botlhabatsatsi, mme re tsile go mo obamela”. 3 Kgosi Herode o ne a tshwenyega thata ka potso ya bone, le batho botlhe ba motse wa Jerusalema ba ne ba tlala khuduego. 4 A bitsa phuthego ya baeteledipele ba tumelo ya Sejuda, a ba botsa a re, “A baporofiti ba kile ba re bolelela kwa Mesia o tsalelwang teng?” 5 Mme ba mo araba ba re, “Ee, mo Bethelehema, ka gore mo ke mo moporofiti Mika o go kwadileng a re, 6 ‘Wena motsana wa Bethelehema, ga o legae la Juda le le nyatsegang, gonne mo go wena go tlaa tswa molaodi yo o busang batho ba me ba Iseraele.’ ” 7 Hong Herode a romela molaetsa ka sephiri kwa baleping ba dinaledi, a ba kopa gore ba tle go mmona, e rile mo phuthegong e, a ba tlhotlhomisa go mmolelela nako tota e ba simolotseng go bona naledi ka yone. Mme a ba raya a re 8 “Tsamayang lo yeng kwa Bethelehema lo fete lo senke ngwana. E re lo sena go mmona lo boele kwano go nkitsise gore le nna ke tle ke ye go mo obamela.” 9 E rile morago ga puisanyo e, balepi ba dinaledi ba simolola go tsamaya gape. Mme bonang! Naledi ya iponatsa gape mo go bone, e eme fa godimo ga Bethelehema. 10 Boitumelo jwa bone jwa nna bogolo thata! 11 Ya re ba tsena mo tlung e ngwana le Marea mmaagwe ba mo go yone, ba wela ka mangole fa pele ga gagwe ba mo obamela. Ba bula dimpho tsa bone mme ba mo fa gauta, leswalo le le nkgang monate (la kobamelo) le setlolo se sengwe se se bidiwang mera. 12 Mme e rile fa ba boela kwa ga bone, ba se ka ba ralala Jerusalema go itsise Herode, ka gore Modimo o ne o ba tlhagisitse mo torong go boela gae ka tsela e sele. 13 E rile ba sena go tsamaya, moengele wa Modimo a bonala ka toro mo go Josefa. Mme a mo raya a re, “Tsoga o tshabele le ngwana le mmaagwe kwa Egepeto, o nne teng go fitlhelela ke go raya ke re o boe, ka gore Kgosi Herode o tsile go leka go bolaya ngwana.” 14 E rile mo bosigong joo a ya Egepeto le Marea le losea, 15 mme a nna teng koo go fitlhelela Kgosi Herode aa swa. Mo ga diragatsa polelelopele ya moporofiti e e reng, “ke biditse morwaake go tswa mo Egepeto.” 16 Herode o na a tlala bogale fa a lemoga gore balepi ba dinaledi ga ba a dira ka fa a ba laetseng ka teng. Mme a roma masole kwa Bethelehema go bolaya ngwana mongwe le mongwe wa mosimane go simolola ka wa dingwaga tse pedi go ya kwa tlase mo motsing le mo tikologong yotlhe ka gore balepi ba dinaledi ba ne ba mmoleletse gore naledi e sale e bonala mo dingwageng tse pedi tse di fetileng. 17 Tiragalo e e setlhogo e ya ga Herode, ya diragatsa polelelopele ya ga Jeremia e e reng, 18 “Selelo sa khutsafalo sa utlwala se tswa Rama, selelo sa khutsafalo e kgolo; ragele a lelela bana ba gagwe; a gana go gomodiwa ka gobo ba sule.” 19 E rile Herode a sena go swa, moengele wa Modimo a bonala ka toro kwa go Josefa mo Egepeto, mme a mo raya a re, 20 “Tloga o tseye ngwana le mmaagwe o boele nabo kwa Iseraele, ka gore ba ba neng ba leka go bolaya ngwana ba sule.” 21 Mme ka bofefo a boela kwa Iseraele le Jesu le mmaagwe. 22 Mme e rile mo tseleng a boifa fa a utlwa gore Kgosi e ncha ke Arekelao morwa Herode. Mme ya re ka toro e nngwe a tlhagisiwa gore a seka a ya Judea, jalo a ya Galalea; 23 ba nna mo Nasaretha. Mo, ga diragatsa seporofeso sa baporofiti kaga Mesia se se reng, “O tlaa bidiwa Monasara”.
In Other Versions
Matthew 2 in the ANGEFD
Matthew 2 in the ANTPNG2D
Matthew 2 in the AS21
Matthew 2 in the BAGH
Matthew 2 in the BBPNG
Matthew 2 in the BBT1E
Matthew 2 in the BDS
Matthew 2 in the BEV
Matthew 2 in the BHAD
Matthew 2 in the BIB
Matthew 2 in the BLPT
Matthew 2 in the BNT
Matthew 2 in the BNTABOOT
Matthew 2 in the BNTLV
Matthew 2 in the BOATCB
Matthew 2 in the BOATCB2
Matthew 2 in the BOBCV
Matthew 2 in the BOCNT
Matthew 2 in the BOECS
Matthew 2 in the BOGWICC
Matthew 2 in the BOHCB
Matthew 2 in the BOHCV
Matthew 2 in the BOHLNT
Matthew 2 in the BOHNTLTAL
Matthew 2 in the BOICB
Matthew 2 in the BOILNTAP
Matthew 2 in the BOITCV
Matthew 2 in the BOKCV
Matthew 2 in the BOKCV2
Matthew 2 in the BOKHWOG
Matthew 2 in the BOKSSV
Matthew 2 in the BOLCB
Matthew 2 in the BOLCB2
Matthew 2 in the BOMCV
Matthew 2 in the BONAV
Matthew 2 in the BONCB
Matthew 2 in the BONLT
Matthew 2 in the BONUT2
Matthew 2 in the BOPLNT
Matthew 2 in the BOSCB
Matthew 2 in the BOSNC
Matthew 2 in the BOVCB
Matthew 2 in the BOYCB
Matthew 2 in the BPBB
Matthew 2 in the BPH
Matthew 2 in the BSB
Matthew 2 in the CCB
Matthew 2 in the CUV
Matthew 2 in the CUVS
Matthew 2 in the DBT
Matthew 2 in the DGDNT
Matthew 2 in the DHNT
Matthew 2 in the DNT
Matthew 2 in the ELBE
Matthew 2 in the EMTV
Matthew 2 in the ESV
Matthew 2 in the FBV
Matthew 2 in the FEB
Matthew 2 in the GGMNT
Matthew 2 in the GNT
Matthew 2 in the HARY
Matthew 2 in the HNT
Matthew 2 in the IRVA
Matthew 2 in the IRVB
Matthew 2 in the IRVG
Matthew 2 in the IRVH
Matthew 2 in the IRVK
Matthew 2 in the IRVM
Matthew 2 in the IRVM2
Matthew 2 in the IRVO
Matthew 2 in the IRVP
Matthew 2 in the IRVT
Matthew 2 in the IRVT2
Matthew 2 in the IRVU
Matthew 2 in the ISVN
Matthew 2 in the JSNT
Matthew 2 in the KAPI
Matthew 2 in the KBT1ETNIK
Matthew 2 in the KBV
Matthew 2 in the KJV
Matthew 2 in the KNFD
Matthew 2 in the LBA
Matthew 2 in the LBLA
Matthew 2 in the LNT
Matthew 2 in the LSV
Matthew 2 in the MAAL
Matthew 2 in the MBV
Matthew 2 in the MBV2
Matthew 2 in the MHNT
Matthew 2 in the MKNFD
Matthew 2 in the MNG
Matthew 2 in the MNT
Matthew 2 in the MNT2
Matthew 2 in the MRS1T
Matthew 2 in the NAA
Matthew 2 in the NASB
Matthew 2 in the NBLA
Matthew 2 in the NBS
Matthew 2 in the NBVTP
Matthew 2 in the NET2
Matthew 2 in the NIV11
Matthew 2 in the NNT
Matthew 2 in the NNT2
Matthew 2 in the NNT3
Matthew 2 in the PDDPT
Matthew 2 in the PFNT
Matthew 2 in the RMNT
Matthew 2 in the SBIAS
Matthew 2 in the SBIBS
Matthew 2 in the SBIBS2
Matthew 2 in the SBICS
Matthew 2 in the SBIDS
Matthew 2 in the SBIGS
Matthew 2 in the SBIHS
Matthew 2 in the SBIIS
Matthew 2 in the SBIIS2
Matthew 2 in the SBIIS3
Matthew 2 in the SBIKS
Matthew 2 in the SBIKS2
Matthew 2 in the SBIMS
Matthew 2 in the SBIOS
Matthew 2 in the SBIPS
Matthew 2 in the SBISS
Matthew 2 in the SBITS
Matthew 2 in the SBITS2
Matthew 2 in the SBITS3
Matthew 2 in the SBITS4
Matthew 2 in the SBIUS
Matthew 2 in the SBIVS
Matthew 2 in the SBT
Matthew 2 in the SBT1E
Matthew 2 in the SCHL
Matthew 2 in the SNT
Matthew 2 in the SUSU
Matthew 2 in the SUSU2
Matthew 2 in the SYNO
Matthew 2 in the TBIAOTANT
Matthew 2 in the TBT1E
Matthew 2 in the TBT1E2
Matthew 2 in the TFTIP
Matthew 2 in the TFTU
Matthew 2 in the TGNTATF3T
Matthew 2 in the THAI
Matthew 2 in the TNFD
Matthew 2 in the TNT
Matthew 2 in the TNTIK
Matthew 2 in the TNTIL
Matthew 2 in the TNTIN
Matthew 2 in the TNTIP
Matthew 2 in the TNTIZ
Matthew 2 in the TOMA
Matthew 2 in the TTENT
Matthew 2 in the UBG
Matthew 2 in the UGV
Matthew 2 in the UGV2
Matthew 2 in the UGV3
Matthew 2 in the VBL
Matthew 2 in the VDCC
Matthew 2 in the YALU
Matthew 2 in the YAPE
Matthew 2 in the YBVTP
Matthew 2 in the ZBP